LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 1/1 ts. 11-20
  • “Nitamisang Dipelo Tsa Lona”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Nitamisang Dipelo Tsa Lona”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekao sa ga Aborahame sa Tumelo
  • Go Reetsa Modimo
  • Go Bua le Modimo
  • Pego ya Tumelo Gompieno
  • Tlhagolela Tumelo Gompieno
  • Tsholofelo e e Tla Tlogang e Diragadiwa
  • Jehofa O ne A Mmitsa “Tsala ya Me”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • A o Na le Tumelo e e Tshwanang Le ya Ga Aborahame?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Aborahame E ne E le Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Go “Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 1/1 ts. 11-20

“Nitamisang Dipelo Tsa Lona”

“Lo tlhoka boitshoko, e le gore, fa lo sena go dira thato ya Modimo, lo amogele go diragadiwa ga tsholofetso.”—BAHEBERA 10:36.

1, 2. (a) Go ile ga diragala eng ka Bakeresete ba le bantsi mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Ke eng fa go le motlhofo gore tumelo e koafale?

MO BAKWADING botlhe ba Baebele, ga go na ope yo o ileng a umaka tumelo gantsi jaaka moaposetoloi Paulo. Mme gangwe le gape o ne a bua ka batho ba tumelo ya bone e koafetseng kana e suleng. Ka sekai, Himenaeo le Alekesandere ba ne ba “senyegelwa ke tumelo jaaka go thubega ga sekepe.” (1 Timotheo 1:19, 20) Demase o ne a latlha Paulo ka gonne “a ne a rata tsamaiso ya jaanong ya dilo.” (2 Timotheo 4:10) Ba bangwe, ka ditiro tsa bone tse e seng tsa Bokeresete, tsa boeleele ba “itatotse tumelo.” Ba bangwe ba tsiediwa ke botlhale jo e seng jone mme ba ‘fapoga mo tumelong.’—1 Timotheo 5:8; 6:20, 21.

2 Ke eng fa Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba ile ba palelwa ka ditsela tseno? Ebu, “tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota lefa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Re nna le tumelo mo dilong tse re sa di boneng. Ga re e tlhoke mo dilong tse di bonwang. Go motlhofo thata go direla khumo e o e bonang go na le go direla dikhumo tsa semoya. (Mathaio 19:21, 22) Dilo tse dintsi tse di bonalang—tse di jaaka “keletso ya nama le keletso ya matlho”—di kgatlha nama ya rona e e sa itekanelang thata mme di ka koafatsa tumelo ya rona.—1 Johane 2:16.

3. Mokeresete o tshwanetse go tlhagolela tumelo e e ntseng jang?

3 Le fa go ntse jalo, Paulo a re, “yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba o senkang ka tlhoafalo.” Moshe o ne a na le tumelo e e ntseng jalo. O ne a “leba ka tlhomamo kwa go neweng ga maduo” mme “a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bahebera 11:6, 24, 26, 27) Mokeresete o tshwanetse go nna le tumelo e e ntseng jalo. Jaaka go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng, Aborahame e ne e le sekao se se molemo mo kgannyeng eno.

Sekao sa ga Aborahame sa Tumelo

4. Tumelo ya ga Aborahame e ne ya ama jang tsela e a neng a tshela ka yone?

4 Aborahame o ne a le kwa Ure fa a ne a amogela tsholofetso ya Modimo ya gore o tla nna rraagwe losika lo batho ba merafe yotlhe ba tla segofalang ka lone. (Genesise 12:1-3; Ditiro 7:2, 3) Mo motheong wa tsholofetso eo, Aborahame o ne a utlwa Jehofa, a fudugela kwa Harane mme morago a ya Kanana. Koo, Jehofa o ne a solofetsa Aborahame gore o tla naya losika lwa gagwe naga eo. (Genesise 12:7; Nehemia 9:7, 8) Le fa go ntse jalo, bontsi jwa dilo tse Jehofa a ileng a di solofetsa di ne di tla diragala fa Aborahame a sena go swa. Ka sekai, Aborahame ka boene ga a ise a ko a nne mong wa karolo epe ya Kanana—fa e se fela logaga lwa Makapela, lo a lo rekileng go nna phuphu ya gagwe. (Genesise 23:1-20) Le fa go ntse jalo, o ne a dumela lefoko la ga Jehofa. Mo godimo ga moo, o ne a na le tumelo ka “motse [wa isagwe] o o nang le metheo ya mmatota, motse o moagi le modiri wa one e leng Modimo” wa isagwe. (Bahebera 11:10) Tumelo e e ntseng jalo e ne ya mo nonotsha botshelo jwa gagwe jotlhe.

5, 6. Tumelo ya ga Aborahame e ne ya lekiwa jang malebana le ditsholofetso tsa ga Jehofa?

5 Re bona seno segolobogolo mo tsholofetsong ya gore losika lwa ga Aborahame lo tla nna morafe o mogolo. Gore seno se diragale, Aborahame o ne a tlhoka morwa, mme o ne a leta nako e telele gore a segofadiwe ka morwa. Ga re itse gore o ne a na le dingwaga di le kae fa a ne a utlwa tsholofetso ya Modimo la ntlha, mme fa a tsaya loeto lo lo telele go ya kwa Harane, Jehofa o ne a ise a mo neye ngwana. (Genesise 11:30) O ne a setse a ntse nako e telele kwa Harane go ka ‘bapala thoto le batho,’ mme fa a fudugela Kanana, o ne a na le dingwaga di le 75 mme Sara o ne a le dingwaga di le 65. Mme le ka nako eo, o ne a se na morwa. (Genesise 12:4, 5) Fa Sara a fitlha mo bogareng jwa dingwaga tsa gagwe tsa bo70, o ne a swetsa ka gore jaanong o setse a tsofetse thata go ka naya Aborahame ngwana. Ka jalo, ka go latela ngwao ya nako eo, o ne a naya Aborahame lelata la gagwe e bong Hagare, mme a nna le ngwana nae. Mme ngwana yono e ne e se yo o neng a solofeditswe. Kgabagare Hagare le ngwana wa gagwe e bong Ishemaele ba ne ba lelekwa. Mme fa Aborahame a ba buelela, Jehofa o ne a solofetsa go segofatsa Ishemaele.—Genesise 16:1-4, 10; 17:15, 16, 18-20; 21:8-21.

6 Ka nako e e beilweng ke Modimo—nako e telele thata morago ga gore ba bolelelwe ka tsholofetso eo la ntlha—Aborahame wa dingwaga di le 100 le Sara wa dingwaga di le 90 ba ne ba nna le ngwana wa mosimane e bong Isake. A bo go tshwanetse ga bo go ne go itumedisa jang ne! Mo banyalaning bano ba ba neng ba setse ba tsofetse, go ne go tshwana fela le tsogo ya baswi fa mebele ya bone e e neng e “sule” e tsosolosiwa gape. (Baroma 4:19-21) Ba ne ba leta nako e telele, mme kgabagare tsholofetso eo e ne ya diragadiwa, go leta ga bone go ne go ba tswetse mosola.

7. Tumelo e amanngwa jang le go itshoka?

7 Sekai sa ga Aborahame se re gakolola gore tumelo ga e a tshwanela go nna selo sa nakwana fela. Paulo o ne a amanya tumelo le go itshoka fa a ne a kwala jaana: “Lo tlhoka boitshoko, e le gore, fa lo sena go dira thato ya Modimo, lo amogele go diragadiwa ga tsholofetso. . . . Ga re mofuta wa ba ba katang ka morago go ya tshenyegong, mme re mofuta o o nang le tumelo go kgona go tshedisa moya.” (Bahebera 10:36-39) Batho ba le bantsi ba ile ba leta nako e telele go bona go diragadiwa ga tsholofetso. Ba bangwe ba ile ba leta botshelo jwa bone jotlhe. Tumelo ya bone e e nonofileng e ile ya ba tshegetsa. Mme jaaka Aborahame, ba tla amogela tuelo ka nako e Jehofa a e beileng.—Habakuke 2:3.

Go Reetsa Modimo

8. Re reetsa Modimo jang gompieno, mme seo se tla nonotsha jang tumelo ya rona?

8 Go na le bobotlana dilo di le nnè tse di ileng tsa nonotsha tumelo ya ga Aborahame, le rona re ka thusiwa ke tsone dilo tseo. Sa ntlha, o ne a supa ‘tumelo ya gagwe mo Modimong’ ka go reetsa fa Jehofa a bua. Ka jalo, o ne a farologane le Bajuda ba motlha wa ga Jeremia, ba ba neng ba dumela mo go Jehofa mme ba ne ba sa dumele mafoko a gagwe. (Jeremia 44:15-19) Gompieno, Jehofa o bua le rona ka Baebele, Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, le Petere a neng a re le ntse jaaka “lobone lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi . . . mo dipelong tsa lona.” (2 Petere 1:19) Fa re bala Baebele ka kelotlhoko, re ‘otliwa ka mafoko a tumelo.’ (1 Timotheo 4:6; Baroma 10:17) Mo godimo ga moo, mo malatsing ano a bofelo, “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” o re naya ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng,’ kaelo e e re thusang go dirisa melaometheo ya Baebele le go tlhaloganya boporofeti jwa Baebele. (Mathaio 24:45-47) Go reetsa Jehofa ka ditsela tseno go botlhokwa thata gore re nne le tumelo e e nonofileng.

9. Go tla diragala eng fa tota re dumela tsholofelo ya Bokeresete?

9 Tumelo ya ga Aborahame e ne e amana thata le tsholofelo ya gagwe. “A thaile mo tsholofelong o ne a nna le tumelo, gore a tle a nne rre wa merafe e le mentsi.” (Baroma 4:18) Seno ke selo sa bobedi se se ka re thusang. Le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore Jehofa ke “moduedi wa ba ba o senkang ka tlhoafalo.” Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Re dira ka natla e bile re iteka go dira seno, ka gonne re agile tsholofelo ya rona mo Modimong o o tshelang.” (1 Timotheo 4:10) Fa e le gore ruri re dumela tsholofelo ya Bokeresete, tsela yotlhe e re tshelang ka yone e tla supa tumelo ya rona, jaaka mo kgannyeng ya ga Aborahame.

Go Bua le Modimo

10. Tumelo ya rona e ka nonotshiwa ke thapelo e e ntseng jang?

10 Aborahame o ne a bua le Modimo, mme seno e ne e le selo sa boraro se se neng sa nonotsha tumelo ya gagwe. Gompieno, le rona re ka bua le Jehofa, re dirisa mpho ya thapelo ka Jesu Keresete. (Johane 14:6; Baefeso 6:18) Jesu o ne a botsa potso eno fa a sena go dira setshwantsho se se gatelelang botlhokwa jwa go rapela ka metlha: “Fa Morwa motho a goroga, a tota o tla fitlhela tumelo mo lefatsheng?” (Luke 18:8) Thapelo e e agang tumelo ga se seomodiro fela kana e e itlelang fela. Ke e e tswang pelong e e nang le bokao. Ka sekai, thapelo e e tswang pelong e botlhokwa fa re na le ditshwetso tse di botlhokwa tse re tshwanetseng go di dira kana fa re ngomogile pelo thata.—Luke 6:12, 13; 22:41-44.

11. (a) Aborahame o ne a nonotshiwa jang fa a ne a bulela Modimo pelo ya gagwe? (b) Re ka ithuta eng ka se se diragaletseng Aborahame?

11 Fa Aborahame a ne a tsofala mme Jehofa a ise a mo neye losika lo lo solofeditsweng, o ne a bua le Modimo ka se se mo tshwenyang. Jehofa o ne a boa a mo tlhomamisetsa. Matswela e nnile afe? Aborahame “a dumela Jehofa; a mo itumelela a kaya fa tumelo ya gagwe e le tshiamo.” Morago ga foo, Jehofa o ne a mo naya sesupo se se neng se tlhomamisa mafoko a gagwe. (Genesise 15:1-18) Fa re bulela Jehofa dipelo tsa rona ka thapelo, re amogela tlhomamiso ya ga Jehofa mo Lefokong la gagwe e leng Baebele, re mo ikobela ka tumelo, Jehofa le ene o tla nonotsha tumelo ya rona.—Mathaio 21:22; Jude 20, 21.

12, 13. (a) Aborahame o ne a segofadiwa jang fa a ne a latela kaelo ya ga Jehofa? (b) Tumelo ya rona e tla nonotshiwa fa re diragalelwa ke eng?

12 Selo sa bonè se se ileng sa nonotsha tumelo ya ga Aborahame e ne e le tsela e Jehofa a neng a mo tshegetsa ka yone fa a ne a latela kaelo ya Modimo. Fa Aborahame a ne a ya go namola Lote mo dikgosing tse di tlhaselang, Jehofa o ne a dira gore a fenye. (Genesise 14:16, 20) Le fa Aborahame a ne a ntse jaaka moagi wa nakwana mo nageng e losika lwa gagwe lo neng lo tla e rua boswa, Jehofa o ne a mo segofatsa ka dilo tse di bonalang. (Bapisa Genesise 14:21-23.) Jehofa o ne a kaela molebedi wa gagwe mo maitekong a gagwe a go bonela Isake mosadi yo o tshwanelang. (Genesise 24:10-27) Ee, Jehofa o ne a “segofaditse Aborahame mo dilong tsotlhe.” (Genesise 24:1) Ka ntlha ya seo tumelo ya gagwe e ne ya nonofa thata mme o ne a tsalana thata le Jehofa Modimo mo e leng gore Jehofa o ne a mmitsa “tsala ya me.”—Isaia 41:8; Jakobe 2:23.

13 A rona gompieno re ka nna le tumelo e e nonofileng jalo? Ee. Fa le rona, jaaka Aborahame re leka Jehofa ka go utlwa ditaelo tsa gagwe, o tla re segofatsa, mme seo se tla nonotsha tumelo ya rona. Ka sekai, fa re latlhela bofofu mo Pegong ya Tirelo ya Ngwaga wa 1998 e bontsha gore batho ba le bantsi ba ile ba segofadiwa ka tsela e e itumedisang fa ba ne ba utlwa taelo ya gagwe ya go rera dikgang tse di molemo.—Mareko 13:10.

Pego ya Tumelo Gompieno

14. Jehofa o ne a segofatsa jang letsholo la go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35?

14 Morago kwa ka October 1997, letsholo la lefatshe lotlhe la pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 35 le ne la atlega thata ka ntlha ya tlhagafalo le tlhoafalo ya Basupi ba ba dimilionemilione. Sekai sa seno se bonala mo go se se ileng sa diragala kwa Ghana. Go ile ga tsamaisiwa mo e batlileng e nna dikhopi di le dimilione di le 2,5 ka dipuo di le nnè, mme ka ntlha ya seo batho ba e batlileng e nna ba le 2 000 ba ile ba ikopela go rutwa Baebele. Kwa Cyprus Basupi ba babedi ba ba tsamaisang pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi ba ile ba lemoga gore moruti o ba setse morago. Morago ga nakwana ba ne ba mo tsamaisetsa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. O ne a setse a filwe khopi ya yone mme a bolela jaana: “Ke ne ke kgatlhilwe thata ke molaetsa wa yone mo e leng gore ke ne ke batla go akgola batho ba ba ileng ba e gatisa.” Kwa Denmark, go ile ga tsamaisiwa dikhopi di le dimilione di le 1,5 tsa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi mme ga nna le matswela a a molemo. Mosadi mongwe yo o dirang tiro e e amanang le dikamano tsa batho koo o ne a bolela jaana: “Molaetsa wa pampitshana eno o bua le mongwe le mongwe. E tlhaloganyega motlhofo, mme e a go tlhotlheletsa e dira gore o eletse go itse go le gontsi. E opa kgomo lonaka tota!”

15. Ke maitemogelo afe a a supang gore Jehofa o ne a segofatsa maiteko a go fitlhelela batho gongwe le gongwe?

15 Ka 1998 go ile ga dirwa boiteko jwa go rerela batho gongwe le gongwe e seng fela kwa magaeng a bone. Kwa Côte d’Ivoire banyalani ba barongwa ba ile ba etela dikepe di le 322 kwa boemelakepeng. Ba ne ba tsamaisa dibuka di le 247, dimakasine di le 2 284, diboroutšhara di le 500, dipampitshana di le makgolokgolo le dibidio gore batsamai ba dikepe ba tle ba di lebelele fa ba ntse ba raletse lewatle. Kwa Canada, Mosupi mongwe o ne a ya kwa lebenkeleng le le rekisang ditshipi tsa dikoloi. Mong wa lebenkele o ne a kgatlhega, mme mokaulengwe o ne a nna koo diura di le nnè le sephatlo, le mororo nako e a e dirisitseng go neela bosupi e le ura fela kana go feta fa bareki ba sena go tsamaya. Kgabagare go ne ga rulaganngwa thuto e e neng e tla tshwarwa ka 10:00 p.m. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, thuto e ne e sa simolole go fitlha e nna bosigogare mme e bo e tshwarwa go fitlha ka ura ya bobedi mo mosong. Thulaganyo eno e ne e le kgwetlho, mme le fa go ntse jalo go ne ga bonwa matswela a a itumedisang. Monna yoo o ne a dira tshwetso ya go tswala lebenkele la gagwe ka Bosontaga gore a tle a nne teng kwa dipokanong. Ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba gatela pele ka bonako.

16. Ke maitemogelo afe a a supang gore boroutšhara jwa Re Direng le buka ya Kitso ke didirisiwa tse di maatla mo tirong ya go rera le ya go ruta?

16 Boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore Re Direng? le buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng e ntse e le didirisiwa tse di maatla mo tirong ya go rera le ya go ruta. Kwa Italy moitlami mongwe yo o neng a ntse a letetse bese o ne a tsaya pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Letsatsi le le latelang, mongwe o ne a bua gape le ene mme a tsaya boroutšhara jwa Re Direng. Morago go foo, letsatsi lengwe le lengwe, o ne a ithuta Baebele ka metsotso e le 10 go ya go e le 15 kwa boemelabeseng. Morago ga kgwedi le sephatlo, o ne a dira tshwetso ya go tlogela legae la baitlami mme a boela gae kwa Guatemala gore a tswelele ka thuto ya gagwe. Kwa Malawi motsenakereke yo o tlhoafetseng e bong Lobina o ne a sa itumela fa bomorwadie ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, basetsana bano ba ne ba tle ba tlotlele mmabone boammaaruri jwa Baebele fa tshono e tlhaga. Ka June 1997, Lobina o ne a bona buka ya Kitso mme o ne a kgatlhwa ke mafoko a a reng “Kitso e e Isang.” Ka July o ne a dumela go ithuta Baebele. Ka August o ne a nna teng kwa kopanong ya kgaolo mme a reetsa thulaganyo yotlhe ka kelotlhoko. Kwa bofelong jwa kgwedi, o ne a tlogetse kereke ya gagwe mme a setse a tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang. O ne a kolobediwa ka November 1997.

17, 18. Dibidio tsa Mokgatlho di itshupile jang gore di ka thusa batho go “bona” dilo tsa semoya?

17 Dibidio tsa Mokgatlho di ile tsa thusa batho ba le bantsi “go bona” dilo tsa semoya. Kwa Mauritius monna mongwe o ne a tlogela kereke ya gagwe ka go bo go ne go se na kutlwano koo. Morongwa o ne a mmontsha kutlwano e Basupi ba ga Jehofa ba nang nayo, a dirisa bidio ya United by Divine Teaching. Ka go bo e ne e mo kgatlhile, monna yono o ne a bolela jaana: “Lona Basupi ba ga Jehofa lo setse lo le mo Paradaiseng!” O ne a dumela go ithuta Baebele. Kgaitsadi mongwe kwa Japane o ne a bontsha monna wa gagwe yo o sa dumeleng bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name, mme o ne a tlhotlheletsega go ithuta Baebele ka metlha. Fa a sena go lebelela bidio ya United by Divine Teaching, o ne a batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Bidio ya metseletsele ya dikarolo tse tharo ya The Bible—A Book of Fact and Prophecy e ne ya mo thusa go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gagwe. Kwa bofelong Jehovah’s Witnesses Stand Firm Against Nazi Assault e ne ya mmontsha kafa Jehofa a nonotshang batho ba Gagwe ka teng go emelana le ditlhaselo tsa ga Satane. Monna yono o ne a kolobediwa ka October 1997.

18 Maitemogelo ano ke a sekae fela mo go a mantsintsi a a nnileng teng mo ngwageng wa tirelo o o fetileng. A bontsha gore Basupi ba ga Jehofa ba na le tumelo e e tshelang le gore Jehofa o nonotsha tumelo eo ka go segofatsa tiro ya bone.—Jakobe 2:17.

Tlhagolela Tumelo Gompieno

19. (a) Rona re mo boemong jo bo botoka jang go gaisa Aborahame? (b) Ke batho ba le kae ba ba ileng ba phuthega go ikgopotsa loso lwa ga Jesu lwa go intsha setlhabelo ngogola? (c) Ke dinaga dife tse di nnileng le palo e e tlhomologileng ya batho ba ba neng ba le teng kwa Segopotsong ngogola? (Bona tšhate mo ditsebeng 12 go ya go 15.)

19 Rona gompieno re mo boemong jo bo botoka ka ditsela tse dintsi go na le Aborahame. Re a itse gore Jehofa o ile a diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tsotlhe tse a neng a di solofeditse Aborahame. Losika lwa ga Aborahame lo ile la rua Kanana mme ba ile ba nna setšhaba se segolo. (1 Dikgosi 4:20; Bahebera 11:12) Mo godimo ga moo, mo e ka nnang dingwaga di le 1 971 fa Aborahame a sena go tloga kwa Harane, setlogolwana sengwe sa gagwe e bong Jesu, se ne sa kolobediwa mo metsing ke Johane Mokolobetsi mme morago ga foo a kolobediwa ka moya o o boitshepo ke Jehofa ka boene gore a nne Mesia, Losika lwa ga Aborahame ka tsela e e feletseng ya semoya. (Mathaio 3:16, 17; Bagalatia 3:16) Ka Nisane 14 ya 33 C.E., Jesu o ne a neela botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba ba neng ba tla dumela mo go ene. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Jaanong dimilione di ne di ka kgona go itshegofatsa ka ene. Ngogola, batho ba le 13 896 312 ba ne ba kopana mmogo ka Nisane 14 go gopola tiro eno e itumedisang ya lorato. A bo seno se tlotlomatsa Jehofa thata jang ne, Mmoloki yo Mogolo wa ditsholofetso!

20, 21. Batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba ile ba itshegofatsa jang ka Losika lwa ga Aborahame mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme ba itshegofatsa jang gompieno?

20 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba le bantsi go tswa mo ditšhabeng tsotlhe—go tloga ka Iseraele wa tlholego—ba ile ba dumela mo Losikeng lono lwa ga Aborahame mme ba nna barwa ba Modimo ba ba tloditsweng, maloko a masha a “Iseraele wa Modimo” wa semoya. (Bagalatia 3:26-29; 6:16; Ditiro 3:25, 26) Ba ne ba na le tsholofelo e e tlhomameng ya go bona botshelo jwa bosasweng jwa semoya kwa legodimong e le babusimmogo mo Bogosing jwa Modimo. Ke ba le 144 000 fela ba ba tla segofadiwang ka tsela eno, mme go setse ba le mmalwa fela mo go bone. (Tshenolo 5:9, 10; 7:4) Ngogola batho ba le 8 756 ba ile ba supa gore ba dumela fa e le ba palo eno ka go ja ditshwantshetso ka nako ya Segopotso.

21 Mo e ka nnang mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gompieno ke wa “boidiidi jo bogolo” jo go ileng ga porofetiwa ka jone mo go Tshenolo 7:9-17. E re ka ba itshegofatsa ka Jesu, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolo 21:3-5) Batho ba le 5 888 650 ba ba ileng ba nna le seabe mo tirong ya go rera ka 1998 ba supa gore tota boidiidi jono bo “bogolo.” Go ne go itumedisa segolobogolo go bona Russia le Ukraine di bega baboledi ba ba fetang 100 000 ka lekgetlo la ntlha. Pego ya United States le yone e itumedisa tota—e nnile le baboledi ba le 1 040 283 ka August! Tseno ke dinaga tse tharo fela mo go tse 19 tse di ileng tsa bega baboledi ba ba fetang 100 000 ngogola.

Tsholofelo e e Tla Tlogang e Diragadiwa

22, 23. (a) Ke eng fa re tshwanetse go nitamisa dipelo tsa rona gompieno? (b) Re ka itshupa jang re tshwana le Aborahame e seng le batho ba ba se nang tumelo ba Paulo a ileng a bua ka bone?

22 Batho ba ba nnileng teng kwa Segopotsong ba ile ba gakololwa gore re setse re tsamaile bokgakala jo bo kana kang mo go diragadiweng ga ditsholofetso tsa ga Jehofa. Ka 1914, Jesu o ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, a simolola go nna gone ka maatla a gagwe a Bogosi. (Mathaio 24:3; Tshenolo 11:15) Ee, Losika lwa ga Aborahame lo a busa jaanong kwa legodimong! Jakobe o ne a bolelela Bakeresete ba motlha wa gagwe jaana: “Supang bopelotelele; nitamisang dipelo tsa lona, ka gonne go nna gone ga Morena go atametse.” (Jakobe 5:8) Ebu, o setse a le gone jaanong! A bo re na le lebaka le le utlwalang le go feta jang ne la go nitamisa dipelo tsa rona!

23 E kete go tshepa ga rona ditsholofetso tsa Modimo go ka tswelela go ntse go tsosolosiwa ke go ithuta Baebele ka metlha le ke thapelo e e tswang pelong. E kete le ka motlha re se ka ra kgaotsa go amogela tshegofatso ya ga Jehofa fa re ntse re ikobela Lefoko la gagwe. Ka go dira jalo re tla nna jaaka Aborahame, e seng jaaka batho ba tumelo ya bone e ileng ya koafala mme ba swa jaaka Paulo a ile a bolela. Ga go na sepe se se tla re kgaoganyang le tumelo ya rona e e boitshepotshepo. (Jude 20) Re rapela gore go nne jalo ka batlhanka botlhe ba ga Jehofa mo ngwageng wa tirelo wa 1999 le go ya bosakhutleng.

A o A Itse?

◻ Re ka reetsa Modimo jang gompieno?

◻ Re solegelwa molemo jang fa re rapela Modimo go tswa pelong?

◻ Fa re latela kaelo ya ga Jehofa ka kutlo, tumelo ya rona e tla nonotshiwa jang?

◻ Ke dikarolo dife tsa pego ya ngwaga (ditsebe 12 go ya go 15) tse di ileng tsa go kgatlha thata?

[Tšhate mo go tsebe 18-21]

PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 1998

(See bound volume)

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Fa re reetsa Lefoko la ga Jehofa, tshepo ya rona mo ditsholofetsong tsa gagwe e tla nonofa

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Tumelo ya rona e a nonotshiwa fa re nna le seabe mo bodireding

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela