Pego ya Baboledi ba Bogosi
“Batho ba Gago ba Italetsa ka Pelo e e Thamileng”
MOLAODI wa ntwa ya Siria e bong Naamane o na le bolwetse jwa lepero. Fa bo sa alafiwe, bolwetse jono jo bo maswe thata bo ka dira gore motho a bopologe le go swa. Naamane o tla dirang? Mo lelapeng la ga Naamane go na le mosetsanyana mongwe, “setshwarwana kwa lefatsheng la Iseraele.” O bua ka bopelokgale mme o bolela fa moporofeti Elisha e le ene yo o ka fodisang Naamane.—2 Dikgosi 5:1-3.
Ka ntlha ya bopelokgale jwa mosetsana yono, Naamane o batla Elisha mme o a fola. Mo godimo ga moo, Naamane o nna moobamedi wa ga Jehofa! Tiragalo eno, e e kwadilweng mo Baebeleng, e ne ya diragala mo lekgolong la bolesome la dingwaga B.C.E. (2 Dikgosi 5:4-15) Gompieno, basha ba le bantsi ba nna pelokgale ka tsela e e tshwanang fa ba buelela dilo tse di direlwang Bogosi. Boitemogelo jono jo bo tswang kwa Mozambique bo tlhalosa seno.
Nuno yo o nang la dingwaga di le thataro ke mmoledi yo o sa kolobediwang wa dikgang tse di molemo. Tota le pele a nna mmoledi yo o sa kolobediwang, Nuno o ne a tle a phuthe bana ba a agelaneng le bone, a rapele le bone le go ba ruta Baebele, a dirisa buka ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela.
Ka makgetlho a le mantsi Nuno o tsoga go sa le mo mosong thata ka Matlhatso a bo a gakolola lelapa la gagabo jaana: “Gompieno re ya kwa bodireding jwa tshimo.” Go tlhagafala ga gagwe mo bodireding go bonala ka ditsela tse dingwe. Fa a tsamaya le batsadi ba gagwe mo bodireding jwa mmila kwa Maputo, gantsi Nuno o bua le batho ka boene. Mo lekgetlhong lengwe, rakgwebo mongwe o ne a tla fa go ene a mmotsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa o rekisa dimakasine tseno?” Nuno o ne a bolela jaana: “Ga ke rekise dimakasine, mme legale ke amogela meneelo gore tiro eno ya go rera e tshegediwe ka madi.” Rakgwebo yono o ne a araba jaana: “Le fa gone ke sa kgatlhege, ke kgatlhwa ke boikutlo le bokgoni jwa gago. Ke rata go ntshetsa tiro eno moneelo.”
Mo lekgetlhong le lengwe, Nuno o ne a buisana le monna mongwe mo mmileng a bo a mo tsamaisetsa buka ya Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? Monna yono o ne a botsa jaana: “A ga o tsene kwa sekolong sele?” Nuno o ne a araba jaana: “Ee, ke tsena sekolo seo, mme gompieno ke neela batho molaetsa o o botlhokwa o o tswang mo bukeng eno. O bontsha gore o ka tshela mo lefatsheng le lesha le Modimo a tla le tlisang, jaaka go bontshitswe mo setshwantshong se se mo bukeng eno.” Nuno o ne a sa lemoge gore monna yo o neng a buisana le ene e ne e le morutabana kwa sekolong se a se tsenang. Morutabana o ne a amogela buka mme jaanong gape o amogela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse a di tlisediwang ke Nuno.
Fa Nuno a bodiwa lebaka la go bo a rata go dira tiro ya go rera, o bolela jaana: “Ke batla go bua le batho mme ke ba rute ka ga Jehofa le ka ga Morwawe, Jesu Keresete.” O oketsa jaana: “Mme fa batho ba sa batle go reetsa, ga go tlhokege gore ke tenege.”
Mo lefatsheng lotlhe, diketekete tsa basha ba ba tshwanang le Nuno “ba italetsa ka pelo e e thamileng” gore ba rute le go rera ka Bogosi jwa Modimo. (Pesalema 110:3) Mme seno ga se itiragalele fela. Batsadi ba ba rutang bana ba bone ka ga Jehofa ba sa ntse ba le bannye, ba ba tlhomang sekao se se molemo mo bodireding, le ba ba latelang dilo tse di direlwang Bogosi ka matlhagatlhaga, ba tla duelwa fela thata.