Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Tsaya Boemo jo bo Tlhomameng Kwa Sekolong go a Duela
BAEBELE e bolelela pele jaana: “Bana ba gago botlhe ba tlaa rutwa ke Jehofa; kagiso ya bana ba gago e tlaa nna kgolo.” (Isaia 54:13) Ka tsela e kgolwanyane, “bana ba gago botlhe” e ka raya setlhopha sotlhe sa batlhanka ba Modimo mo lefatsheng, go akaretsa le basha tota. Gompieno, batsadi ba Bakeresete ba tlhomamisa gore bana ba bone ba “rutwa ke Jehofa” kwa gae le kwa dipokanong tsa Bokeresete.
Lefa go ntse jalo, fa Bakeresete ba basha ba le kwa sekolong, ba lebana le dikgwetlho tse di boima. Gantsi ba bona go le botlhokwa gore ba tseye boemo jo bo nonofileng jo bo ikaegileng ka se ba se ithutileng mo Baebeleng. Fa ba dira jalo, diphelelo di ka solegela baithuti le barutabana molemo ka mo go tshwanang, jaaka go bontshitswe ke boitemogelo jo bo latelang jo bo tswang kwa Micronesia.
Kwa setlhaketlhakeng se sebotlana se se kwa bophirima jwa Pacific sa Tol se se kwa Chuuk Islands, barutabana kwa sekolong se se mo lefelong leo ba ne ba bolelela bana gore ba ipaakanyetse moletlo wa sekolo wa Halloween le go nna gone kwa go one. Barutwana ba Basupi ba ne ba lemoga gore moletlo ono o ka akaretsa go ikgabisa le go apara jaaka dipoko, dithokolosi le baloi—e le dilo tsotlhe tse di amanang le dingwao tsa bodimona. Bana bano ba ne ba ka se nne le seabe go dumalana le digakolodi tsa bone.a
Ka thapiso ya bone e e theilweng mo Baebeleng e ba e boneng kwa gae le kwa phuthegong ya Bokeresete, ba ne ba itse gore mekgwa e e ntseng jalo ga e itumedise Modimo, lefa tota e direlwa fela go itlosa bodutu. Go ba thusa go tlhalosa boemo jwa bone sentle, bana bano ba ne ba kopa Barak, yo e leng mongwe wa barongwa ba Basupi kwa setlhaketlhakeng seo gore a bue le barutabana ba bone.
Fa barutabana ba sena go utlwa tlhaloso, ba ne ba rulaganya gore go nne le kokoano ya bobedi, e mo go yone Barak a neng a ka bua le barutabana botlhe ba sekolo. Kwa kokoanong eno, Barak o ne a ntsha mabaka go ba bontsha gore tota Halloween e tlholegile kae. O ne a tsaya tshedimosetso ya gagwe mo dikgatisong di le mmalwa tsa Watch Tower mmogo le mo dibukeng tse dingwe. Barutabana le baokamedi ba ne ba gakgamadiwa ke se ba se ithutileng malebana le tshimologo, hisitori ya seno le kwa bodumedi jwa moletlo ono bo tlholegileng teng. Ba ne ba tlhopha go tshwara kokoano ya barutabana gore ba swetse kafa ba ka rarabololang seemo seno ka teng.
Malatsi a sekae morago ga moo, go ne ga itsisiwe tshwetso e e neng e sa lebelelwa. Dipaakanyo tsotlhe tsa Halloween di tlositswe. Tota sekolo se ne se ka se ke sa keteka moletlo wa Halloween mo ngwageng oo. A bo go nnile le matswela a a itumedisang jang ne a a tswang mo go iketleetseng ga Basupi bano ba basha gore ba dire se se siameng kwa sekolong! Basha ga ba a tshwanela go tshaba kana go tlhabiwa ke ditlhong gore ba tseye boemo jo bo tlhomameng jwa boammaaruri jwa Baebele.
Mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba ruta bana ba bone gore ba ithute ka natla kwa sekolong. Basha ba Basupi le bone ba thapisiwa gore ba tshele ka melaometheo ya Baebele le go bolelela baithuti ba bangwe tsholofelo ya bone le ditumelo tsa bone fa ba nna le sebaka sa go dira jalo. Tota lefa diphelelo di sa ba itumedise kana di sa tle ka bonako jaaka mo kgannyeng eno, basha ba ka nna le tshepo le go itumela ka ntlha ya go dira se se siameng. Mme sa botlhokwa le go feta, ba ka tlhomamisega gore Rraabone wa selegodimo o a itumela le gore o tla ba segofaletsa go nna kutlo ka tsela e e ikanyegang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le Halloween le tshimologo ya yone ya bodimona, bona makasine wa Tsogang! wa December 8, 1993, o o gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.