LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 8/15 ts. 15-20
  • Go Nonotsha Tshepo ya Rona mo Tshiamong ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nonotsha Tshepo ya Rona mo Tshiamong ya Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ikutlwa re Bogile go sa Tlhokege
  • Go Ithuta go Tswa mo go Jona
  • Jaanong ke Nako ya go Nonotsha Tshepo ya Rona!
  • Jehofa o Tla Atlhola ka Tshiamo
  • Re Tshwanetse go Tshepa Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go ka Boa ga Tshepanwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • O ne A Ithuta go Nna Kutlwelobotlhoko
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne A Ithuta Thuto ya go Nna Pelotlhomogi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 8/15 ts. 15-20

Go Nonotsha Tshepo ya Rona mo Tshiamong ya Modimo

“Gore tshepo ya gago e nne mo go Jehofa ke go neile kitso.”—DIANE 22:19, NW.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba tshepa Jehofa? (Diane 22:19) (b) Ke eng se se supang gore batho bangwe ba tlhoka go nonotsha tshepo ya bone mo go Jehofa?

BAKERESETE ba boammaaruri ba segofaditswe ka go nna le kitso e e tlhomameng ya ga Jehofa le ka maikaelelo a gagwe. “Motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” o ba abela ka lorato ‘dijo ka nako e e tshwanetseng.’ (Mathaio 24:45) Kitso e ba nnang le yone e ba neela motheo o o nonofileng o o dirang gore ba tshepe Modimo. Ka gone, jaaka setlhopha, Basupi ba ga Jehofa ba bontsha go tshepa Jehofa thata le tshiamo ya gagwe.

2 Le fa go ntse jalo, go bonala Basupi bangwe fa ba le bangwe ba ka tlhoka go nonotsha tshepo e e ntseng jalo. Gangwe le gape Mokgatlho o amogela makwalo a a bontshang go belaela ditlhaloso dingwe tse di leng mo dikgatisong tsa one. Dipelaelo tseno di ka tswa di amana le diphetogo tse di malebana le tsela e re tlhaloganyang dilo ka yone, kana di ka tswa di le malebana le dikgang tse di amang motho yo o belaelang, segolobogolo fa e le tse di amang maikutlo.—Bapisa Johane 6:60, 61.

3. Ke eng tota se se ka diragalelang le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, mme ka ntlha yang?

3 Tota le batlhanka ba ga Jehofa ba diragalelwa ke se go buiwang ka sone mo go Moreri 9:11 (NW): “Ka boa ka bona fa tlase ga letsatsi gore ba ba bonako ga se bone ba fenyang lebelo‚ le ba ba thata ga se bone ba fenyang mo ntweng‚ le ba ba botlhale ga se bone ba ba nnang le dijo‚ e bile ba ba nang le tlhaloganyo ga se bone ba ba nnang le dikhumo‚ le ba ba nang le kitso ga se bone ba ratwang; gonne motlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang di ba wela botlhe.” Seno se ka itshupa se le boammaaruri jang ka tsela e e atologileng, kana ya semoya? Re ka tswa re itse Bakeresete ba ba neng ba le bonako go dirisa kgakololo ya Baebele, ba le pelokgale go sireletsa boammaaruri, ba le botlhale mo go diriseng melaometheo ya Baebele le go tlhoafalela go latela kitso e e tlhomameng. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya “motlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang,” bangwe jaanong ba ka tswa ba itsaya ba sa tlhole ba ka kgona go dira jalo ka ntlha ya dikotsi kana botsofe. Ba ka ipotsa gore a ba tla tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo pele ba swa.

4, 5. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba se na lebaka lepe la go se tshepe tshiamo ya ga Jehofa?

4 Fa Mokeresete a swelwa ke molekane wa gagwe wa lenyalo, botlhoko le go ikutlwa a latlhegetswe go nna boima thata. Ba ka tswa ba ile ba direla Jehofa e le banyalani ka dingwagangwaga kana ka masomesome a dingwaga. Molekane yo o tshelang o itse gore loso lo kgaoganya sebofo sa lenyalo.a (1 Bakorintha 7:39) Jaanong, go tila gore tshepo ya gagwe e se ka ya koafala, o tshwanetse go laola maikutlo a gagwe.—Bapisa Mareko 16:8.

5 A bo go le botlhale jang ne go leba loso lwa molekane, motsadi, ngwana, kana tsala e kgolo ya gago ya Mokeresete e le sebaka sa go supa tsela e o tshepang tshiamo ya ga Jehofa ka yone! Tota le fa re latlhegetswe ke dilo dingwe, re ka tshepa gore Jehofa ga a tshiamololo. Re ka tshepa gore mongwe le mongwe yo o bonang botshelo jo bo sa khutleng—e ka tswa e le ka go falola kana ka tsogo ya baswi—o tla itumela. Mopesalema o bolela jaana ka Modimo: “O huporolola seatla sa gago, o kgorise keletso ya ditshedi tsotlhe fela. Jehofa o tshiamo mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, o pelotshweu mo ditirong tsotlhe tsa gagwe. Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, e bong botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. O tlaa dira[ga]tsa keletso ya ba ba mmoifang; le gone o tlaa utlwa pitso ya bone, a ba boloke.”—Pesalema 145:16-19.

Go Ikutlwa re Bogile go sa Tlhokege

6, 7. (a) Ke ka ntlha yang fa Basupi bangwe ba ba neng ba boga mo nakong e e fetileng jaanong ba tlhaloganya dilo ka tsela e e farologaneng? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka se ka ra tsaya gore Jehofa o tshiamololo ka go bo a ile a letlelela go boga jalo mo nakong e e fetileng?

6 Mo nakong e e fetileng, Basupi bangwe ba ile ba boga ka ntlha ya go gana go nna le seabe mo tirong nngwe e jaanong digakolodi tsa bone di ba letlang go e dira. Ka sekai, seno se ka tswa se amana le tshwetso e ba neng ba e dirile dingwaga di sekae tse di fetileng malebana le mefuta mengwe ya tirelosetšhaba. Gone jaanong mokaulengwe a ka tswa a ikutlwa gore segakolodi sa gagwe se mo letla go dira tiro eo kwantle ga go tlola molao o o malebana le gore Bakeresete ba nne ba itlhaotse mo tsamaisong ya gompieno ya dilo.

7 A Jehofa o tshiamololo go bo a ile a dumelela gore a boge ka ntlha ya go gana se gone jaanong a ka se dirang kwantle ga go tseelwa dikgato dipe? Bontsi jwa ba ba neng ba diragalelwa ke seo ba ka se akanye jalo. Go na le moo, ba itumelela gore ba nnile le sebaka sa go bontsha phatlalatsa le ka phepafalo gore ba ne ba ititeile sehuba go nna ba nitame mo kgannyeng e e amang bolaodi jwa lobopo lotlhe. (Bapisa Jobe 27:5.) Ke lebaka lefe le motho a ka nnang le lone go ikwatlhaela go bo a ile a latela segakolodi sa gagwe mo go emeleng Jehofa a nitame? Ka go dira tumalanong le melaometheo ya Bokeresete jaaka ba ne ba e tlhaloganya ka boikanyegi kana go reetsa digakolodi tsa bone fa di ne di ba tlhagisa, ba ile ba itshupa ba tshwanela go nna ditsala tsa ga Jehofa. Tota go botlhale go tila go dira selo se se tla tshwenyang segakolodi sa gago kana se gongwe se ka kgopisang ba bangwe. Mo ntlheng eno re ka akanya ka sekai se moaposetoloi Paulo a se tlhomileng.—1 Bakorintha 8:12, 13; 10:31-33.

8. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba Bajuda, ba pele ba neng ba ngaparetse Molao, ba ne ba se na lebaka la go belaela tshiamo ya ga Jehofa?

8 E le gore Bajuda ba itumedise Jehofa, go ne go tlhokega gore ba boloke Melao e e Lesome le melao e mengwe gape e e ka tshwarang 600. Moragonyana, mo thulaganyong ya Bokeresete, go boloka melao eno go ne go sa tlhole go tlhokega fa motho a batla go direla Jehofa, tota le mo Bajudeng ba nama. Melao e e neng e sa tlhole e tlama e ne e akaretsa e e neng e amana le go rupa, go boloka Sabata, go ntsha diphologolo ditlhabelo le go se je dijo dingwe. (1 Bakorintha 7:19; 10:25; Bakolosa 2:16, 17; Bahebera 10:1, 11-14) Bajuda—go akaretsa le baaposetoloi—ba ba neng ba nna Bakeresete ba ne ba gololwa mo go bolokeng melao e go neng go tlhokega gore ba e boloke fa ba ne ba le ka fa tlase ga kgolagano ya Molao. A ba ne ba ngongoregela gore thulaganyo ya Modimo e ne e sa siama ka go bo pele e ile ya ba batla dilo tse jaanong di neng di sa tlhole di tlhokega? Nnyaa, ba ne ba itumelela go tlhaloganya maikaelelo a ga Jehofa ka tsela e kgolwane.—Ditiro 16:4, 5.

