Go ka Boa ga Tshepanwa!
LE MORORO bothata jo bo leng teng gompieno jwa go se tshepane e le sesupo sa ‘malatsi a bofelo,’ go se tshepane go ne ga bonala dingwaga di le dikete tse di fetileng. (2 Timotheo 3:1) Go ne ga simologa mo lefelong le o neng o ka se ka wa akanya ka lone—mo paradaiseng. Baebele e bolela jaana ka lefelo leo: “Modimo a baya tshimo ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, mo Etene, a baya motho yo o mmopileng. Jehofa Modimo a medisa mo mmung setlhare sengwe le sengwe se se kgatlhang mo matlhong, le se se molemo go jewa; setlhare sa botshelo le sone fa gare ga tshimo, le setlhare sa kitso ya molemo le bosula.”—Genesise 2:8, 9.
Ditemana tse di latelang di tlhalosa gore seno se amana jang le bothata jwa gompieno jwa go se tshepane. Re bala jaana: “Jehofa Modimo a laola monna a re: ‘O ka ja fela setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka go rata; mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.’” (Genesise 2:16, 17) A Adame o ne a na le lebaka la go belaela se Jehofa a neng a se bolela?
Re bala gape jaana: “Jaana noga ya bo e le boferefere bogolo go ditshedi tsotlhe tsa naga tse Jehofa Modimo o di dirileng. Ya raya mosadi ya re: ‘Kana, a ruri Modimo o rile: “Lo se ka lwaa ja ditlhare tsa tshimo”?’ Mosadi a raya noga a re: ‘Re ka ja loungo lwa ditlhare tsa tshimo; mme loungo lwa setlhare se se fa gare ga tshimo, Modimo o rile: “Lo se ka lwa lo ja, le gone lo se ka lwa lo ama, lo ka tla lwaa swa.”’ Noga ya raya mosadi ya re: ‘Ruri ga lo ketla loo swa; gonne Modimo o a itse gore, e tlaa re mo letsatsing le lo lo jang, foo matlho a lona a tlaa buduloga, mme lo tlaa nna jaaka Modimo, lo itse molemo le bosula.’ Mosadi a re a bona fa setlhare se le molemo go jewa, se bile se kgatlha mo matlhong, le gone fa setlhare se eletsega go tlhalefisa motho, a tsaya loungo lwa sone, a ja. A ba a lo naya monna wa gagwe a na nae, le ene a ja.”—Genesise 3:1-6.
Ka go itlhokomolosa tlhagiso e e phepafetseng ya Modimo, Adame le Efa ba ne ba supa fa ba sa tshepe Jehofa. Ba ne ba etsa moganetsi wa Modimo e leng Satane, yo a neng a bua le Efa a dirisa noga ya mmatota. Satane o ne a sa tshepe tsela ya ga Jehofa ya go busa. Ka ntlha ya seno le ka ntlha ya go ikgogomosa le go ikgodisa, o ne a tsuologela le Modimo mme a tsietsa batho gore le bone ba dire jalo. O ne a ba tlhotlheletsa gore ba akanye gore ga ba a tshwanela go ikanya Modimo.
Matswela e Nnile Afe? Go Senya Botsala
O ka tswa o ile wa lemoga gore batho ba ba sa tshepeng batho ba bangwe ba nna le mathata a go boloka botsalano. Publilius Syrus, yo e leng mokwadi wa Molatini wa lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E., o ne a kwala jaana: “Go tshepana ke gone fela go bofaganyang botsala.” Fa Adame le Efa ba tsuologa ba ne ba supa gore ga ba ikanye Modimo. Ka jalo, go phepafetse gore go ne go se na lebaka la gore Modimo a ba ikanye. Ka go bo batho ba ntlha ba ne ba sa tlhole ba ikanya Modimo, kana go mo tshepa, ba ne ba latlhegelwa ke botsala jwa gagwe. Ga go na bosupi bope jwa gore Jehofa o kile a tlhola a bua le bone gape fa a sena go ba atlhola ka ntlha ya botsuolodi jwa bone.
Kamano ya ga Adame le Efa le yone e ne ya senyega. Jehofa o ne a tlhagisa Efa jaana: “O tlaa belega bana ka bohutsana; keletso ya gago e tlaa nna kwa monneng wa gago, mme o tlaa go laola.” (Genesise 3:16, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) The Jerusalem Bible e bolela jaana: “O tla rena mo godimo ga gago.” Go na le gore Adame a dirise botlhogo ka tsela e e lorato mo mosading wa gagwe, jaaka Modimo a ne a batla, jaanong o ne a tla nna morena wa gagwe, a rena mo godimo ga gagwe.
Fa ba sena go leofa, Adame o ne a leka go pega molato mo mosading wa gagwe. Go ya ka ene, e ne e le ka ntlha ya gagwe go bo ba lelekilwe mo tshimong e e molemo go ya kwa lefatsheng le le sa baakanngwang, ba hutsitswe ba boga mo maemong a a seng monate pele ga ba boela mo loroleng. (Genesise 3:17-19) Re ka akanya fela gore seno se ile sa baka kgotlhang jang fa gare ga bobedi jwa bone. Adame o ka tswa a ile a feteletsa dilo, a bolela gore a ka se tlhola a reetsa Efa gape. Gongwe o ne a akanya gore o tshwanetse gore tota a mmolelele gore, ‘Go tloga jaanong, ke nna morena!’ Kafa letlhakoreng le lengwe, Efa a ka tswa a ile a nna le pono ya gore Adame o paletswe ke go diragatsa seabe sa gagwe sa go nna tlhogo ya lelapa, a dira gore a se ka a tlhola a mo tshepa. Le fa go ntse jalo, ka go sa tshepe Modimo, batho ba ne ba latlhegelwa ke botsalano jwa bone le ene mme ba senya kamano ya bone ka bobone.
Re ka Ikanya Mang?
Ga se mongwe le mongwe yo o ka tshwanelwang ke gore re mo tshepe, jaaka sekai sa ga Adame le Efa se supa. Re ka itse jang gore ke mang yo o tshwanelwang ke gore re mo tshepe le yo o sa tshwanelang ke yone?
Pesalema 146:3 e re gakolola jaana: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene.” Mo go Jeremia 17:5-7, re bala jaana: “Go hutsegile monna yo o ikanyang motho, a ba a dira nama letsogo la gagwe, le yo pelo ya gagwe e tlogelang Jehofa.” Ka fa letlhakoreng le lengwe “go sego monna yo o ikanyang Jehofa, le yo Jehofa e leng tsholofelo ya gagwe.”
Gone ke boammaaruri, ga se ka metlha go leng phoso go tshepa batho. Ditemana tseo di supa fela gore fa motho a tshepa Modimo ga a kitla a swaba, mme go tshepa batho ba ba sa itekanelang ka dinako tse dingwe go ka felela ka masetlapelo. Ka sekai, batho ba ba ikanyang gore batho ba tla kgona go dira se e leng Modimo fela a ka kgonang go se dira—go tlisa poloko le go tlisa kagiso le polokesego e e feletseng—ba tla nna le maswabi.—Pesalema 46:9; 1 Bathesalonika 5:3.
Totatota, batho le ditheo tsa batho di ka tshepiwa fa fela di dira dilo tumalanong le maikaelelo a Modimo le fa di latela melaometheo ya bomodimo. Ka jalo, gore batho ba bangwe ba re tshepe, re tshwanetse go bua boammaaruri, re tshepege le go nna batho ba ba ka ikanngwang. (Diane 12:19; Baefeso 4:25; Bahebera 13:18) Fa re itshwara go ya ka melaometheo ya Baebele ke gone fela go ka dirang gore batho ba bangwe ba nne le lebaka la go re ikanya e leng se se tla dirang gore re nonotshane le go kgothatsana le bone.
Go Tshepana Gape
Basupi ba ga Jehofa ba na le lebaka le le nonofileng la gore ba tshepe Modimo le go kgothatsa ba bangwe gore le bone ba dire jalo. Jehofa o a ikanyega e bile o ikanyega ka nitamo, ke motho yo o ka ikanngwang ka metlha gore o tla dira se a se buileng ka gonne ‘ga go kgonege gore Modimo o ake.’ Motho ga a ne a swabisiwa ke Modimo o o lorato.—Bahebera 6:18; Pesalema 94:14; Isaia 46:9-11; 1 Johane 4:8.
Batho ba ba tshepang Jehofa ka kutlwano mme ba tshela ka melaometheo ya gagwe ba tlhotlheletsega thata gore ba tshepane. A bo e le boitumelo jang ne go bona batho ba ba ka ikanngwang mo lefatsheng leno le le nang le bothata jwa go tshepana! Akanya fela gore lefatshe le ne le tla nna monate jang fa re ne re ka tshepa ka botlalo se mongwe le mongwe a se buang le go se dira! Mo lefatsheng le lesha le le tlang le Modimo a le solofeditseng go tla nna jalo. Go ka se tlhole go na le bothata jwa go se tshepane!
A o tla rata go tshela ka nako eo? Fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa gore o nonotshe tsela e o tshepang Modimo ka yone le ditsholofetso tsa gagwe ka go ithuta go le gontsi ka dilo tse a batlang gore re di dire gore re bone botshelo. Go ithuta Baebele go neela bosupi jwa gore Modimo o teng, gore o amega ka boitekanelo jwa batho, le gore go ise go ye kae o tla tsaya kgato ya go rarabolola mathata a lefatshe ka Bogosi jwa gagwe. Go na le dimilione tse di ithutileng go tshepa Modimo le Lefoko la gagwe e leng Baebele. Basupi ba ga Jehofa ba tla go bontsha ka boitumelo tiro e e direlwang batho botlhe ya thuto ya Baebele e ba e abelang batho mahala. Kana kwalela bagatisi ba makasine ono go bona tshedimosetso e e oketsegileng.
[Mafoko a a mo go tsebe 5]
Go se tshepe Modimo go dira gore dikamano tsa batho di senyege
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Batho ba ka tshepiwa fa fela ba dira dilo tumalanong le melaometheo ya bomodimo