Go “Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono”
“Re tsamaya ka tumelo, e seng ka pono.”—2 BAKORINTHA 5:7.
1. Ke eng se se bolelwang ke go “tsamaya ka tumelo”?
NAKO le nako fa re rapela go dumalana le dikaelo tse di tlhomilweng mo Lefokong la Modimo, re a bo re supa gore re na le selekanyo se se rileng sa tumelo. Fa re simolola go neela ba bangwe bosupi ka Bogosi jwa Modimo, seno le sone se bontsha tumelo. Mme fa re neela matshelo a rona mo go Jehofa, re neela bosupi jwa gore re eletsa go “tsamaya ka tumelo,” ke gore, go latelela tsela ya botshelo e e laolwang ke tumelo.—2 Bakorintha 5:7; Bakolosa 1:9, 10.
2. Ke ka ntlha yang fa go nna le seabe mo ditirong tsa phuthego e se bosupi jwa go bontsha gore motho o na le tumelo?
2 Fa e le gore tota re tlile go tshela ka tsela eo, re tlhoka tumelo e e mo motheong o o nitameng. (Bahebera 11:1, 6) Batho ba le bantsi ba kgatlhwa ke Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo le lorato lo ba lo bonang mo Basuping. Seo se molemo, mme ga go bolele gore batho bao ba na le tumelo. Ba bangwe ba ka nna ba bo ba na le molekane wa lenyalo kana motsadi yo o nonofileng mo tumelong, mme ba ka nna ba bo ba na le seabe mo ditirong dingwe tse motho yono yo ba mo ratang a di dirang. Ke masego tota go nna le tlhotlheletso e e ntseng jalo mo legaeng la motho, mme le fa go ntse jalo seno ga se tseele go rata ga gago Modimo le go mo dumela sebaka.—Luke 10:27, 28.
3. (a) Gore re nne le tumelo e e mo motheong o o nitameng, ke eng se re tshwanetseng go se dumela malebana le Baebele? (b) Ke ka ntlha yang fa go le motlhofo gore batho ba bangwe ba tlhatswege pelo motlhofo ka tlhotlheletso ya Baebele go gaisa ba bangwe?
3 Batho ba ruri ba tsamayang ka tumelo ba tlhatswegile pelo gore tota Baebele ke Lefoko la Modimo. Go na le bosupi jo bontsi jwa gore Dikwalo Tse di Boitshepo eleruri di “tlhotlheleditswe ke Modimo.”a (2 Timotheo 3:16) Go tshwanetse ga tlhatlhobiwa bosupi jo bo kana kang pele motho a ka tlhatswega pelo? Seo se ka ikaega ka tsela e motho yono a godileng ka yone. Se se kgotsofatsang motho yo mongwe ka botlalo se ka nna sa se ka sa kgotsofatsa yo mongwe. Mo mabakeng a mangwe, le mororo motho a bontshitswe bosupi jo bontsintsi jo bo sa belaetseng, o sa ntse a ka nna a gana tshwetso e e utlwalang. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya dikeletso tse di fitlhegileng kwa tengteng mo pelong ya gagwe. (Jeremia 17:9) Ka gone, le mororo motho a ka nna a ipolela gore o kgatlhegela boikaelelo jwa Modimo, pelo ya gagwe e ka nna ya eletsa go amogelwa ke lefatshe. O ka nna a se ka a batla go tlogela mokgwa wa botshelo o o sa dumalaneng le melao ya Baebele. Le fa go ntse jalo, fa tota motho a tshwerwe ke tlala ya boammaaruri, fa a batla go leba maikutlo a gagwe ka tsela e a leng ka yone tota, e bile a le boikokobetso, fa nako e ntse e tsamaya o tla lemoga gore Baebele ke Lefoko la Modimo.
4. Ke eng se motho a tlhokang go se dira gore a nne le tumelo?
4 Gantsi mo dikgweding di sekae fela, batho ba ba thusiwang go ithuta Baebele ba anaanela gore ba setse ba bone bosupi jo bontsi jwa gore ke Lefoko la Modimo. Fa e le gore seno se ba tlhotlheletsa gore ba bule dipelo tsa bone gore ba rutwe ke Jehofa, ka iketlo dikgopolo tsa bone, dikeletso tsa bone le ditlhotlheletso tsa bone di tla bopiwa ke se ba se ithutang ka iketlo. (Pesalema 143:10) Baroma 10:10 e bolela gore motho o supa tumelo “ka pelo.” Tumelo e e ntseng jalo e bontsha tsela e motho a ikutlwang ka yone tota, mme e tla bonala mo tseleng e a tshelang ka yone.
Noa O ne A na Le Tumelo E e Mo Motheong o o Nitameng
5, 6. Tumelo ya ga Noa e ne e theilwe mo go eng?
5 Noa e ne e le motho yo o neng a na le tumelo e e mo motheong o o nitameng. (Bahebera 11:7) Ke eng se se neng sa dira gore a nne le yone? Noa o ne a na le lefoko la Modimo, e seng le kwadilwe, mme jaaka a le boleletswe. Genesise 6:13 e bolela jaana: “Modimo wa raya Noa wa re: ‘Bokhutlo jwa batho botlhe bo fitlhile fa pele ga me; ka lefatshe le tletse thubakano ka ntlha ya bone.’” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Jehofa o ne a kaela Noa gore a age araka mme a mo neela dintlha tsa gore e agiwe ka tsela efe. Morago ga moo Modimo o ne a oketsa jaana: “Bona, ke tlaa tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng go senya nama yotlhe e mowa wa botshelo o leng mo go yone, go e tlosa fa tlase ga legodimo; dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng di tlaa swa.”—Genesise 6:14-17.
6 A pula e ne e kile ya na pele ga moo? Baebele ga e bolele. Genesise 2:5 e bolela jaana: “Modimo o ne a ise a nese pula.” Mme ke tsela e Moshe, yo o tshedileng makgolokgolo a dingwaga morago ga moo, a neng a tlhalosa dikgang ka yone a sa bolele ka motlha wa ga Noa mme a bolela ka nako ya bogologolo pele ga nako eo. Jaaka go bontshitswe mo go Genesise 7:4, Jehofa o ne a bua ka pula fa a ne a bua le Noa, mme go bonala Noa a ne a tlhaloganya se a neng a se bolela. Le fa go ntse jalo, tumelo ya ga Noa e ne e sa ikaega ka se a neng a se bona. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala gore Noa o ne a “newa tlhagiso ya bomodimo ya dilo tse di iseng di bonwe.” Modimo o ne a bolelela Noa gore mo lefatsheng O ne a tlile go tlisa “morwalela wa metsi,” kana “bobidibidi jwa metsi a legodimo,” jaaka ntlhanyana e e kwa tlase e e mo New World Translation e e tlhalosa mo go Genesise 6:17. Go fitlha ka nako eo, go ne go ise go ke go diragale selo se se ntseng jalo. Mme popo yotlhe e Noa a neng a e bona e nnile pontsho e e bonalang sentle ya gore Modimo tota o ka tlisa morwalela o o ntseng jalo o o senyang. Noa o ne a aga araka ka a ne a tlhotlhelediwa ke tumelo.
7. (a) Ke eng se Noa a neng a sa se tlhoke gore a dire se Modimo a neng a mo laetse go se dira? (b) Re solegelwa molemo jang fa re sekaseka tumelo ya ga Noa, mme tumelo ya rona e ka solegela ba bangwe molemo jang?
7 Modimo ga a bolelela Noa letlha le Morwalela o neng o tla simolola ka lone. Mme Noa o ne a se ka a dirisa seo e le seipato sa go nna le boikutlo jwa gore o tla leta mme a bone, a baya go aga araka le go rera mo maemong a bobedi mo botshelong jwa gagwe. Modimo o ne a bolelela Noa gore a tsene leng mo arakeng nako e sa ntse e le teng. Le fa go ntse jalo, “Noa a dira jalo; mo go tsotlhe tse Modimo o di mo laoletseng, a dira fela jalo.” (Genesise 6:22) Noa o ne a tsamaya ka tumelo, e seng ka pono. A bo re itumelela go bo a ne a dira jalo jang ne! Ka ntlha ya tumelo ya gagwe, re a tshela gompieno. Le rona gape, tumelo e re e bontshang e ka ama thata se isagwe e se tshotseng, e seng mo go rona fela mme gape le mo baneng ba rona le mo bathong ba ba gaufi le rona.
Tumelo ya ga Aborahame
8, 9. (a) Aborahame o ne a theile tumelo ya gagwe mo go eng? (b) Ke ka tsela efe e Jehofa a neng a “bonala” mo go Aborahame ka yone?
8 Akanya ka sekai se sengwe—sa ga Aborahame. (Bahebera 11:8-10) Aborahame o ne a theile tumelo ya gagwe mo go eng? Tikologo e a goletseng kwa go yone kwa Ure wa Bakaladea e ne e le ya batho ba ba neng ba obamela medimo e e itiretsweng le go rata dikhumo. Mme dilo tse dingwe gape di ne tsa ama tsela e Aborahame a neng a leba dilo ka yone. Ga go belaetse gore o ne a tlwaelane le morwa wa ga Noa e bong Sheme, yo o neng a tshela mmogo le ene ka dingwaga di le 150. Aborahame o ne a tlhatswega pelo gore Jehofa ke “Mogodimodimo, Morui wa legodimo le lefatshe.”—Genesise 14:22.
9 Go na le selo se sengwe gape se se neng sa tlhotlheletsa Aborahame thata. Jehofa “o ne [a] bonala kwa go . . . Aborahame fa a ne a ntse a le kwa Mesopotamia, pele ga a aga kwa Harana, mme [a] mo raya [a] re, ‘Tswa mo lefatsheng la gaeno le mo go ba losika lwa gago mme o tle mo lefatsheng le ke tla le go bontshang.’” (Ditiro 7:2, 3) Jehofa o ne a “bonala” jang kwa go Aborahame? Aborahame o ne a se ka a bona Modimo ka matlho. (Ekesodo 33:20) Le fa go ntse jalo, go ka direga gore Jehofa o ne a bonala kwa go Aborahame ka toro, ka go bontsha kgalalelo e e sa tlwaelegang, kana ka go romela moengele, kana moemedi. (Bapisa Genesise 18:1-3; 28:10-15; Lefitiko 9:4, 6, 23, 24.) Go sa kgathalesege gore Jehofa o ne a bonala ka tsela efe kwa go Aborahame, monna yo o ikanyegang yono o ne a tshepa gore Modimo o ne a mmeetse tshiamelo e e botlhokwa thata. Aborahame o ne a dira ka tumelo.
10. Jehofa o ne a nonotsha tumelo ya ga Aborahame jang?
10 Tumelo ya ga Aborahame e ne e sa ikaega ka gore a nne le dintlha ka naga e Modimo a neng a mo isa kwa go yone. E ne e sa ikaege mo go reng a itse gore naga eo o ne a tla e neelwa leng. O ne a na le tumelo ka gonne a itse Jehofa e le Modimo Mothatayotlhe. (Ekesodo 6:3) Jehofa o ne a bolelela Aborahame gore o ne a tla nna le ngwana, mme ka dinako tse dingwe Aborahame o ne a ipotsa gore seo se tla kgonega jang. O ne a tsofala. (Genesise 15:3, 4) Jehofa o ne a nonotsha tumelo ya ga Aborahame ka go mmolelela gore a lebe kwa dinaleding mme a di bale fa a ka kgona. Modimo o ne a bolela jaana: “Losika lwa gago lo tlaa nna kalo.” Aborahame o ne a tlhotlheletsega thata. Go ne go sa belaetse gore Mmopi wa dipopo tse di boitshegang tseo tsa legodimo o ne a ka diragatsa se a neng a se solofeditse. Aborahame o ne “a dumela Jehofa.” (Genesise 15:5, 6) Aborahame o ne a sa dumele ka gonne fela a rata se a neng a se utlwa; o ne a na le tumelo e e nitameng.
11. (a) Fa Aborahame a ne a le gaufi le go tshwara dingwaga tse 100, o ne a itshwara jang ka tsholofetso ya Modimo ya gore Sara yo o neng a tsofetse o tla tshola ngwana? (b) Aborahame o ne a dirisa tumelo ya mofuta ofe go lebana le teko ya go tsamaya le morwawe kwa Thabeng ya Moria gore a mo ntshe setlhabelo?
11 Fa Aborahame a ne a le gaufi le go tshwara dingwaga tse 100 le mosadi wa gagwe, Sara, a ne a le gaufi le go tshwara dingwaga tse 90, gape Jehofa o ne a bolela tsholofetso ya gagwe ya gore Aborahame o ne a tla nna le morwa le gore Sara o ne a tla nna mmaagwe. Aborahame o ne a akanyetsa thata boemo jwa bone. “Mme ka ntlha ya tsholofetso ya Modimo o ne a se ka a reketla ka ntlha ya go tlhoka tumelo, mme a nna maatla ka tumelo ya gagwe, a naya Modimo kgalalelo mme a tlhatswegile pelo ka botlalo gore se o neng o se solofeditse gape o ne o kgona go se dira.” (Baroma 4:19-21) Aborahame o ne a itse gore tsholofetso ya Modimo e ne e ka se palelwe. Moragonyana, ka ntlha ya tumelo ya gagwe, Aborahame o ne a utlwa fa Modimo a ne a mmolelela gore a tsamaye le morwawe Isake kwa nageng ya Moria mme a mo ntshe setlhabelo gone. (Genesise 22:1-12) Aborahame o ne a na le tsholofelo e e tletseng ya gore Modimo yo o neng a dira gore morwa yono a tsalwe ka tsela ya kgakgamatso o ne a ka mmusetsa gape mo botshelong gore a diragatse ditsholofetso tse dingwe tse A neng a di dirile ka morwa yono.—Bahebera 11:17-19.
12. Aborahame o ne a tswelela a tsamaya ka tumelo ka lobaka lo lo kana kang, mme o emetswe ke tuelo efe le ba lelapa la gagwe ba ba bontshitseng tumelo e e nonofileng?
12 Aborahame o ne a bontsha gore o ne a laolwa ke tumelo e seng mo maemong a a rileng fela mme mo botshelong jwa gagwe jotlhe. Nako e Aborahame a tshedileng ka yone Modimo o ne a se ka a mo neela karolo epe ya Naga e e Solofeditsweng gore e nne boswa jwa gagwe. (Ditiro 7:5) Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a se ka a kgobega marapo mme a boela kwa Ure wa Bakaladea. Ka dingwaga tse 100, go fitlha a swa, o ne a nna mo ditenteng kwa nageng e Modimo a neng a mo kaetse gore a ye kwa go yone. (Genesise 25:7) Bahebera 11:16 e bolela jaana ka ene le mosadi wa gagwe Sara, morwaabone Isake, le ka setlogolwana sa bone Jakobe: “Modimo ga o ba tlhabelwe ke ditlhong, gore o bidiwe Modimo wa bone, gonne o ba baakanyeditse motse.” Ee, Jehofa o ba baakanyeditse bonno mo lefatsheng la Bogosi jwa gagwe jwa Bomesia.
13. Ke bomang mo batlhankeng ba ga Jehofa gompieno ba ba bontshang tumelo e e tshwanang le ya ga Aborahame?
13 Mo batlhankeng ba ga Jehofa gompieno go na le ba ba tshwanang le Aborahame. Ba ne ba tsamaya ka tumelo ka dingwaga di le dintsi. Ka nonofo e Modimo a ba neelang yone, ba ne ba fenya dikgoreletsi tse di tshwanang le dithaba. (Mathaio 17:20) Ga ba reketle mo tumelong ka gonne ba sa itse gore Modimo o tlile go ba neela leng boswa jo a bo solofeditseng. Ba itse gore lefoko la ga Jehofa le ka se palelwe, mme ba go tsaya e le tshiamelo e e botlhokwa fa ba balelwa mo Basuping ba gagwe. A ke tsela e o ikutlwang ka yone?
Tumelo e e Neng ya Tlhotlheletsa Moshe
14. Tumelo ya ga Moshe e ne ya thewa jang?
14 Sekao se sengwe sa tumelo ke Moshe. O ne a theile tumelo ya gagwe mo go eng? Go simologile go tswa boseeng. Le mororo morwadia Faro a ne a bona Moshe mo serotong sa koma mo Nokeng ya Nile a bo a mo tsaya gore e nne morwawe, mmaagwe Moshe wa mmatota wa Mohebera e bong Jokebete, o ne a amusa mosimane yono mme a mo tlhokomela mo dingwageng tsa gagwe tsa fa a le mmotlana. Go bonala Jokebete a ne a mo ruta sentle, a mo ruta gore a rate Jehofa le go anaanela ditsholofetso tsa Gagwe tse a di boleletseng Aborahame. Moragonyana, e le leloko la lelapa la ga Faro, Moshe “o ne a laiwa ka botlhale jotlhe jwa Baegepeto.” (Ditiro 7:20-22; Ekesodo 2:1-10; 6:20; Bahebera 11:23) Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege maemo a a itumedisang a ga Moshe, pelo ya gagwe e ne e le kwa bathong ba Modimo ba ba neng ba dirilwe makgoba.
15. Go itlhaola le batho ba ga Jehofa go ne go kaya eng mo go Moshe?
15 Fa Moshe a le dingwaga tse 40, o ne a itaya Moegepeto gore a thuse Moiseraele yo o neng a sa tshwarwa sentle. Tiragalo eno e ne ya bontsha tsela e Moshe a neng a leba batho ba Modimo ka yone. Eleruri, “ka tumelo Moshe, e rile a setse a godile, a gana go bidiwa morwa morwadia Faro.” Mo boemong jwa go ngaparela “monate wa boleo ka nakwana” e le leloko la lelapa la Seegepeto, o ne a tlhotlhelediwa ke tumelo gore a ipone a na le batho ba Modimo ba ba neng ba gateletswe.—Bahebera 11:24, 25; Ditiro 7:23-25.
16. (a) Jehofa o ne a neela Moshe thomo efe, mme Modimo o ne a mo thusa jang? (b) Ka go diragatsa thomo ya gagwe, Moshe o ne a bontsha tumelo jang?
16 Moshe o ne a tlhoafaletse go tsaya kgato ya go thusa batho ba gagabo, mme nako e Modimo a e beileng ya gore ba gololwe e ne e ise e fitlhe. Moshe o ne a tshwanelwa ke go tshaba kwa Egepeto. Morago ga dingwaga di ka nna 40 Jehofa ke gone a neng a dirisa moengele gore a laele Moshe go boela kwa Egepeto go ya go etelela pele Baiseraele go tswa kwa nageng eo. (Ekesodo 3:2-10) Moshe o ne a itshwara jang? O ne a sa belaele gore Jehofa o ka kgona go golola Iseraele, mme o ne a ikutlwa a sa tshwanele boikarabelo jo Modimo a neng a bo mo neela. Ka lorato, Jehofa o ne a naya Moshe kgothatso e a neng a e tlhoka. (Ekesodo 3:11–4:17) Tumelo ya ga Moshe e ne ya nonofa thata. O ne a boela kwa Egepeto mme gangwe le gape o ne a tlhagisa Faro ba lebane difatlhego ka dipetso tse di neng di tla tlela Egepeto ka gonne mmusi yoo a ganne go letla Iseraele e ya go obamela Jehofa. Moshe o ne a se na maatla ka boene gore a tlise dipetso tseo. O ne a tsamaya ka tumelo, e seng ka pono. O ne a dumela mo go Jehofa le mo lefokong la gagwe. Faro o ne a tshosetsa Moshe. Mme Moshe o ne a itshoka. “Ka tumelo o ne a tloga kwa Egepeto, e se gore o ne a boifa bogale jwa kgosi, gonne o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bahebera 11:27) Moshe o ne a sa itekanela. O ne a dira diphoso. (Dipalo 20:7-12) Le fa go ntse jalo, fa a sena go romiwa ke Modimo, tsela yotlhe ya botshelo jwa gagwe e ne ya laolwa ke tumelo.
17. Ke eng se se neng sa solegela Noa, Aborahame le Moshe molemo ka go tsamaya ka tumelo, le mororo ba ne ba se ka ba tshela go fitlha ba bona lefatshe le lesha la Modimo?
17 E kete tumelo ya gago e ka itshupa e tshwana le ya ga Noa, Aborahame le Moshe. Ke boammaaruri gore ga ba a ka ba bona lefatshe le lesha la Modimo mo motlheng wa bone. (Bahebera 11:39) E ne e ise e nne nako e e beilweng ke Modimo; go ne go sa ntse go na le dikarolo tse dingwe tsa boikaelelo jwa gagwe tse di neng di tshwanetse go diragadiwa. Le fa go ntse jalo, go dumela ga bone mo lefokong la Modimo go ne go sa reketle, mme maina a bone a mo bukeng ya Modimo ya botshelo.
18. Mo bathong ba ba bileditsweng kwa legodimong, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tsamaya ka tumelo?
18 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Modimo o ne wa re bonelapele sengwe se se botoka.” Ke gore, Modimo o ne a bona sengwe se se botoka, a se bonela batho ba jaaka Paulo, ba bileditsweng go tshela kwa legodimong le Keresete. (Bahebera 11:40) Ke bone ba Paulo a neng a akantse ka bone thata fa a ne a kwala mafoko ano a a kwadilweng mo go 2 Bakorintha 5:7: “Re tsamaya ka tumelo, e seng ka pono.” Fa seo se ne se kwalwa, go ne go se ope wa bone yo o neng a bone tuelo ya bone ya selegodimo. Ba ne ba sa e bone ka matlho a bone a nama, mme ba ne ba na le tumelo e e nitameng ka yone. Keresete o ne a tsositswe mo losong, e le lebutswapele la batho ba ba neng ba segofaditswe ka botshelo jwa legodimo. Mme basupi ba ba fetang 500 ba ne ba mmone pele a tlhatlogela kwa legodimong. (1 Bakorintha 15:3-8) Ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go laola botshelo jwa bone jotlhe ka tumelo eo. Le rona re na le mabaka a a utlwalang a go tsamaya ka tumelo.
19. Jaaka go bontshitswe mo go Bahebera 1:1, 2, Modimo o ne a bua le rona ka mang?
19 Gompieno, Jehofa ga a dirise moengele go bua le batho ba gagwe, jaaka a ne a dira ka Moshe kwa setlhatshaneng se se neng se tuka. Modimo o ne a bua ka Morwawe. (Bahebera 1:1, 2) Se Modimo a se boletseng ka ene, O se kwadile mo Baebeleng, e e ranoletsweng mo dipuong tsa batho ba ba mo lefatsheng.
20. Seemo sa rona se itumedisa jang go na le sa ga Noa, Aborahame le Moshe?
20 Re na le mo gontsi thata go na le mo Noa, Aborahame le Moshe ba neng ba na le gone. Re na le Lefoko la Modimo le feletse—bontsi jwa lone bo setse bo diragaditswe. Ka ntlha ya sotlhe seo se Baebele e se bolelang ka banna le basadi ba ba itshupileng e le basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa fa ba lebane le diteko tsa mefuta yotlhe, Bahebera 12:1 e rotloetsa jaana: “A le rona re apoleng bokete bongwe le bongwe le boleo jo bo re rareetsang motlhofo, mme a re sianeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele.” Tumelo ya rona ga se selo se se ka tsewang motlhofo. “Boleo jo bo re rareetsang motlhofo” ke go tlhoka tumelo. Go tlhokega gore re lwe ka thata fa re batla go tswelela pele re “tsamaya ka tumelo.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
O Akgela Jang?
◻ Ke eng se se akarediwang ka go “tsamaya ka tumelo”?
◻ Re ka solegelwa molemo jang ke tsela e Noa a neng a bontsha tumelo ka yone?
◻ Tsela e Aborahame a neng a bontsha tumelo ka yone e re thusa jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa Baebele e tlhalosa Moshe e le sekao sa tumelo?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Aborahame o ne a tsamaya ka tumelo
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Moshe le Arone ba ne ba bontsha tumelo fa pele ga Faro