Go Nna le Bomolemo mo Lefatsheng le le Tletseng Boikepo
“Nnang lo dire dilo tsotlhe go se na dingongorego le dingangisano, gore lo tle lo simolole go nna ba ba se nang go ka pegwa molato e bile lo se na molato, lo le bana ba Modimo ba ba se nang setshubaba mo kokomaneng e e kgopameng le e e sokegileng.”—BAFILIPI 2:14, 15.
1, 2. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a batla gore Bakanana ba nyelediwe?
DITAOLO tsa ga Jehofa ga di letlelele go ineela. Baiseraele ba ne ba tla tloga ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng fa moporofeti Moshe a ne a ba bolelela jaana: “O e senyetse ruri: Bahite, le Baamore, le Bakanana, le Baperise, le Bahife le Bajebuse; jaaka Jehofa Modimo wa gago a go laotse.”—Duteronome 7:2; 20:17.
2 E re ka Jehofa e le Modimo yo o kutlwelobotlhoko, ke ka ntlha yang fa a ne a batla gore baagi ba Kanana ba nyelediwe? (Ekesodo 34:6) Lebaka le lengwe ‘e ne e le gore Bakanana ba se ka ba ruta Iseraele go dira kafa dilong tsotlhe tse di makgapha tse ba di diretseng medimo ya bone mme ka gone ba leofela Jehofa Modimo.’ (Duteronome 20:18) Gape Moshe o ne a bolela jaana: “E tswa Jehofa o leleka merafe e fa pele ga gago ka ntlha ya boikepo jwa yone.” (Duteronome 9:4) Bakanana e ne e le dikao tota tsa batho ba ba boikepo. Kobamelo ya bone e ne e itsege thata ka tlhakanelodikobo e e boikepo le ka kobamelo ya medimo e e itiretsweng. (Ekesodo 23:24; 34:12, 13; Dipalo 33:52; Duteronome 7:5) Go tlhakanela dikobo le wa losika, bosodoma le go kopana le phologolo e ne e le ‘ditiro tsa lefatshe la Kanana.’ (Lefitiko 18:3-25) Bana ba ba se nang molato ba ne ba ntshediwa medimo ya maaka ditlhabelo ka tsela e e setlhogo. (Duteronome 18:9-12) Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a bona go nna gone fela ga ditšhaba tseno go ne go le kotsi mo boitekanelong jwa batho ba gagwe mo mmeleng, mo boitsholong le mo semoyeng!—Ekesodo 34:14-16.
3. Ke eng se se neng sa diragala ka gonne Baiseraele ba ne ba se ka ba dirisa ka botlalo ditaelo tsa Modimo malebana le baagi ba Kanana?
3 E re ka ditaolo tsa Modimo di ne di sa dirwe ka botlalo, baagi ba le bantsi ba Kanana ba ne ba falola fa Iseraele e fenya Lefatshe le le Solofeditsweng. (Baatlhodi 1:19-21) Fa nako e ntse e ya, tlhotlheletso e e senyang ya Bakanana e ne ya utlwala, mme go ne go ka buiwa jaana: “[Baiseraele] ba gana melao ya [ga Jehofa], le kgolagano e o ne a e dirile le borraabo, le ditshupo tse o ne a di ba supetsa; ba latela boithamako, ba nna bofafalele, ba etsa merafe e e mo tikologong ya bone, e Jehofa o ne a ba laile ka ga yone, a re, ba se ka ba dira jaaka yone.” (2 Dikgosi 17:15) Ee, ka dingwagangwaga Baiseraele ba le bantsi ba ne ba dira tsone dilo tsa boikepo tse di dirileng gore Modimo a ntshe taolo ya gore Bakanana ba nyelediwe—e leng kobamelo ya medimo e e itiretsweng, tlhakanelodikobo e e feteletseng, tota le go ntsha bana ditlhabelo!—Baatlhodi 10:6; 2 Dikgosi 17:17; Jeremia 13:27.
4, 5. (a) Ke eng se se neng sa diragalela Iseraele le Juda tse di neng di sa ikanyege? (b) Ke kgothatso efe e e neelwang mo go Bafilipi 2:14, 15, mme ke dipotso dife tse di bodiwang?
4 Ka gone moporofeti Hosea o ne a bolela jaana: “Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona bana ba Iseraele, gonne Jehofa o na le kgang le banni ba lefatshe, ka go bo go se na boammaaruri, le fa e le boutlwelobotlhoko, le fa e le kitso ya Modimo mo lefatsheng. Ga go na sepe fa e se go ikana le go tlola maikano, go bolaya, le go utswa, le go dira boaka; ba tla ba phomele, mme madi a batho a tshwaraganye le madi. Ke gone ka moo lefatshe le tlaa hutsafala, mongwe le mongwe yo o agileng mo go lone o tlaa topetega, le diphologolo tsa naga, le dinonyane tsa loapi; ee, le ditlhapi tsa lewatle di tlaa tlosiwa.” (Hosea 4:1-3) Ka 740 B.C.E., bogosi jwa kwa bokone jwa Iseraele jo bo bosula bo ne jwa fenngwa ke Asiria. Mo nakong e e ka fetang lekgolo la dingwaga moragonyana, bogosi jwa kwa borwa jwa Juda jo bo neng bo sa ikanyege bo ne jwa fenngwa ke Babilone.
5 Ditiragalo tseno di bontsha kafa go leng kotsi ka teng fa re iteseletsa go nna boikepo. Modimo o ila go tlhoka tshiamo mme ga a na go go letlelela mo bathong ba gagwe. (1 Petere 1:14-16) Ke boammaaruri gore re tshela mo “tsamaisong ya jaanong e e boikepo,” mo lefatsheng le le nnelang maswe go ya pele. (Bagalatia 1:4; 2 Timotheo 3:13) Le fa go le jalo, Lefoko la Modimo le rotloetsa Bakeresete botlhe gore ba itshware ka tsela ya go nna ‘ba ba se nang go ka pegwa molato e bile ba se na molato, ba le bana ba Modimo ba ba se nang selabe mo kokomaneng e e kgopameng le e e sokegileng, e gareng ga yone [ba] phatsimang jaaka dibonesi mo lefatsheng.’ (Bafilipi 2:14, 15) Mme re ka nna jang le bomolemo mo lefatsheng le le tletseng boikepo? A tota go a kgonega go dira jalo?
Lefatshe la Roma le le Neng le Tletse Boikepo
6. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba lebane le kgwetlho ya go nna le bomolemo?
6 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba lebane le kgwetlho ya go nna le bomolemo ka gonne boikepo bo ne bo anametse mo karolong nngwe le nngwe ya setšhaba sa Baroma. Mofilosofi wa Moroma e bong Seneca o ne a bolela jaana ka batho ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe: “Batho ba kgaratlha tota mo kgaisanong e kgolo ya boikepo. Letsatsi le letsatsi keletso ya go dira bosula e ntse e gola, go boifa go dira bosula go ntse go fokotsega.” O ne a bapisa setšhaba sa Baroma le “setlhopha sa dibatana tsa naga.” Ga go gakgamatse he gore mo boitlosobodutung Baroma ba bo ba ne ba senka dikgaisano tse di setlhogo tsa go lwela go bolaya le metshameko e e leswe thata e e tshamekiwang ba bangwe ba bogetse.
7. Paulo o ne a tlhalosa jang boikepo jo bo neng bo tletse mo bathong ba bantsi mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?
7 Moaposetoloi Paulo o ka tswa a ne a akantse ka boitshwaro jo bo bosula jwa batho ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa a ne a kwala jaana: “Modimo o [ne] wa ba leseletsa mo go fisegeleng tlhakanelodikobo mo go tlhabisang ditlhong, gonne batho ba bone ba basadi ba ne ba fetola go dirisiwa ga bone ga tlholego ba go dira mo go fapaaneng le tlholego; mme ka tsela e e tshwanang le e leng batho ba banna ba ne ba tlogela go dirisa motho wa mosadi ka tlholego mme ba fisega mo go maswe mo keletsanong ya bone e e fekeetsang, batho ba banna le batho ba banna, ba dira se se bifelesegang mme ba ikamogelela tefetso e e tletseng, e e neng e tshwanela phapogo ya bone.” (Baroma 1:26, 27) E re ka ba ne ba ikemiseditse go diragatsa dikeletso tse di leswe tsa nama, batho ba Roma ba ne ba nna ba faraferwe ke ditiro tsa boikepo.
8. Gantsi bana ba ne ba sotlwa jang mo setšhabeng sa Bagerika le sa Baroma?
8 Hisitori ga e bontshe sentle gore bosodoma bo ne bo aname go le kana kang mo Baromeng. Le fa go le jalo, ga go belaetse gore ba ne ba tlhotlhelediwa ke Bagerika ba ba neng ba busa pele ga bone, ba bo neng bo tlwaelegile thata mo go bone. Go ne go tlwaelegile gore banna ba ba godileng ba senye basimanyana, ba ba neng ba ba tshwerwe jaaka baithuti, bone e le barutabana ba bone, kamano e gantsi e neng e dira gore basha bano ba tlhakanele dikobo ka tsela e e duleng mo tseleng. Kwantle ga pelaelo, Satane le badimona ba gagwe ba ne ba tlhotlheletsa boikepo jo bo ntseng jalo le go sa tshware bana sentle.—Joele 3:3; Jude 6, 7.
9, 10. (a) Lokwalo lwa 1 Bakorintha 6:9, 10 lo ne lwa nyatsa boikepo jwa mefuta e e farologaneng ka tsela efe? (b) Batho bangwe mo phuthegong ya Korintha ba ne ba tshela ka tsela efe, mme ba ne ba dira phetogo efe?
9 Fa Paulo a ne a kwala a tlhotlhelediwa ke Modimo, o ne a bolelela Bakeresete ba kwa Korintha jaana: “Ebu! A ga lo itse gore batho ba ba sa siamang ga ba na go rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa timediwa. Go le bagokafadi, lefa e le baobamedi ba medingwana, lefa e le baakafadi, lefa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, lefa e le banna ba ba robalang le banna, lefa e le magodu, lefa e le batho ba ba bogagaru, lefa e le matagwa, lefa e le bagobolodi, lefa e le batsayakadikgoka ga ba na go rua bogosi jwa Modimo. Mme lefa go ntse jalo seo ke se bangwe ba lona ba neng ba le sone. Mme lo tlhapisitswe mo lo leng phepa, mme lo itshepisitswe, mme lo boletswe lo le ba ba siameng mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete le ka moya wa Modimo wa rona.”—1 Bakorintha 6:9-11.
10 Ka gone lekwalo la ga Paulo le le tlhotlheleditsweng le ne le nyatsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, fa le re “bagokafadi” ga “ba na go rua bogosi jwa Modimo.” Le fa go ntse jalo, morago ga gore Paulo a bolele ditiro di le mmalwa tsa boikepo, o ne a bolela jaana: “Ke se bangwe ba lona ba neng ba le sone. Mme lo tlhapisitswe mo lo leng phepa.” Ka thuso ya Modimo go ne ga kgonega gore badiraphoso ba ntlafadiwe mo matlhong a gagwe.
11. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira jang mo tikologong e e boikepo ya motlha wa bone?
11 Ee, bomolemo jwa Bakeresete bone bo ntse bo atlega le mo lefatsheng le le neng le tletse boikepo la lekgolo la ntlha la dingwaga. Badumedi ba ne ba ‘fetolwa ka go fetola megopolo ya bone.’ (Baroma 12:2) Ba ne ba latlha ‘tsela ya bone ya pele ya boitshwaro’ mme ba ‘dirwa basha mo maatleng a a tlhotlheletsang.’ Ka gone ba ne ba tshaba ditiro tse di boikepo tsa lefatshe mme ba “[apara] botho jo bosha jo bo neng jwa tlhōlwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyego jo bo nitameng.”—Baefeso 4:22-24.
Lefatshe la Gompieno le le Tletseng Boikepo
12. Go nnile le phetogo efe mo lefatsheng fa e sa le ka 1914?
12 Go tweng ka motlha wa rona? Lefatshe le re tshelang mo go lone le tletse boikepo thata go gaisa le fa e le leng pele. Segolobogolo fa e sa le ka 1914 boitsholo bo ntse bo senyegela pele mo lefatsheng. (2 Timotheo 3:1-5) E re ka batho ba le bantsi ba gana megopolo e e tlwaelegileng e e malebana le go nna le bomolemo, boitsholo, ya tlotlo le ya melao ya boitsholo, ba ile ba ikakanya ba le botlhokwa thata e bile ga ba “tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro.” (Baefeso 4:19) Makasine wa Newsweek o ne wa bolela jaana: “Re tshela mo motlheng o mo go one boitsholo bo laolwang ke maemo a a farologaneng,” o oketsa ka gore seemo se se leng teng gone jaanong sa boitsholo “se dirile gore dikgopolo tsotlhe tsa se se siameng le se se sa siamang e nne kgang fela ya gore ke se motho a ka itlhophelang sone, se a ikutlwang fela a se rata kana se se ratwang ke batho ba lefelo le a leng mo go lone.”
13. (a) Boitlosobodutu jo bontsi jwa gompieno bo rotloetsa boikepo jang? (b) Boitlosobodutu jo bo sa tshwanelang bo ka nna le matswela afe a a bosula mo bathong?
13 Jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, boitlosobodutu jo bo leswe bo tlwaelegile gompieno. Thelebishene, radio, dibaesekopo le dibidio di bontsha dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo fela ka dinako tsotlhe. Boikepo bo tseneletse le mo tsamaisong ya boranyane ya dikhomputara. Dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo di ntse di oketsega thata mo maranyaneng a dikhomputara a gompieno, mme di ka dirisiwa ke batho ba dingwaga tse di farologaneng. Matswela a seno sotlhe ke eng? Mokwaladikgang mongwe o bolela jaana: “Fa tshololo ya madi le bothubaki jo bo dirwang ka boomo le tlhakanelodikobo e e repileng di tsenelela thata mo setsong sa rona, re tlwaela tshololo ya madi le bothubaki jo bo dirwang ka boomo le tlhakanelodikobo e e repileng. Re a tshereana. Boikepo bo tswelela pele bo leselediwa ka gonne re sa tlhole re tshosiwa ke sepe.”—Bapisa 1 Timotheo 4:1, 2.
14, 15. Go na le bosupi bofe jwa gore boitsholo jwa tlhakanelodikobo bo senyegela pele mo lefatsheng lotlhe?
14 Akanya ka pego eno ya The New York Times: “Selo se se neng se tsewa se tshosa mo dingwageng tse 25 tse di fetileng jaanong ke tsela fela e e amogelwang ya go tshela. Palo ya baratani ba ba tlhophang go nna mmogo go na le go nyalana e oketsegile ka diperesente di le 80 [kwa United States] fa gare ga 1980 le 1991.” Selo seno se se gakgamatsang ga se diragale fela kwa Amerika Bokone. Makasine wa Asiaweek o bega jaana: “Go tsogile kganetsano malebana le gore go tshwanetswe ga tshelwa jang mo dinageng tsa [Asia] yotlhe. Kgang ya moruthutha ke tlhakanelodikobo e e gololesegileng kgatlhanong le melao e e siameng ya setso, mme dikgatelelo tsa gore go nne le phetogo di ntse di gola ka iketlo.” Dipalopalo di bontsha gore boaka le tlhakanelodikobo ya pele ga lenyalo di tswelela pele di ntse di amogelwa mo dinageng di le dintsi.
15 Baebele e ne ya bolelela pele gore tiro ya bosatane e ne e tla ntsifala mo motlheng wa rona. (Tshenolo 12:12) Ka gone ga re a tshwanela go gakgamala go bo boikepo bo aname ka selekanyo se se tshosang jaana. Ka sekai, go sotla bana ka tlhakanelodikobo go setse go fitlhile mo selekanyong se segolo thata.a Lekgotla la United Nations Children’s Fund le bega gore “go gweba ka tlhakanelodikobo go koafatsa bana mo e ka nnang mo nageng nngwe le nngwe ya lefatshe.” Ngwaga le ngwaga “go begwa gore bana ba ba fetang milione a le 1 mo lefatsheng lotlhe ba patelediwa go nna diaka tsa bana, ba rekwa le go rekisiwa ka maikaelelo a go dirisiwa mo tlhakanelodikobong, e bile go dirisiwa bone fa go gatisiwa dibuka tse di rotloetsang tlhakanelodikobo le bana.” Gape bosodoma bo atile, mme baeteledipele bangwe ba bopolotiki le ba bodumedi ba di goga kwa pele mo go bo rotloetseng e le “mokgwa o mongwe wa botshelo.”
Go Gana Boikepo Jwa Lefatshe Leno
16. Basupi ba ga Jehofa ba eme kae malebana le boitsholo jwa tlhakanelodikobo?
16 Basupi ba ga Jehofa ga ba dumalane le bao ba amogelang ditekanyetso tse di letlang sengwe le sengwe tsa boitsholo jwa tlhakanelodikobo. Tito 2:11, 12 e bolela jaana: “Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo tlisetsang batho ba mefuta yotlhe poloko bo bonatshitswe, bo re laya gore re gane gotlhelele bosenangbomodimo le dikeletso tsa selefatshe mme re tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo gareng ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.” Ee, re tlhagolela letlhoo la mmatota, kilo, mo ditirong tsa boikepo tse di ntseng jaaka tlhakanelodikobo pele ga lenyalo, boaka le bosodoma.b (Baroma 12:9; Baefeso 5:3-5) Paulo o ne a ntsha kgothatso eno: “A mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa a bakele tshiamololo.”—2 Timotheo 2:19.
17. Bakeresete ba boammaaruri ba leba jang go nwa bojalwa?
17 Bakeresete ba boammaaruri ba gana pono ya lefatshe mo go se se bonalang e le boikepo jo bonnye. Ka sekai, batho ba le bantsi gompieno ba leba go nwa bojalwa mo go feteletseng e le go ijesa monate fela. Mme batho ba ga Jehofa ba tsaya tsia kgakololo eno ya Baefeso 5:18: “Lo se ka lwa bo lo tagwa ke beine, e mo go yone go nang le botlhapelwa, mme nnang lo tladiwe ka moya.” Fa Mokeresete a tlhopha go nwa, o dira jalo ka tekanyetso.—Diane 23:29-32.
18. Melaometheo ya Baebele e kaela batlhanka ba ga Jehofa jang malebana le tsela e ba tshwanetseng go tshwara ba lelapa ka yone?
18 Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, gape re gana kgopolo ya bangwe mo lefatsheng ya gore go goela kwa godimo le go gala mo molekaneng wa motho wa lenyalo le bana kana go ba kgala ka mafoko a a utlwisang botlhoko ke boitshwaro jo bo amogelwang. Ka boikaelelo jwa go latelela bomolemo, banna le basadi ba Bakeresete ba dira mmogo go dirisa kgakololo eno ya ga Paulo: “A bogalaka jotlhe jwa bopeloetlhoi le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgojwa di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe. Mme nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka tlekeetso, lo itshwarelana lo gololesegile fela jaaka Modimo le one o ne wa lo itshwarela ka Keresete o gololesegile.”—Baefeso 4:31, 32.
19. Boikepo bo aname go le kana kang mo kgwebong?
19 Go sa ikanyege, go tsietsa, go aka, boferefere jo bo setlhogo mo kgwebong, le go utswa le tsone di tlwaelegile gompieno. Setlhogo sengwe se se mo makasineng wa kgwebo wa CFO se bega jaana: “Patlisiso nngwe e e dirilweng mo badiring ba le 4000 . . . e bontshitse gore diperesente di le 31 tsa batho ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba bona ‘boitshwaro jo bo sa siamang jo bo masisi’ mo ngwageng o o fetileng.” Boitshwaro jo bo ntseng jalo jo bo sa siamang bo ne bo akaretsa go bua maaka, dipego tsa maaka, go tshwenngwa ka tlhakanelodikobo le bogodu. Fa re batla go nna phepa mo boitsholong mo matlhong a ga Jehofa, re tshwanetse go tila boitshwaro jo bo ntseng jalo mme re ikanyege mo ditirisanong tsa rona tsa madi.—Mika 6:10, 11.
20. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tlhoka go se nne le “lorato lwa madi”?
20 Akanya ka se se neng sa diragalela monna mongwe yo o neng a akanya gore o tla nna le nako e ntsi mo tirelong ya Modimo fa a ne a ka bona dipoelo tse dintsi mo kgwebong e e simololang. O ne a gogela ba bangwe mo thulaganyong ya go banka madi ka go bua a feteletsa dilo gore ba tla bona dipoelo. Fa seno se ne se sa direge, o ne a felelwa ke tshepo ya gore o tla kgona go duela ditshenyegelo tse a di bakileng mo a neng a utswa madi a a neng a a neilwe gore a a tlhokomele. Ka ntlha ya ditiro tsa gagwe le boikutlo jwa gagwe jwa go sa ikwatlhaye, o ne a kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete. A bo tota tlhagiso eno ya Baebele e le boammaaruri jang: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa bosenangtlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyakong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.”—1 Timotheo 6:9, 10.
21. Ke boitshwaro bofe jo bo dirwang thata ke batho ba ba busang mo lefatsheng, mme ba ba nang le boikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwanetse go itshwara jang?
21 Gantsi banna ba lefatshe ba ba nang le maatla le tlhotlheletso ga ba na bomolemo mme ba bontsha kafa polelwana eno e leng boammaaruri ka gone, ‘Maatla a a senya.’ (Moreri 8:9) Mo dinageng tse dingwe, dipipamolomo le mefuta e mengwe ya ditiro tse di seng kafa molaong ke selo se se dirwang ka metlha ke baatlhodi, mapodise le babopolotiki. Le fa go ntse jalo, ba ba eteletseng pele mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwanetse go nna le bomolemo mme ga ba a tshwanela go rena mo godimo ga ba bangwe. (Luke 22:25, 26) Bagolwane, mmogo le batlhanka ba bodiredi, ga ba direle “e le ka go rata poelo ya matsoketsane.” Ga ba a tshwanela go dira maiteko ape a go sokamisa kana go senya tsela ya bone ya go dira ditshwetso ba lebeletse go ikhumisa ka namana.—1 Petere 5:2; Ekesodo 23:8; Diane 17:23; 1 Timotheo 5:21.
22. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka eng?
22 Ka kakaretso, Bakeresete ba lebana ka katlego le kgwetlho ya motlha wa gompieno ya go nna le bomolemo mo lefatsheng la rona le le tletseng boikepo. Le fa go ntse jalo, go nna le bomolemo go akaretsa se se fetang go tila boikepo. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka gore tota go tlhokega eng go tlhagolela bomolemo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona ditlhogo tse di latelanang tsa “Sireletsa Bana ba Gago!” tse di leng mo makasineng wa Tsogang! ya October 8, 1993.
b Batho ba ba kileng ba dira bosodoma mo nakong e e fetileng ba ka dira diphetogo mo boitshwarong jwa bone, fela jaaka fa bangwe ba ne ba dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (1 Bakorintha 6:11) Tshedimosetso e e molemo e ne ya neelwa mo makasineng wa Tsogang! ya April 8, 1995, ditsebe 21-3.
Dintlha Tsa Poeletso
◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a laela gore Bakanana ba nyelediwe?
◻ Ke boikepo bofe jo bo neng bo tlwaelegile mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme Bakeresete ba ne ba dira jang mo tikologong e e ntseng jalo?
◻ Go na le bosupi bofe jwa gore lefatshe le senyegile mo boitsholong fa e sa le ka 1914?
◻ Ke ditiro dife tse di boikepo tse di tlwaelegileng tse batho ba ga Jehofa ba tshwanetseng go di gana?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le bomolemo, le mororo ba ne ba tshela mo lefatsheng le le neng le tletse boikepo
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Boikepo bo tseneletse le mo ditsamaisong tsa boranyane tsa khomputara, seno se dira gore basha ba le bantsi le ba bangwe ba kgone go bona tshedimosetso e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Bakeresete ba tshwanetse go nna le bomolemo, ba sa etse ditsela tse di sa ikanyegeng tsa ba bangwe