LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 12/15 ts. 11-16
  • Go Falola “Letsatsi la ga Jehofa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Falola “Letsatsi la ga Jehofa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Tsaya Kgato mo Motlheng wa ga Noa
  • Kotlhao ya Katlholo ya ga Jehofa ya Sodoma le Gomora
  • Iseraele e Roba “Setsuatsue”
  • Jehofa o Dira Gore Juda wa Motenegi a Ikarabelele
  • “Pitlagano e Kgolo” ya Lekgolo la Ntlha la Dingwaga
  • Go Bolokiwa o Tshela go Ralala Sepitla se Segolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Dira Boipolelo Jwa Phatlalatsa Gore o Bolokwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Go Botlhokwa Thata Gore Re nne Re Disitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • A o Ipaakanyeditse Letsatsi la ga Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 12/15 ts. 11-16

Go Falola “Letsatsi la ga Jehofa”

“Letsatsi la ga Jehofa le legolo e bile le boitshega thata, mme ke mang yo o ka le itshokelang?”—JOELE 2:11, NW.

1. Ke ka ntlha yang fa ‘letsatsi le le boitshegang la ga Jehofa’ e tshwanetse go nna tiragalo e e itumedisang?

‘LE A boitshega’! Ke tsela e moporofeti wa Modimo Joele a tlhalosang “letsatsi la ga Jehofa” le legolo ka yone. Le fa go ntse jalo, rona ba re ratang Jehofa e bile re tlile kwa go ene ka boineelo mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu ga re a tshwanela go kotlomanngwa pelo ke poifo fa letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela. E tla bo e le letsatsi le le boitshegang tota, mme le fa go ntse jalo e le letsatsi le legolo la poloko, letsatsi la go gololwa mo tsamaisong e e boikepo ya dilo e e tlhasetseng batho ka lobaka lwa diketekete tsa dingwaga. Ka go lebelela pele letsatsi leo, Joele o bolelela batho ba Modimo gore ba “ipele [ba] itumele; gonne Jehofa o dirile dilo tse dikgolo,” mme o oketsa a tlhomamisa seno jaana: “Go tlaa dira[ga]la go re, le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la ga Jehofa o tlaa gololwa.” Morago ga moo mo thulaganyong ya Bogosi jwa Modimo, “go tlaa nna ba ba falolang, jaaka Jehofa a buile, le mo masaleleng go tlaa nna bone ba Jehofa o ba bitsang.”—Joele 2:11, 21, 22, 32.

2. Malebana le go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo, ke eng se se diragalang (a) mo ‘letsatsing la Morena’ (b) mo ‘letsatsing la ga Jehofa’?

2 Letsatsi le le boitshegang la ga Jehofa ga le a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le “letsatsi la Morena” la Tshenolo 1:10. Letsatsi la Morena le akaretsa go diragadiwa ga diponatshegelo tse 16 tse di tlhalositsweng mo go Tshenolo dikgaolo 1 go ya go 22. Le akaretsa nako ya go diragadiwa ga ditiragalo tsotlhe tse Jesu a neng a bolelela pele ka tsone fa a ne a araba potso eno ya barutwa ba gagwe: “Dilo tseno di tla nna leng, mme sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” Go nna gone ga ga Jesu kwa legodimong go supilwe mo lefatsheng ke ‘dintwa, mauba, letlhoo, malwetse, le go tlhoka molao’ tse di boifisang tota. E re ka mahutsana ano a ntsifetse, Jesu o ile a gomotsa batho ba ba boifang Modimo ka go romela barutwa ba gagwe ba motlha wa segompieno go ya go rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi . . . mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe.” Morago ga moo, kwa setlhoeng sa letsatsi la Morena, “bokhutlo” jwa tsamaiso ya gompieno ya dilo, letsatsi le le boitshegang la ga Jehofa, le tla simolola. (Mathaio 24:3-14; Luke 21:11) E tla bo e le letsatsi la ga Jehofa la go diragatsa katlholo ka bonako mo lefatsheng le le bosula la ga Satane. “Magodimo a tlaa tlakasela le lefatshe. Mme Jehofa o tlaa nna botshabelo jwa batho ba gagwe.”—Joele 3:16.

Jehofa o Tsaya Kgato mo Motlheng wa ga Noa

3. Maemo a gompieno a tshwana jang le a motlha wa ga Noa?

3 Maemo a lefatshe gompieno a tshwana le a mo “malatsing a ga Noa” dingwaga tse di fetang 4000 tse di fetileng. (Luke 17:26, 27) Mo go Genesise 6:5, re bala jaana: “Jehofa a bona fa boikepo jwa motho bo le bogolo mo lefatsheng, le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe gotlhe, go le bosula ka metlha yotlhe.” A bo go tshwana le lefatshe la gompieno jang ne! Boikepo, bopelotshetlha le go tlhoka lorato di aname gongwe le gongwe. Ka dinako tse dingwe re ka nna ra akanya gore bosula jwa batho ga bo ka ke jwa tlhola bo nna maswe go feta fa. Mme boporofeti jono jwa ga moaposetoloi Paulo jo bo malebana le ‘malatsi a bofelo’ bo nna bo ntse bo diragadiwa: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba timetsa e bile ba timediwa.”—2 Timotheo 3:1, 13.

4. Ke eng se kobamelo ya maaka e neng ya se dira mo metlheng ya bogologolo?

4 A bodumedi bo ka bo bo ile jwa thusa batho mo motlheng wa ga Noa? Se se farologaneng le seo, bodumedi jwa botenegi jo bo tshwanang le jo bo neng bo le teng ka nako eo bo ka bo bo ne jwa dira gore maemo a nne maswe le go feta. Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba ineela mo thutong ya maaka ya “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane.” Mo losikeng lwa bobedi go tloga mo go Adame, “batho ba [ne ba] simolola go bitsa leina la ga Jehofa,” go bonala ba ne ba le bitsa ka go le tlhapatsa. (Tshenolo 12:9; Genesise 3:3-6; 4:26) Moragonyana, baengele ba batsuolodi, ba ba neng ba tlogela go obamela Modimo a le nosi, ba ne ba ikapesa mebele ya batho e le gore ba tlhakanele dikobo ka tsela e e sa tshwanelang le bomorwadiabatho ba bantle. Basadi bano ba ne ba nna le bana ba mekaloba, ba ba neng ba bidiwa Banefilimo, ba ba neng ba gatelela le go kgerisa batho. Mo tlhotlheletsong eno ya badimona, ‘batho botlhe ba ne ba senya mekgwa ya bone mo lefatsheng.’—Genesise 6:1-12.

5. Malebana le ditiragalo tsa motlha wa ga Noa, ke tlhagiso efe e e kgothatsang e Jesu a re neelang yone?

5 Le fa go le jalo, lelapa lengwe le ne la nna le thokgame mo go Jehofa. Ka gone, Modimo “wa boloka Noa, moreri wa tshiamo, a babalesegile le ba bangwe ba supa fa o ne o tlisa morwalela mo lefatsheng la batho ba e seng ba bomodimo.” (2 Petere 2:5) Morwalela oo o ne o tshwantshetsa letsatsi le le boitshegang la ga Jehofa, le le tshwayang bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo le le Jesu a neng a porofeta jaana ka lone: “Malebang le letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, lefa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela. Gonne fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo. Gonne fela jaaka ba ne ba ntse mo malatsing ao pele ga morwalela, baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa o tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o ba o ba gogola botlhe, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.” (Mathaio 24:36-39) Re mo boemong jo bo tshwanang gompieno, ka jalo Jesu o re rotloetsa gore re ‘itlhokomele, le go nna re tsogile, re dira mokokotlelo ka nako yotlhe gore re tle re atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala.’—Luke 21:34-36.

Kotlhao ya Katlholo ya ga Jehofa ya Sodoma le Gomora

6, 7. (a) Ke eng se se bonelwang pele ke ditiragalo tsa motlha wa ga Lote? (b) Seno se re neela tlhagiso efe e e phepafetseng?

6 Makgolokgolo a dingwaga morago ga Morwalela, fa ditlogolwana tsa ga Noa di sena go ntsifala mo lefatsheng, Aborahame yo o ikanyegang le setlogolo sa gagwe Lote ba ne ba bona ka matlho letsatsi le lengwe le le boitshegang la ga Jehofa. Lote le lelapa la gagwe ba ne ba nna mo motseng wa Sodoma. Mmogo le motse wa Gomora o o bapileng le one, motse ono o ne o tletse boitsholo jo bo leswe jwa tlhakanelodikobo. Gape go rata dikhumo e ne e le sone selo se segolo thata, mme kgabagare go ne ga ama le mosadi wa ga Lote tota. Jehofa o ne a boleletse Aborahame jaana: “E re ka selelo ka ga Sotoma le Gomora se le segolo, le ka boleo jwa bone bo utlwisa botlhoko thata.” (Genesise 18:20) Aborahame o ne a kopa Jehofa gore a se ka a senya metse eo ka ntlha ya batho ba ba siameng ba ba mo go yone, mme Jehofa o ne a bolela gore ga a bone le fa e le batho ba ba siameng ba ka nna lesome mo go yone. Baengele ba Modimo ba ne ba thusa Lote le bomorwadie ba babedi gore ba tshabele kwa motseng o o gaufi wa Soare.

7 Ke eng se se neng sa diragala? Fa e bapisa ‘malatsi [a rona] a bofelo’ le a ga Lote, Luke 17:28-30 e bega jaana: “Ka tsela e e tshwanang, fela jaaka go ne ga diragala mo malatsing a ga Lote: ba ne ba ja, ba ne ba nwa, ba ne ba reka, ba ne ba rekisa, ba ne ba jala, ba ne ba aga. Mme ka letsatsi le Lote o neng a tswa mo Sodoma ka lone go ne ga na molelo le sebabole go tswa legodimong mme tsa ba senya botlhe. Go tla nna ka yone tsela eo mo letsatsing leo fa Morwa motho ruri a tla bo a senolwa.” Go senngwa mo go setlhogo ga Sodoma le Gomora mo letsatsing leo le le boitshegang la ga Jehofa go re tlhagisa sentle mo nakong eno ya go nna gone ga ga Jesu. Losika lwa gompieno lwa batho le lone lo ne lwa ‘dira kgokafalo mo go feteletseng lwa ba lwa sala nama morago gore lo e dirise ka tsela e e seng ya tlholego.’ (Jude 7) Mo godimo ga moo, tsela e batho ba ikutlwang ka yone ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo mo motlheng wa rona ke yone e e dirang gore go nne le “malwetsi a leroborobo” a mantsi a a boleletsweng pele ke Jesu a motlha ono.—Luke 21:11.

Iseraele e Roba “Setsuatsue”

8. Iseraele e ne ya boloka kgolagano le Jehofa go ya bokgakaleng bofe?

8 Ka nako e e tshwanetseng, Jehofa o ne a tlhopha Iseraele gore e nne “boswabotshwerwe jwa [gagwe] go feta ditšhaba tsotlhe; . . . bogosi jwa baperesiti . . . le morafe o o boitshepo.” Mme seno se ne se ikaegile ka gore ba ‘reetse lentswe la gagwe le go tshegetsa kgolagano ya gagwe.’ (Ekesodo 19:5, 6) A ba ne ba tlotla tshiamelo eno e kgolo? Tota nnyaa! Ke boammaaruri gore batho ba bangwe ba ba ikanyegang ba setšhaba seo ba ne ba mo direla ka boikanyegi jo bo nitameng—e leng Moshe, Samuele, Dafide, Jehoshafate, Hesekia, Josia, mmogo le baporofeti ba ba ineetseng le baporofeti ba basadi. Le fa go ntse jalo, setšhaba ka bontsi se ne se sa ikanyege. Fa nako e ntse e ya, bogosi jono bo ne jwa kgaogana sebedi—Iseraele le Juda. Ka kakaretso, ditšhaba tseno ka bobedi di ne tsa ngaparela kobamelo ya boheitane le mekgwa e mengwe ya dinaga tse di neng di bapile le tsone e e tlontlololang Modimo.—Esekiele 23:49.

9. Jehofa o ne a atlhola jang bogosi jwa merafe e e lesome e e neng ya tsuologa?

9 Jehofa o ne a atlhola dilo jang? Jaaka ka metlha, o ne a ntsha tlhagiso, go dumalana le molaomotheo o o boletsweng ke Amose: “Morena Modimo o tlaa bo a sa dire sepe, fa e se ka go senolela batlhanka ba gagwe baperofeti leoma la gagwe.” Amose ka boene o ne a bolela masetlapelo a bogosi jwa bokone jwa Iseraele jaana: “Ana lo ratelang lwa bo lo ka bona letsatsi la ga Jehofa? Ke lefifi, e seng lesedi.” (Amose 3:7; 5:18) Mo godimo ga moo, moporofeti jaaka Amose e bong Hosea o ne a bolela jaana: “Ba jala phefo, mme ba tlaa roba setsuatsue.” (Hosea 8:7) Ka 740 B.C.E., Jehofa o ne a dirisa masole a Asiria gore a senye bogosi jwa bokone jwa Iseraele ka bosakhutleng.

Jehofa o Dira Gore Juda wa Motenegi a Ikarabelele

10, 11. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a sa batle go itshwarela Juda? (b) Ke dilo dife tse di makgapha tse di neng tsa senya setšhaba seo?

10 Gape Jehofa o ne a romela baporofeti ba gagwe kwa bogosing jwa borwa jwa Juda. Le fa go ntse jalo, dikgosi tseo tsa Juda tse di jaaka Manase le motlhatlhami wa gagwe, Amone, ba ne ba tswelela pele ba dira se se bosula mo matlhong a Gagwe, ba tsholola ‘madi a a se nang molato a le magolo thata mme ba direla medimo ya disetwa le go e obamela.’ Le mororo morwa Amone e bong Josia a ne a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa, dikgosi tse di neng tsa mo tlhatlhama, mmogo le batho, ba ne ba tsenelela thata mo boikepong, mo ‘Jehofa a neng a gana go ba itshwarela.’—2 Dikgosi 21:16-21; 24:3, 4.

11 Jehofa o ne a bolela jaana ka moporofeti wa gagwe Jeremia: “Selo se se gakgamatsang le se se tsitlisang marapo se dira[g]etse mo lefatsheng; baperofeti ba perofesa ka maaka, baperesiti ba laola ka thata ya bone; batho ba me ba rata gore go nne jalo; mme lo tlaa dirang mo bokhutlong jwa gone?” Setšhaba sa Juda se ne se na le molato wa madi o mogolo, mme batho ba sone ba ne ba nna bosula ka lebaka la go utswa, go bolaya, go dira boaka, go ikana ka maaka, go obamela medimo e mengwe le dilo tse dingwe tse di makgapha. Tempele ya Modimo e ne e fetogile “mongobo wa magodu.”—Jeremia 2:34; 5:30, 31; 7:8-12.

12. Jehofa o ne a otlhaya Jerusalema wa motenegi jang?

12 Jehofa o ne a bolela jaana: “Ke tlaa lere bosula bo tswa ntlheng ya botsheka [Kaletea], le tshenyo e kgolo.” (Jeremia 4:6) Ka gone, o ne a lere Puso ya Lefatshe ya Babilone, ka nako eo “noto ya lefatshe lotlhe,” gore e thube motenegi e leng Jerusalema le tempele ya yone. (Jeremia 50:23) Ka 607 B.C.E., morago ga gore motse ono o dikanyetswe ka tsela e e setlhogo, o ne wa digwa ke masole a a nonofileng a ga Nebukadenasare. “Foo kgosi ya Babilone ya bolaya bomorwa [Kgosi] Setekia mo Ribela fa pele ga matlho a gagwe; gape kgosi ya Babilone ya bolaya bagolwane botlhe ba Juta. Gape a gonya Setekia matlho, a mo golega ka mehiri go tla a mo isa kwa Babilone. Bakalatea ba fisa ntlo ya kgosi ka molelo, le matlo a batho, ba ba ba thuba dithako tsa Jerusalema. Foo Nebusaratane, molaodi wa balebedi, a isa kgolegong kwa Babilone masalela a batho ba ba setseng mo motseng, le bangwegi ba ba ngwegetseng kwa go ene, le masalela a batho ba ba setseng.”—Jeremia 39:6-9.

13. Ke bomang ba ba neng ba bolokiwa mo letsatsing la ga Jehofa ka 607 B.C.E., mme ka ntlha yang?

13 Eleruri e ne e le letsatsi le le boitshegang! Le fa go ntse jalo, batho ba sekae ba ba neng ba utlwa Jehofa ba ne ba nna bangwe ba ba ba neng ba gololwa mo katlholong eo e e fisang. Ba ne ba akaretsa Barekabe ba e neng e se Baiseraele, ba ba neng ba bontsha moya wa boikokobetso le wa kutlo go farologana le Bajuda. Gape ba ba neng ba bolokiwa e ne e le Ebetemeleke yo o ikanyegang wa moopafadiwa, yo o neng a boloka Jeremia mo losong mo moleteng o o diretse, le mokwadi yo o ikanyegang ka nitamo wa ga Jeremia e bong Baruke. (Jeremia 35:18, 19; 38:7-13; 39:15-18; 45:1-5) Jehofa o ne a bolelela ba ba ntseng jalo jaana: “Ke a e itse megopolo e ke e gopolang ka ga lona, . . . megopolo ya kagiso, e seng ya bosula, go lo naya tsholofelo mo motlheng wa lona wa bofelo.” Tsholofetso eo e ne ya diragadiwa go le gonnye ka 539 B.C.E. fa Bajuda ba ba neng ba boifa Modimo ba gololwa ke yo o fentseng Babelona e bong Kgosi Kurose, ba bo ba boa go ya go aga motse wa Jerusalema le tempele sesha. Ba gompieno ba tswang mo bodumeding jwa Babelona mme ba tsena mo kobamelong e e itshekileng ya ga Jehofa le bone ba ka lebelela kwa pele go bona isagwe e ntle ya kagiso e e sa khutleng mo Paradaiseng e e tsosolositsweng ya ga Jehofa.—Jeremia 29:11; Pesalema 37:34; Tshenolo 18:2, 4.

“Pitlagano e Kgolo” ya Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

14. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a latlha Baiseraele go ya go ile?

14 A re lebeng kwa lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Ka nako eo Bajuda ba ba neng ba tsosolositswe ba ne ba boetse gape mo boteneging. Jehofa o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore e nne Motlodiwa wa gagwe, kana Mesia. Ka dingwaga tsa 29 go ya go 33 C.E., Jesu o ne a rera mo nageng yotlhe ya Iseraele, a re: “Ikotlhayeng, gonne bogosi jwa magodimo bo atametse.” (Mathaio 4:17) Mo godimo ga moo, o ne a phutha le go thapisa barutwa gore ba kopanele le ene mo go boleleng dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Babusi ba Bajuda ba ne ba itshwara jang? Ba ne ba nyatsa Jesu mme kwa morago ba dira tlolomolao e e makgapha ya go mmolaya ka tsela e e setlhogo mo koteng ya tlhokofatso. Jehofa o ne a latlha Bajuda gore ba se ka ba tlhola ba nna batho ba gagwe. Jaanong o ne a latlhile setšhaba seo go ya go ile.

15. Bajuda ba ba ikotlhaileng ba ne ba na le tshiamelo ya go dira eng?

15 Mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., Jesu yo o tsositsweng o ne a tshololela moya o o boitshepo, mme o ne wa nonotsha barutwa ba gagwe gore ba bue ka diteme le Bajuda le basokologi ba ba neng ba phuthegetse moo ka bonako. Moaposetoloi Petere o ne a bolela jaana a bua le boidiidi jwa batho: “Jesu yono Modimo o ne wa mo tsosa mo losong, tiragalo e rotlhe re leng basupi ba yone. . . . Jalo a ntlo yotlhe ya Iseraele ruri e itse gore Modimo o ne wa mo dira Morena le Keresete, Jesu yono yo lo neng lwa mmapola.” Bajuda ba ba neng ba ikanyega ba ne ba itshwara jang? “Ba [ne ba] tlhabega mo pelong,” ba ikotlhaela maleo a bone, mme ba kolobediwa. (Ditiro 2:32-41) Go rera ka Bogosi go ne ga oketsega, mme mo dingwageng tse 30 go ne go fetetse mo “tlhōlong yotlhe e e leng tlase ga legodimo.”—Bakolosa 1:23.

16. Jehofa o ne a tlhotlheletsa ditiragalo jang tse di neng tsa dira gore a diragatse katlholo mo Iseraeleng wa tlholego?

16 Nako jaanong e ne e setse e fitlhile ya gore Jehofa a diragatse katlholo mo bathong ba gagwe ba a ba latlhileng, Iseraele wa tlholego. Dikete di le dintsi tsa batho, tse di tswang mo ditšhabeng tsa lefatshe tse di neng di itsiwe ka nako eo, di ne di ologetse mo phuthegong ya Bokeresete e bile tsa tlodiwa gore di nne “Iseraele wa Modimo” wa semoya. (Bagalatia 6:16) Le fa go le jalo, Bajuda ba nako eo ba ne ba setse ba tseneletse mo tseleng e e letlhoo le mo bothubaking jwa digopa. Go farologana le se Paulo a neng a se kwala ka ‘go nna mo taolong ya balaodi ba bagolo’ ba ne ba tsuologela puso ya Roma phatlalatsa e e neng e ba busa. (Baroma 13:1) Go bonala Jehofa a ne a tlhotlheletsa ditiragalo tse di neng tsa latela. Mo ngwageng wa 66 C.E., mephato ya masole a Roma e eteletswe pele ke Mojenerale Gallus e ne ya tla go dikanyetsa Jerusalema. Baroma ba ba neng ba tlhasela ba ne ba tsena mo motseng ba bo ba reketlisa lebota la tempele. Jaaka hisitori ya ga Josephus e bega, ruri go ne go na le pitlagano mo motseng le mo bathong.a Mme ka tshoganetso fela masole a a neng a tlhasela a ne a tshaba. Seno se ne sa dira gore barutwa ba ga Jesu ba ‘tshabele kwa dithabeng,’ jaaka go tlhagisitswe mo boporofeting jwa gagwe jo bo kwadilweng mo go Mathaio 24:15, 16.

17, 18. (a) Jehofa o ne a diragatsa tshiamiso mo Bajudeng ka pitlagano efe? (b) Ke nama efe e e ‘neng ya falola,’ mme seo se ne se bonela pele eng?

17 Le fa go ntse jalo, go diragadiwa ka botlalo ga katlholo ya ga Jehofa mo go kwa setlhoeng sa pitlagano eno go ne go sa ntse go tla. Ka 70 C.E., mephato ya Roma, jaanong e eteletswe pele ke Mojenerale Titus, e ne ya boa go tla go tlhasela. Mo nakong eno ntwa e ne e le ya makgaolakgang! Bajuda, ba ba neng ba lwa ka bobone, ba ne ba sa kgone go emelana le Baroma. Motse le tempele ya one di ne tsa gosomanngwa fa fatshe. Bajuda ba ba fetang milione ba ne ba boga le go swa, ditopo di ka nna 600 000 di ne tsa latlhelwa kwa ntle ga dikgoro tsa motse. Fa motse o sena go wa, Bajuda ba le 97 000 ba ne ba isiwa botshwarwa, ba le bantsi ba bone ba ne ba swa moragonyana kwa mabaleng a metshameko ya tshololo ya madi. Ke boammaaruri gore nama fela e e neng ya falola mo dingwageng tsa pitlagano eo e ne e le ya Bakeresete ba ba kutlo ba ba neng ba tshabela kwa dithabeng tse di ka kwa moseja wa Joredane.—Mathaio 24:21, 22; Luke 21:20-22.

18 Ka gone, boporofeti jo bogolo jwa ga Jesu jo bo malebana le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” bo ne jwa diragadiwa la ntlha, mme jwa fitlhelela setlhoa sa jone ka letsatsi la ga Jehofa la go diragatsa tshiamiso mo setšhabeng se se neng se tsuologa sa Bajuda ka 66-70 C.E. (Mathaio 24:3-22) Le fa go ntse jalo, seo e ne e le se se tshwantshetsang fela “motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa,” pitlagano ya bofelo e e tla tlogang e wela lefatshe lotlhe. (Joele 2:31) O “tlaa gololwa” jang? Setlhogo se se latelang se tla bolela.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Josephus o bolela gore Baroma ba ba neng ba tlhasela ba ne ba dikologa motse, ba reketlisa karolo nngwe ya lebota, mme ba ne ba tla tloga ba tshuba kgoro ya tempele ya ga Jehofa ka molelo. Seno se ne sa boifisa thata Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba le mo teng, ka gonne ba ne ba bona gore ba tloga ba swa.—Wars of the Jews, Buka II, kgaolo 19.

Dipotso Tsa Poeletso

◻ “Letsatsi la Morena” le amana jang le “letsatsi la ga Jehofa”?

◻ Ka go sekaseka motlha wa ga Noa, ke tlhagiso efe e re tshwanetseng go e tsaya tsia?

◻ Metse ya Sodoma le Gomora e re ruta thuto efe e e nonofileng?

◻ Ke bomang ba ba neng ba bolokiwa mo ‘pitlaganong e kgolo’ ya lekgolo la ntlha la dingwaga?

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Jehofa o ne a falotsa malapa a ga Noa le Lote, mmogo le ka 607 B.C.E. le 70 C.E.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela