Maimonides—Monna yo o Neng a Tlhalosa Tumelo ya Sejuta ka Tsela e Ntšha
“GO TSWA mo go Moshe go felela ka Moshe, ga go ise go ke go nne le ope yo o tshwanang le Moshe.” Bajuta ba le bantsi ba tla lemoga mafoko ano a a fitlhegileng e le mafoko a go boka mofilosofi wa Mojuta wa lekgolo la bo12 la dingwaga, yo o neng a kwala mekwalo e e fitlhegileng e bile a akgela ka Talmud le Dikwalo, e bong Moses Ben Maimon—yo gape a itsegeng ka leina la Maimonides le Rambam.a Gompieno batho ba le bantsi ga ba itse Maimonides, lefa go ntse jalo mekwalo ya gagwe e ne ya ama go akanya ga Bajuta, Bamoseleme, le kereke ya mo motlheng wa gagwe fela thata. O ne a tlhalosa tumelo ya Sejuta ka tsela e ntšha, a gagamaletse melaometheo. Maimonides e ne e le mang, le gone ke ka ntlha yang fa Bajuta ba le bantsi ba mo tsaya jaaka “Moshe wa bobedi”?
Maimonides E ne E le Mang?
Maimonides o tsholetswe kwa Córdoba, Spain, ka 1135. Rraagwe, e bong Maimon, e leng ene yo o neng a mo thapisa thata ka tsa bodumedi fa a sale mosha, e ne e le mokanoki yo o itsegeng thata wa losika lwa maemo a a kwa godimo la borabi. Fa Baalmohad ba ne ba fenya Córdoba ka 1148, Bajuta ba ne ba tshwanelwa ke go itlhophela gore a ba tla fetogela mo Boiselamong kana ba tla tshaba. Seno se ne sa baka gore ba lelapa la ga Maimonides ba simolole go kgarakgatshega ka lobaka lo loleele. Ka 1160 ba ne ba thibelela mo Fez, kwa Morocco, koo a neng a thapisediwa bongaka gone. Ka 1165 ba lelapa la gagwe ba ne ba tshwanelwa ke go tshabela kwa Palesetina.
Lefa go ntse jalo, boemo bo ne bo sa iketla kwa Iseraele. Setšhaba se sebotlana sa Bajuta se ne se le mo kotsing ya go tlhaselwa ke Batlhabanelatumelo ba Labokeresete mmogo le ke masole a Bamoseleme. E rile dikgwedi tse thataro di ise di wele ba le kwa “Nageng e e Boitshepo,” Maimonides le ba lelapa la gagwe ba ne ba tshabela kwa Fustat, Toropokgolo e Kgologolo ya Cairo, kwa Egepeto. Bokgoni jwa ga Maimonides bo ne jwa lemogiwa ka botlalo gone fa. Ka 1177 o ne a nna moeteledipele wa setšhaba sa Bajuta, mme ka 1185 o ne a tlhongwa go nna ngaka ya kwa bonnong jwa moeteledipele yo o itsegeng wa Bamoseleme e bong Saladin. Maimonides o ne a tswelela pele a le mo maemong ano ka bobedi go fitlha a tlhokafala ka 1204. Bokgoni jwa gagwe jwa go alafa bo ne bo itsege thata mo e leng gore go bolelwa gore Kgosi Richard wa Peloyatau, o ne a tswa kgakala fela thata kwa Engelane, a tlile go leka go dira gore Maimonides a tle go nna ngaka ya gagwe ka namana.
O ne a Kwala Eng?
Maimonides e ne e le mokwadi yo o sa iponeng tsapa. Fa a ntse a iphitlhile, morago ga go tshaba pogiso ya Bamoseleme, e bile a tshelela mo lobelong, o ne a kwala karolo e kgolo ya buka ya gagwe ya ntlha e kgolo, Commentary on the Mishnah.b E kwadilwe ka Searabea, mme e tlhalosa dikgopolo le mafoko a le mantsi a Mishnah, ka dinako tse dingwe e tlhalosa le yone filosofi ya ga Maimonides tota malebana le tumelo ya Sejuta. Mo karolong e e tlhalosang Sanhedrin e e anelang dilo ka botlalo, Maimonides o ne a tlhama melaometheo e le 13 ya konokono ya tumelo ya Sejuta. Tumelo ya Sejuta e ne e ise e ko e tlhalose tumelo ya motheo kafa molaong. Jaanong Melaometheo ya Tumelo e e 13 ya ga Maimonides e ne ya nna tshimologo ya motseletsele o o neng o tla latela wa go tlhalosiwa ga tumelo ya motheo ya Sejuta.—Bona lebokose, tsebe 23.
Maimonides o ne a leka go tlhalosa thulaganyo ya dilo tsotlhe ka tsela e e utlwalang, e ka tswa e le tsa senama kana e le tsa semoya. O ne a gana go nna madumelafela, mme o ne a batla go tlhalosediwa sengwe le sengwe go ikaegile ka se ene a neng a se leba jaaka bosupi le mabaka a a utlwalang. Maikutlo ano a tlholego a ne a dira gore a kwale buka ya gagwe e e neng ya ratiwa thata—Mishneh Torah.c
Mo motlheng wa ga Maimonides Bajuta ba ne ba tsaya gore “Torah,” kana “Molao,” o ne o sa lebisa fela mo mafokong a a kwadilweng ke Moshe mme o ne o lebisitse go ditlhaloso tsotlhe tsa borabi tsa Molao ono go ralala makgolokgolo a dingwaga. Dikgopolo tseno di ne tsa kwalwa mo teng ga Talmud le mo ditshwetsong tsa borabi di le diketekete le mo mekwalong e e buang kaga Talmud. Maimonides o ne a lemoga gore lebaka fela la go bo tshedimosetso eo yotlhe e ne e le ntsi thata e bile e sa rulaganngwa sentle le ne le dira gore Mojuta yo o tlwaelegileng a palelwe ke go dira ditshwetso tse di amang botshelo jwa gagwe jwa letsatsi le letsatsi. Bontsi jwa bone bo ne bo ka se ka jwa kgona go ithuta dibuka tsotlhe tsa borabi botshelo jwa bone jotlhe, bontsi jwa tsone di kwadilwe ka Searamaika se se thata. Maimonides o ne a rarabolola kgang eno ka go kwala tshedimosetso eno sesha, a dira gore ditshwetso tse di mosola di tlhomologe, a bo a e rulaganya go nna motlobo wa dibuka tse 14 tse di rulagantsweng sentle, di kgaogantswe go ya ka se di buang ka sone. O ne a e kwala ka Sehebera se se phepa, se se utlwalang sentle.
Mishneh Torah e ne e kaela ka tsela e e mosola tota mo e leng gore baeteledipele bangwe ba Bajuta ba ne ba boifa gore e ne e tla emisetsa Talmud gotlhegotlhe. Lefa go ntse jalo, tota le ba ba neng ba sa e rate ba ne ba bolela kafa e tletseng kitso ka teng. Melao eno e e neng e rulagantswe sentle e ne e le tiro e e tlisang phetogo, e dira gore tsamaiso ya tumelo ya Sejuta e e neng e sa tlhole e ratiwa kana e tlhaloganngwa ke batho ba ba tlwaelegileng e simologe go utlwala.
Go tswa foo, Maimonides o ne a simolola go kwala buka e nngwe e kgolo—The Guide for the Perplexed. E re ka mekwalo ya bogologolo ya Segerika e ne e ranoletswe mo Searabeeng, Bajuta ba le bantsi ba ne ba simolola go itse ka ga Aristotle le bafilosofi ba bangwe. Bangwe ba ne ba gakegile, ba palelwa ke go dumalanya bokao ka tlhamalalo jwa mafoko a Baebele le filosofi. Mo go The Guide for the Perplexed, Maimonides, yo o neng a rata Aristotle fela thata, o ne a leka go tlhalosa bokao jwa Baebele le tumelo ya Sejuta ka tsela e e neng e dumalana le megopolo le go akanya ga filosofi.—1 Bakorinthe 2:1-5, 11-16.
Mo godimo ga dibuka tseno tse dikgolo le mekwalo e mengwe ya sedumedi, Maimonides o ne a kwala mekwalo e mengwe semmuso ya tsa kalafi le thutodinaledi. Go na le karolo e nngwe gape ya mekwalo ya gagwe e mentsi e e sa tshwanelang go tlhokomologiwa. Encyclopaedia Judaica e akgela jaana: “Dikwalo tsa ga Maimonides di tshwaya motlha wa go kwala dikwalo. Ke ene Mojuta wa ntlha yo o neng a kwala dikwalo yo dikwalo tsa gagwe ka bontsi di bolokilweng. . . . Dikwalo tsa gagwe di ne di fitlhelela mogopolo le pelo ya batho bao a neng a kwalelana le bone, mme o ne a fetofetola tsela ya gagwe ya go kwala go dumalana le bone.”
O ne a Ruta Eng?
Mo Melaometheong ya gagwe e e 13 ya Tumelo, Maimonides o ne a tlhalosa go dumela ka phepafalo, a theile bontlhanngwe jwa tlhaloso eo mo Dikwalong. Lefa go ntse jalo, molaomotheo wa bosupa le wa borobongwe o ganetsa bokao jwa tumelo e e theilweng mo Dikwalong ya gore Jesu ke Mesia.d Fa re akanya ka dithuto tsa Labokeresete tsa botenegi, tse di jaaka Tharonngwe, le boitimokanyi jo bo mo pepeneneng jaaka bo bonwe ka tshololo e ntsi ya madi ya Botlhabanelatumelo, ga go gakgamatse go bo Maimonides a ne a se ka a tsenelela thata mo kgannyeng ya go nna Mesia ga ga Jesu.—Mathaio 7:21-23; 2 Petere 2:1, 2.
Maimonides o kwala jaana: “A go ka nna le sekgoreletsi sengwe se se fetang [Bokeresete]? Baperofeti botlhe ba ne ba bolela gore Mesia ke morekolodi wa Baiseraele le mmoloki wa bone . . . [Go fapaana le seo, Bokeresete] bo ne jwa dira gore Bajuta ba bolawe ka tšhaka, masalela a bone a gasagasanngwe le go sotliwa, Torah e fetolwe, le bontsi jwa batho ba lefatshe ba fapoge mme ba direle modimo mongwe o sele go na le go direla Morena.”—Mishneh Torah, “Melao ya Dikgosi le Dintwa tsa Tsone,” kgaolo 11.
Lefa go ntse jalo, lefa Bajuta ba tlotla Maimonides go le kana kana, Bajuta ba le bantsi ba tlhopha gore ba mo tlhokomologe mo dilong dingwe tse a neng a bua ka tlhamalalo thata mo go tsone. E re ka tumelo ya Sejuta e e amanang le masaitseweng (Kabbalah), e ne e tswelela pele e tlhotlheletsa batho, tepodinaledi e ne ya simolola go ratega thata mo Bajuteng. Maimonides o ne a kwala jaana: “Motho ope fela yo o dirisanang le tepodinaledi e bile a rulaganya tiro ya gagwe kana mosepele a ikaegile ka dinako tse di beilweng ke balepadinaledi o tshwanetse go kgwathisiwa . . . Dilo tse tsotlhe ke maaka le tsietso . . . Motho ope fela yo o dumelang mo dilong tseno . . . ke sematla e bile ga a na tlhaloganyo.”—Mishneh Torah, “Melao ya Kobamelo ya Medimo ya Disetwa,” kgaolo 11; bapisa Lefitiko 19:26; Duteronome 18:9-13.
Maimonides gape o ne a kgala mokgwa o mongwe fela thata: “[Borabi] ba ne ba ipatlela madi mo bathong le mo ditšhabeng mme ba dira gore batho ba akanye ka boeleele tota gore seno se a patelesega e bile se tshwanetse . . . Dilo tseno tsotlhe di phoso. Ga go na lefoko lepe, lefa e le go Torah kana mo mafokong a batlhalefi [ba Talmud], le le ka supelang seo.” (Commentary on the Mishnah, Avot 4:5) Go fapaana le borabi bano, Maimonides o ne a dira ka thata jaaka ngaka gore a itshedise, a se ke a bo a dumela go duelelwa ditiro tsa bodumedi.—Bapisa 2 Bakorinthe 2:17; 1 Bathesalonika 2:9.
Tumelo ya Sejuta le Ditumelo tse Dingwe di ne Tsa Amega Jang?
Porofesa Yeshaiahu Leibowitz wa Yunibesithi ya Hebrew, kwa Jerusalema, o ne a bolela jaana: “Maimonides ke ene motho yo o nnileng le tlhotlheletso e kgolo go gaisa botlhe mo hisitoring ya tumelo ya Sejuta, go tswa kwa motlheng wa Ditlhogo tsa Lotso le Baperofeti go tla go fitlha mo motlheng ono.” Encyclopaedia Judaica e akgela jaana: “Maimonides o tlhotlheleditse tsela e tumelo ya Sejuta e tla golang ka yone mo isagweng ka tsela e e ka se lekanngweng le epe. . . . C. Tchernowitz . . . e bile o bolela gore fa e ka bo e ne e se ka Maimonides tumelo ya Sejuta e ka bo e kgaokgaogane e le makoko le ditumelo tse di farologaneng . . . O dirile tiro e kgolo ka go kopanya mefuta e e farologaneng ya ditshekamelo.”
Maimonides o ne a tlhalosa tumelo ya Sejuta ka tsela e ntšha ka go rulaganya tsela ya Sejuta ya go akanya gore e dumalane le megopolo ya gagwe ya thulaganyo le go utlwala ga kgang. Bakanoki mmogo le setšhaba ba ne ba fitlhela tlhaloso eno e ntšha e le mosola e bile e gogela. Tota le baganetsi ba ga Maimonides kgabagare ba ne ba amogela tsela e a neng a dira dilo ka yone. Lefa a ne a kwadile ka maikaelelo a go thusa Bajuta gore ba se ka ba nna ba tshwanelwa ke go ya kwa dikakgelong tse di sa feleng, go ise go ye kae go ne ga kwalwa dikakgelo tse ditelele kaga mekwalo ya gagwe.
Encyclopaedia Judaica e akgela jaana: “Maimonides e ne e le . . . mofilosofi wa Mojuta yo o tlhomologileng go gaisa botlhe mo Metlheng ya Bogare, mme buka ya gagwe ya Guide of the Perplexed ke buka ya botlhokwa go gaisa tsotlhe ya filosofi e e dirilweng ke Mojuta.” Le mororo e kwadilwe ka Searabea, The Guide for the Perplexed e ne ya ranolelwa mo Sehebereng Maimonides a santse a tshela mme ya re moragonyana ga foo ya ranolelwa mo Selatineng, mme seo se dira gore go kgonege gore e ithutiwe go ralala Yuropa. Ka ntlha ya seo, tsela e e sa tshwaneng le epe eo Maimonides a kopantseng filosofi ya ga Aristotle le go akanya ga Sejuta ka bonako fela ka yone e ne ya tsena mo go akanyeng ga bontsi jwa batho ba Labokeresete. Bakanoki ba Labokeresete ba nako eo, ba ba jaaka Albertus Magnus le Thomas Aquinas, gantsi ba umaka ditsela tse Maimonides a lebang dilo ka tsone. Bakanoki ba Baiselamo le bone ba ne ba tlhotlhelediwa. Mokgwa wa ga Maimonides wa go dirisa filosofi o ne wa tlhotlheletsa le bafilosofi ba Bajuta ba moragonyana, ba ba tshwanang le Baruch Spinoza, gore ba kgaogane gotlhelele le tsamaiso ya Sejuta e e tshwareletseng mo thutong ya motheo.
Maimonides a ka nna a lejwa jaaka motho wa motlha wa Kgabaganyo yo o tshedileng pele ga motlha wa Kgabaganyo. Go gatelela ga gagwe gore tumelo e tshwanetse ya tsamaisanya le mabaka a a utlwalang e santse e le molaomotheo o o dirang. Molaomotheo ono o ne wa dira gore a bue thata kgatlhanong le tumelobotlhodi ya bodumedi. Lefa go ntse jalo, sekao se se bosula sa Labokeresete le tlhotlheletso ya filosofi ya ga Aristotle e ne ya mo thibela gore a se ka a dira ditshwetso tse di dumalanang ka botlalo le boammaaruri jwa Baebele. Lefa e se botlhe ba ba neng ba ka dumalana le mafoko a a kwadilweng mo phupung ya ga Maimonides—“Go simolola ka Moshe go ema ka Moshe, ga go ope yo o neng a tshwana le Moshe”—re tshwanetse ra dumela gore o ne a tlhalosa tumelo ya Sejuta ka tsela e ntšha mmogo le se e se huparetseng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a “Rambam” ke lefoko la Sehebera le le khutshwafaditsweng, ke leina le le bopilweng ka ditlhaka tsa ntlha tsa mafoko “Rabbi Moses Ben Maimon.”
b Mishnah ke motlobo wa dikakgelo tsa borabi, di theilwe mo go se Bajuta ba dumelang e le molao o o fetisediwang mo go ba bangwe ka molomo. E ne ya kwalwa kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga le kwa tshimologong ya lekgolo la boraro C.E., mme ya nna yone tshimologo ya Talmud. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona boroutšhara jwa Will There Ever Be a World Without War? tsebe 10, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
c Leina Mishneh Torah ke lefoko la Sehebera le le tswang mo go Duteronome 17:18, ke gore, kopi, kana poeletso, ya Molao.
d Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka ga bosupi jwa gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng, bona boroutšhara jwa Will There Ever Be a World Without War? ditsebe 24-30, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
[Lebokoso mo go tsebe 23]
MELAOMETHEO E E 13 YA GA MAIMONIDES YA TUMELOe
1. Modimo ke Mmopi le Molaodi wa dilo tsotlhe. Ke ene fela a dirileng dilo tsotlhe, e bile ke ene fela a di dirang, le gone ke ene fela a santseng a tla di dira.
2. Modimo o mongwe fela. Ga go na kutlwano epe e e tshwanang le ya Gagwe ka tsela epe.
3. Modimo ga o na mmele. Dilo tse di amanang le mmele wa senama ga di Mo ame.
4. Modimo ke ene wa ntlha le wa bofelo.
5. Motho o tshwanetse go rapela Modimo fela. Motho a ka se rapele ope kana sepe se sele.
6. Mafoko otlhe a baperofeti a boammaaruri.
7. Boperofeti jwa ga Moshe bo boammaaruri ka mo go feletseng. E ne e le kgosana ya baperofeti botlhe, pele ga gagwe, le morago ga gagwe.
8. Torah yotlhe e re nang le yone gompieno ke yone e e neng e neetswe Moshe.
9. Torah ga e kitla e fetolwa, le gone Modimo ga a kitla a ntsha e nngwe gape.
10. Modimo o itse ditiro le dikakanyo tsotlhe tsa motho.
11. Modimo o duela ba ba bolokang ditaolo tsa Gagwe, mme o otlhaya ba ba sa Mo utlweng.
12. Mesia o tla tla.
13. Baswi ba tla busediwa gape mo botshelong.
[Ntlha e e kwa tlase]
e Maimonides o ne a tlhalosa melaometheo eno mo mokwalong wa gagwe wa Commentary on the Mishnah, (Sanhedrin 10:1). Moragonyana tumelo ya Sejuta e ne ya e amogela jaaka tumelo ya motheo e e kafa molaong. Mafoko a a fa godimo a khutshwafaditswe go na le jaaka a ntse mo bukeng ya merapelo ya Sejuta.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]
Jewish Division / The New York Public Library / Astor, Lenox, and Tilden Foundations