Ela Tlhoko “Baepikuria”
“Ke motho yo o molemo thata! O tshela go ya ka melao e e kwa godimo ya boitsholo. Ga a goge, ga a dirise diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, kana go bua matlhapa. Tota e bile, o molemo go gaisa batho bangwe ba ba ipolelang gore ke Bakeresete!”
A O KILE wa utlwa bangwe ba baya mabaka a a tshwanang le ao e le go dira seipato sa go nna le botsala jo bo sa tshwanelang? A ke selo se se itshiametseng fela fa se sekasekwa go ya ka Dikwalo? Sekai sengwe se se tswang mo phuthegong ya bogologolo ya Bokeresete se re neela lesedi mo kgannyeng eno.
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa phuthego ya Korintha jaana: “Lo se ka lwa timediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e nang le mosola.” Gongwe Bakeresete bangwe ba ne ba itlwaelanya le batho ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke difilosofi tsa Segerika, go akaretsa le ya Baepikuria. Baepikuria e ne e le bomang? Ke ka ntlha yang fa ba ne ba ka tsenya bomoya jwa Bakeresete ba Korintha mo kotsing? A go na le batho ba ba tshwanang le bone gompieno, ba re tshwanetseng go ba tila?—1 Bakorintha 15:33.
Baepikuria E ne E le Bomang?
Baepikuria e ne e le balatedi ba mofilosofi wa Segerika e bong Epikuria, yo o neng a tshela go tloga ka 341 go ya go 270 B.C.E. O ne a ruta gore go ijesa monate ke selo sa konokono kana se se molemolemo mo botshelong. A seno se raya gore Baepikuria ba ne ba tshela botshelo jo bo tlhabisang ditlhong, ba sa dirise melaometheo, ba dira dilo tse di se nang boitsholo e le gore ba tswelele pele ba batla go ijesa monate? Se se gakgamatsang ke gore Epikuria o ne a sa rute balatedi ba gagwe go tshela ka tsela eo! Go na le moo, o ne a ruta gore go ijesa monate go molemo thata fa motho a tshela ka tsela e e matsetseleko, a le pelokgale, a le boikgapo e bile a le tshiamo. O ne a kgothaletsa go gagamalela, e seng go ijesa monate ka nakwana le go rata madi, fa e se monate o o tla nnelang ruri mo botshelong. Ka gone Baepikuria ba ka tswa ba ne ba lebega ba le molemo fa ba bapisiwa le batho ba ba dirang boleo jo bo masisi.—Bapisa Tito 1:12.
A bo Tshwana le Bokeresete?
Fa o ne o le leloko la phuthego ya bogologolo ya Korintha, a o ne o tla kgatlhiwa ke Baepikuria? Bangwe ba ka tswa ba ne ba akanya gore melao ya boitsholo e e lebegang e le ya maemo a a kwa godimo ya Baepikuria ke yone e dirileng gore ba nne ditsala tse di siameng tsa Bakeresete. Ka go tswelela pele ba ntsha seipato, Bakorintha ba ka tswa ba ne ba lemoga go tshwana go go rileng ga melao ya Baepikuria le e e leng mo Lefokong la Modimo.
Ka sekai, Baepikuria ba ne ba lekanyetsa dilo fa ba ijesa monate. Ba ne ba tsaya menate ya mogopolo e le botlhokwa go feta ya nama. Se motho a neng a se ja se ne se se botlhokwa go feta botsalano jwa gagwe le motho yo a neng a se ja le ene. Tota Baepikuria ba ne ba sa batle go inaakanya le bopolotiki le go dira boleo jwa sephiri. A bo go ne go le motlhofo jang ne go akanya jaana: “Ba tshwana fela le rona!”
Le fa go ntse jalo, a tota Baepikuria ba ne ba tshwana le Bakeresete ba bogologolo? Tota nnyaa. Ba ba neng ba na le maatla a go lemoga a a thapisitsweng sentle ba ne ba ka kgona go lemoga go farologana go gogolo. (Bahebera 5:14) A le wena? A re sekasekeng dithuto tsa Baepikuria.
Sengwe Se se Sa Siamang ka Boepikuria
Go thusa batho gore ba se ka ba boifa medimo le loso, Epikuria o ne a ruta gore medimo ga e kgatlhegele batho e bile ga e itshunye nko mo dikgannyeng tsa batho. Go ya ka Epikuria, medimo ga e a tlhola lobopo, le gore botshelo bo nnile gone ka kotsi fela. A tota seno se ne se sa thulane le thuto ya Baebele ya gore go na le “Modimo o le mongwe,” e leng Mmopi, le gore o amega ka dibopiwa tsa gagwe tsa batho?—1 Bakorintha 8:6; Baefeso 4:6; 1 Petere 5:6, 7.
Gape Epikuria o ne a ruta gore go ka se nne le botshelo morago ga loso. Seno, tota, se ne se sa dumalane le thuto ya Baebele ya tsogo ya baswi. Tota e bile, fa moaposetoloi Paulo a ne a bua kwa Areopago, gongwe Baepikuria ba ne ba le gareng ga batho ba ba neng ba sa dumalane le Paulo ka thuto ya tsogo ya baswi.—Ditiro 17:18, 31, 32; 1 Bakorintha 15:12-14.
E ka tswa e le gore selo se se neng se le kotsi thata mo filosofing ya ga Epikuria gape se ne se le bofitlha thata. Go gana ga gagwe gore go na le botshelo morago ga loso go ne ga dira gore a swetse ka gore motho o tshwanetse go tshela a itumetse ka mo go ka kgonegang ka teng mo nakong ya gagwe e khutshwane mo lefatsheng. Jaaka re setse re bone, kgopolo ya gagwe e ne e se gore e rotloetsa go tshelela go dira boleo mme, go na le moo, e ne e rotloetsa go ijesa monate gone jaanong, e re ka go se na botshelo morago ga moo.
Ka gone, Epikuria o ne a sa kgothaletse go dira boleo mo sephiring e le go tila go tshwarwa, e leng selo se se neng se ka amoga motho boitumelo jwa gone jaanong. O ne a kgothaletsa go lekalekanya dilo gore go tilwe diphelelo tsa go feteletsa dilo, e leng selo se sengwe se se ka kgoreletsang boitumelo jwa gone jaanong. Gape o ne a kgothaletsa botsalano jo bo molemo le ba bangwe ka gonne botlhe ba ne ba tla solegela molemo. Gone mme, go tila go dira boleo mo sephiring, go dira dilo ka tekatekanyo le go tlhagolela botsala ke ditiro tse di molemo. Ka jalo ke ka ntlha yang fa filosofi ya ga Epikuria e ne e le kotsi mo Mokereseteng? Ka gonne kgakololo ya gagwe e ne e ikaegile ka pono eno ya gagwe e e se nang tumelo: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.”—1 Bakorintha 15:32.
Gone ke boammaaruri gore Baebele e bontsha batho tsela ya go tshela ba itumetse gone jaanong. Le fa go ntse jalo, e gakolola jaana: “Ipolokeng mo loratong lwa Modimo, fa lo ntse lo letetse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete ka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng.” (Jude 21) Ee, Baebele e bua thata ka isagwe e e tla nnelang ruri, e seng ka botshelo jwa gompieno jo bo fetang ka bonako. Mokeresete o kgatlhegela thata go direla Modimo, mme o bona gore fa a baya Modimo kwa pele, o nna a itumetse e bile a kgotsofetse. Ka tsela e e tshwanang, Jesu, go na le gore a tshwarege ka dilo tse a neng a di kgatlhegela, o ne a dirisa maatla a gagwe a direla Jehofa le go thusa batho ka tsela e e seng ya bopelotshetlha. O ne a ruta barutwa ba gagwe go direla ba bangwe se se molemo, e seng ka tsholofelo ya gore le bone ba ba direle jalo, mme ka go bo ba ba rata ka tsela ya mmatota. Go phepafetse gore maikaelelo a konokono a Boepikuria le a Bokeresete a farologane gotlhelele.—Mareko 12:28-31; Luke 6:32-36; Bagalatia 5:14; Bafilipi 2:2-4.
Kotsi e e Bofitlha
Selo se se gakgamatsang ke gore le fa ba Baepikuria ba ne ba tseela go itumela kwa godimo, boitumelo jwa bone e ne e le jo bo lekanyeditsweng fa maemo a ne a letla. Ka gonne a ne a se na “boitumelo jwa ga Jehofa,” Epikuria o ne a re botshelo ke “mpho e e botlhoko.” (Nehemia 8:10) A bo Bakeresete ba bogologolo bone ba ne ba itumetse jang ne! Jesu o ne a sa akantshe gore botshelo e nne jo bo sa itumediseng jwa go ithontsha dilo. Tota e bile, go latela tsela ya gagwe go dira gore motho a itumele fela thata.—Mathaio 5:3-12.
Fa e le gore maloko mangwe a phuthego ya Korintha a ne a akanya gore a ka itlwaelanya le ba ba tlhotlhelediwang ke kgopolo ya ga Epikuria a bo a sa tsenye tumelo ya one mo kotsing, a ne a le phoso. Ka nako ya fa Paulo a ne a kwalela Bakorintha lekwalo la gagwe la ntlha, bangwe ba bone ba ne ba setse ba se na tumelo mo tsogong ya baswi.—1 Bakorintha 15:12-19.
Boepikuria Gompieno?
Le mororo Boepikuria bo ile jwa nyelela mo lekgolong la bonè la dingwaga C.E., go na le ba bangwe gompieno ba ba tsereng kgopolo e e ntseng jalo ya gore re tshelela gompieno fela. Batho bano ga ba dumele thata kana ga ba dumele gotlhelele mo tsholofetsong ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng. Le fa go ntse jalo, bangwe ba bone ba na le melao e e kwa godimo ya boitshwaro.
Mokeresete a ka raelesega go tsalana thata le batho ba ba ntseng jalo, gongwe a dirisa dinonofo tsa bone tse di siameng e le seipato sa go tsalana le bone. Le fa go ntse jalo, le mororo re sa ipone re le botoka mo go ba bangwe, re tshwanetse go gakologelwa gore ‘go itlwaetsa batho ba ba bosula’ botlhe—go akaretsa le ba tlhotlheletso ya bone e leng ya bofitlha—“go senya mekgwa e e nang le mosola.”
Filosofi ya gore re tshelela gompieno fela gape e tle e buelelwe mo diseminareng dingwe tsa kgwebo, mo dibukeng tsa dikgakololo, mo dipading, mo mananeong a thelebishene le mo mminong. Le fa gone e sa rotloetse boleo ka tlhamalalo, a kgopolo eno ya go tlhoka tumelo e ka se re tlhotlheletse ka ditsela tse di bofitlha? Ka sekai, a re ka tshwarega thata ka go ikgotsofatsa mo re ka latlhegelwang ke go tsaya tsia kgang ka bolaodi jwa ga Jehofa? A re ka tloga ra fapoga re ‘dira go le gonnye fela,’ go na le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena”? Kana a re ka tloga ra tsiediwa gore re belaele gore melao ya ga Jehofa e siame e bile e le mosola? Re tshwanetse go nna re itisitse kgatlhanong le boitsholo jo bo sa siamang, thubakanyo, le tirisabadimo le kgatlhanong le batho ba ba tlhotlhelediwang ke dikgopolo tsa lefatshe!—1 Bakorintha 15:58; Bakolosa 2:8.
Ka gone, a re tlhagoleleng botsalano, segolo jang le batho ba ba latelang kaelo ya ga Jehofa ka pelo yotlhe. (Isaia 48:17) Ka ntlha ya seo, mekgwa ya rona e mentle e tla nonotshiwa. Tumelo ya rona e tla thatafadiwa. Re tla tshela re itumetse e seng fela gone jaanong mme le mo isagweng, re tshela ka bosakhutleng.—Pesalema 26:4, 5; Diane 13:20.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Epikuria o ne a ruta gore medimo ga e kgatlhegele batho
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of The British Museum