LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 4/15 ts. 19-22
  • Naḥmanides—A o Ne a Ganetsa Bokeresete?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Naḥmanides—A o Ne a Ganetsa Bokeresete?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se se Simolotseng Kganetsano Eno?
  • Ke ka Ntlha Yang fa go Tlhophilwe Naḥmanides?
  • Naḥmanides o Ganetsana le Pablo Christiani
  • Boammaaruri bo ka Bonwa Kae?
  • Bojuda—Matsapa a go Batla Modimo ka Dikwalo le Ngwao
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Talmud ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Maimonides—Monna yo o Neng a Tlhalosa Tumelo ya Sejuta ka Tsela e Ntšha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Thanolo ya Baebele e e Ileng ya Fetola Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 4/15 ts. 19-22

Naḥmanides—A o Ne a Ganetsa Bokeresete?

METLHA ya Bogare. E dira gore o akanye ka eng? Botlhabanelatumelo? Kgotlatshekelo E E Kgatlhanong le Boikeodi? Pogiso? Le fa e se nako e gantsi e amanngwang le dipuisano tsa bodumedi tse di bulegetseng botlhe, ka nako eo, ka ngwaga wa 1263, go ne ga nna le kganetsano nngwe e e neng e tlhomologile thata mo hisitoring ya Yuropa mo gare ga Bajuda le Bakeresete. E ne e akaretsa bomang? Go ne go buiwa ka dikgang dife tsa moruthutha? Gompieno e ka re thusa jang go tlhaola bodumedi jwa boammaaruri?

Ke Eng se se Simolotseng Kganetsano Eno?

Ka nako ya Metlha ya Bogareng, Kereke ya Roma Katoliki e ne e iphaka e le bodumedi jwa boammaaruri. Le fa go ntse jalo, Bajuda ga ba ise ba ke ba lese go iphaka gore ke batho ba ba tlhophilweng ba Modimo. Go se kgone ga kereke go tlhatswa Bajuda pelo gore ba tlhoka go sokologa go ne ga dira gore e ikutlwe e reteletswe mme gangwe le gape ga felela ka thubakanyo le pogiso. Ka nako ya Botlhabanelatumelo Bajuda ba le diketekete ba ne ba bolawa ka polao ya kgailo kana ba fisiwa mo mokgorong fa go ne go twe ba itlhophele kolobetso kana loso. Mo dinageng di le dintsi go ila Bajuda mo go neng go tlhotlhelediwa ke kereke go ne go atile thata.

Le fa go ntse jalo, go ne go rena boikutlo jo bo farologaneng mo Katoliking ya kwa Spain ya lekgolo la bo 12 le la bo 13 la dingwaga. Bajuda ba ne ba newa kgololesego ya bodumedi—fa fela ba sa tlhasele tumelo ya Bokeresete—mme ba ne ba bile ba newa maemo a a kwa godimo thata mo kgotleng ya kgosi. Mme mo e ka nnang morago ga lekgolo la dingwaga ba ntse ba neilwe lesego leno, baperesiti ba Ba-Dominic ba ne ba tsaya dikgato go fokotsa tlhotlheletso ya Sejuda mo bathong le go sokololela Bajuda mo Bokatoliking. Ba-Dominic ba ne ba pateletsa Kgosi James I wa Aragon go rulaganya gore go nne le kganetsano ya kafa molaong, e boikaelelo jwa yone e neng e le go bontsha kafa Bajuda e neng e le ba maemo a a kwa tlase ka gone le gore go tlhokega gore Bajuda botlhe ba sokologe.

Eno e ne e se kganetsano ya ntlha go nna gone mo gare ga Bajuda le Bakeresete. Ka ngwaga wa 1240, kganetsano ya semolao e ne e tshwaretswe kwa Paris, kwa Fora. Boikaelelo jwa yone jo bogolo e ne e le go tlhatlhoba Talmud, buka e e boitshepo ya Bajuda. Le fa go ntse jalo, batsayakarolo ba Bajuda ba ne ba filwe kgololesego e nnye fela ya go bua. Morago ga gore kereke e ipolele gore e fentse mo kganetsanong eno, dikaelo tse dintsi tsa Talmud di ne tsa fisediwa mo mafelong a botlhe.

Mme e re ka Kgosi James I wa Aragon e ne e le motho yo o tlhaloganyang o ne a ka se ka a letla gore ba lekwe ka mokgwa ono o o sotlang. Ka ba tlhokomela seno, Ba-Dominic ba ne ba leka tsela e nngwe ya go bua le ene. Jaaka Hyam Maccoby a tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya Judaism on Trial, ba ne ba laletsa Bajuda go tla mo kganetsanong eno “ba dira jaaka e kete ba batla go tla go ba reetsa ba itlhalosa e bile ba ntsha mabaka a bone, e seng go tla go ba latofatsa jaaka kwa Paris.” Ba-Dominic ba ne ba tlhopha Pablo Christiani go nna moemedimogolo wa bone, Mojuda yo o neng a sokologetse mo Bokatoliking a bo a nna moperesiti wa Mo-Dominic. Ka go dirisa kitso ya ga Pablo Christiani ya Talmud le dibuka tsa borabi, Ba-Dominic ba ne ba tlhomamisega gore ba ka kgona go ntsha bosupi jwa se ba neng ba se bua.

Ke ka Ntlha Yang fa go Tlhophilwe Naḥmanides?

Go ne go na le a le mongwe fela kwa Spain yo o neng a na le boemo jwa semoya go emela Bajuda mo kganetsanong eno—Moses ben Naḥman, kana Naḥmanides.a Naḥmanides yo o tshotsweng mo e ka nnang ka 1194 kwa toropongkgolo ya Gerona, o ne a setse a itshupile e le mokanoki wa Baebele le wa Talmud fa a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome. Ka nako ya fa a le dingwaga tse 30, o ne a setse a kwadile dibuka tse di neng di tlhalosa bontsi jwa Talmud, mme ka bonako moragonyana o ne a nna mmueledi yo mogolo mo go tsereganyeng mo kganetsanong e e neng e le gone ka dibuka tsa ga Maimonides e e neng e tshosetsa go kgaoganya morafe wa Bajuda.b Naḥmanides o ne a tsewa e le mokanoki yo mogolo wa Mojuda wa Baebele le wa Talmud go gaisa botlhe ba nako ya gagwe mme gongwe o ne a gaisiwa fela ke Maimonides fa go tsenwa mo tlhotlheletsong e a neng a na le yone mo Bojudeng ka nako eo.

Naḥmanides o nnile le tlhotlheletso e kgolo mo morafeng wa Bajuda kwa Catalonia, le e leng Kgosi James I o ne a kopa kgakololo mo go ene ka dikgang tse di farologaneng tsa Puso. Dikgono tsa gagwe tsa go akanya ka tsela e e botlhale di ne di tlotlwa ke Bajuda le Baditšhaba ka tsela e e tshwanang. Ba-Dominic ba ne ba lemoga gore e le gore ba kgone go tlhabisa Bajuda ditlhong ka tsela e e atlegileng, ene, rabi wa bone yo o tseelwang kwa godimo thata, o ne a tla tshwanelwa ke gore e nne ene a nnang le seabe mo kganetsanong eno.

Naḥmanides o ne a okaoka go dumela go tsena mo kganetsanong eno, gonne a lemoga gore Ba-Dominic ba ne ba sena maikaelelo ape a go tsamaisa dipuisano ka tolamo. O ne a tshwanetse go araba dipotso mme a sa botse le fa e le nngwe. Le fa go ntse jalo, o ne a ineela fa kgosi e mo kopa, a kopa gore a newe tetla ya go bua a gololesegile fa a araba. Kgosi James I o ne a dumalana le seno. Tetla e e ntseng jalo ya kgololesego ya go bua e ne e ise e tsamaye e bonwe pele ga moo e bile e ise e ke e tlhole e bonwa gape go kgabaganya Metlha ya Bogare, bosupi jo bo phepafetseng jwa gore kgosi e ne e tseela Naḥmanides kwa godimo. Le fa go ntse jalo, Naḥmanides o ne a ntse a belaela. Fa go ne go ka tsewa gore o ganetsa thata mo puisanong eno, go ne go tla nna le ditlamorago tse di botlhoko mo go ene le morafe wa Bajuda. Go ne go ka nna ga tsoga thubakanyo nako nngwe le nngwe.

Naḥmanides o Ganetsana le Pablo Christiani

Kganetsano eno e ne ya tshwarelwa kwa mošate wa kgosi kwa Barcelona. Go ne ga tshwarwa dikarolo di le nnè tsa thulaganyo—July 20, 23, 26, le 27, 1263. Kgosi ke ene ka namana yo o neng a okametse thulaganyo nngwe le nngwe, e gape mo go yone go neng go na le batho ba maemo a a kwa godimo mo Kerekeng le mo Pusong, le Bajuda ba lefelo leo.

Kereke e ne e sa belaele ka ditlamorago tsa kganetsano eno. Mo pegong ya bone ya semolao, Ba-Dominic ba ne ba bolela gore boikaelelo jwa kganetsano eno e ne ‘e se gore tumelo e ke e ganetswe jaaka e kete ke selo se se neng se ka belaelwa, mme e ne e le go senya diphoso tsa Bajuda le go tlosa tumelo e Bajuda ba le bantsi ba neng ba tlhomamisegile thata ka yone.’

Le fa a ne a le dingwaga tse di ka nnang tse 70, Naḥmanides o ne a bontsha bokgoni jwa gagwe jo bo phepafetseng jwa go akanya ka go batla go dira gore go tlotlwe fela ka dikgang tsa motheo. O ne a simolola ka go re: “[Mo nakong e e fetileng] kganetsano ya baditšhaba le Bajuda e ne e ama dikgang di le dintsi tse di seng botlhokwa tsa bodumedi tseo tumelo ya motheo e sa itshetlegang ka tsone. Le fa go ntse jalo, mo kgotleng eno ya segosi, ke batla go tlotla fela ka dilo tse kganetsano eno yotlhe e ikaegileng ka tsone.” Mme go ne ga dumelanwa gore go tla tlotlwa fela ka dikgang tsa gore a Mesia o ne a setse a tlile, gore a ke Modimo kana ke motho, le gore a Bajuda kana Bakeresete ba na le molao wa boammaaruri.

Fa a simolola kgang ya gagwe, Pablo Christiani o ne a bolela gore o tla ntsha bosupi jo bo tswang mo Talmud jwa gore Mesia o ne a setse a tlile. Naḥmanides o ne a araba ka go re fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa borabi ba ba neng ba amogela Talmud ba ne ba sa amogele Jesu? Go na le gore a tshegetse kganetsano ya gagwe ka mabaka a a utlwalang sentle a a tswang mo Dikwalong, Christiani nako le nako o ne a bua ka ditemana dingwe tse di sa utlwaleng tsa borabi go tshegetsa kgang ya gagwe. Naḥmanides o ne a ganetsa ntlha nngwe le nngwe ya tseno ka go bontsha gore di ne di sa dirisiwe kafa tshwanelong. Go ne go utlwala gore Naḥmanides e bo e le ene yo o tshwanelegang sentle go tlotla ka mekwalo eno eo a feditseng botshelo jotlhe jwa gagwe a e ithuta. Le e leng fa Christiani a ne a umaka Dikwalo, kganetsano ya gagwe e ne e bontsha fela dintlha tse di neng di ka ganediwa motlhofo fela.

Le mororo sa gagwe e ne e le go araba dipotso fela, Naḥmanides o ne a kgona go ntsha mabaka a a nonofileng a a neng a bontsha lebaka la go bo boemo jwa Kereke ya Katoliki bo ne bo sa amogelwe ke Bajuda le batho ba bangwe ba ba akanyang. Malebana le thuto ya Tharonngwe, o ne a bolela jaana: “Mogopolo wa Mojuda le fa e le ofe kana le fa e le wa motho mongwe le mongwe ga o kitla o mo letlelela go dumela gore Mmopi wa legodimo le lefatshe . . . o ne a tla feta ka popelo ya mosadi wa Mojuda . . . mme [e re] morago [a] neelelwe mo diatleng tsa baba ba gagwe, ba ba . . . neng ba mmolaya.” Naḥmanides o ne a bolela jaana a opa kgomo lonaka: “Se lo se dumelang—mme e bile ke motheo wa tumelo ya lona—ga se amogelege mo mogopolong o o [akanyang sentle].”

Fa Naḥmanides a ne a gatelela dilo tse di sa dirweng ka tsela e e tshwanetseng tse le mo motlheng ono di ileng tsa iletsa Bajuda ba le bantsi go akanyetsa le kgang ya gore Jesu a ka nna Mesia, o ne a otlelela thata tsela e kereke e nang le molato wa madi thata ka teng. O ne a re: “Moporofeti o bolela gore ka nako ya ga Mesia, . . . ba tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a bone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka, le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope. Go tloga ka metlha ya Banasaretha go tla go fitlha jaanong, lefatshe lotlhe le tletse thubakanyo le tsietso. [Ruri], Bakeresete ba tsholola madi a mantsi go feta ditšhaba tse dingwe tsotlhe, e bile ga ba itshware sentle. A bo go ne go tla nna bokete jang ka wena, morena kgosi ya me, le dikgosana tsa gago fa ba ne ba ka tlogela . . . go tlhola ba ithuta tlhabano!”—Isaia 2:4.

Morago ga karolo ya bonè ya thulaganyo, kgosi e ne ya emisa kganetsano eno. O ne a raya Naḥmanides a re: “Ga ke ise ke bone monna yo o phoso a ntsha mabaka ka tsela e e utlwalang jaaka fa o dirile jaana.” O ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe, ya go naya Naḥmanides kgololesego ya go bua le tshireletsego, Kgosi James I wa Aragon o ne a mo romela gae, ka mpho ya didinare tse 300. Naḥmanides o ne a kwala pego ya kganetsano eno a kopilwe ke bishopo wa Gerona.

Le fa Ba-Dominic ba ne ba bolela gore kwa ntle ga pelaelo ba fentse, ba ne gone ba tenegile tota. Moragonyana ba ne ba latofatsa Naḥmanides gore o ne a tlhapaditse kereke, ba dirisa dibuka tse a di kwadileng ka ga kganetsano eno e le bosupi. E re ka ba ne ba sa kgotsofadiwe ke tsela e kgosi e neng e tshwere Naḥmanides ka yone, Ba-Dominic ba ne ba ikuela mo go Mopapa Clement IV. Le fa a ne a le dingwaga tse di fetang tse 70, Naḥmanides o ne a lelekwa kwa Spain.c

Boammaaruri bo ka Bonwa Kae?

A puisano ya matlhakore oo mabedi e thusitse go tlhaola bodumedi jwa boammaaruri? Le fa mongwe le mongwe a ne a bontsha diphoso tsa yo mongwe, ga go na ope wa bone yo o tlhagisitseng molaetsa o o phepafetseng wa boammaaruri. Se Naḥmanides a neng a se ganetsa ka tsela e e nang le bokgoni jalo e ne e se Bokeresete jwa boammaaruri mme, go na le moo, e ne e le thuto ya motheo e e itiretsweng ke motho, jaaka thuto ya Tharonngwe, e e tlhamilweng ke Labokeresete mo makgolong a dingwaga morago ga Jesu. Boitsholo jo bo sa siamang jwa Labokeresete le go tsholola madi ga gagwe mo go sa laolegeng, tseo Naḥmanides a neng a di tlhagisa ka bopelokgale le tsone ke dikgang tse di ka se kang tsa ganediwa.

Ga go thata go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Naḥmanides le Bajuda ba bangwe ba se kile ba kgatlhegela dipuisano tsa Bokeresete mo ntlheng eno. Mo godimo ga moo, dikganetsano tsa ga Pablo Christiani di ne di sa thewa mo puisanong e e tlhaloganyesegang ya Dikwalo tsa Sehebere, mme mo mekwalong e e neng e sa dirisiwe sentle ya borabi.

Nnyaa, Naḥmanides o ne a sa ganetse Bokeresete jwa boammaaruri. Ka nako ya gagwe lesedi la boammaaruri la dithuto tsa ga Jesu le bosupi jwa gore ke Mesia di ne tsa fitlhwa ke go tlhalosiwa ka tsela e e seng yone. Tota Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba ile ba bolelela pele gore dithuto tse di ntseng jalo tsa botenegi di ne di tla nna gone.—Mathaio 7:21-23; 13:24-30, 37-43; 1 Timotheo 4:1-3; 2 Petere 2:1, 2.

Le fa go ntse jalo, bodumedi jwa boammaaruri bo kgona go bonwa sentle gompieno. Jesu o ne a bua jaana malebana le balatedi ba gagwe ba boammaaruri: “Lo tla ba lemoga ka maungo a bone. . . . Ka tsela e e tshwanang setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa leungo le le molemomogolo, mme setlhare sengwe le sengwe se se bodileng se ungwa leungo le le se nang mosola.” (Mathaio 7:16, 17) Re go laletsa gore o bo iponele. E kete Basupi ba ga Jehofa ba ka go thusa go sekaseka bosupi jwa Dikwalo ka kelotlhoko. Ka go dira jalo o tla ithuta bokao jwa mmatota jwa ditsholofetso tsotlhe tsa Modimo tse di malebana le Mesia le puso ya gagwe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bajuda ba le bantsi ba bitsa Naḥmanides ba re “Ramban,” lefoko la Sehebere le le thailweng go tswa mo ditlhakeng tsa ntlha tsa mafoko a a reng “Rabbi Moses Ben Naḥman.”

b Bona setlhogo se se reng “Maimonides—Monna yo o Neng a Tlhalosa Tumelo ya Sejuta ka Tsela e Ntšha” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 1, 1995, ditsebe 20-3.

c Ka 1267, Naḥmanides o ne a goroga kwa nageng e jaanong e itsegeng e le Israel. Mo dingwageng tsa gagwe tsa bofelo o ne a kgona go dira dilo di le dintsi. O ne a thaya gape go nna gone ga Bajuda le lefelo le go rutelwang mo go lone kwa Jerusalema. Gape o ne a feleletsa buka e e tlhalosang Torah, dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele, mme a nna tlhogo ya semoya ya morafe wa Bajuda mo toropokgolong e e kafa lobopong lo lo kafa bokone lwa Acre, kwa a neng a swela gone ka 1270.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Naḥmanides o a iphemela kwa Barcelona

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

Illustrations on pages 19-20: Reproduced from Illustrirte Pracht - Bibel/Heilige Schrift des Alten und Neuen Testaments, nach der deutschen Uebersetzung D. Martin Luther’s

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela