LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 79
  • Daniele mo Mongobong wa Ditau

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Daniele mo Mongobong wa Ditau
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Daniele mo Mosimeng wa Ditau
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Go Gololwa mo Leganong la Ditau!
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Daniele O ne A Direla Modimo ka Metlha Yotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Dario—Kgosi e e Ratang Tshiamiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 79
Daniele o mo mongobong wa ditau

POLELO 79

Daniele mo Mongobong wa Ditau

IJA! Go lebega e kete Daniele o mo mathateng a magolo. Mme bona fela, ditau ga di mo utlwise botlhoko! A o itse gore ka ntlha yang? Ke mang yo o latlhetseng Daniele mo ditaung tse di kanakana? A re bone.

Mo nakong eno kgosi ya Babelona ke monna yo o bidiwang Dario. O rata Daniele fela thata ka gonne Daniele ke monna yo o pelontle le yo o botlhale. Dario o tlhopha Daniele gore e nne molaodi yo mogolo mo bogosing jwa gagwe. Seno se dira gore banna ba bangwe mo bogosing ba fufegele Daniele, ka jalo ba dira seno.

Ba ya kwa go Dario mme ba re: ‘Wena kgosi, re dumalane gore o dire molao o o reng ka malatsi a le 30, go se ka ga nna le motho ope yo o rapelang modimo kgotsa motho ope kwantle ga gago fela, Wena kgosi. Fa mongwe a sa ikobele molao ono, a a latlhelwe mo mongobong wa ditau.’ Dario ga a itse gore ke ka ntlha yang fa banna bano ba batla gore go tlhomiwe molao ono. Mme gone, o akanya gore ke kakanyo e e molemo, ka jalo o dira gore molao oo o kwalwe. Jaanong molao ono ga o ka ke wa fetolwa.

Fa Daniele a utlwa ka molao ono, o ya gae a bo a rapela fela jaaka a tlhola a dira. Banna bano ba ba bosula ba ne ba itse gore Daniele ga a ka ke a tlogela go rapela Jehofa. Ba itumetse ka gonne go bonala e kete leano la bone la go bolaya Daniele le a atlega.

Fa Kgosi Dario a lemoga lebaka la go bo banna bano ba ne ba batla go dira molao ono, o utlwa botlhoko fela thata. Mme gone ga a ka ke a fetola molao ono, ka jalo o ntsha taelo ya gore Daniele a latlhelwe mo mongobong wa ditau. Mme kgosi o raya Daniele a re: ‘Ke solofela gore Modimo wa gago yo o mo direlang o tla go boloka.’

Kgosi Dario o okometse mo mongobong wa ditau

Dario o tshwenyegile thata jaana mo a sa kgoneng le go robala. Mo mosong o o latelang o tabogela kwa mongobong wa ditau. A o a mmona mo setshwantshong? O goa a re: ‘Daniele motlhanka wa Modimo yo o tshelang! A Modimo yo o mo direlang o kgonne go go sireletsa mo ditaung?’

Daniele o mo raya a re: ‘Modimo o ile a romela moengele wa gagwe, mme a tswala melomo ya ditau gore di se ka tsa mpolaya.’

Kgosi e itumetse fela thata. O laela gore Daniele a ntshiwe mo mongobong. Morago ga moo o laela gore banna ba ba bosula ba ba neng ba leka go bolaya Daniele ba latlhelwe mo ditaung. Tota le pele ba fitlha kwa tlase mo mongobong, ditau di a ba tlhasela mme di robakaka marapo otlhe a bone.

Go tswa foo, Kgosi Dario o kwalela batho botlhe mo bogosing jwa gagwe: ‘Ke laela gore mongwe le mongwe a tlotle Modimo wa ga Daniele. O dira dikgakgamatso tse dikgolo. O sireleditse Daniele gore a se ka a jewa ke ditau.’

Daniele 6:1-28.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela