Bokgoni Jwa go Tlhotlheletsa Batho—A bo Baka Motho Kana bo Galaletsa Modimo?
“MMUSI ga a tshwanela fela go nna botoka mo babusiweng ba gagwe, o tshwanetse go ba gapa maikutlo,” go ne ga kwala jalo mojenerale yo o tumileng wa Mogerika e bong Xenophon. Gompieno ba le bantsi ba tla re go “gapa maikutlo” jalo ke bokgoni jwa go tlhotlheletsa batho.
Le gale, ga se babusi botlhe ba ba nang le bokgoni jwa go tlhotlheletsa batho. Mme ba ba nang najo ba dirisa bokgoni joo jwa bone go tlhotlheletsa batho go ineela mo go bone le go laola matshutitshuti ka tsela e e solegelang bone molemo. Gongwe sekai sa bosheng jaana se se sa itsegeng thata ke sa ga Adolf Hitler. “[Ka 1933] mo Bajeremaneng ba le bantsi Hitler o ne a setse—kana o ne a tla tloga a—tsewa e le moeteledipele yo o nang le bokgoni tota mo go tlhotlheletseng batho,” go ne ga kwala jalo William L. Shirer mo bukeng ya gagwe ya The Rise and Fall of the Third Reich. “Mo dingwageng tseo tse di makgwakgwa tse ba neng ba tshwanetse gore ba mo latele fela kwantle ga go akanya, jaaka e kete o na le taolo ya bomodimo.”
Hisitori ya bodumedi le yone e tletse ka baeteledipele ba ba neng ba na le bokgoni joo jwa go tlhotlheletsa batho, ba ba tlhotlheletsa go ineela mo go bone mme ba bakela balatedi bano ba bone masetlapelo. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Elang tlhoko gore ope a se ka a lo tsietsa, ka gonne ba le bantsi ba tla tla ka leina la me ba re ‘Ke nna Keresete’, mme ba tla tsietsa ba le bantsi.” (Mathaio 24:4, 5, Phillips) Bakeresete ba maaka ba ba nang le bokgoni jwa go tlhotlheletsa batho ga ba a ka ba bonala fela mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mo dingwageng tsa bo1970, Jim Jones o ne a ipolela fa e le “mesia wa People’s Temple.” O ne a tlhalosiwa e le “monna wa kereke yo o nang le bokgoni jwa go tlhotlheletsa batho” yo o nang le “taolo e e sa tlwaelegang mo bathong,” mme ka 1978 o ne a tlhotlheletsa setlhopha se segolo sa batho ba ba neng ba ipolaya ka palo e e gaisang epe fela e e kileng ya nna teng mo hisitoring.a
Go bonala fa bokgoni jwa go tlhotlheletsa batho e ka nna mpho e e kotsi. Le fa go ntse jalo, Baebele e bua ka mofuta o o farologaneng wa mpho, kana dimpho tse di tswang go Modimo, tse a di abelang batho botlhe gore botlhe ba solegelwe molemo. Lefoko la Segerika la mpho eno ke khaʹri·sma, mme le tlhaga ka makgetlho a le 17 mo Baebeleng. Mokanoki mongwe wa Mogerika o e tlhalosa e le ‘mpho ya mahala e e sa tshwanelang motho, selo se a se fiwang a sa se direla e bile se sa mo tshwanele, selo se e leng kutlwelobotlhoko ya Modimo e bile e le selo se motho a neng a ka se ka a kgona go se bona kana go nna le sone ka bogagagwe.’
Ka jalo go ya ka Dikwalo, khaʹri·sma ke mpho e e amogelwang, ka thuso ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo. Dingwe tsa dimpho tseno tse Modimo a re di nayang ka bopelonomi ke dife? Mme re ka di dirisa jang go mo baka? A re sekasekeng di le tharo tsa dimpho tseno.
Botshelo Jo bo Sa Khutleng
Kwantle ga pelaelo mpho e kgolo go di gaisa tsotlhe ke mpho ya botshelo jo bo sa khutleng. Paulo o ne a kwalela phuthego ya kwa Roma jaana: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho [khaʹri·sma] e Modimo o e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) Go botlhokwa go ela tlhoko gore “dituelo” (loso) ke sengwe se re se bereketseng ka boleo jwa rona tota re sa rate. Mo letlhakoreng le lengwe, botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo a re bo nayang ke selo se se sa re tshwaneleng gotlhelele se le ka motlha re neng re ka se ka ra nna le sone ka borona fela.
Mpho ya botshelo jo bo sa khutleng e tshwanetse go anaanelwa le go abelwa ba bangwe. Re ka thusa batho go itse Jehofa, go mo direla mme ka tsela eo ba bo ba ka kgona go bona mpho ya botshelo jo bo sa khutleng. Tshenolo 22:17 e bolela jaana: “Moya le monyadiwa ba nna ba re: ‘Tla!’ Mme lefa e le mang yo o utlwang a a re: ‘Tla!’ Mme lefa e le mang yo o nyorwang a a tle; lefa e le mang yo o eletsang a a tseye metsi a botshelo mahala.”
Re ka thusa jang ba bangwe go bona metsi ano a a nayang botshelo? Re ka dira jalo segolobogolo ka go dirisa Baebele ka tsela e e molemo mo bodireding jwa rona. Ke boammaaruri gore mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, batho ga ba ke ba bala kana ba akanya ka dilo tsa semoya; le fa go ntse jalo, go na le ditshono ka metlha tse ka tsone re ka ‘tsosang tsebe’ ya mongwe. (Isaia 50:4) Malebana le seno, re ka tshepa maatla a a tlhotlheletsang a Baebele, “gonne lefoko la Modimo le a tshela e bile le tsenya maatla.” (Bahebera 4:12) Lefoko la Modimo le ka ama pelo le go dira gore batho ba tsene mo tseleng ya botshelo e ka tswa e le ka botlhale jo bo mosola jwa Baebele, kgomotso le tsholofetso tse e re neelang tsone, kana tsela e e tlhalosang maikaelelo a botshelo ka yone.—2 Timotheo 3:16, 17.
Mo godimo ga moo, dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng di ka re thusa go re “Tla!” Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele gore mo motlheng ono wa lefifi la semoya, ‘Jehofa o tla tlhabela’ batho ba gagwe. (Isaia 60:2) Dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower di supa tshegofatso eno e e tswang go Jehofa mme ngwaga le ngwaga di dira gore batho ba ba diketekete ba tle kwa go Jehofa, Motswedi wa tshedimosetso ya semoya. Mo ditsebeng tsotlhe tsa tsone ga di tlotlomatse batho. Jaaka ketapele ya Tora ya Tebelo e tlhalosa, “boikaelelo jwa Tora ya Tebelo ke go tlotlomatsa Jehofa Modimo jaaka Morena Molaodi wa lobopo lotlhe. . . . E rotloetsa tumelo mo Kgosing e e setseng e busa ya Modimo, e leng Jesu Keresete, yo madi a gagwe a a tsholotsweng a bulelang setho tsela ya go tshelela ruri.”
Modiredi mongwe wa Mokeresete wa nako e e tletseng, yo ka dingwaga di le dintsi a ileng a nna le katlego e e bonalang mo bodireding jwa gagwe, o ne a akgela jaana ka botlhokwa jwa Tora ya Tebelo le Tsogang! go thusa batho go atamelana le Modimo: “Fa baithuti ba me ba Baebele ba simolola go bala le go itumelela Tora ya Tebelo le Tsogang! ba gatela pele ka bonako. Ke bona fa dimakasine tseno e le thuso e e botlhokwatlhokwa e e ka thusang batho go itse Jehofa.”
Ditshiamelo Tsa Tirelo
Timotheo e ne e le morutwa wa Mokeresete yo o neng a newa mpho e nngwe e e neng e tlhoka go tlhokomelwa ka tsela e e kgethegileng. Moaposetoloi Paulo o ne a mmolelela jaana: “O se ka wa tlhokomologa mpho [khaʹri·sma] e e mo go wena e o neng wa e newa ka polelelopele lefa setlhopha sa banna ba bagolwane ba ne ba go baya diatla.” (1 Timotheo 4:14) Mpho eno e ne e le eng? E ne e amana le go tlhomiwa ga Timotheo go nna molebedi yo o etang, e e leng tshiamelo ya tirelo e a neng a tshwanetse go e tlhokomela ka boikanyegi. Mo go yone kgaolo eo, Paulo o ne a kgothatsa Timotheo jaana: “Tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa, mo go rotloetseng, mo go ruteng. Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.”—1 Timotheo 4:13, 16.
Bagolwane le bone gompieno ba tshwanetse go anaanela ditshiamelo tsa bone tsa tirelo. Jaaka Paulo a tlhalosa, tsela e nngwe e ba ka dirang seno ka yone ke ka go ‘tlhokomela go ruta ga bone.’ Go na le gore ba etse baeteledipele ba lefatshe ba ba nang le bokgoni jwa go tlhotlheletsa batho, bone ba lebisa tlhokomelo go Modimo, e seng mo go bone ka bobone. Jesu, Motlhomasekao wa bone, e ne e le morutisi yo o tlhomologileng yo kwantle ga pelaelo a neng a na le botho jo bo kgatlhang thata, le fa go ntse jalo ka boikokobetso o ne a isa kgalaletso go Rraagwe. O ne a bolela jaana: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.”—Johane 5:41; 7:16.
Jesu o ne a galaletsa Rraagwe wa selegodimo ka go dirisa Lefoko la Modimo jaaka motswedi wa tshedimosetso ya go ruta ga gagwe. (Mathaio 19:4-6; 22:31, 32, 37-40) Paulo le ene o ne a gatelela botlhokwa jwa gore balebedi ba ‘tshwarelele ka nitamo mo lefokong le le boikanngo malebang le botswerere jwa bone jwa go ruta.’ (Tito 1:9) Fa bagolwane ba thaya dipuo tsa bone thata mo Dikwalong, tota ba tla bo ba bolela jaaka Jesu a ne a bolela jaana: “Dilo tse ke di buang le lona ga ke di bue ka go di itshimololela ka bonna.”—Johane 14:10.
Bagolwane ba ka ‘tshwarelela ka nitamo jang mo lefokong le le boikanngo’? Ka go thaya dipuo le dikabelo tsa bone tsa dipokano mo Lefokong la Modimo, ba tlhalosa le go gatelela ditemana tse ba di dirisang. Ditshwantsho tse di kgatlhang le ditlhamane tse di tshegisang, segolobogolo fa di dirisiwa ka tsela e e feteletseng, di ka nna tsa tlosa tlhokomelo ya bareetsi mo Lefokong la Modimo mme tsa e tsepamisa mo bokgoning jwa sebui ka bosone. Mo letlhakoreng le lengwe, ditemana tsa Baebele, ke tsone tse di tla amang pelo le go tlhotlheletsa bareetsi. (Pesalema 19:7-9; 119:40; bapisa Luke 24:32.) Dipuo tse di ntseng jalo di dira gore tlhokomelo e se ka ya lebisiwa thata go batho mme di dira gore Modimo a galalediwe thata.
Tsela e nngwe e bagolwane ba ka nnang barutisi ba ba nang le matswela thata ke ka go ithuta mongwe go yo mongwe. Jaaka Paulo a ile a thusa Timotheo, mogolwane yo mongwe le ene a ka thusa yo mongwe. “Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa jalo sefatlhogo sa tsala ya gagwe.” (Diane 27:17; Bafilipi 2:3) Bagolwane ba solegelwa molemo fa ba thusana ka megopolo le ka dikakantsho. Mogolwane mongwe yo o sa tswang go tlhomiwa bosheng jaana o ne a tlhalosa jaana: “Mogolwane mongwe yo o nang le boitemogelo o ile a ipha nako ya go mpontsha gore ke baakanyetse jang puo ya phatlalatsa. Fa a ntse a baakanyetsa, o ne a akaretsa dipotso tse di sa batleng dikarabo, ditshwantsho, dikai, kana maitemogelo a makhutshwane, mmogo le dikgaolo tsa Dikwalo tse a ileng a dira dipatlisiso ka tsone ka kelotlhoko. Ke ile ka ithuta mo go ene gore nka tsenya jang dilo tse di farologaneng mo dipuong tsa me gore ke tile go neela puo e e lapisang e e buang ka selo se le sengwe fela.”
Rotlhe ba re nang le ditshiamelo tsa tirelo, e ka tswa re le bagolwane, batlhanka ba bodiredi kana babulatsela, re tshwanetse go anaanela mpho eo ya rona. Ka bonako pele ga loso lwa gagwe, Paulo o ne a gakolola Timotheo gore a ‘kgotletse jaaka molelo mpho [khaʹri·sma] ya Modimo e e neng e le mo go ene,’ e mo kgannyeng ya ga Timotheo e neng e akaretsa mpho e e kgethegileng ya moya. (2 Timotheo 1:6) Mo magaeng a Baiseraele, gantsi molelo e ne e le fela magala a a tukang. Go ne go ka kgonega go ‘o kgotletsa’ gore go nne le dikgabo le mogote o o oketsegileng. Ka jalo re kgothadiwa gore re dire dikabelo tsa rona ka pelo le ka maatla a rona, re kgotletsa jaaka molelo mpho nngwe le nngwe ya semoya e re e filweng.
Dimpho Tsa Semoya Tse di ka Abelanwang
Tsela e Paulo a neng a rata bakaulengwe ba gagwe ba kwa Roma ka yone e ne ya mo tlhotlheletsa go kwala jaana: “Ke tlhologeletswe go lo bona, gore ke lo neye mpho [khaʹri·sma] nngwe ya semoya e le gore lo nitamisiwe; kgotsa, a ke re, gore go tle go nne le go naana kgothatso gareng ga lona, mongwe le mongwe ka tumelo ya yo mongwe, ya lona le ya me.” (Baroma 1:11, 12) Paulo o ne a leba bokgoni jwa rona jwa go nonotsha tumelo ya ba bangwe ka go bua le bone e le mpho ya semoya. Go naana dimpho tse di ntseng jalo tsa semoya go ka dira gore re tshegetsane mo tumelong le go kgothatsana.
Mme eleruri seno se a tlhokega. Mo tsamaisong e e boikepo eno e re tshelang mo go yone, rotlhe re lebana le kgatelelo ka tsela nngwe. Le fa go ntse jalo, go kgothatsana ka metlha go ka re thusa go itshoka. Kgang ya go naana—go aba le go amogela—e botlhokwa gore re nne re nonofile mo semoyeng. Ke boammaaruri, rotlhe re tlhoka go kgothadiwa gangwe le gape, mme e bile re ka agana rotlhe.
Fa re ntsha matlho dinameng go lemoga badumedikarona ba ba tshwenyegileng mo maikutlong, re ka nna ra ‘kgona go gomotsa ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano ka kgomotso e rona ka borona re gomodiwang ka yone ke Modimo.’ (2 Bakorintha 1:3-5) Lefoko la Segerika la kgomotso (pa·raʹkle·sis) fa le tsewa fela jaaka le ntse le kaya “go atametsa.” Fa ka nako ya fa go tlhokega, re le gaufi go thusa mokaulengwe kana kgaitsadi wa rona, kwantle ga pelaelo le rona re tla bona kemo nokeng e e ntseng jalo fa re e tlhoka.—Moreri 4:9, 10; bapisa Ditiro 9:36-41.
Selo se sengwe se se mosola thata ke maeto a bodisa a a dirwang ke bagolwane ka lorato. Le fa gone go na le dinako tse maeto ano a dirwang ka maikaelelo a go neela motho kgakololo ya Dikwalo mo kgannyeng nngwe e a tlhokang go e tsaya tsia, bontsi jwa maeto a bodisa ke dinako tsa go kgothatsa, tsa ‘go gomotsa dipelo.’ (Bakolosa 2:2) Fa balebedi ba dira maeto a a ntseng jalo a a nonotshang tumelo, tota ba a bo ba aba mpho ya semoya. Jaaka Paulo, ba tla lemoga gore go aba jalo ka tsela e e kgethegileng go a itumedisa e bile ba tla nna ba “tlhologelelwa” bakaulengwe ba bone.—Baroma 1:11.
Go ne go ntse jalo ka mogolwane mongwe kwa Spain, yo o anelang boitemogelo jo bo latelang: “Ricardo, yo e leng mosimane wa dingwaga tse 11, o ne a bonala a sa kgatlhegele dipokano le phuthego ka kakaretso. Ka jalo ke ne ka bua le batsadi ba ga Ricardo gore ba nneye tetla ya go etela morwaabo mme ba ne ba dumela. Ba ne ba nna kwa dithabeng mo e ka nnang sekgala sa ura ka koloi go tswa kwa legaeng la me. Go bonala fa Ricardo a ile a itumelela kgatlhego e ke e mmontshitseng, mme a tsiboga ka yone nako eo. Go ise go ye kae o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang e bile e le leloko le le tlhagafetseng la phuthego. Go nna ditlhong ga gagwe go ne ga fetoga a nna motho yo o itumetseng thata le yo o botsalano. Ba le mmalwa mo phuthegong ba ne ba botsa jaana: ‘Go diragetse eng ka Ricardo?’ Go ne go bonala e kete ba mmona la ntlha. Fa ke akanya ka ketelo e e botlhokwa eo ya bodisa, ke akanya gore ke solegetswe molemo thata go gaisa Ricardo. Fa a tsena mo Holong ya Bogosi, sefatlhego sa gagwe se a phatsima mme o tla a taboga go tla go ntumedisa. E nnile boitumelo go bona kgatelopele ya gagwe ya semoya.”
Kwantle ga pelaelo, maeto a bodisa, a a tshwanang le leno, a segofadiwa thata. Maeto a a ntseng jalo a tsamaisana le kopo ya ga Jesu e e reng: “Disa dinku tsa me tse dinnye.” (Johane 21:16) Le gale, bagolwane ga se bone fela ba ba ka abang dimpho tse di ntseng jalo tsa semoya. Mongwe le mongwe mo phuthegong a ka tlhotlheletsa ba bangwe mo loratong le mo ditirong tse di molemo. (Bahebera 10:23, 24) Fela jaaka bapalami ba ba palamang thaba ba bofelelwa mmogo, le rona re kopanngwa ke dibofo tsa semoya. Kwantle ga pelaelo, dilo tse re di dirang le tse re di buang di ama ba bangwe. Kakgelo nngwe ya go sotla kana go tshwaya phoso ka tsela e e utlwisang botlhoko go koafatsa dibofo tse di re kopanyang. (Baefeso 4:29; Jakobe 3:8) Mo letlhakoreng le lengwe, mafoko a a tshwanelang a kgothatso le thuso e e lorato di ka thusa bakaulengwe ba rona go fenya mathata a bone. Ka tsela eno re tla bo re aba dimpho tsa semoya tse di tla nnelang ruri.—Diane 12:25.
Go Supa Kgalalelo ya Modimo ka Selekanyo se Segolwane
Go phepafetse gore Mokeresete mongwe le mongwe o na le selekanyo se se rileng sa bokgoni jwa go tlhotlheletsa batho. Re filwe tsholofelo e e tlhwatlhwakgolo ya botshelo jo bo sa khutleng. Gape re na le dimpho tsa semoya tse re ka di abelanang. Mme re ka leka go rotloetsa kana go tlhotlheletsa ba bangwe go dira dilo tse di siameng. Ba bangwe ba na le dimpho tse di oketsegileng tse e leng ditshiamelo tsa tirelo. Dimpho tseno tsotlhe di supa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo. Mme e re ka mpho epe fela e re ka tswang re na le yone e le sengwe se re se amogetseng mo Modimong, eleruri ga re na lebaka la go ipelafatsa.—1 Bakorintha 4:7.
Rona Bakeresete, re dira sentle go ipotsa gore, ‘A ke tla dirisa bokgoni le fa e le bofe jo ke nang najo jwa go tlhotlheletsa ba bangwe go galaletsa Jehofa, Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng”? (Jakobe 1:17) A ke tla etsa Jesu mme ke direle ba bangwe go ya ka fa ke kgonang ka teng le go ya ka maemo a me?’
Moaposetoloi Petere o sobokanya maikarabelo a re nang nao malebana le seno jaana: “Go ya ka selekanyo se mongwe le mongwe a amogetseng mpho [khaʹri·sma] ka sone, e diriseng mo go direlaneng jaaka balebedi ba ba molemomogolo ba bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo bontshiwang ka ditsela tsa methalethale. Fa mongwe a bua, a a bue jaaka e ka bo e le ditaetso tse di boitshepo tsa Modimo; fa mongwe a direla, a a direle a ikaegile ka nonofo e Modimo o e nayang; e le gore mo dilong tsotlhe Modimo o galalediwe ka Jesu Keresete.”—1 Petere 4:10, 11.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go ne ga swa palogotlhe ya batho ba le 913, go akaretsa le Jim Jones ka boene.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]
Corbis-Bettmann
UPI/Corbis-Bettmann