LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 4/15 ts. 14-19
  • Jehofa o Diragatsa Ditsholofetso Tsa Gagwe Mo go Ba ba Ikanyegang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Diragatsa Ditsholofetso Tsa Gagwe Mo go Ba ba Ikanyegang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumelo ya Boammaaruri mo Metlheng ya Bogologolo
  • Diphelelo Tsa go Tlhoka Tumelo
  • Tumelo e e Bontshiwang mo Motlheng wa Rona
  • Isagwe e e Molemolemo ya Batho ba ba Ikanyegang
  • Isagwe e e Itumedisang e Tlhomamisitswe
  • Ikanye Gore Jehofa O Tla Diragatsa Boikaelelo jwa Gagwecry
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go “Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Boididi jo Bogolo jwa Basupi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • “Nitamisang Dipelo Tsa Lona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 4/15 ts. 14-19

Jehofa o Diragatsa Ditsholofetso Tsa Gagwe Mo go Ba ba Ikanyegang

“Yo o neng a solofetsa o boikanngo.”—BAHEBERA 10:23.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa re ka tshepa ditsholofetso tsa ga Jehofa ka botlalo?

JEHOFA o kopa gore batlhanka ba gagwe ba nne le tumelo le go boloka tumelo e e tiileng mo go ene le mo ditsholofetsong tsa gagwe. Ka tumelo e e ntseng jalo motho a ka ikanya mo go Jehofa ka botlalo gore o tla dira se a solofeditseng gore o tla se dira. Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng le bolela jaana: “Jehofa wa masomosomo o ikanne, a re: ‘Ruri jaaka ke akantse, go tlaa dira[ga]la jalo; le jaaka ke ikaeletse, go tlaa ema fela jalo.’”—Isaia 14:24.

2 Mafoko a a reng, “Jehofa wa masomosomo o ikanne,” a bontsha gore o ikana ka tsela e e masisi gore o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Ke gone ka moo Lefoko la gagwe le ka reng: “O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) Fa re ikanya Jehofa le go itetla gore a re kaele ka botlhale jwa gagwe, ditsela tsa rona kwantle ga pelaelo di tla re isa kwa botshelong jo bo sa khutleng, ka gonne botlhale jwa Modimo ke “setlhare sa botshelo mo go ba ba mo tshwarang.”—Diane 3:18; Johane 17:3.

Tumelo ya Boammaaruri mo Metlheng ya Bogologolo

3. Noa o ne a bontsha tumelo mo go Jehofa jang?

3 Rekoto ya ditiro tsa ga Jehofa mo bathong ba ba nang le tumelo ya boammaaruri e supa gore a ka ikanngwa. Ka sekai, ka dingwaga tse di kwa godimo ga 4400 tse di fetileng, Modimo o ne a bolelela Noa gore lefatshe la motlha wa gagwe le ne le tla fedisiwa ka Morwalela wa lefatshe lotlhe. O ne a laela Noa gore a age araka e kgolo go boloka matshelo a batho le a diphologolo. Ke eng se Noa a neng a se dira? Bahebera 11:7 e re bolelela jaana: “Ka tumelo Noa, fa a sena go newa tlhagiso ya bomodimo ya dilo tse di iseng di bonwe, o ne a bontsha poifo ya bomodimo a ba a aga araka gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe.” Ke ka ntlha yang fa Noa a ne a na le tumelo mo selong se se neng se ise se ko se diragale pele, mo selong ‘se se iseng se bonwe’? Ka gonne o ne a itse mo go lekaneng ka tsela e Modimo a neng a dirisana le batho mo nakong e e fetileng ka teng, mo go neng go dira gore a lemoge gore sengwe le sengwe se Modimo a se buileng se a diragala. Ka jalo Noa o ne a tlhomamisegile gore Morwalela le one o ne o tla tla.—Genesise 6:9-22.

4, 5. Ke ka ntlha yang fa Aborahame a ne a ikanya Jehofa ka botlalo?

4 Sekai se sengwe gape sa tumelo ya boammaaruri ke Aborahame. Mo e ka nnang dingwaga tse 3900 tse di fetileng, Modimo o ne a mmolelela gore a ntshe Isake setlhabelo, morwawe yo o esi yo a mo tsholetsweng ke mosadi wa gagwe, Sara. (Genesise 22:1-10) Aborahame o ne a arabela jang? Bahebera 11:17 e bolela jaana: “Ka tumelo Aborahame, e rile a lekwa, ga tshwana le fa a ne a isitse Isake tshupelo.” Le fa go ntse jalo, e ne ya re fela fa a tloga a dira jalo, moengele wa ga Jehofa o ne a kganela Aborahame. (Genesise 22:11, 12) Mme gone, ke ka ntlha yang fa Aborahame a ne a ka akanya ka go dira selo se se ntseng jalo? Ka gonne, jaaka Bahebera 11:19 e bolela, “o ne a itlhoma gore Modimo o ne o kgona go mo tsosa [Isake] le eleng mo baswing.” Mme gone Aborahame o ne a ka nna le tumelo jang mo tsogong fa a ise a tsamaye a e bone e bile go ne go se na gope kwa go bolelwang gore e kile ya direga mo nakong e e fetileng?

5 Gakologelwa gore Sara o ne a na le dingwaga tse 89 fa Modimo a ba solofetsa morwa. Popelo ya ga Sara e ne e le mo seemong sa go sa tlhole a ka tshola ngwana—e ne e sule, jaaka go ka buiwa. (Genesise 18:9-14) Modimo o ne a tsosa popelo ya ga Sara, mme a tshola Isake. (Genesise 21:1-3) Aborahame o ne a itse gore e re ka Modimo a ne a kgonne go tsosa popelo ya ga Sara e e neng e sule, ka gone o ne a ka tsosetsa Isake mo botshelong fa go ne go tlhokega. Baroma 4:20, 21 e bolela jaana ka Aborahame: “Ka ntlha ya tsholofetso ya Modimo o ne a se ka a reketla ka ntlha ya go tlhoka tumelo, mme a nna maatla ka tumelo ya gagwe, a naya Modimo kgalalelo mme a tlhatswegile pelo ka botlalo gore se o neng o se solofeditse gape o ne o kgona go se dira.”

6. Joshua o ne a bontsha jang gore o tshepa Jehofa?

6 Dingwaga tse di kwa godimo ga 3400 tse di fetileng fa Joshua a ne a na le dingwaga tse di fetang lekgolo, e bile a feditse botshelo jwa gagwe jotlhe a bone gore Modimo o boikanngo go le kana kang, o ne a ntsha lebaka leno la go bo a ne a mo tshepa: “Lo a itse mo pelong tsa lona lotlhe, le mo meweng ya lona lotlhe, fa go se na sepe se se tlhaetseng sa dilo tsotlhe tse di molemo, tse Jehofa Modimo wa lona o di buileng ka ga lona; di lo dira[ga]letse tsotlhe, ga go a tlhaela sepe sa tsone.”—Jošua 23:14.

7, 8. Ke kgato efe e e bolokang botshelo e Bakeresete ba ba ikanyegang ba neng ba e tsaya mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme ka ntlha yang?

7 Mo e ka nnang dingwaga tse 1900 tse di fetileng, batho ba le bantsi ba ba boikokobetso ba ne ba bontsha tumelo ya boammaaruri. Ba ne ba lemoga ka boporofeti jo bo diragetseng jwa Baebele gore Jesu e ne e le Mesia mme ba amogela dithuto tsa gagwe. E re ka ba ne ba tlhomamisega ka dilo tseno le ka ntlha ya Dikwalo tsa Sehebera, ba ne ba dumela se Jesu a neng a se ruta. Ka jalo, fa Jesu a ne a bolela gore katlholo ya Modimo e ne e tlela Judea le Jerusalema ka ntlha ya go sa ikanyegeng ga gagwe, ba ne ba mo dumela. Mme fa a ne a ba bolelela gore ba ne ba tshwanetse go dirang go boloka matshelo a bone, ba ne ba go dira.

