O ka Sireletsa Jang Bana ba Gago?
MORAGO ga go tsena sekolo se se gaufi le legae ka dingwaga tse dintsi, Wernera o ne a simolola dithuto tse di kwa godimo mmogo le basha ba bangwe ba ba ka nnang 3000 kwa São Paulo, kwa Brazil. E ne ya nna lekgetlho la ntlha, a bona baithutikaene ba rekisa le go dirisa diokobatsi. E re ka a ne a na le mmele o monnye, go ise go ye kae baithuti ba bagolwane ba ne ba simolola go mo tlhasela ka go mo rupisa ka tsela e e tlontlololang le e e kotsi.
Kgaitsadie Werner e bong Eva le ene o ne a na le mathata. E re ka a ne a batla go dira bojotlhe jwa gagwe, o ne a ithuta thata jaana mo e leng gore o ne a nna le letsapa le le feteletseng a bo a tlhakana tlhogo. Jaaka bana ba bangwe ba dingwaga tsa bolesome, Werner le Eva ba ne ba tlhoka go sirelediwa mo mmeleng le mo maikutlong. Bana ba gago ba tlhoka thuso ya mofuta ofe? O ka ba thusa jang gore ba siamele botshelo jwa go nna bagodi? Totatota, o batlela bana ba gago isagwe e e ntseng jang?
Ba Tlhoka se se Fetang go Tlamelwa
A o ko o akanye ka nakwana ka kgwetlho e batsadi ba lebanang le yone fa ba sireletsa bana ba bone gompieno. Ka ntlha ya boleng jwa botshelo jwa lelapa jo bo senyegelang pele le go oketsega ga lehuma, mo dinageng di le dintsi palo ya bana ba ba nnang mo mebileng e a oketsega. Go berekisiwa ga bona ka thata go nna teng ka go bo bana bano ba sa sirelediwe mo go dirisiweng ka tsela e e sa tshwanelang. Go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le gone go senya bana ba le bantsi. Ka sekai, fa mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome wa kwa Brazil a ne a tshwakgolwa ke diokobatsi, go ne go sa tlhole go na le kagiso kwa gagabo. Mo godimo ga gore batsadi ba gagwe ba ne ba tlaletswe, ba ne ba lebane le bothata jwa go duelela ditshenyegelo tsa gore a fole, mme le barekisi ba diokobatsi ba ba se nang kutlwelobotlhoko ba ne ba tla kwa ntlong ya bone ba le dikgoka ba batla go duelwa.
Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege dikgatelelo tseno tsa botshelo, batsadi ba le bantsi ba tswelela ba leka go naya bana ba bone e seng dijo, diaparo le mo ba nnang teng fela mme gape ba ba sireletsa mo thubakanyong, mo tirisong e e sa siamang ya diokobatsi le mo mathateng a mangwe. Ke boiteko jo bontle, a mme go lekane? Go tweng ka go ba sireletsa gore ba se ka ba gobala mo maikutlong le mo semoyeng? Batsadi ba le bantsi ba lemoga gore go nna motsadi yo o atlegang go akaretsa go lebana le dikgwetlho tse di akaretsang ditsala le boitlosobodutu jo bana ba bone ba bo tlhophang. Le fa go ntse jalo, batsadi ba ka tila jang go gagamatsa letsogo thata kana go le repisa thata? O kopiwa gore o sekaseke dikarabo tse di mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go dirisitswe maina a sele mo setlhogong seno.