Go Tshelela Boineelo Jwa bokeresete ka Kgololesego
“Koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.”—2 BAKORINTHA 3:17.
1. Basupi ba ga Jehofa ba ineetse mo go mang, mme ke ka ntlha yang fa ba dirisa dikemedi tsa semolao?
BASUPI BA GA JEHOFA ba dumela gore bodumedi jwa bone bo tla nnela ruri. Ka gone ba lebeletse gore ba tla direla Modimo “ka moya le ka boammaaruri” ka bosakhutleng. (Johane 4:23, 24) Jaaka batho ba ba gololesegileng go itirela ditshwetso, Bakeresete bano ba ineetse ka pelo yotlhe mo go Jehofa Modimo mme ba ikemiseditse go tshelela boineelo jono. Gore ba kgone go dira jalo, ba ikaega ka Lefoko la Modimo le ka moya wa gagwe o o boitshepo. Fa ba ntse ba latela tsela ya bone ya boineelo jwa Bokeresete ka pelo yotlhe ka kgololesego e e tswang kwa Modimong, Basupi ba tlotla seabe sa “balaodi ba bagolo” ba puso le go dirisa dilo tsa semolao le dithulaganyo tsa semolao ka tshwanelo. (Baroma 13:1; Jakobe 1:25) Ka sekai, Basupi ba dirisa Mokgatlho wa Watch Tower e le sedirisiwa sa semolao—sengwe sa didirisiwa di le dintsi mo dinageng tse di farologaneng—se se ba thusang go dira tiro ya bone ya go thusa batho, segolobogolo ka ditsela tsa semoya. Mme Basupi ba ineetse mo Modimong, e seng mo kemeding epe fela ya semolao, mme boineelo jwa bone mo go Jehofa bo tla nnela ruri.
2. Ke ka ntlha yang fa Mokgatlho wa Watch Tower le dikemedi tse di tshwanang tsa semolao di itumelelwa thata ke Basupi ba ga Jehofa?
2 Jaaka batlhanka ba ba ineetseng mo Modimong, Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go latela ditaelo tsa ga Jesu tsa go “[dira] batho ba merafe yotlhe barutwa, [ba] ba kolobetsa mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, [ba] ba ruta.” (Mathaio 28:19, 20) Tiro eno e tla tswelela pele go fitlha kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, ka gonne Jesu gape o ne a bolela jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:3, 14) Ngwaga le ngwaga madirelo a bogatisetso a Mokgatlho wa Watch Tower le mekgatlho e mengwe ya semolao e e tshwanang e direla Basupi ba ga Jehofa dimilionemilione tsa Dibaebele, dibuka, diboroutšhara le dimakasine gore ba di dirise mo tirong ya bone ya go rera ya lefatshe lotlhe. Ka gone ditlhopha tseno tsa semolao di botlhokwa thata go thusa batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng gore ba tshelele boineelo jwa bone mo go ene.
3. Pele Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisa lefoko “Mokgatlho” ka tsela efe?
3 Mongwe o ka nna a bolela ka gore tsela e Basupi ba bolelang ka yone ka Mokgatlho wa Watch Tower—kana gantsi ba re fela “Mokgatlho”—e supa gore ba o tsaya e le sengwe se se fetang fela sedirisiwa sa semolao. A ga ba o tseye e le one o o ntshang ditaelo mo dilong tsa kobamelo? Buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo e phepafatsa ntlha eno ka go tlhalosa jaana: “Fa Tora ya Tebelo [June 1, 1938] e ne e bua ka ‘Mokgatlho,’ e a bo e bua, eseng ka sedirisiwa fela sa semolao, mme e ne e bolela ka setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba bopa setlhopha seo sa semolao ebile ba se dirisa.”a Ka gone, polelo eno e ne e raya “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” (Mathaio 24:45) Gantsi Basupi ba ne ba dirisa lefoko “Mokgatlho” ka tsela eno. Legale, lekgotla la semolao le “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” ga se maina a a ka dirisiwang go raya selo se le sengwe fela. Bakaedi ba Mokgatlho wa Watch Tower ba a tlhophiwa, fa Basupi ba ba bopang “motlhanka yo o boikanngo” bone ba tlodiwa ka moya o o boitshepo wa ga Jehofa.
4. (a) Basupi ba le bantsi ba dirisa mafoko afe e le go tila go sa tlhaloganngwe? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go lekalekanya dilo malebana le mafoko?
4 E le gore Basupi ba ga Jehofa ba tile go sa tlhaloganngwe, ba leka go nna kelotlhoko gore ba dirisa mafoko afe fa ba bua. Mo boemong jwa gore ba re, “Mokgatlho o ruta gore,” Basupi ba le bantsi ba rata go dirisa dipolelo tse di jaaka, “Baebele ya re” kana, “Ke tlhaloganya Baebele e ruta gore.” Ka tsela eno ba gatelela tshwetso e Mosupi mongwe le mongwe a e dirileng fa a ne a amogela dithuto tsa Baebele mme gape ba tila go naya batho kgopolo e e phoso ya gore Basupi ba kgomaretse melao ya lekoko lengwe la bodumedi. Legale, dikakantsho tse di malebana le mafoko ga di a tshwanela go nna dilo tse go tlholang go ngangisanwa ka tsone. Mo godimo ga moo, mafoko a botlhokwa fa fela a dirisiwa ka tsela e e leng gore ga a ketla a dira gore batho ba se re tlhaloganye sentle. Go tlhokega gore Bakeresete ba nne tekatekanyo. Baebele e re tlhagisa gore re ‘se ka ra lwa ka mafoko.’ (2 Timotheo 2:14, 15) Gape Dikwalo di bolela molaomotheo ono: “Fa lona ka teme lo sa bue puo e e tlhaloganyesegang motlhofo, go tla itsiwe jang gore ke eng se se buiwang?”—1 Bakorintha 14:9.
Moya wa Modimo o Fokotsa go Tlhokega ga Melao
5. Bakorintha wa Ntlha 10:23 e tshwanetse ya tlhaloganngwa jang?
5 Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di solegelang molemo.” O ne a oketsa jaana: “Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di agang.” (1 Bakorintha 10:23) Go phepafetse gore Paulo o ne a sa reye gore go siame go dira dilo tse Lefoko la Modimo le di nyatsang ka tlhamalalo. Fa go bapisiwa le melao e e ka nnang 600 e e neng e neetswe Iseraele wa bogologolo, go na le ditaolo di sekaenyana fela tse di laolang botshelo jwa Mokeresete. Ka gone, dikgang di le dintsi di tlogelwa mo segakoloding sa motho. Motho yo o ineetseng mo go Jehofa o na le kgololesego e e nnang gone ka gonne a kaelwa ke moya wa Modimo. Fa a setse a dirile boammaaruri gore e nne jwa gagwe, Mokeresete o latela segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ke Baebele e bile o ikaega ka gore a kaelwe ke Modimo ka moya o o boitshepo. Seno se thusa Mokeresete yo o ineetseng gore a bone se se tla mo “agang” le se se tla mo “solegelang molemo” mmogo le ba bangwe. O lemoga gore ditshwetso tse a di dirang di tla ama kamano ya gagwe le Modimo, yo a ineetseng mo go ene.
6. Kwa dipokanong tsa Bokeresete, re ka bontsha jang gore re dirile boammaaruri gore e nne jwa rona?
6 Mosupi o bontsha gore o dirile boammaaruri go nna jwa gagwe ka go akgela kwa dipokanong tsa Bokeresete. La ntlha, a ka nna a boeletsa se se boletsweng mo bukeng e e ithutiwang. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya o tla gatela pele go fitlhela a kgona go tlhalosa dithuto tsa Baebele ka mafoko a gagwe. Ka go dira jalo o bontsha bosupi jwa gore o nna le bokgoni jwa go akanya, e seng fela go boeletsa se ba bangwe ba setseng ba se buile. Go bua dintlha ka mafoko a gagwe le go bolela mafoko a a tshwanetseng a boammaaruri go tswa mo pelong go tla mo itumedisa le go bontsha gore o tlhatswegile pelo mo mogopolong wa gagwe.—Moreri 12:10; bapisa Baroma 14:5b.
7. Ke ditshwetso dife tse batlhanka ba ga Jehofa ba ileng ba di dira ba gololesegile?
7 Basupi ba ga Jehofa ba tlhotlhelediwa ke go rata Modimo le batho ka bone. (Mathaio 22:36-40) Ke boammaaruri gore ba kopanngwa thata ke sebofo sa lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete e le bakaulengwe ba ba kopaneng ba lefatshe lotlhe. (Bakolosa 3:14; 1 Petere 5:9) Mme jaaka motho yo o kgonang go itirela ditshwetso, mongwe le mongwe o ile a swetsa ka boene gore a bolele dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, a se ka a tsaya letlhakore mo dipolotiking, a ithibe mo mading, a tile mefuta mengwe ya boitlosobodutu le gore a tshele go dumalana le melaometheo ya Baebele. Ga se ditshwetso tse ba di patelediwang. Ke ditshwetso tse di akarediwang mo tseleng ya go tshela e e tlhophilweng ka go rata ke batho ba e tla tlogang e nna Basupi pele ba tsaya kgato ya go ineela jaaka Bakeresete.
A o Ikarabelela mo Setlhopheng se se Laolang?
8. Ke potso efe e e tlhokang go tlhalosiwa?
8 Baebele e bontsha sentle gore Bakeresete ba boammaaruri ga ba patelediwe go direla Modimo. E bolela jaana: “Jehofa ke Moya; mme koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.” (2 Bakorintha 3:17) Mme ntlha eno e ka amanngwa jang le kgopolo ya “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” mmogo le Setlhopha sa gagwe se se Laolang?—Mathaio 24:45-47.
9, 10. (a) Molaomotheo wa botlhogo o dira jang mo phuthegong ya Bokeresete? (b) Go latela molaomotheo wa botlhogo go ne go tlhoka gore go dirweng mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga?
9 Go araba potso eno, re tshwanetse go gakologelwa molaomotheo wa Dikwalo wa botlhogo. (1 Bakorintha 11:3) Mo go Baefeso 5:21-24, Keresete o bolelwa e le “tlhogo ya phuthego,” ene yo e leng “mo taolong” ya gagwe. Basupi ba ga Jehofa ba tlhaloganya gore motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela o dirwa ke barwarraagwe Jesu ba semoya. (Bahebera 2:10-13) Setlhopha seno sa motlhanka yo o boikanngo se ile sa tlhomiwa gore se abele batho ba Modimo “dijo [tsa semoya] ka nako e e tshwanetseng.” Mo motlheng ono wa bokhutlo, Keresete o tlhomile motlhanka yono “godimo ga ba ntlo ya gagwe.” Ka gone boemo jwa sone bo tshwanetse jwa tlotlwa ke mongwe le mongwe yo o bolelang gore ke Mokeresete.
10 Boikaelelo jwa botlhogo ke gore go nne le kutlwano le go tlhomamisa gore “dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakorintha 14:40) Gore ba fitlhelele seno mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne ga tlhophiwa Bakeresete ba le mmalwa ba ba tloditsweng ba setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela gore ba emele setlhopha seno sotlhe. Jaaka ditiragalo tse di neng tsa direga morago ga moo di ile tsa supa, kaelo e e neng e dirwa ke setlhopha seno se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e amogelwa le go segofadiwa ke Jehofa. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba amogela thulaganyo eno ka boitumelo. Ee, tota ba ne ba amogela le go lebogela matswela a a molemo a se a se dirileng.—Ditiro 15:1-32.
11. Setlhopha se se Laolang sa segompieno se tshwanetse go tsewa jang?
11 Thulaganyo eo e sa ntse e thusa le jaanong. Gone jaanong, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se na le Bakeresete ba ba tloditsweng ba le lesome, botlhe ba na le masomesome a dingwaga e le Bakeresete. Ba kaela Basupi ba ga Jehofa mo semoyeng, jaaka setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga se ne se dira. (Ditiro 16:4) Jaaka Bakeresete ba bogologolo, Basupi ka boitumelo ba leba kwa bakaulengweng bano ba ba godileng ba Setlhopha se se Laolang gore ba ba neele kaelo e e tswang mo Baebeleng e e malebana le dikgang tsa kobamelo. Le fa gone maloko a Setlhopha se se Laolang e le batlhanka ba ga Jehofa le ba ga Keresete, fela jaaka go ntse ka Bakeresetekabone, Baebele e re laela jaana: “Utlwang ba ba etelelang pele gareng ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba tle ba dire seno ka boipelo mme e seng ka go ubuga, gonne seno se ka lo gobatsa.”—Bahebera 13:17.
12. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go ikarabelela mo go mang?
12 A bolebedi jo Dikwalo di bo abetseng Setlhopha se se Laolang bo raya gore mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o tshwanetse go ikarabelela mo go sone ka ntlha ya ditiro tsa gagwe? E seng go ya ka mafoko a ga Paulo a a neng a a kwalela Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Ke ka ntlha yang fa o atlhola mokaulengwe wa gago? Kgotsa ke ka ntlha yang fa gape o lebela mokaulengwe wa gago kwa tlase? Gonne rotlhe re tla ema fa pele ga setulo sa katlholo sa Modimo . . . Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.”—Baroma 14:10-12.
13. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba bega tiro ya bone ya go rera?
13 Le fa go ntse jalo, a ga go boammaaruri gore Basupi botlhe ba lebeletswe gore ba bege tiro ya bone ya go rera? Ee, mme boikaelelo jwa seno bo tlhalosiwa sentle mo bukeng ya Basupi, e e reng: “Balatedi ba pele ba ga Jesu Keresete ba ne ba nna le kgatlhego mo dipegong tsa botswelelo jwa tiro ya go rera. (Mareko 6:30) Jaaka fa tiro e ntse e atlega, dipego tsa dipalo di ne tsa dirwa gammogo le dipolelo tsa maitemogelo a bao ba neng ba nna le seabe mo go rereng mafoko a a molemo. . . . (Ditiro 2:5-11, 41, 47; 6:7; 1:15; 4:4) . . . Abo go ne go kgothatsa jang ne ka badiri ba ba ikanyegang bao ba Bakeresete go utlwa ka ga dipego tsa seo se neng se fitlhelelwa! . . . Ka mokgwa o o tshwanang, phuthego ya ga Jehofa ya motlha wa segompieno e ntse e gagamaletse go boloka direkoto tse di tlhomameng tsa tiro e e dirwang e le tiragatsong ya Mathaio 24:14.”
14, 15. (a) Bakorintha wa Bobedi 1:24 e dira jang mo Setlhopheng se se Laolang? (b) Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go dira ditshwetso tsa gagwe a ikaegile ka eng, e le fa a lemoga ntlha efe?
14 Setlhopha se se Laolang ke thulaganyo e e lorato e bile ke sekao sa tumelo se se ka etsiwang. (Bafilipi 3:17; Bahebera 13:7) Ka go utlwa le go latela Keresete e le sekao, ba ka bua mafoko ano a ga Paulo: “E seng gore re beng ba tumelo ya lona, fa e se gore re badirimmogo gore lo ipele, gonne ke ka tumelo ya lona go bo lo eme.” (2 Bakorintha 1:24) Fa Setlhopha se se Laolang se bona ditshekamelo dingwe tse di rileng, se tlhokomedisa ka melemo ya go utlwa kgakololo ya Baebele, se ntsha dikakantsho tsa ka fa go ka dirisiwang melao le melaometheo ya Baebele ka gone, se tlhagisa ka dikotsi tse di fitlhegileng, e bile se neela “badirikabone” kgothatso e e tlhokegang. Ka gone se diragatsa bolebalebi jwa sone jwa Bokeresete, le go ba thusa gore ba nne ba itumetse, le go ba aga mo tumelong e le gore ba eme ba nitame.—1 Bakorintha 4:1, 2; Tito 1:7-9.
15 Fa Mosupi a dira tshwetso e e theilweng mo kgakololong ya Baebele e e tswang mo Setlhopheng se se Laolang, o a bo a dira jalo ka go rata ga gagwe ka gonne se a se ithutileng mo Baebeleng se mo tlhatswitse pelo gore ke tsela e e tshwanetseng. Mosupi mongwe le mongwe o tlhotlhelediwa ke Lefoko la Modimo ka boene gore a dirise kgakololo e e botlhale ya Dikwalo e e newang ke Setlhopha se se Laolang, a ntse a lemoga sentle gore ditshwetso tse a di dirang di tla ama kamano ya gagwe le Modimo, yo a ineetseng mo go ene.—1 Bathesalonika 2:13.
Baithuti le Masole
16. Le mororo ditshwetso tse di malebana le boitshwaro e le tse motho a di itirelang ka boene, ke ka ntlha yang fa ba bangwe ba kgaolwa?
16 Mme fa ditshwetso tse di malebana le boitshwaro di itirelwa ke motho ka boene, ke ka ntlha yang fa bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba kgaolwa? Ga go na motho ope yo o tlhomamisang gore boleo bongwe jo bo dirilweng bo tshwanela gore motho a kgaolwe. Go na le moo, kgato eno e ka fa Dikwalong fa fela leloko la phuthego le dira boleo jo bo masisi le sa ikwatlhaye, jaaka jo bo umakilweng mo kgaolong ya bo5 ya Bakorintha wa Ntlha. Ka gone, fa Mokeresete a ka kgaolelwa kgokafalo, seno se diragala fela fa motho yono a gana go amogela thuso ya semoya ya badisa ba ba lorato. Basupi ba ga Jehofa ga se bone fela ba ba latelang mokgwa ono wa Bokeresete. The Encyclopedia of Religion e bolela jaana: “Mokgatlho mongwe le mongwe wa batho o na le tshwanelo ya go itshireletsa kgatlhanong le maloko a a sa batleng go dumalana le one a a ka tsenyang boitekanelo jwa bone mo kotsing. Mo bodumeding tshwanelo eno gantsi e ntse e dirisiwa ka tumelo ya gore go thibela [go kgaola] go ama kamano ya motho le Modimo.”
17, 18. Tshwanelo ya go kgaola motho e ka tshwantshiwa jang?
17 Basupi ba ga Jehofa ke baithuti ba Baebele. (Jošua 1:8; Pesalema 1:2; Ditiro 17:11) Thulaganyo ya thuto ya Baebele e e dirilweng ke Setlhopha se se Laolang e ka tshwantshiwa le thulaganyo ya dithuto tsa sekolo tse di rulagantsweng ke ba lefapha la thuto. Le mororo se se rutiwang se sa tswe mo lefapheng leno ka bolone, lone le rulaganya dithuto, le laele gore di rutiwe jang le go ntsha dikaelo tse di tlhokegang. Fa e le gore mongwe ka lonyatso fela o gana go dira dilo tse di tlhokwang ke setheo seno, a bakela baithutikaene mathata, kana a swabisa sekolo, a ka nna a kobiwa. Baeteledipele ba sekolo ke bone ba nang le tshwanelo ya go tsaya kgato gore baithuti botlhe ba solegelwe molemo.
18 Mo godimo ga go nna baithuti, Basupi ba ga Jehofa gape ke masole a ga Jesu Keresete, a a laelwang go “tlhabana tlhabano e e molemomogolo ya tumelo.” (1 Timotheo 6:12; 2 Timotheo 2:3) Ka tlholego fela, boitshwaro jo bo tswelang pele bo sa tshwanele lesole la Mokeresete bo ka dira gore le se ka la amogelwa ke Modimo. Jaaka motho yo o gololesegileng go itlhophela, lesole la Mokeresete le ka dira tshwetso go ya ka fa le batlang ka gone, mme o tshwanetse go sikara diphelelo tsa se a se dirileng. Paulo o bolela jaana: “Ga go na motho ope yo o reng a direla e le lesole a bo a tsenelela ditiro tsa kgwebo tsa botshelo, e le gore a tle a bone kamogelo ya yo o mo kwadisitseng go nna lesole. Mo godimo ga moo, fa motho a gaisana le eleng mo metshamekong, ga a rwesiwe serwalo fa a sa gaisana go ya ka melao.” (2 Timotheo 2:4, 5) Bakeresete ba ba godileng, go akaretsa le ba Setlhopha se se Laolang, ba utlwa Moeteledipele wa bone ka botlalo, Jesu Keresete, ba boloka “melao” e le gore ba gape sekgele sa botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 17:3; Tshenolo 2:10.
19. Fa re sena go sekaseka mabaka a a malebana le boineelo jwa Bokeresete, ke eng se re ka tlhomamisegang ka sone?
19 A mabaka ano ga a bontshe gore Basupi ba ga Jehofa ke batlhanka ba Modimo, e seng makgoba a batho? Jaaka Bakeresete ba ba ineetseng ba ba itumelelang kgololesego e Keresete a ba gololetseng yone, ba letla gore moya wa Modimo le Lefoko la gagwe di laole matshelo a bone fa ba ntse ba dira ka kutlwano le bakaulengwe ba bone mo phuthegong ya Modimo. (Pesalema 133:1) Bosupi jwa seno bo tshwanetse jwa tlosa le dipelaelo dipe tsa gore maatla a bone a tswa kae. Ba ka opela jaana le mopesalema: “Jehofa ke thata ya me le thebe ya me; pelo ya me e ikantse mo go ene, mme ke thusegile; ka moo pelo ya me e itumela thata; mme ke tlaa mmaka ka sefela sa me.”—Pesalema 28:7.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ka 1993 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Mokgatlho wa Watch Tower le dikemedi tse di tshwanang tsa semolao di thusa Basupi ba ga Jehofa jang?
◻ Bakeresete ba solegelwa molemo jang ke se Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se se dirang?
◻ Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba bega tiro ya bone ya go rera?
◻ Go kgaolwa ga Mokeresete yo o ineetseng go tshwanela mo maemong afe?
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga se ne se tlhomamisa gore dithuto tse di dumelwang di dingwe fela
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba na le kgololesego e Keresete a neng a ba golola ka yone