9. Ke eng se se neng sa diragalela Basupi bangwe, mme ke ka ntlha yang fa ba sa tshwanela go ikwatlhaela seo?

9 Mo metlheng ya segompieno, go ile ga nna le Basupi bangwe ba ba neng ba na le pono e e gagametseng thata malebana le se ba ka se dirang kana se ba ka se keng ba se dira. Ka ntlha ya seo, ba ne ba boga go feta ba bangwe. Moragonyana, go nna le kitso e e oketsegileng go ne ga ba thusa go atolosa tsela e ba lebang dilo ka yone. Mme ga ba na lebaka la go ikwatlhaela go bo pelenyana ba ne ba dira dilo go dumalana le segakolodi sa bone, tota le fa seno se ka tswa se dirile gore ba boge go feta. Ruri ba akgolelwa go bo ba ile ba bontsha go iketleeletsa go boga ka go bo ba batla go ikanyega mo go Jehofa, go “dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo.” Jehofa o segofatsa mofuta oo wa boineelo jwa bomodimo. (1 Bakorintha 9:23; Bahebera 6:10) Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana a na le temogo: “Fa e re lo dira molemo lo bo lo boga, lo go itshokela, seno ke selo se se itumedisang mo Modimong.”—1 Petere 2:20.

Go Ithuta go Tswa mo go Jona

10, 11. Jona o ne a bontsha jang gore ga a tshepe Jehofa (a) fa a ne a neelwa kabelo ya go ya kwa Ninefe? (b) fa Modimo a ne a sa senye Baninefe?

10 Fa Jona a sena go laelwa gore a ye kwa Ninefe, o ne a bontsha go se anaanele tsela e Jehofa a neng a mo tshepa ka yone. Fa Jona a sena go diragalelwa ke tiragalo e e tshosang e e neng ya bakwa ke go tlhoka go utlwa, o ne a itharabologelwa, a lemoga phoso ya gagwe, a amogela kabelo ya gagwe ya go ya kwa nageng e sele, mme a tlhagisa Baninefe ka tshenyego e e tlang. Mme ga direga sengwe se a neng a sa se lebelela: Ka gonne Baninefe ba ne ba ikwatlhaya, Jehofa o ne a ikemisetsa go tlogela go ba senya.—Jona 1:1–3:10.

11 Jona o ne a itshwara jang? O ne a ngongoregela Modimo mo thapelong a sa itumela. Lebaka la gagwe la go ngongorega e ne e le gore: ‘Ke itsile gore dilo di tla nna ka tsela eno. Ke gone ka moo ke neng ke sa batle go tla mo Ninefe. Jaanong, fa ke sena go diragalelwa ke seno sotlhe, go akaretsa le masetlapelo a a ntiragaletseng le go tlhabisiwa ditlhong ka go mediwa ke tlhapi e kgolo, le morago ga tiro e ke e dirileng ka natla ke tlhagisa Baninefe ka tshenyego e e tlang, bona jaanong gore go felela jang! Ke ne ka dira le go bogela lefela! Go botoka fa ke ka bo ke sule!’—Jona 4:1-3.

12. Ke eng se re ka se ithutang mo go se se ileng sa diragalela Jona?

12 A Jona o ne a na le lebaka le le utlwalang la go ngongorega? A Jehofa o ne a le tshiamololo go bo a ne a utlwela badirabosula ba ba neng ba ikwatlhaya botlhoko? Tota Jona o ne a tshwanetse go itumela; batho ba le dikete di le masomesome ba ne ba sa tle go tlhola ba senngwa! (Jona 4:11) Mme boikutlo jwa gagwe jwa go ngongorega ka lenyatso bo ne bo bontsha gore o ne a sa tshepe tshiamo ya ga Jehofa thata. O ne a ikakanyetsa ene fela a sa akanyetse batho ba bangwe. A re ithuteng mo go Jona gore re se ka ra ipaya kwa pele le go baya maikutlo a rona kwa pele ga a batho ba bangwe. A re tlhatswegeng pelo gore go ikobela Jehofa, go latela kaelo e a re nayang yone ka phuthego ya gagwe le go amogela ditshwetso tsa gagwe, ke selo se se siameng gore re se dire. Re tlhatswegile pelo gore “go tlaa nna molemo mo go ba ba boifang Modimo.”—Moreri 8:12.

Jaanong ke Nako ya go Nonotsha Tshepo ya Rona!

13. Rotlhe re ka nonotsha jang tsela e re tshepang Jehofa ka yone?

13 Go nonotsha tshepo ya rona mo go Jehofa ke tsela ya botlhale. (Diane 3:5-8) Ke boammaaruri gore re tshwanetse go dira se se fetang fela go rapela gore Jehofa a re thuse go nna le tshepo e e oketsegileng. Tshepo e godisiwa ke go nna le kitso e e tlhomameng, ka jalo re tshwanetse ra dira gore go ithuta Baebele ka namana, go bala Baebele mmogo le dibuka tse di tlhalosang Baebele, e nne karolo ya thulaganyo ya rona ya letsatsi le letsatsi. Go botlhokwa go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, fela jaaka go le botlhokwa go baakanyetsa sentle le go nna le seabe mo go tsone ka mo go ka kgonegang ka teng. Go itlwaetsa go abela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele, go fenya dikgoreletsi ka tsela e e botlhale, le gone go oketsa tshepo ya rona mo go Jehofa le mo Lefokong la gagwe. Ka gone re tla bo re dirisana mmogo le ene ka malatsi otlhe.

14. Ke ka ntlha yang fa gautshwane jaana go tla tloga go tlhokega gore batho ba Modimo ba bontshe go tshepa Jehofa go feta le e leng pele?

14 Gautshwane jaana, batho ba tla tloga ba welwa ke sepitla se segolo se se iseng se ko se diragale. (Mathaio 24:21) Fa se tlhasela jalo, batlhanka ba Modimo ba tla tlhoka go bontsha fa ba tshepa tshiamo ya ga Jehofa le kaelo e re e neelwang ke phuthego ya gagwe go feta le e leng pele. Ka tsela ya tshwantshetso, ka nako eo ba tla ikobela tlhagiso eno ya Modimo ba na le tshepo: “Ntlo, wena tšhaba ya me, o tsene mo matlonyaneng a gago, o itswalele mejako o le kwa teng; o iphitlhe ka lobaka lo lonnyennyane, go tsamaye kgakalo e fete.” (Isaia 26:20) Ba setse ba tsene mo tikologong e e sireletsegileng ya diphuthego tse di fetang 85 000 mo dinageng tse 232. Selo sepe fela se sengwe se se ka tswang se akarediwa mo tlhagisong e e reng “o tsene mo matlonyaneng a gago,” re ka tshepa gore Jehofa o tla re thusa go se dira.

15. Kgang ya go tshepa e ile ya gatelelwa jang ka 1998, mme ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanela go dira jalo?

15 Go botlhokwa gore re nonotshe tshepo ya rona gone jaanong. Fa re sa tshepe bakaulengwe ba rona ba Bakeresete, re sa tshepe phuthego ya ga Jehofa mme, mo godimo ga tsotlhe, re sa tshepe Jehofa ka boene, re ka se falole. Ka jalo a bo go tshwanela jang ne gore ka 1998, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ile ba gakololwa gangwe le gape, ka mafoko a temana ya bone ya ngwaga, gore “mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa”! (Baroma 10:13) Re tshwanetse go tswelela pele re tshepa seo. Fa re ka lemoga gore re na le go belaelanyana tshepo eno, re tshwanetse go leka go baakanya dilo gone jaanong, ee, gompieno.

Jehofa o Tla Atlhola ka Tshiamo

16. Ke eng se se ka diragalang ka tshepo ya rona fa re sa e nonotshe, mme re ka thibela jang gore seno se se ka sa diragala?

16 Mo go Bahebera 3:14, Bakeresete ba ba tloditsweng ba tlhagisiwa jaana: “Tota re nna banaleseabe ba ga Keresete fa fela re gagamatsa go ngangatlela ga rona tshepo e re neng re na le yone kwa tshimologong ka nitamo go ya bokhutlong.” Tota re ka re, mafoko ano a dira le mo Bakereseteng ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng. Tshepo e re neng re na le yone pele e ka fokotsega fa re sa e godise. A bo go le botlhokwa jang ne gore re tswelele pele re rafa kitso e e tlhomameng, ka go dira jalo re nonotsha motheo o tshepo ya rona e theilweng mo go one!

17. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore malebana le kgang ya go falola, Jesu o tla atlhola ka tshwanelo?

17 Keresete o tla tloga a tlhatlhoba ditšhaba tsotlhe gore a kgone go “kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe, fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi.” (Mathaio 25:31-33) Re ka tshepa gore Keresete o tla atlhola ka tshiamo fa a atlhola gore ke mang yo o tshwanelang go falola. Jehofa o mo neetse botlhale, temogo le dinonofo tse dingwe tse di tlhokegang “go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo.” (Ditiro 17:30, 31) E kete tumelo ya gago e ka tshwana le ya ga Aborahame, yo o neng a bolela jaana: “A go nne kgakala nao [Jehofa] go dira mo go ntseng jalo, go bolaya basiami le baikepi, ka e tlaa bo e le go re basiami ba ntse jaaka baikepi. Golo mo, a go nne kgakala nao; a Moatlhodi wa lefatshe lotlhe ga a ketla a dira tshiamo?”—Genesise 18:25.

18. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tshwenyega thata ka se re ka tswang re sa se itse gone jaanong?

18 Fa re tshepa tshiamo ya ga Jehofa ka botlalo, re ka se nnele go batla dikarabo tsa dipotso tse di jaaka: ‘Masea le bana ba bannye ba tla atlholwa jang? A go ka direga gore palo e kgolo ya batho e tla bo e ise e fitlhelelwe ka dikgang tse di molemo fa Aramagedona e tla? Go tweng ka batho ba ba lwalang bolwetse jwa tlhaloganyo? Go tweng ka . . . ?’ Ke boammaaruri gore gone jaanong re ka tswa re sa itse gore Jehofa o tlile go rarabolola dikgang tseno jang. Le fa go ntse jalo, o tla dira jalo ka tsela e e siameng le e e kutlwelobotlhoko. Ga re a tshwanela go belaela seo. Tota e bile, re tla gakgamadiwa le go itumedisiwa ke go mmona a di rarabolola ka tsela e re neng re sa e lebelela gotlhelele.—Bapisa Jobe 42:3; Pesalema 78:11-16; 136:4-9; Mathaio 15:31; Luke 2:47.

19, 20. (a) Ke ka ntlha yang fa go se phoso go botsa dipotso tse di utlwalang? (b) Jehofa o tla re neela dikarabo tse di tlhokegang leng?

19 Phuthego ya ga Jehofa ga e gane gore re ka botsa dipotso tse di tswang pelong, tse di tshwanelang, jaaka baganetsi bangwe ba bolela. (1 Petere 1:10-12) Le fa go ntse jalo, Baebele e gakolola gore re tile dipotso tsa boeleele, tsa go fopholetsa. (Tito 3:9) Go botsa dipotso tse di utlwalang le go batlisisa mo Lefokong la Modimo le dikgatiso tsa Bokeresete go batla dikarabo tse di tswang mo Dikwalong go ka oketsa kitso ya rona e e tlhomameng mme ka gone ga nonotsha tshepo ya rona mo go Jehofa. Phuthego e latela sekao sa ga Jesu. O ne a se ke a araba dipotso tse nako ya tsone ya go di araba e neng e ise e goroge. O ne a tlhalosa jaana: “Ke na le dilo di le dintsi tse ke santseng ke tshwanetse go di bua le lona, mme ga lo kgone go di sikara mo nakong eno.” (Johane 16:12) Gape o ne a dumela gore go na le dilo dingwe tse a neng a ise a di itse ka nako eo.—Mathaio 24:36.

20 Jehofa o sa ntse a na le dilo tse dintsi go di senola. A bo go le botlhale jang ne gore re mo emele, re tshepa gore o tla senola maikaelelo a gagwe ka nako e e tshwanetseng. Re ka tshepa gore fa nako ya ga Jehofa e e tshwanetseng e gorogile, re tla itumelela go nna le temogo e e oketsegileng mo ditseleng tsa gagwe. Ee, re tla duelwa, fa fela re tshepa Jehofa ka botlalo le phuthego e a e dirisang. Diane 14:26 e re tlhomamisetsa jaana: “Mo go boifeng Jehofa go na le boikanyo jo bo thata, mme bana ba gagwe ba tlaa dirana le botshabelo.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Tora ya Tebelo (ka Seesemane), October 15, 1967, tsebe 638; June 1, 1987, tsebe 30.

O Akanya Eng?

◻ Ke ka ntlha yang fa go se botlhale go dumelela maikutlo gore a koafatse tshepo ya rona mo go Jehofa?

◻ Ke eng se re ka se ithutang mo go se se neng sa diragalela Jona?

◻ Ke ka ntlha yang fa go ithuta Baebele le go nna gone kwa dipokanong go le botlhokwa jaana?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Le fa re lebane ke loso, re ka tshepa gore Jehofa o siame

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

A o tlhomamisegile gore o tshepa Jehofa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela