Go Tshegetsa Lefoko la Modimo le le Tlhotlheleditsweng ka Boikanyegi jo bo Nitameng
“Re baketse dilo tsa boferefere tse di tshwanetseng go re tlhabisa ditlhong, re sa tsamaye ka bohelepa, lefa e le go kgotlela lefoko la Modimo.”—2 BAKORINTHA 4:2.
1. (a) Go ne go tlhokega eng gore go dirwe tiro e e laetsweng mo go Mathaio 24:14 le 28:19, 20? (b) Baebele e ne e le teng ka selekanyo se se kana kang mo dipuong tsa batho fa malatsi a bofelo a simologa?
MO BOPOROFETING jwa gagwe jo bogolo malebana le nako ya go nna gone ga gagwe mo bogosing le ya bokhutlo jwa tsamaiso eno e kgologolo ya dilo, Jesu Keresete o ne a bolelela pele jaana: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” Gape o ile a laela balatedi ba gagwe jaana: “Lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, . . . lo ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Go diragadiwa ga boporofeti joo go akaretsa tiro e kgolo ya go ranola le go gatisa Baebele, go ruta batho gore e bolela eng le go ba thusa go e dirisa mo matshelong a bone. A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go nna le seabe mo tirong e e ntseng jalo! Fa e sale ka 1914 Baebele kana dikarolo dingwe tsa yone di ne di setse di gatisitswe ka dipuo di le 570. Mme fa e sale ka nako eo makgolo a a oketsegileng a dipuo le maleme a mantsi a ile a akarediwa mme mo dipuong di le dintsi go nnile le thanolo e e fetang e le nngwe.a
2. Ke maitlhomo afe a a farologaneng a a neng a tlhotlheletsa tiro ya baranodi ba Baebele le bagatisi ba yone?
2 Ke kgwetlho mo moranoding mongwe le mongwe go isa tshedimosetso ya puo nngwe go e nngwe go dira gore ba ba balang le go utlwa puo eo ba e tlhaloganye. Baranodi bangwe ba Baebele ba ile ba dira tiro eo ya bone ba lemoga sentle gore se ba neng ba se ranola e ne e le Lefoko la Modimo. Ba bangwe ba ile ba kgatlhwa fela ke kgwetlho ya bokanoki ya tiro eo. Ba ka tswa ba ile ba leba diteng tsa Baebele e le boswa fela jo bo botlhokwa jwa setso sengwe. Mo go ba bangwe, bodumedi ke kgwebo ya bone mme go dira gore buka e e nang le leina la bone jaaka moranodi kana mogatisi e nne tsela ya go itshedisa. Kwantle ga pelaelo maitlhomo a bone ke one a a tlhotlheletsang tsela e ba dirang tiro ya bone ka yone.
3. Komiti ya New World Bible Translation e ne e leba tiro ya yone jang?
3 Go botlhokwa go ela tlhoko se se builweng ke Komiti ya New World Bible Translation: “Go ranola Dikwalo Tse di Boitshepo go raya go ranolela megopolo ya ga Jehofa Modimo mo puong e nngwe . . . Eo ke ntlha e e masisi. Baranodi ba tiro eno, ba ba boifang le go rata Modimo yo e leng Mokwadi wa Dikwalo Tse di Boitshepo, ba ikutlwa ba na le boikarabelo jo bo kgethegileng mo go Ene jwa go fetisetsa megopolo ya gagwe le dipolelo tsa gagwe ka tsela e e siameng ka mo go ka kgonegang ka teng. Gape ba ikutlwa ba na le boikarabelo mo babading ba ba batlang go itse ba ba ikaegileng ka go ranolwa ga Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo Mogodimodimo go bona poloko ya bosakhutleng. Ka boikutlo jo bo ntseng jalo jo bo masisi mo dingwageng di le dintsi komiti eno ya banna ba ba ineetseng e ile ya tlhagisa New World Translation of the Holy Scriptures.” Mokgele wa komiti eno e ne e le go ranola Baebele gore e utlwale e bile e tlhaloganyesege le gore e tshwane thata le Sehebera le Segerika sa kwa tshimologong gore e tle e nne motheo wa go thusa motho go gola mo kitsong e e tlhomameng.
Go Diragetseng ka Leina la Modimo?
4. Leina la Modimo le botlhokwa go le kana kang mo Baebeleng?
4 Bongwe jwa boikaelelo jo bogolo jwa Baebele ke go thusa batho go itse Modimo wa boammaaruri. (Ekesodo 20:2-7; 34:1-7; Isaia 52:6) Jesu Keresete o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele gore leina la ga Rraagwe le “itshepisiwe” le tsewe le le boitshepo. (Mathaio 6:9) Modimo o ne a dira gore leina la gagwe le tsenngwe mo Baebeleng ka makgetlho a a fetang 7000. O batla gore batho ba itse leina le dinonofo tsa Ene yo leina leo e leng la gagwe.—Malaki 1:11.
5. Baranodi ba ba farologaneng ba ile ba ranola leina la Modimo jang?
5 Baranodi ba le bantsi ba Baebele ba ile ba tlotla leina la Modimo thata mme ba le dirisitse ka tlhomamo mo thanolong ya bone. Baranodi bangwe ba rata Yahweh. Ba bangwe ba ile ba tlhopha tsela nngwe ya leina la Modimo e e dirisitsweng mo puong ya bone fa ka nako e e tshwanang e sa ntse e ka amanngwa ka phepafalo le se se tlhagang mo mokwalong wa Sehebera, gongwe e le tsela e e itsegeng thata ka ntlha ya go dirisiwa ka nako e telele. New World Translation of the Holy Scriptures e dirisa Jehofa ka makgetlho a le 7210 mo mokwalong wa yone wa konokono.
6. (a) Mo dingwageng tsa bosheng jaana, baranodi ba ile ba dira eng malebana le leina la Modimo? (b) Mokgwa ono o aname go le kana kang?
6 Mo dingwageng tsa bosheng jaana, le mororo baranodi ba Baebele ba sa ntse ba dirisa maina a medimo ya boheitane e e jaaka Baale le Moleke, mo makgetlhong a mantsi ba ntsha leina la Modimo wa boammaaruri mo dithanolong tsa Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng. (Ekesodo 3:15; Jeremia 32:35) Mo temaneng e e ntseng jaaka Mathaio 6:9 le Johane 17:6, 26, thanolo nngwe e e anamisitsweng thata ya Se-Albania e ranola mafoko a Segerika a a reng “leina la gago” (e leng, leina la Modimo) e le “wena” fela jaaka e kete ditemana tseo ga di bue sepe ka leina. Mo go Pesalema 83:18, The New English Bible le Today’s English Version di ntsha leina la Modimo mmogo le ntlha epe fela e e supang gore Modimo o na le leina. Le mororo leina la Modimo le ne le tlhaga mo dithanolong tse dintsi tsa bogologolo tsa Dikwalo Tsa Sehebera mo dipuong di le dintsi, dithanolo tse dishanyana gantsi di a le ntsha kana ba le kwala fela mo tlhalosong e e fa thoko. Go ntse jalo ka Seesemane mmogo le dipuo di le dintsi tsa Yuropa, Afrika, Amerika Borwa, India le kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific.
7. (a) Baranodi bangwe ba Dibaebele tsa Baafrika ba ranotse jang leina la Modimo? (b) O ikutlwa jang ka seo?
7 Baranodi ba Baebele mo dipuong dingwe tsa Baafrika ba dira se se fetang seo. Go na le gore ba emisetse fela leina la Modimo ka sereto sengwe sa Dikwalo, se se jaaka Modimo kana Morena, ba tsenya maina a ba a tsereng mo ditumelong tsa madumedi a bone. Mo go The New Testament and Psalms in Zulu (thanolo ya 1986), sereto sa Modimo (uNkulunkulu) se ne sa dirisiwa mmogo le leina tota (uMvelinqangi) le Bazulu ba tlhaloganyang gore le emela ‘mogologolwane yo mogolo yo o obamelwang mo bagologolwaneng ba batho.’ Setlhogo sengwe mo makasineng wa The Bible Translator, ya October 1992, se ne sa bega gore fa go ne go ranolwa Baebele ya Se-Chichewa e e tshwanetseng go bidiwa Buku Loyera, baranodi ba ne ba dirisa Chauta le e leng leina tota le le dirisiwang mo boemong jwa Jehofa. Setlhogo seo se ne sa tlhalosa gore Chauta, ke “Modimo o ba neng ba ntse ba o itse e bile ba o obamela.” Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho bano gape ba obamela se ba dumelang gore ke meya ya baswi. A ke boammaaruri gore fa batho ba rapela “Mongwe yo Mogolo,” le fa e ka nna leina lefe le ba le dirisetsang “Mongwe yo Mogolo” ke leina le le tshwanang le leina la Jehofa, go sa kgathalesege gore kobamelo ya bone e akaretsa eng gape? Legoka! (Isaia 42:8; 1 Bakorintha 10:20) Go emisetsa leina la Modimo ka sengwe se se dirang gore batho ba akanye gore ditumelo tsa bone tsa ngwao di siame tota ga go ba thuse go atamelana le Modimo wa boammaaruri.
8. Ke ka ntlha yang fa boikaelelo jwa Modimo jwa go dira gore leina la gagwe le itsisiwe bo sa kgorelediwa?
8 Dilo tseno tsotlhe ga di a fetola kana go senya maikaelelo a ga Jehofa a go dira gore leina la gagwe le itsiwe. Mo dipuong tsa Yuropa, Afrika, tsa Amerika, tsa Botlhaba le ditlhaketlhake tsa lewatle, go sa ntse go na le Dibaebele tse di anamisiwang tse di nang le leina la Modimo. Gape go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 5400 000, mo dinageng le mo mafelong a le 233 ba ba dirisang diura tse di fetang dimilione di le sekete ka ngwaga go bolelela ba bangwe ka leina le maikaelelo a Modimo wa boammaaruri. Ba gatisa le go anamisa Dibaebele—tse di dirisang leina la Modimo—mo dipuong tse di buiwang ke ba ba ka nang 3600 000 000 mo baaging ba lefatshe, go akaretsa Seesemane, Setšhaena, Se-Russia, Se-Spain, Sepotokisi, Sefora le Se-Dutch. Gape ba gatisa dibuka tsa go ithuta Baebele mo dipuong tse di itsiweng ke bontsi jwa baagi ba lefatshe. Go ise go ye kae Modimo ka boene o tla tsaya kgato ka tsela e e tla diragatsang ka botlalo se a se boletseng gore ditšhaba di “tlaa itse fa [e] le Jehofa.”—Esekiele 38:23.
Fa Ditumelo Tsa Motho ka Namana di Tlhotlheletsa Thanolo
9. Baebele e supa jang boikarabelo jo ba ba ranolang Lefoko la Modimo ba nang najo?
9 Batho ba ba ranolang Lefoko la Modimo mmogo le ba ba le rutang ba na le maikarabelo a a masisi. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana malebana le bodiredi jwa gagwe le jwa ditsala tsa gagwe: “Re baketse dilo tsa boferefere tse di tshwanetseng go re tlhabisa ditlhong, re sa tsamaye ka bohelepa, lefa e le go kgotlela lefoko la Modimo, mme ka go dira gore boammaaruri bo bonatshege re ikhaka mo segakoloding sengwe le sengwe sa motho mo ponong ya Modimo.” (2 Bakorintha 4:2) Go kgotlela go raya go leswafatsa selo ka go se tlhakanya le selo se sele kana se se nyatsegang. Moaposetoloi Paulo o ne a sa nna jaaka badisa ba ba sa ikanyegeng ba Iseraele ba motlha wa ga Jeremia ba ba neng ba kgalemelwa ke Jehofa ka go bo ba ne ba rera dikgopolo tsa bone go na le go bua se Modimo a se buileng. (Jeremia 23:16, 22) Mme ke eng se se diragetseng mo metlheng ya rona?
10. (a) Baranodi bangwe ba motlha wa rona ba ile ba tlhotlhelediwa jang ke maitlhomo a sele go na le go ikanyega ka nitamo mo Modimong? (b) Ba ne ba ipha maemo afe ka tsela e e sa tshwanelang?
10 Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya II, komiti ya baithutabomodimo le baruti ba ne ba dirisana mmogo le puso ya Bonasi kwa Jeremane go gatisa “Tesetamente e Ntšha” e e tlhabolotsweng e e neng e ntsha dilo tsotlhe tse dintle ka ga Bajuda le bosupi jotlhe jo bo supang gore bagologolwane ba ga Jesu Keresete ke Bajuda. Bosheng fela jaana, baranodi ba ba gatisitseng The New Testament and Psalms: An Inclusive Version ba ne ba sekamela kwa ntlheng e sele, ba leka go tlosa bosupi jotlhe jo bo supang gore Bajuda ba na le molato malebana le loso lwa ga Keresete. Gape baranodi bao ba ne ba akanya gore babadi ba basadi ba tla itumela thata fa go ka buiwa ka Modimo e seng e le Rara, mme e le Rara-Mma le fa go ka twe Jesu ke Ngwana wa Modimo e seng Morwawe. (Mathaio 11:27) Fa ba ntse ba dira seo, ba ne ba tlosa molaomotheo wa go ikokobetsa ga basadi mo banneng ba bone le wa gore bana ba utlwe batsadi. (Bakolosa 3:18, 20) Go phepafetse gore bakwadi ba dithanolo tseo ba ne ba sa ikutlwe jaaka moaposetoloi Paulo yo o neng a ititeile sehuba gore a ka se ka a ‘kgotlela lefoko la Modimo.’ Ba ne ba lebala seabe sa moranodi, ba tsaya maemo a mokwadi, ba kwala dibuka tse di dirisang leina la Baebele e le tsela ya go rotloetsa megopolo ya bone.
11. Dithuto tsa Labokeresete di thulana jang le se Baebele e se rutang malebana le moya le loso?
11 Dikereke tsa Labokeresete ka kakaretso di ruta gore motho ka boene o na le moya o o tswang mo mmeleng wa gagwe fa a swa, le gore ga o swe. Go farologana le seo, dithanolo tsa bogologolo tsa Baebele tsa dipuo di le dintsi di supa sentle gore batho ke meya, gore diphologolo ke meya le gore moya wa swa. (Genesise 12:5; 36:6; Dipalo 31:28; Jakobe 5:20) Seo se tlhabisitse baruti ditlhong.
12. Dithanolo dingwe tsa bosheng di fitlha boammaaruri jwa konokono jwa Baebele jang?
12 Gone jaanong dithanolo dingwe tse disha di fitlha boammaaruri jono. Jang? Di tila fela thanolo e e tlhamaletseng ya leina la Sehebera neʹphesh (moya) mo ditemaneng dingwe. Mo go Genesise 2:7 di ka nna tsa re motho wa ntlha “o ne a simolola go tshela” (go na le gore “a direga mowa o o tshedileng”). Kana di ka nna tsa bua ka “sebopiwa” go na le gore “moya” malebana le botshelo jwa phologolo. (Genesise 1:21) Mo ditemaneng tse di jaaka Esekiele 18:4, 20, ba bua ka “motho” kana “mongwe” (go na le gore “moya”) o o swang. Gongwe dithanolo tse di ntseng jalo di siame mo moranoding. Mme di thusa motho yo o batlang boammaaruri ka tlhoafalo go le kana kang yo tsela e a akanyang ka yone e setseng e tlhotlheleditswe ke dithuto tse e seng tsa dikwalo tsa Labokeresete?b
13. Dithanolo dingwe tsa Baebele di fitlhile boikaelelo jwa Modimo malebana le lefatshe jang?
13 Ka maiteko a go tshegetsa tumelo ya bone ya gore batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong, baranodi—kana baithutabomodimo ba ba sekasekang tiro ya bone—ba ka nna ba leka go fitlha se Baebele e se bolelang malebana le maikaelelo a Modimo ka lefatshe. Mo go Pesalema 37:11, dithanolo dingwe di balega ka gore bapelonomi ba tla rua “naga.” “Naga” e ka tswa e le thanolo ya lefoko (ʼeʹrets) le le dirisitsweng mo mokwalong wa Sehebera. Le fa go ntse jalo, Today’s English Version (e e nnileng motheo wa dithanolo tse dintsi mo dipuong tse dingwe) e dira se se fetang seo. Le mororo thanolo eno e ranola lefoko la Segerika ge e le “lefatshe” ka makgetlho a le 17 mo Efangeleng ya ga Mathaio, mo go Mathaio 5:5 e emisetsa “lefatshe” ka polelwana e e reng “se Modimo a se solofeditseng.” Seo se dira gore maloko a kereke a akanye ka legodimo. Ga ba bolelelwe ka boammaaruri gore Jesu Keresete mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng o ne a bolela gore ba ba maikutlo a bori, ba ba pelonomi kana ba ba ikokobeditseng ba tla “rua lefatshe.”
14. Ke maitlhomo afe a bopelotshetlha a a bonalang mo dithanolong dingwe tsa Baebele?
14 Go phepafetse gore baranodi bangwe ba Dikwalo ba ne ba rulaganya mafoko e le gore ba ke ba thuse bareri go bona tuelo e e kwa godimo. Ke boammaaruri gore Baebele e bolela jaana: “Modiri o tshwanelwa ke dituelo tsa gagwe.” (1 Timotheo 5:18) Mme mo go 1 Timotheo 5:17 mo e bolelang gore banna ba bogolwane ba ba okamelang ka tsela e e molemomogolo ba tshwanetse gore ba “kaiwe ba tshwanelwa ke tlotlo e e menaganeng sebedi,” tlotlo e bangwe ba bone ba bonang e le yone fela e e ka umakiwang ke ya madi. (Bapisa 1 Petere 5:2.) Ka jalo, The New English Bible e bolela gore banna ba bagolwane bano “ba tshwanetse go kaiwa fa ba tshwanelwa ke tuelo e e menaganeng sebedi,” mme Contemporary English Version e bolela gore ba “tshwanelwa ke go duelwa go menagane sebedi.”
Go Tshegetsa Lefoko la Modimo ka Boikanyegi jo bo Nitameng
15. Re ka swetsa jang gore re dirise dithanolo dife tsa Baebele?
15 Seno sotlhe se kaya eng mo mothong mongwe le mongwe yo o balang Baebele le mo go ba ba dirisang Baebele go ruta ba bangwe? Mo dipuong tse dintsi tse di dirisiwang thata, go na le dithanolo tse di fetang e le nngwe tsa Baebele tse motho a ka tlhophang mo go tsone. Nna kelotlhoko fa o tlhopha Baebele e o tla e dirisang. (Diane 19:8) Fa thanolo nngwe e sa tlhalose Modimo ka boene ka botshepegi—e tlosa leina la gagwe mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng le fa e ka nna ka seipato sefe—a baranodi ba ka tswa ba fetotse le dikarolo tse dingwe tsa mokwalo wa Baebele? Fa e le gore o belaela boammaaruri jwa thanolo nngwe, leka go e bapisa le dithanolo tsa bogologolo. Fa e le gore o motho yo o rutang ba bangwe Lefoko la Modimo, tlhopha dithanolo tse di latelang thata mokwalo wa bogologolo wa Sehebera le Segerika.
16. Mongwe le mongwe wa rona a ka supa jang go ikanyega ka nitamo ka tsela e re dirisang Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka yone?
16 Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse gore a ikanyege ka nitamo mo Lefokong la Modimo. Re dira seo ka go tlhokomela thata gore le na le eng, gore fa go ka kgonega, re dirise nako nngwe letsatsi le letsatsi re bala Baebele. (Pesalema 1:1-3) Re dira seo ka go dirisa ka botlalo se e se re bolelelang mo matshelong a rona, re ithuta go dirisa melaometheo le dikai tsa yone go nna motheo o o re kaelang go dira ditshwetso tse di siameng. (Baroma 12:2; Bahebera 5:14) Re itshupa re le babueledi ba ba ikanyegang ka nitamo mo Lefokong la Modimo ka go le rerela ba bangwe ka tlhoafalo. Gape re go dira re le barutisi ka go dirisa Baebele ka kelotlhoko, le ka motlha re sa sokamise kana re sa oketse se e se bolelang gore se tshwanele megopolo ya rona. (2 Timotheo 2:15) Se Modimo a se boleletseng pele ruri se tla diragala. O ikanyega ka nitamo mo go diragatseng Lefoko la gagwe. E kete re ka nna re ikanyega ka nitamo mo go le tshegetseng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a United Bible Societies ka 1997 e ne ya kwala dipuo le maleme a le 2167 tse mo go tsone Baebele yotlhe kana bontlhanngwe jwa yone di gatisitsweng ka tsone. Palo eno e akaretsa maleme a le mantsi a dipuo dingwe.
b Kgang eno e lebisitse mo dipuong tse di ka kgonang go phepafatsa kgang le fa go ntse jalo baranodi ba tsone ba tlhophang go se dire jalo. Mafoko a a leng teng a kgoreletsa baranodi thata malebana le se ba ka se dirang mo dipuong dingwe. Ka jalo he, bakaedi ba ba tshepegang ba bodumedi, ba tla tlhalosa gore tota le fa moranodi a dirisitse mafoko a a farologaneng kana le fa a dirisitse lereo le le sa kayeng se dikwalo di se kayang, lefoko la puo ya ntlhantlha e leng neʹphesh, le dirisediwa batho mmogo le diphologolo le gore le emela sengwe se se hemang, se se jang le se se ka swang.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke maitlhomo afe a a tlhotlheleditseng tiro ya baranodi ba Baebele mo motlheng wa rona?
◻ Ke ka ntlha yang fa mekgwa ya motlha wa rona ya go ranola e ile ya se ka ya kgoreletsa maikaelelo a Modimo malebana le leina la gagwe?
◻ Dithanolo dingwe di sokamisa boammaaruri jwa Baebele malebana le moya, loso le lefatshe jang?
◻ Re ka supa ka ditsela dife gore re tshegetsa Lefoko la Modimo ka boikanyegi jo bo nitameng?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
O tshwanetse go dirisa thanolo efe ya Baebele?