Dituelo Tsa go Tlotla Batsadi ba ba Godileng
BAOBAMEDI ba boammaaruri ba Modimo ba tlotla le go tlhokomela batsadi ba bone ba ba godileng ka gonne ba ba rata. Ke karolo ya kobamelo ya bone. Baebele e bolela jaana: “A [bana kana ditlogolwana] ba ithute pele go itlwaetsa boineelo jwa bomodimo mo go ba ntlo ya bone le go nna ba duela batsadi ba bone le batsadi ba batsadi pusetso e e tshwanetseng, gonne seno se a amogelesega mo ponong ya Modimo.” (1 Timotheo 5:4) Go sa kgathalesege gore a re basha kana re bagolo, go a tshwanela gore re neele batsadi le batsadi ba batsadi ba rona “pusetso e e tshwanetseng.” Ka tsela eno re a bo re bontsha gore re anaanela lorato lwa bone, tiro ya bone e e boima le go re tlhokomela ka dingwaga di le dintsi jaana. Ebu, re a tshela ka ntlha ya batsadi ba rona!
Ela tlhoko gore go busetsa batsadi le batsadi ba batsadi se se ba tshwanetseng go a “amogelesega mo ponong ya Modimo.” Go amanngwa le “boineelo [jwa rona] jwa bomodimo.” Ka gone, fa re dirisa kgakololo eno, re tla duelwa, ka go bo re itse gore re dira se se itumedisang Modimo. Seo se a re itumedisa.
Re a itumela fa re neela ba bangwe, segolobogolo fa re neela ba ba ileng ba re neela ka bopelotshweu. (Ditiro 20:35) A bo go na le tuelo jang ne fa re dira go dumalana le molaomotheo ono wa Baebele: “Dira gore rraago le mmaago ba itumele, dira gore yo o go belegeng a ipele”!—Diane 23:25, The New English Bible.
Re ka busetsa batsadi le batsadi ba batsadi ba rona jang se se ba tshwanetseng? Ka ditsela tse tharo: ka dilo tse di bonalang, mo maikutlong le mo semoyeng. Nngwe le nngwe ya tsone e tlisa dituelo.
Go ba Tlamela ka Dilo Tse di Bonalang
Batho ba ba direlang Modimo ba itse gore go botlhokwa go tlamela ba lelapa ba ba gaufi ka dilo tse di bonalang. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.”—1 Timotheo 5:8.
Tunji le Joy ba nna kwa Afrika Bophirima. Le mororo ba ne ba na le mathata a madi, ba ne ba kopa batsadi ba ga Joy ba ba neng ba godile gore ba tle go nna le bone. Rraagwe o ne a lwala mme kgabagare a tlhokafala. Tunji o bolela jaana: “Fa Papa a ne a tlhokafala, Mama o ne a tlamparela mosadi wa me a bo a re: ‘O dirile sotlhe se motho a neng a ka se kgona. Le ka motlha o se ka wa ikutlwa o le molato ka loso lwa ga Papa.’ Le fa gone re tlhologelelwa Papa, re a itse gore re ne re mo rekela melemo e e neng e mo thusa thata e bile ka metlha re ne re leka go mo dira gore a ikutlwe a ratiwa le go mmontsha gore re a mo tlhoka; re dirile gotlhe mo re neng re ka go kgona go diragatsa boikarabelo jwa rona jo re bo neilweng ke Modimo. Re kgotsofetse ka seo.”
Gone mme, ga se mongwe le mongwe yo o ka kgonang go thusa ba bangwe ka dilo tse di bonalang. Monna mongwe yo o nnang kwa Nigeria o ne a bolela jaana: “Fa motho a sa kgone go itlamela, a ka kgona jang go tlamela motho yo mongwe?” Mo dinageng tse dintsi boemo bo ka nna jwa nnela maswe kwa pele fa dingwaga di ntse di ya pele. Go ya ka ponelopele ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, go ise go ye kae sephatlo sa batho ba kwa borwa jwa Sahara Afrika se tla bo se tshela mo lehumeng le legolo.
Fa o iphitlhela o le mo lehumeng, o ka gomodiwa ke polelo e e boammaaruri ya motlholagadi mongwe yo o neng a humanegile. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bona motlholagadi mongwe a tsenya moneelo o monnye mo letloleng la tempele. O ne a ntsha fela “madinyana a tshipi a mabedi a tlhotlhwa e nnye fela thata.” Le fa go ntse jalo, e re ka Jesu a ne a itse boemo jwa gagwe, o ne a bolela jaana: “Ke lo bolelela ka ammaaruri, Motlholagadi yono, le mororo a humanegile, o latlhetse go feta jaaka botlhe ba dirile. Gonne botlhe bano ba latlhetse dimpho tse di tswang mo go se se setseng sa bone, mme mosadi yono go tswa mo letlhokong la gagwe o latlhetse gotlhe mo a itshedisang ka gone mo a neng a na le gone.”—Luke 21:1-4.
Ka mo go tshwanang, fa re dira sotlhe se re se kgonang gore re tlhokomele batsadi kana batsadi ba batsadi ba rona ka dilo tse di bonalang, le fa di ka tswa di le dinnye, Jehofa o a bona e bile o anaanela seo. Ga a lebelele gore re dire se se fetang se re ka se kgonang. Gongwe batsadi le batsadi ba batsadi ba rona ba tla ikutlwa ka tsela e e tshwanang.
Go ba Tshegetsa mo Maikutlong
Go tlamela batsadi le batsadi ba batsadi ba rona go akaretsa se se fetang fela go ba tlhokomela ka dilo tse ba di tlhokang tse di bonalang. Rotlhe re na le dilo tse re di tlhokang mo maikutlong. Mongwe le mongwe, go akaretsa le batho ba ba godileng, o eletsa go ratiwa, go ikutlwa a tlhokega le go batliwa, le go tsewa a le botlhokwa mo lelapeng.
Mary, yo o nnang kwa Kenya, ka dingwaga tse tharo o ne a tlhokomela matsalaagwe yo o neng a godile. Mary o bolela jaana: “Mo godimo ga go mo tlamela ka dilo tse a di tlhokang tse di bonalang, re tlotla le ene ka dinako tsotlhe. Mmè ga a kgone go dira go le kalokalo mo ntlong, mme re a tlotla e bile re ditsala tse di ntshanang se inong. Ka dinako tse dingwe re bua ka Modimo, ka dinako tse dingwe re bua ka batho ba kwa gae. Le mororo a na le dingwaga tse di fetang 90, o sa ntse a gakologelwa dilo sentle. O gakologelwa le go bua ka botshelo jwa gagwe fa a ne a sa ntse a le mosetsanyana, ka malatsi a pele ga 1914.”
Mary o tswelela pele jaana: “Ga se kgetsi e potlana go tlhokomela motho yo o godileng, mme go nna le ene go re tliseditse dituelo tse dikgolo. Go na le kagiso le kutlwano mo lelapeng. Go mo tlamela ga me go ne ga dira gore le ba bangwe mo lelapeng ba batle go mo naya. Monna wa me o ntlotla fela thata. E bile fa Mmè a ka utlwa mongwe a sa mpuise sentle, ka bonako fela o a mpuelela gore a ntshireletse. Ga go na ope yo o ka buang sengwe se se ka nkutlwisang botlhoko a le teng!”
Go ba Tlamela mo Semoyeng
Fela jaaka go tlamela ka dilo tse di bonalang le mo maikutlong go tlisa dituelo mo mothong yo o tlamelang, go ntse jalo le ka dilo tsa semoya. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela phuthego ya Bokeresete ya Roma jaana: “Ke tlhologeletswe go lo bona, gore ke lo neye mpho nngwe ya semoya e le gore lo nitamisiwe; kgotsa, a ke re, gore go tle go nne le go naana kgothatso gareng ga lona, mongwe le mongwe ka tumelo ya yo mongwe, ya lona le ya me.”—Baroma 1:11, 12.
Ka tsela e e tshwanang, malebana le go tlamela batho ba ba godileng ba ba direlang Modimo mo semoyeng, gantsi ke kgang ya go kgothatsana. Osondu, yo o nnang kwa Nigeria, o bolela jaana: “Se se nkgatlhang thata ka batsadi ba ga rre ke sebaka se ba nneelang sone gore ke nne le pononyana ka dilo tsa nako e e fetileng. Rremogolo, a ntse a benya matlho ka boipelo, o ka bolela ka tshimo e a neng a e dira e le modiredi wa nako e e tletseng mo dingwageng tsa bo1950 le bo1960. O bapisa mokgwa o phuthego e ntseng ka one gompieno le ka fa e neng e ntse ka one fa a ne a nna Mosupi. Maitemogelo ano a nthusa mo tirelong ya me ke le mmulatsela.”
Ba bangwe mo phuthegong ya Bokeresete le bone ba ka thusa go tlamela batho ba ba godileng. Tunji, yo o umakilweng pelenyana, o ne a tlhalosa jaana se se neng sa diragala mo phuthegong e a leng mo go yone: “Mokaulengwe mongwe yo mosha wa mmulatsela yo o neng a abetswe go neela puo ya phatlalatsa o ne a tla le pampiri ya puo eo kwa go Papa gore ba e baakanyetse mmogo. Motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo o ne a tla mme a raya Papa a re: ‘O na le maitemogelo. O ka re ke kae mo nka tokafatsang gone.’ Papa o ne a kgona go neela mogolwane yono kgakololo e e mosola. Bakaulengwe ba ne ba umaka leina la ga Papa fa ba rapela mo phuthegong ka makgetlho a mantsi. Seno sotlhe se ne sa mo dira gore a ikutlwe a batlega.”
Boitshwaro jo bo Molemo bo Gogela Batho Kwa Modimong
Ka dinako tse dingwe, fa re tlotla le go rata batsadi le batsadi ba batsadi ba rona, re gogela batho kwa Modimong. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemomogolo mo merafeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo . . . ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemomogolo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.”—1 Petere 2:12.
Andrew, mogolwane mongwe wa Mokeresete kwa Afrika Bophirima, o ne a tsamaya dikilometara di le 95 gabedi ka beke a ya go tlhokomela rraagwe yo o lwalang, yo e neng e se modumedi. O bolela jaana: “Fa ke ne ke simolola go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, rre o ne a ganetsa fela thata. Mme fa a bona ka fa ke neng ke mo tlhokomela ka teng fa a lwala, o ne a aga a rotloetsa barwarre le bokgaitsadiake ba babotlana gore, ‘Lo tshwanetse go tsena bodumedi jwa mogoloalona!’ Seo se ne sa ba tlhotlheletsa, mme jaanong bana ba ga rre ba le robongwe ke Basupi ba ga Jehofa botlhe.”
E ka nna kgwetlho go tlotla le go tlhokomela batsadi ba rona ba ba godileng, segolobogolo mo metlheng e e thata ya itsholelo. Mme fa Bakeresete ba gagamalela go dira seno, ba bona dituelo tse dintsi. Mo godimo ga tsotlhe, ba bona boitumelo jwa go naya, mmogo le go kgotsofalela go itse gore ba itumedisa Jehofa Modimo, yo ka boene e leng “Rara wa batho botlhe.”—Baefeso 4:6.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Kgakololo ya Modimo mo Bathong ba ba Tlhokomelwang Le ba Ba Tlhokomelang
Nna Motho yo o Kgothatsang: “A mongwe le mongwe wa rona a itumedise moagelani wa gagwe ka se se molemo go mo aga.”—Baroma 15:2.
Nitama: “A re se leseng go dira se se molemomogolo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.”—Bagalatia 6:9.
Ikokobetse: ‘Lo se ka lwa dira sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya boikgopolo, mme ka kgobalalo ya mogopolo lo tseye ba bangwe ba le bagolo mo go lona.’—Bafilipi 2:3.
Dira se se Molemo: “A mongwe le mongwe a nne a senke, e seng tsholegelomolemo ya gagwe, fa e se ya motho yo mongwe.”—1 Bakorintha 10:24.
Akanyetsa: “A go nna kakanyetso ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.”—Bafilipi 4:5.
Bontsha Kutlwelobotlhoko: “Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi ka tlekeetso, lo itshwarelana lo gololesegile.”—Baefeso 4:32.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Bagolwane ba basha ba ka solegelwa molemo ke boitemogelo jwa batho ba ba godileng