8 Jesu o ne a bolelela badumedi gore fa Jerusalema e dikaganyediwa ke masole, ba tshwanetse go tshaba. Masole a Baroma a ne a tla kgatlhanong le Jerusalema ka ngwaga wa 66 C.E. Mme ka nako eo Baroma ba ne ba boela morago ka lebaka le le sa tlhalosiwang. Seo e ne e le sesupo sa gore Bakeresete ba tswe mo motseng, ka gonne Jesu o ne a rile: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, he itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse. He a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe ba tloge, le ba ba mo mafelong a selegae a ba se ka ba tsena mo go ene.” (Luke 21:20, 21) Ba ba neng ba na le tumelo ya boammaaruri ba ne ba tswa mo Jerusalema le mafelo a a e dikologileng mme ba tshabela kwa go sireletsegileng teng.

Diphelelo Tsa go Tlhoka Tumelo

9, 10. (a) Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba bontsha go tlhoka tumelo mo go Jesu jang? (b) Diphelelo tsa go tlhoka tumelo ka tsela eo e nnile dife?

9 Mme ba ba neng ba se na tumelo ya boammaaruri ba ne ba dira eng? Ga ba a ka ba tshaba fa ba ne ba sa ntse ba na le sebaka sa go dira jalo. Ba ne ba akanya gore baeteledipele ba bone ba ne ba ka ba boloka. Le fa go ntse jalo, baeteledipele bao mmogo le balatedi ba bone le bone ba ne ba na le bosupi jwa gore Jesu ke Mesia. Ka jalo ke ka ntlha yang fa ba ne ba se ka ba dumela se a neng a se bolela? Ka ntlha ya dipelo tsa bone tse di boikepo. Seno se ile sa senolwa pelenyana fa ba ne ba bona ba le bantsi ba batho ba ba tlwaelegileng ba ologela kwa go Jesu fa a sena go tsosa Lasaro. Johane 11:47, 48 e bolela jaana: “Baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba phutha Sanehederine [kgotlatshekelo e kgolo ya Bajuda] mmogo mme ba simolola go re: ‘Re tla dirang, ka gonne monna yono [Jesu] o dira ditshupo tse dintsi? Fa re mo lesa ka tsela eno, botlhe ba tla baya tumelo mo go ene, mme Baroma ba tla tla mme ba tseye lefelo la rona mmogo le morafe wa rona.’” Temana 53 e re: “Jalo go tloga ka letsatsi leo go ya pele ba gakololana gore ba mmolaye.”

10 A bo e ne e le kgakgamatso e e itumedisang jang ne e Jesu a neng a e dira—ya go tsosa Lasaro mo losong! Mme baeteledipele ba bodumedi ba ne ba batla gore Jesu a bolaelwe go dira seo. Boikepo jwa bone jo bogolo bo ne jwa senolwa gape fa “baperesiti ba bagolo . . . ba gakololana go bolaya le Lasaro, ka gonne ka ntlha ya gagwe bontsi jwa Bajuda bo ne bo ya koo e bile bo baya tumelo mo go Jesu.” (Johane 12:10, 11) Lasaro o ne a sa tswa go tsosiwa mo baswing, mme baperesiti bao ba ne ba batla go mmolaya gape! Ba ne ba sa re sepe ka thato ya Modimo kana ka molemo wa batho. Ba ne ba le pelotshetlha, ba amegile fela ka maemo a bone le ka melemo ya bone. “Ba ne ba rata kgalaletso ya batho go feta le eleng kgalaletso ya Modimo.” (Johane 12:43) Mme ba ne ba otlhaelwa go tlhoka tumelo ga bone. Ka ngwaga wa 70 C.E., masole a Baroma a ne a boa mme a senya lefelo la bone le setšhaba sa bone, le ba le bantsi ba bone ba ne ba bolawa.

Tumelo e e Bontshiwang mo Motlheng wa Rona

11. Mo masimologong a lekgolo leno la dingwaga, tumelo ya boammaaruri e ne ya bontshiwa jang?

11 Mo lekgolong leno la dingwaga, go ile ga nna le banna le basadi ba bantsi ba ba nang le tumelo ya boammaaruri. Ka sekai, mo masimogolong a bo1900, batho ka kakaretso ba ne ba solofetse go bona isagwe e e nang le kagiso, le e e molemo. Ka nako eo, ba ba neng ba na le tumelo mo go Jehofa ba ne ba itsise gore batho ba ne ba tla tloga ba tsena mo motlheng o o neng o tla nna le mathata a a maswe le go feta. Seo ke se Lefoko la Modimo le neng la se bolelela pele mo go Mathaio kgaolo 24, 2 Timotheo kgaolo 3 le mo gongwe. Tota se batho bao ba tumelo ba ileng ba se bolela se ne sa diragala, go simolola ka 1914 ka Ntwa ya Lefatshe I. Eleruri lefatshe le ne la bona ‘malatsi a bofelo’ a a neng a boleletswe pele a na le “dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba itse boammaaruri ka maemo a lefatshe ka nako eo fa ba bangwe ba ne ba sa itse? Ka gonne, fela jaaka Joshua, ba ne ba na le tumelo gore go ne go se na lefoko lepe la ga Jehofa le le tla palelwang.

12. Gompieno, ke tsholofetso efe ya ga Jehofa e batlhanka ba gagwe ba e ikanyang ka botlalo?

12 Gompieno, batlhanka ba ga Jehofa, ba ba mo ikanyang, palo ya bone e gaufi le dimilione tse thataro mo lefatsheng lotlhe. Ba itse go tswa mo bosuping jwa go diragadiwa ga lefoko la Modimo la boporofeti gore o tla tloga a fedisa tsamaiso eno ya dilo e e thubakanyo, le ya boitsholo jo bo sa siamang. Ka jalo ba tlhomamisegile gore nako e atametse ya fa ba tla bo ba bona go diragadiwa ga 1 Johane 2:17, e e reng: “Lefatshe le a feta e bile go ntse jalo le ka keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” Batlhanka ba gagwe ba ikanya ka botlalo gore Jehofa o tla diragatsa tsholofetso eno.

13. O ka ikanya Jehofa go ya bokgakaleng bofe?

13 O ka ikanya Jehofa go ya bokgakaleng bofe? O ka tsenya botshelo jwa gago mo kotsing ka ntlha ya gagwe! Tota le fa o ka swa gone jaanong ka go bo o mo direla, o tla go busetsa botshelo jo bo molemolemo ka nako ya tsogo. Jesu o re tlhomamisetsa jaana: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo [ke gore, mo mogopolong wa Modimo] ba tla utlwang lentswe la gagwe mme ba tswe.” (Johane 5:28, 29) A o itse ngaka nngwe, moeteledipele wa dipolotiki, rasaense, rakgwebo, kana motho ope fela yo a ka dirang seo? Rekoto ya bone ya nako e e fetileng e bontsha gore ga ba kgone. Jehofa o ka kgona, e bile o tla se dira!

Isagwe e e Molemolemo ya Batho ba ba Ikanyegang

14. Lefoko la Modimo le solofetsa batho ba ba ikanyegang isagwe efe e e molemolemo?

14 Jesu o ne a supa ka fa lefatshe le lesha mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo le tlhomameng ka gone fa a re: “Go itumela ba ba maikutlo a bori, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5) Seno se ne se otlelela tsholofetso eno ya Modimo e e fitlhelwang mo go Pesalema 37:29: “Basiami ba tlaa rua lefatshe, ba tlaa aga mo go lone ka bosakhutleng.” Mme e ne ya re pele ga loso lwa ga Jesu, fa modirabosula a ne a bontsha tumelo mo go ene, Jesu o ne a raya monna yoo jaana: “O tla nna le nna mo Paradaeseng.” (Luke 23:43) Ee, jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, Jesu o tla tlhomamisa gore monna yono o tsosediwa go tshela mo lefatsheng a na le sebaka sa go tshelela ruri mo Paradaiseng eo. Gompieno, batho ba ba bontshang tumelo mo Bogosing jwa ga Jehofa le bone ba ka lebelela pele go tshela mo Paradaiseng fa “[Modimo a] tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4.

15, 16. Ke ka ntlha yang fa botshelo bo tla bo bo na le kagiso mo lefatsheng le lesha?

15 A re iseng megopolo ya rona kwa pele kwa lefatsheng leo le lesha. A ko o akanye re setse re tshela mo go lone. Ka bonako fela re setse re bona batho ba ba itumetseng gongwe le gongwe ba nna mmogo mo kagisong e e feletseng. Ba itumelela maemo a a tshwanang le a a tlhalositsweng mo go Isaia 14:7: “Lefatshe lotlhe le ikhutsitse, le iketlile; ba ponyega mo go opeleng.” Ke ka ntlha yang fa ba le mo boemong joo? Sa ntlha fela, ela tlhoko gore mabati a matlo ga a na dilloko. Ga ba di tlhoke, ka gonne ga go na bokebekwa kana thubakanyo. Go ntse fela jaaka Lefoko la Modimo le ne le bolela gore go tla nna: “Mongwe le mongwe wa bone o tlaa dula fa tlase ga mofine wa gagwe, le fa tlase ga mofeige wa gagwe; ope ga a ketla a ba boifisa.”—Mika 4:4.

16 Ga go tlhole go na le ntwa, ka gonne mo lefatsheng leno le lesha, ntwa e thibetswe. Dibetsa tsotlhe di fetotswe go nna didirisiwa tsa kagiso. Isaia 2:4 e tla bo e diragaditswe ka botlalo: “Di tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.” Mme gone, ke sone se re neng re se solofetse! Ka ntlha yang? Ka gonne banni ba le bantsi ba lefatshe le lesha ba ithutile go dira seo fa ba ntse ba direla Modimo mo lefatsheng le legologolo.

17. Ke maemo afe a botshelo a a tla bong a le teng mo Bogosing jwa Modimo?

17 Selo se sengwe se o se lemogang ke gore ga go na lehuma. Ga go na ope yo o nnang mo ditakaneng tse di fifetseng kana a apara makgasa kgotsa a se na legae. Mongwe le mongwe o na le legae le le ritibetseng le tulo e e tlhokometsweng sentle ka ditlhare le dithunya tse dintle. (Isaia 35:1, 2; 65:21, 22; Esekiele 34:27) Mme ga go na tlala ka gonne Modimo o diragaditse tsholofetso ya gagwe ya gore go tla nna le dijo tse di lekaneng botlhe: “Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba; loungo lwa one lo tlaa ebelega.” (Pesalema 72:16) Eleruri, tlase ga kaelo ya Bogosi jwa Modimo, paradaise e ntle e tla atolosediwa mo lefatsheng lotlhe, fela jaaka Modimo a ne a ikaeletse jalo bogologolo kwa Edena.—Genesise 2:8.

18. Mo lefatsheng le lesha, ke dilo dife tse di tla bong di sa tlhole di tsenya batho mo kotsing?

18 Gape o gakgamadiwa ke matlhagatlhaga a mongwe le mongwe a nang le one. Go ntse jalo ka gonne jaanong ba na le mebele le ditlhaloganyo tse di itekanetseng. Ga go tlhole go na le bolwetse, botlhoko, kana loso. Ga go na ope yo o mo setulong sa maotwana kana yo o robetseng kwa bookelong. Dilo tseo tsotlhe di fetetse ruri. (Isaia 33:24; 35:5, 6) Ebu, ga go na diphologolo dipe tse di bayang matshelo a batho mo kotsing, ka gonne maatla a Modimo a di dirile gore di nne le kagiso!—Isaia 11:6-8; 65:25; Esekiele 34:25.

19. Ke ka ntlha yang fa letsatsi lengwe le lengwe mo lefatsheng le lesha e tla bo e le la go “inatefisa”?

19 A bo banni ba lefatshe leno le lesha ba ba ikanyegang ba bopa setšhaba se se kgatlhisang jang ne! Maatla a bone le bokgoni jwa bone, le dikuno tsa lefatshe, di dirisiwa go solegela batho molemo, e seng go nna tse di utlwisang botlhoko; go dirisana le ba bangwe, e seng go gaisana le bone. Gape mongwe le mongwe yo o kopanang le ene ke motho yo o ka mo ikanyang ka gonne, jaaka Modimo a solofeditse, botlhe “ba tlaa rutwa ke Jehofa.” (Isaia 54:13) E re ka mongwe le mongwe a laolwa ke melao ya Modimo, lefatshe le “tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:9) Eleruri, letsatsi lengwe le lengwe mo lefatsheng leno le lesha le ntse jaaka Pesalema 37:11 e rile le tla nna, la go “inatefisa.”

Isagwe e e Itumedisang e Tlhomamisitswe

20. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne le isagwe e e nang le kagiso?

20 Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne gone mo isagweng eo e e itumedisang? Isaia 55:6 e re bolelela jaana: “Batlang Jehofa a sa ntse a ka bonwa; mmitseng a sa ntse a le gaufi.” Mme fa re ntse re batla, boikutlo jwa rona bo tshwanetse go nna jaaka jo bo tlhalosiwang mo go Pesalema 143:10: “O nthute go dira go rata ga gago; gonne o Modimo wa me.” Batho ba ba dirang seno ba ka tsamaya fa pele ga Jehofa ba se na molato mo malatsing ano a bofelo mme ba ka solofela go bona isagwe e e molemo. “Lepa moitekanedi, o lebe mothokgami; gonne bokhutlo jwa motho yoo ke kagiso. Ka ga batlodi, ba tlaa senngwa mmogo; bokhutlo jwa baikepi bo tlaa kgaolwa.”—Pesalema 37:37, 38.

21, 22. Ke eng se Modimo a se dirang gompieno, mme thapiso e dirwa jang?

21 Gone jaanong Jehofa o bitsa batho ba ba ratang go dira thato ya gagwe mo setšhabeng sengwe le sengwe. O ba dira motheo wa mokgatlho wa gagwe wa lefatshe le lesha, jaaka boporofeti jwa Baebele bo ne jwa bolelela pele jaana: “Go tlaa dirala mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele [nako e re tshelang mo go yone gone jaanong] . . . ditšhaba di le dintsi di tlaa ya di re: ‘Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa [kobamelo ya gagwe ya boammaaruri e e tlotlomaditsweng] . . . O tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe.’”—Isaia 2:2, 3.

22 Tshenolo 7:9 e tlhalosa batho bano e re ke “boidiidi jo bogolo . . . bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le batho le diteme.” Temana 14 e re: “Bano ke bone ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo,” ba falola bokhutlo jwa tsamaiso ya segompieno. Motheo ono wa lefatshe le lesha o setse o tla tloga o tshwara dimilione tse thataro, ka ba le bantsi ba basha ba ba nnang karolo ya one ngwaga le ngwaga. Batlhanka bano botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba thapisediwa go tshela mo lefatsheng la gagwe le lesha. Ba ithuta dinonofo tsa semoya le dinonofo tse dingwe tse di tlhokegang go fetola lefatshe leno go nna paradaise. Mme ba solofetse ka mo go feletseng gore Paradaise eo e tla nna selo sa mmatota ka gonne “ene yo o boletseng tsholofetso, o boikanngo.”—Bahebera 10:23.

Dintlha Tsa Poeletso

◻ Ke diphelelo dife tse di neng tsa tlisiwa ke go tlhoka tumelo mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

◻ Batlhanka ba Modimo ba ka mo ikanya go ya bokgakaleng bofe?

◻ Batho ba ba ikanyegang ba emetswe ke isagwe e e ntseng jang?

◻ Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne le isagwe e e itumedisang mo lefatsheng le lesha la Modimo?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Gone jaanong Jehofa o dira motheo wa mokgatlho wa lefatshe le lesha

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela