LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 2/15 ts. 30
  • Kgosi e Bua Puo Phaa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgosi e Bua Puo Phaa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Selo sa Konokono ke Eng mo Botshelong Jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ba Ne Ba Ikanya Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 2/15 ts. 30

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Kgosi e Bua Puo Phaa

GO A kgothatsa go itse gore go santse go na le batho ba ba leng mo maemong a a kwa godimo mo lefatsheng leno bao ba ratang boikanyegi le tshiamiso bao ba buang puo phaa go tshegetsa dinonofo tseno. Sekai sa seno ke sa kgosi nngwe kwa nageng nngwe ya Afrika koo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibetsweng teng. A re letleng pego eno gore e re bolelele:

“Bosheng jaana ditlhopha tse di farologaneng tsa bodumedi di ne di na le kopano ya dikereke tsotlhe mo toropong ya rona, mme tseno di ne di akareletsa Makatoliki, ba Presbyteria, ba Pentekosete, jalo le jalo. Kgosi-kgolo ya gone e ne ya lalediwa gore e eme kopano eo ka lefoko go ela kwa dithulaganyong tse di tswalang. Se se neng sa gakgamatsa kokoano eo yotlhe ke gore, gare ga dilo tse dingwe o ne a ba bolelela gore ba etse boikanyego le ditekanyetso tsa boitshwaro tsa maemo a a kwa godimo tsa Basupi ba ga Jehofa, o ne a oketsa ka gore fa botlhe ba ne ba tshwana le Basupi ba ga Jehofa, go ne go tla nna le kagiso mo morafeng oo.

“Ka letsatsi le le latelang maloko a a di gogang kwa pele a dikereke tseo di neng di emetswe kwa kopanong eo ba ne ba tla kwa mošateng wa Kgosi eo ba ngongorega ka bogale kgatlhanong le karolo ya puo ya gagwe e e neng e haka Basupi le go mmotsa gore a o ne a sa itse gore Basupi ba ne ba thibetswe mo nageng eo. Kgosi eo e ne ya araba ka go re ee mme ya ba bolelela gore o ne a sa bone phoso epe mo Basuping ba ga Jehofa. O ne a tswelela ka go re: ‘Dingwaga tsotlhe tsa me ke le Kgosi-kgolo, ga go ise go ke go tlisiwe mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo kgotla-tshekelong ya me ka ntlha ya phoso nngwe e e masisi. Mo letlhakoreng le lengwe, fa go na le kasaba nngwe e e utswilweng mo tshimong, gantsi go fitlhelwa gore legodu leo ya bo e le Mokatoliki. Fa go na le seroankwe se se utswilweng, ya bo e le molato wa Mo-Presbyteria. Maloko a kereke ya lona a kgotletse lefatshe la me ka go ntsha dimpha, mme lefa go ntse jalo ga go ise go nne lefa a le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o ileng a tlisiwa mo kgotla-tshekelong ya me ka ntlha ya melato eo. A melao ya Modimo ga e iletse maleo a a ntseng jalo, kana a dikereke ga di tlhole di le kafa tlase ga molao wa Modimo?’ Baruti bao ba ne ba tlhoka molomo.

“Moragonyana ga moo, Kgosi-kgolo eo e ne ya bitsa baemedi ba Basupi ba ga Jehofa mme a ba kgothaletsa gore ba itlhokomele gore go se nne le kgobo epe e e tlisiwang mo leineng la Modimo wa bone le mo leineng la gagwe jaaka Kgosi-kgolo e e ileng ya buelela Basupi ba ga Jehofa.”

Pego eo e bolela gore jaanong ba le bantsi ba basha ba emela boammaaruri. Mosupi mongwe o bega gore o ile a kgona go simolola dithuto tsa Bibela bosheng jaana le dikgosi di le tharo mo lefelong leo, bao mongwe wa bone e leng Kgosi-kgolo eo, mme ka boraro jwa bone ba tla kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa!

Jehofa o lemoga bao ba ratang boammaaruri le tshiamo ba bo ba buelela batlhanka ba gagwe.—Mathaio 10:42.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela