Selo sa Konokono ke Eng mo Botshelong Jwa Gago?
“Nkitsise tsela e ke tshwanetseng go tsamaya mo go yone.”—PESALEMA 143:8.
1. Kgosi Solomone o ne a swetsa ka goreng malebana le dilo tse batho ba di latelang le tse ba di dirang?
GONGWE o ka tswa o lemoga jaaka mongwe le mongwe gore botshelo jotlhe bo na le dilo tse re di dirang le tse re amegileng ka tsone. Fa o akanya ka gone, o ka nna wa tlhaola tse dingwe e le tse di botlhokwa. Dilo dingwe tse re di dirang le tse re amegileng ka tsone ga di botlhokwa go le kalo kalo kana tota ke tsa lefela. Lebaka la go bo o lemoga seno go raya gore o dumalana le mongwe wa banna ba ba botlhale thatathata, e bong Kgosi Solomone. Fa a sena go tlhatlhoba ka botlalo ditiro tse di neng di dirwa mo botshelong, o ne a konela jaana: “Boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one; gonne mo, ke tshwanelo yotlhe ya motho.” (Moreri 2:4-9, 11; 12:13) Seno se re solegela molemo ka eng gompieno?
2. Batho ba ba boifang Modimo ba tshwanetse go ithuta dithuto dife tsa motheo, mme di re isa kwa dipotsong dife tse di tsamaisanang le tsone?
2 Fa o batla go “boifa Modimo, o bo o tshegetse ditaolo tsa one,” ipotse potso eno e e gwetlhang maikutlo, ‘Selo sa konokono ke eng mo botshelong jwa me?’ Ke boammaaruri gore o ka se akanye ka potso eo ka malatsi otlhe, mme ke ka ntlha yang fa o sa e sekaseke gone jaanong? Tota e bile, e re gakolola dipotso dingwe tse di tsamaisanang le yone, tse di jaaka, ‘A ke ka tswa ke amegile thata ka tiro ya me kana ka tiro e ke ithutetseng yone kana ka dithoto? Ke tsaya legae la gaetsho, lelapa la gaetsho le baratiwa ba me ba le botlhokwa go le kana kang?’ Mosha o ka nna a botsa jaana, ‘Thuto e batla ke tlhoma mogopolo mo go yone go le kana kang e bile e ntseela nako go le kana kang? A tota ke kgatlhegela thata tiro e ke e direlang go itlosa bodutu, motshameko, mofuta mongwe wa boitlosobodutu kana boranyane jwa saense?’ Mme go sa kgathalesege dingwaga le seemo sa rona, re tshwanetse go botsa jaana ka tshwanelo, ‘Go direla Modimo go botlhokwa go le kana kang mo botshelong jwa me?’ Gongwe o tla dumalana le kgang ya go baya dilo tse di tshwanetseng go tla pele kwa pele. Mme re ka bona thuso jang le gone kae ya gore re di beye ka tshwanelo?
3. Go baya dilo tse di tshwanetseng go tla pele kwa pele go akaretsa eng mo Bakereseteng?
3 Lefoko le le reng “konokono” tota le tlhaloganngwa gore le raya sengwe se se tlang kwa pele ga dilo tsotlhe kana se se tlhokang go dirwa pele ga tse dingwe. Lefa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kana o le mongwe wa baithuti ba ba peloephepa ba Lefoko la Modimo ba ba dimilionemilione ba ba kopanelang le bone, akanyetsa boammaaruri jono: “Sengwe le sengwe se na le motlha wa sone, le boikaelelo bongwe le bongwe tlase ga legodimo bo na le motlha wa jone.” (Moreri 3:1) Ka tshwanelo, seo se akaretsa go bontsha kamego e e lorato mo dikamanong tsa lelapa. (Bakolosa 3:18-21) Se akaretsa go direla lelapa la gaeno thulaganyo e e ka ikanngwang ya tiro ya go itshedisa. (2 Bathesalonika 3:10-12; 1 Timotheo 5:8) Mme o ka nna wa dirisa nako e e beetsweng tiro e e direlwang go itlosa bodutu kana ya boitlosobodutu jo bo dirwang ka metlha kana nako ya boitapoloso ka gore o dire sengwe se sele. (Bapisa Mareko 6:31.) Le mororo o setse o akanyeditse seno ka tsela e e masisi, a ga o bone gore ga go na epe ya tsone e e leng ya konokono mo botshelong? Go na le se sengwe gape se se botlhokwa thata.
4. Bafilipi 1:9, 10 e amana jang le go baya dilo tse di tshwanetseng go tla pele kwa pele?
4 Gongwe o ka tswa o lemoga gore melaometheo e e kaelang ya Baebele ke e e re thusang thatathata malebana le go baya dilo tse di tshwanetseng go tla pele kwa pele le e e re thusang go dira ditshwetso tse di tshwanetseng. Ka sekai, mo go Bafilipi 1:9, 10, Bakeresete ba rotloediwa gore ba “totafale bogolo bogolo mo kitsong le mo temogong.” Go ya bokgakaleng bofe? Moaposetoloi Paulo o ne a oketsa jaana: “Gore [ba] ke [ba] dumalane le dilo tse di molemo.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) A seo ga se utlwale? Mokeresete yo o nang le temogo mme a ikaegile ka kitso e e tlhomameng, a ka kgona go lemoga gore ke eng se se tshwanetseng sa kgatlhegelwa pele—e leng selo sa konokono—mo botshelong.
Sekao se se Malebana le Selo sa Konokono
5. Dikwalo di bontsha jang selo se e neng e le sa konokono mo botshelong jwa ga Jesu, fa di tlhalosa sekao se a se tlogeletseng Bakeresete?
5 Re bona mafoko ano a ga moaposetoloi Petere a na le karolo e e botlhokwa thata ya kitso: “Lo bileditswe gone moo; gonne Keresete le ene o bogile botlhoko mo boemong jwa lona, a lo tlogelela sekao, gore lo tsamaye mo dikgatong tsa gagwe.” (1 Petere 2:21) Ee, gore re bone dikai tsa se e leng sa konokono mo botshelong, re ka sekaseka se Jesu Keresete a neng a se akantse. Pesalema 40:8 e ne ya bolela jaana ka ene ka tsela ya boporofeti: “Ke itumela thata go dira go rata ga gago, Modimo wa me; ee, molao wa gago o mo teng ga pelo ya me.” E ke tsela e a neng a bolela ntlha e e tshwanang le eo ka yone: “Sejo sa me ke go dira go rata ga yo o nthomileng, le go wetsa tiro ya gagwe.”—Johane 4:34; Bahebere 12:2.
6. Re ka nna le matswela a a tshwanang jang le a ga Jesu malebana le go dira thato ya Modimo pele?
6 Ela tlhoko lebaka leo la konokono—go dira thato ya Modimo. Sekai sa ga Jesu se otlelela selo sa konokono se barutwa ba gagwe ba tshwanetseng go se dira mo matshelong a bone, ka gonne o ne a bolela gore “mongwe le mongwe mogang o itekanelang o tlaa nna jaaka moruti wa gagwe.” (Luke 6:40) Mme jaaka Jesu a ne a ntse a tsamaya mo tseleng e Rraagwe a neng a mo e laetse, o ne a bontsha gore go ne go na le “letlotlo la boitumelo” mo go direng gore thato ya Modimo e nne ya konokono. (Pesalema 16:11; Ditiro 2:28) A o lemoga se se kaiwang ke seo? E re ka balatedi ba ga Jesu ba tlhopha go dira thato ya Modimo gore e nne selo sa konokono mo matshelong a bone, ba tla nna le “letlotlo la boitumelo” le go itumelela botshelo jwa mmatota. (1 Timotheo 6:19) Ka jalo go na le mabaka a mantsi a a dirang gore thato ya Modimo e nne yone e tlang pele mo matshelong a rona.
7, 8. Jesu o ne a lebane le diteko dife, mme re ka ithuta eng mo go seno?
7 Ka bonako fela morago ga gore Jesu a tshwantshetse boineelo jwa gagwe jwa go dira thato ya Modimo, Diabolo o ne a batla go mo faposa mo tseleng. Jang? Ka thaelo e e neng e na le dikarolo di le tharo. Nako le nako Jesu o ne a araba a dirisa mafoko a Dikwalo, le a a utlwalang. (Mathaio 4:1-10) Mme go ne go na le diteko tse dingwe tse di neng di mo emetse—pogiso, go sotlwa, go okiwa ke Jutase, ditatofatso tsa maaka, mme kwa morago a swela mo koteng ya tlhokofatso. Lefa go ntse jalo, ga go na epe ya diteko tseno e e neng ya dira gore Morwa Modimo a fapoge mo tseleng ya gagwe. Ka nako nngwe e e thata, Jesu o ne a rapela jaana: “E seng ka fa go rateng ga me, e leng ka fa go rateng ga gago. . . . A go rata ga gago go dira[g]ale.” (Mathaio 26:39, 42) A mongwe le mongwe wa rona ga a tshwanela go tlhotlhelediwa thata ke karolo eno ya sekao se a re tlogeletseng sone, a re dira gore re “nnele ruri mo thapelong”?—Baroma 12:12.
8 Ee, go mosola thatathata gore re kaelwe ke Modimo fa re ipeela dilo tse di tshwanetseng go tla pele mo botshelong, segolobogolo fa re lebane le batho ba ba sa rateng boammaaruri le ba ba ganetsang thato ya Modimo. Gakologelwa thapelo ya ga Kgosi Dafite yo o neng a ikanyega gore a bone kaelo fa a ne a ganediwa ke baba. Re tla bona seno fa re sekaseka karolo nngwe ya Pesalema 143. Seno se tshwanetse go re thusa gore re lemoge kafa re ka nonotshang botsalano jwa rona ka namana le Jehofa ka teng le go re nonotsha e le go dira gore thato ya Modimo e nne selo se se tlang pele mo matshelong a rona.
Jehofa o Utlwa Dithapelo Tsa Rona Le go Di Araba
9. (a) Lefa gone Dafite e ne e le moleofi, ke eng se se senolwang ke mafoko le ditiro tsa gagwe? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tlogela go dira se se siameng?
9 Le mororo Dafite e ne e le motho yo o neng a leofile, o ne a dumela gore Jehofa o ne a tla reetsa thapelo ya gagwe. O ne a kopa jaana ka boikokobetso: “Utlwa morapelo wa me Jehofa; sekegela mekokotlelo ya me tsebe; o nkarabe mo boikanngong jwa gago, le mo tshiamong ya gago. O se ka wa seka le motlhanka wa gago; gonne mo ponong ya gago ga go na motshedi ope yo o ka nnang tshiamo.” (Pesalema 143:1, 2) Dafite o ne a itse gore ga a itekanela, lefa go ntse jalo o ne a neetse Modimo pelo ya gagwe yotlhe. Ka gone, o ne a tlhatswegile pelo gore o tla arabiwa ka tsela e e siameng. A seno ga se re kgothatse? Le mororo re a tle re palelwe ke go dira tshiamo ya Modimo, re ka tlhatswega pelo gore o a re utlwa fa re mo neela dipelo tsa rona tsotlhe. (Moreri 7:20; 1 Johane 5:14) Fa re nnetse ruri mo thapelong, re tshwanetse ra ikaelela go “[fenya] bosula ka molemo” mo metlheng eno e e boikepo.—Baroma 12:20, 21; Jakobe 4:7.
10. Ke ka ntlha yang fa Dafite a ne a na le dinako tse a neng a tlhobaela mo go tsone?
10 Dafite o ne a na le baba, fela jaaka le rona re na le bone. E ka tswa e le gore Dafite o ne a tshaba Saule, gore o ne a patelesega go tshabela kwa mafelong a a sa nneng batho, le a a fitlhegileng, kana gore o ne a tshwenngwa ke baba fa e ne e le kgosi, go ne go na le dinako tse a neng a tle a tlhobaele ka tsone. O ne a tlhalosa kafa seno se neng sa mo ama ka gone jaana: “Mmaba o bogisitse mowa wa me . . . O mpatiketse go aga mo mafelong a lefifi . . . Ke gone ka moo mowa wa me o phikameng mo teng ga me; pelo ya me e swafetse mo teng ga me.” (Pesalema 143:3, 4) A o ile wa nna le lebaka la go ikutlwa ka tsela e e tshwanang?
11. Batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno ba lebane le dinako dife tsa go tlhobaela?
11 Kgatelelo e e dirwang ke baba, diteko tse di nnang teng ka ntlha ya mathata a a masisi a itsholelo, bolwetse jo bo masisi, kana mathata a mangwe a a tshwenyang a dirile gore batho ba bangwe ba Modimo ba ikutlwe e kete ba tla kgobega marapo. Ka nako e nngwe dipelo tsa bone le tsone di ne di ntse jaaka e kete di swafetse. Go ntse jaaka e kete di ile tsa goela kwa godimo jaana ka bongwe: “Wena yo o re bontshitseng ditlalelo di le dintsi le tse di botlhoko, o tlaa ba o re rudisa gape . . . O bo o retologe gape, o nkgomotse.” (Pesalema 71:20, 21) Ba ile ba thusiwa ka tsela efe?
Kafa o ka Itshokelang Maiteko a Mmaba ka Teng
12. Kgosi Dafite o ne a itshokela kotsi le diteko jang?
12 Pesalema 143:5 e supa se Dafite a neng a se dira fa a ne a le mo kotsing le mo ditekong tse dikgolo: “Ke gakologelwa metlha ya bogologolo; ke akanya go dira ga gago; ke tlhatlhanya ditiro tsa diatla tsa gago.” Dafite o ne a gakologelwa tsela e Modimo a neng a dirisana le batlhanka ba Gagwe ka yone le kafa ene ka boene a neng a gololwa ka teng. O ne a tlhatlhanya ka se Jehofa a neng a se dira ka ntlha ya leina la Gagwe le legolo. Ee, Dafite o ne a nna a amegile ka ditiro tsa Modimo.
13. Fa re lebane le diteko, go leba kwa dikaing tsa bogologolo le tsa gompieno tsa batlhanka ba ba ikanyegang go tla re thusa jang gore re itshoke?
13 A ga re gakologelwe ka metlha tsela e Modimo a neng a dirisana le batho ba gagwe ka yone? Eletota! Seno se akaretsa pego e e kwadilweng ke ‘boidiidi jwa basupi’ mo metlheng ya pele ga Bokeresete. (Bahebere 11:32-38; 12:1) Bakeresete ba ba tloditsweng mo lekgolong la ntlha la dingwaga le bone ba ne ba kgothadiwa gore ba “ikgakolole metlha ya jale” le se ba neng ba se itshokela. (Bahebere 10:32-34) Go tweng ka maitemogelo a batlhanka ba Modimo mo metlheng ya gompieno, jaaka a a boletsweng mo bukeng ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo?a Dipolelo tse di kwadilweng mo go yone le mo dikgatisong tse dingwe di re thusa gore re gakologelwe kafa Jehofa a thusitseng batho ba gagwe ka teng gore ba itshokele dithibelo, go tsenngwa mo dikgolegelong, digopa le go tsenngwa mo dikampeng tsa pogisetso le go dira tiro e e patelediwang. Go ile ga nna le diteko kwa dinageng tse di neng di aparetswe ke ntwa, jaaka Burundi, Liberia, Rwanda, le naga e pele e neng e le Yugoslavia. Fa pogiso e ne e simolola go nna teng, batlhanka ba Modimo ba ne ba itshoka ka go bo ba ne ba ntse ba na le botsalano jo bo nonofileng le Jehofa. Letsogo la gagwe le ne la tshegetsa batho ba ba neng ba dira thato ya gagwe gore e nne selo sa konokono mo matshelong a bone.
14. (a) Ke sekai sefe se sengwe mo Modimo a neng a tshegetsa motho yo o neng a le mo boemong jo bo ka tswang bo tshwana le jwa rona? (b) O ithuta eng mo sekaing seo?
14 Lefa go ntse jalo, o ka nna wa araba ka gore wena ga o ise o sotliwe ka tsela e e setlhogo jalo, mme o ka nna wa akanya gore ga e ne e go diragalela. Lefa go ntse jalo, tsela e Modimo a tshegetsang batho ba gagwe ka yone, ga se ka dinako tsotlhe e nna e ba bangwe ba ka e lebang e le ya maemo a a tlhomologileng. O ile a tshegetsa batho ba ba “tlwaelegileng” ba le bantsi mo maemong a a amang “botlhe.” Fano go na le sekai se le sengwe fela mo go tse dingwe tse dintsi: A o lemoga setshwantsho se se fa godimo, a mme se go thusa gore o gakologelwe tsela e Modimo a neng a dirisana le batho ba gagwe ka yone? Se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 1, 1996. A o badile polelo ya ga Penelope Makris? A bo e le sekao se sentle jang ne sa go boloka bothokgami jwa Bokeresete! A o gakologelwa se a neng a se itshokela ka baagelani ba gagwe, kafa a neng a lwantsha malwetse a a masisi ka teng, le maiteko a a neng a a dira gore a se ka a tlogela tirelo ya nako e e tletseng? Go tweng ka boitemogelo jo bo duelang fa a ne a le kwa Mytilene? Ntlha ke gore, A o bona dikai tseo di re thusa rotlhe mo go beyeng dilo tse di tshwanetseng go tla pele kwa pele, mo go beyeng go dira thato ya Modimo kwa pele mo matshelong a rona?
15. Ke ditiro dife tse dingwe tsa ga Jehofa tse re tshwanetseng go tlhatlhanya ka tsone?
15 Go re thusa gore re tlhatlhanye ka ditiro tsa ga Jehofa, fela jaaka Dafite a ne a dira. Fa Jehofa a ne a diragatsa boikaelelo jwa gagwe, o ne a baakanyetsa gore go nne le poloko ka loso lwa Morwawe, ka tsogo le ka kgalalelo ya gagwe. (1 Timotheo 3:16) O tlhomile Bogosi jwa gagwe jwa legodimo, a phepafatsa magodimo ka go tlosa Satane le badimona ba gagwe, le go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng. (Tshenolo 12:7-12) O agile paradaise ya semoya mme o segofaditse batho ba gagwe ka gore ba oketsege. (Isaia 35:1-10; 60:22) Batho ba gagwe jaanong ba neela bosupi jwa bofelo pele go tla sepitla se segolo. (Tshenolo 14:6, 7) Ee, re na le dilo di le dintsi tse re ka tlhatlhanyang ka tsone.
16. Re kgothadiwa gore re amege ka eng, mme seno se tla gatelela eng mo go rona?
16 Fa re nna re amegile ka tiro e e dirilweng ke Modimo go na le go tshwarega ka dilo tse di dirilweng ka maiteko a batho go tla gatelela mo go rona gore maatla a Jehofa a a dirisang ga a fetiwe ke ape. Lefa go le jalo, ditiro tseo ga di akaretse fela ditiro tse di molemo tse re di bonang tsa popo kwa magodimong le mo lefatsheng. (Jobe 37:14; Pesalema 19:1; 104:24) Ditiro tsa gagwe tse di molemolemo di akaretsa ditiro tsa go golola batho ba gagwe mo babeng ba ba gatelelang, jaaka go bontshitswe mo maitemogelong a batho ba gagwe ba bogologolo ba a neng a ba itlhophetse.—Ekesodo 14:31; 15:6.
Go Itse Tsela e o Tshwanetseng go Tsamaya ka Yone
17. Jehofa e ne e le motho wa mmatota jang mo go Dafite, mme re ka tlhomamisega jang ka seno?
17 Dafite o ne a kopa thuso e se re kgotsa bongola jwa botshelo jwa omela mo go ene: “Ke otlololela diatla tsa me kwa go wena; mowa wa me o go nyorelwa jaaka lefatshe le le kgalegileng. Jehofa, akofa o nkarabe; mowa wa me o a fela; se mphitlhele sefatlhogo sa gago; nka tla ka nna jaaka ba ba fologelang mo moleteng.” (Pesalema 143:6, 7) Dafite wa moleofi, o ne a itse gore Modimo o lemoga boemo jwa gagwe. (Pesalema 31:7) Ka dinako tse dingwe le rona re ka nna ra ikutlwa gore bomoya jwa rona bo kwa tlase fela thata. Mme ga re a tshwanela go itlhoboga. Jehofa, yo o utlwang dithapelo tsa rona, o ka nna a akofisa go tsosolosiwa ga rona ka go re lapolosa a dirisa bagolwane ba ba lorato, ditlhogo tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo, kana ka dikarolo tsa dipokano tse go lebegang di diretswe rona tota.—Isaia 32:1, 2.
18, 19. (a) Re tshwanetse go rapela Jehofa ka tsela e e ntseng jang e e tswang mo pelong? (b) Ke eng se re ka tlhomamisegang ka sone?
18 Tsela e re ikanyang Jehofa ka yone e re tlhotlheletsa gore re mo rapele jaana: “Nkutlwisa bopelonomi jwa gago jwa lorato; . . . gonne ke ikanya mo go wena; nkitsise tsela e ke tshwanetseng go tsamaya mo go yone.” (Pesalema 143:8) A o ile a swabisa Kgaitsadi Makris, yo a neng a le kgakala kwa setlhaketlhakeng sa Gerika? Ka jalo a o tla go swabisa fa o dira go rata ga gagwe gore e nne selo sa konokono mo botshelong jwa gago? Diabolo le baemedi ba gagwe ba tla rata go kgoreletsa tiro ya rona ya go bolela ka Bogosi jwa Modimo kana go e emisa gotlhelele. Go sa kgathalesege gore re direla mo dinageng tse ka kakaretso kobamelo ya boammaaruri e dumeletsweng mo go tsone kana re direla kwa e thibetsweng gone, dithapelo tsa rona tse di utlwanang di tsamaisana le thapelo eno ya ga Dafite: “Jehofa, nkgolola mo babeng ba me; ke tshabela koo go wena gore o mphitlhe.” (Pesalema 143:9) Gore re sireletsege mo masetlapelong a semoya go ikaegile ka gore re age mo lefelong le le sa itsiweng la Mogodimodimo.—Pesalema 91:1.
19 Selo se re se dumelang gore ke sa konokono se na le mabaka a a utlwalang. (Baroma 12:1, 2) Ka gone he, gana maiteko a lefatshe a go batla go go tsenya se lone le akanyang gore se botlhokwa mo thulaganyong ya batho ya dilo. Tswelela pele o dira gore karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa gago e supe gore se o se itseng ke sa konokono—e leng go dira thato ya Modimo.—Mathaio 6:10; 7:21.
20. (a) Ke eng se re se ithutileng kaga Dafite mo go Pesalema 143:1-9? (b) Bakeresete gompieno ba bontsha jang moya wa ga Dafite?
20 Ditemana tse robonngwe tsa ntlha tsa Pesalema 143 di gatelela botsalano jwa ga Dafite jo bo gaufiufi le Jehofa. Fa a ne a le mo kotsing ya baba, o ne a kopa kaelo ya Modimo a phuthologile. O ne a mmulela pelo ya gagwe, a batla thuso mo tseleng e e siameng e a neng a tshwanetse go tsamaya ka yone. Go a tshwana gompieno le masalela a batlodiwa ba semoya mo lefatsheng le ditsala tsa bone. Ba tsaya botsalano jwa bone le Jehofa bo le tlhwatlhwakgolo fa ba ntse ba mo kopa gore a ba kaele. Ba baya go dira thato ya Modimo kwa pele, go sa kgathalesege mathata a a tswang kwa go Diabolo le mo lefatsheng.
21. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re tlhome sekao se se molemo fa re batla go ruta ba bangwe ka selo se se tshwanetseng go nna sa konokono mo matshelong a bone?
21 Dimilione tsa batho tse di ithutang Baebele le Basupi ba ga Jehofa di tlhoka go lemoga gore go dira thato ya Modimo ke selo sa konokono. Re ka ba thusa gore ba tlhaloganye seno fa re tlotla le bone kgaolo 13 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatelelang melaometheo e e akaretsang go nna kutlo mo Lefokong.b Ke boammaaruri gore ba tshwanetse go bona sekao sa rona mo go se re ba rutang sone. Morago ga nako e sekaenyana, le bone ba tla itse tsela e ba tshwanetseng go tsamaya ka yone. Jaaka dimilione tseno tsa batho di se na go tlhaloganya ka namana se se tshwanetseng go nna sa botlhokwatlhokwa mo matshelong a bone, ba le bantsi ba bone ba tla tlhotlheletsega go tsaya dikgato tsa go ineela le go kolobediwa. Morago ga moo, phuthego e ka ba thusa gore ba tswelele pele ba tsamaya mo tseleng ya botshelo.
22. Ke dipotso dife tse di tla sekasekiwang mo setlhogong se se latelang?
22 Batho ba le bantsi ba setse ba lemoga gore thato ya Modimo e tshwanetse ya nna ya botlhokwatlhokwa mo matshelong a bone. Lefa go le jalo, Jehofa o tswelela pele a ruta batlhanka ba gagwe jang gore ba dire thato ya gagwe? Seno se mosola ka eng? Dipotso tseno di tla sekasekiwa, mmogo le go tlotliwa ka temana ya konokono ya Pesalema 143:10, mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a E gatisitswe ka 1993 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b E gatisitswe ka 1995 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
O Araba Jang?
◻ Ka go dirisa Bafilipi 1:9, 10, re ka kgona go baya dilo tse di tshwanetseng go tla pele jang?
◻ Jesu o ne a bontsha jang selo sa konokono mo botshelong jwa gagwe?
◻ Ke eng se re ka se ithutang mo ditirong tsa ga Dafite fa a ne a lekwa?
◻ Pesalema 143:1-9 e re thusa ka tsela efe gompieno?
◻ Ke eng se se tshwanetseng go nna selo sa konokono mo matshelong a rona?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Ditiro tsa ga Dafite di supile gore o ne a ikanya Jehofa
[Motswedi wa Setshwantsho]
Reproduced from Illustrirte Pracht - Bibel/Heilige Schrift des Alten und Neuen Testaments, nach der deutschen Uebersetzung D. Martin Luther’s