LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 8/15 ts. 3-4
  • Ke Eng Fa go Sa Tshepanwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Fa go Sa Tshepanwe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sesupo sa Metlha
  • Go ka Boa ga Tshepanwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go Nonotsha Tshepo ya Rona mo Tshiamong ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Re Tshwanetse go Tshepa Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 8/15 ts. 3-4

Ke Eng Fa go Sa Tshepanwe?

‘A TOTA o ka ikanya motho ope fela mo malatsing ano?’ O ka tswa o ile wa utlwa mongwe yo o kgobegileng marapo a botsa potso eno. Kana wena ka bowena o ka tswa o ile wa botsa potso eo fa o ne o tshwenyegile mo maikutlong ka ntlha ya sengwe se se diragetseng mo botshelong jwa gago.

Kwantle ga pelaelo, go sa tshepe ditheo le batho go aname mo lefatsheng lotlhe. Gantsi, go sa tshepe batho gono go a tshwanela. A tota go na le mongwe yo a ka lebelelang gore bontsi jwa boradipolotiki ba boloke ditsholofetso tsa bone tsotlhe tse ba di dirileng pele ga ba tlhophiwa? Patlisiso nngwe ya 1990 e e dirilweng mo baithuting ba le 1000 kwa Jeremane e ne ya bontsha gore le fa diperesente di le 16,5 tsa bone di tshepa gore boradipolotiki ba tla rarabolola mathata a lefatshe, baithuti ba palo e e fetang eo gabedi ba ne ba belaela thata. Bontsi jwa bone ba ne ba bolela gore ga ba tshepe gore boradipolotiki ba ka kgona go rarabolola mathata e bile ga ba tshepe gore ba batla go dira jalo.

Lekwalodikgang la Stuttgarter Nachrichten le ne la ngongorega jaana: “Boradipolotiki ba le bantsi ba kgotsofatsa pele dikgatlhego tsa bone ka bobone mme morago ga foo fa go kgonega ba bo ba akanya ka dikgatlhego tsa batho ba ba ba tlhophileng.” Batho ba dinaga tse dingwe ba dumalana le seo. Lekwalodikgang la The European le ne la bolela jaana ka naga nngwe: “Basha ba na le lebaka le le utlwang la go nyatsa boradipolotiki mme batho ba bagolo le bone ba ikutlwa jalo.” Le ne la bolela gore ‘gantsi batlhophi ba na le go leleka boradipolotiki mo ditirong tsa bone.’ Lekwalodikgang le ile la bolela gape jaana: “Mongwe le mongwe fela yo o fetsang nako a na le basha [koo] o lemoga ka bonako kafa ba sa tshepeng ope ka teng le kafa ba ikutlwang ba tlaletswe ka teng.” Le fa go ntse jalo, fa batho ba sa tshepe, puso e e tlhophilweng ke bontsi jwa batho e ka se ka ya fitlhelela sepe. John F. Kennedy yo e kileng ya bo e le poresidente ya kwa United States o kile a bolela jaana: “Selo se se ka thusang puso go atlega ke fa batho ba e tshepa.”

Go fetoga go sa lebelelwa ga itsholelo le go palelwa ga dithulaganyo tsa go huma ka bonako go ile ga dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba tlhola ba tshepa ditheo tsa madi tsa lefatshe. Ka nako ya fa mebaraka ya madi e ne e sa tlhomama ka October 1997, makasine mongwe wa dikgang o ne wa bua ka “kgang ya go se tshepe go gogolo kana ka dinako tse dingwe go se tshepe ka tsela e e sa utlwaleng” le ka “kgang ya go tlhotlheletsana go se tshepe.” O ile wa bolela gape gore “go se tshepe go ile ga oketsega thata jaana [kwa nageng nngwe ya Asia] mo e leng gore go bonala fa go nna gone fela ga puso . . . go tshosediwa.” Fa o sobokanya dilo, o ne wa bolela selo se se itlhalosang: “Ikonomi e ikaegile ka go tshepana.”

Bodumedi le jone bo palelwa ke go dira gore batho ba bo tshepe. Lekwalopaka la bodumedi la Sejeremane la Christ in der Gegenwart le akgela jaana ka kutlobotlhoko: “Selekanyo se batho ba tshepang Kereke ka sone se nna se ngotlega.” Fa gare ga 1986 le 1992, palo ya Bajeremane ba ba neng ba tshepa kereke thata, kana bobotlana ba e tshepa ka selekanyo se se rileng e ile ya fokotsega go tswa go diperesente di le 40 go ya go di le 33. Tota e bile, kwa go se pele e neng e le Jeremane Botlhaba, e fokotsegile ka diperesente di le 20. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba neng ba tshepa kereke go sekaenyana kana ba sa e tshepe gotlhelele ba ne ba oketsega go tswa go diperesente di le 56 go ya go di le 66 kwa go se pele e neng e le Jeremane Bophirima mme e ne ya oketsega kwa go se pele e neng e le Jeremane Botlhaba go ya go diperesente di le 71.

Go fokotsega ga go tshepana ga go bonale fela mo go tsa dipolotiki, tsa madi le tsa bodumedi—dilo tse tharo tse di botlhokwa thata mo bathong. Sekai se sengwe ke sa go diragadiwa ga molao. Diphoso tse di lemogiwang mo melaong ya bokebekwa, mathata a go diragatsa molao ka tshiamiso le ditshwetso tse di belaetsang tsa dikgotlatshekelo, di ile tsa dira gore batho ba se ka ba tlhola ba di ikanya. Go ya ka makasine wa Time, “baagi le mapodise ba kgobegile marapo thata mo ba sa tlholeng ba tshepa tsamaiso e e nnelang go golola disenyi tse di kotsi.” Tota le go tshepa mapodise go ngotlegile ka ntlha ya go bo ba latofadiwa ka ditiro tsa tsietso le bosetlhogo.

Malebana le dipolotiki tsa dinaga tsotlhe, go folotsa ga dipuisano tsa kagiso le go se tshegetse ditumalano tsa go baya marumo fa fatshe go dira gore dinaga di se ka tsa tshepana. Moemedi wa United States kwa lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Bill Richardson, o tlhalosa selo se segolo se se dirang gore go se ka ga nna le kagiso kwa Botlhabagare, ka go bolela fela jaana: “Go sa tshepane.”

Mme mo maemong a a amang motho ka namana, batho ba le bantsi ga ba tshepe tota le ba losika le ditsala, bone ba gantsi motho a yang kwa go bone gore ba mo kgothatse le go mo gomotsa fa a na le mathata. Seno se tshwana thata le boemo jo bo neng jwa tlhalosiwa ke moporofeti wa Mohebera e bong Mika: “Lo se ka lwa ikanya tsala, lo se ka lwa ikanya mogogi; o dibele mejako ya molomo wa gago mo go ene mosadi yo o robalang mo sefubeng sa gago.”—Mika 7:5.

Sesupo sa Metlha

Moithutatlhaloganyo wa Mojeremane e bong Arthur Fischer o ne a nopolwa bosheng jaana a bolela jaana: “Go tshepa kgatelo pele ya setšhaba le go tshepa isagwe ya motho ka namana go ngotlegile thata mo dilong tsotlhe. Basha ga ba dumele gore ditheo tsa setšhaba di tla ba thusa. Ba ya bokgakaleng jwa gore ba se ka ba tshepa sepe fela, e ka tswa e le dipolotiki, bodumedi kana mokgatlho ope fela.” Ga go gakgamatse go bo moithutaloago e bong Ulrich Beck a bua ka “tlwaelo ya go belaela” babusi ba ba sa bolong go nna gone, ditheo le bomankge.

Tlwaelo e e ntseng jalo, e dira gore batho ba rate go ikgogona mo go ba bangwe, ba sa batle go laolwa ke ope mme ba tshela go ya ka tsela e bone ba e batlang, ba itirela ditshwetso ba sa kope kgakololo epe kana kaelo epe mo go ba bangwe. Bangwe ba belaela ba bangwe ka tsela e e feteletseng, tota le e leng go se akanyetse fa ba dirisana le batho ba ba akanyang gore ba ka se ka ba tlhola ba ba ikanya. Boikutlo jono bo rotloetsa moya o o sa tshwanelang, o o ntseng jaaka o o tlhalosiwang mo Baebeleng: “Mo malatsing a bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng ka nitamo, ba ba se nang katamalano e e bothitho ya tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, basenyabathomaina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale bo tshabegang, ba ba se nang lorato lwa bomolemo, ba ba neelang batho ka boferefere, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.” (2 Timotheo 3:1-5; Diane 18:1) Eleruri, bothata jwa go sa tshepane gompieno ke sesupo sa metlha, sesupo sa ‘malatsi a bofelo.’

Mo lefatsheng leno le le nang le bothata jwa go se tshepane e bile le tletse batho ba ba ntseng jaaka ba ba tlhalosiwang fa godimo, tota botshelo bo ka se ka jwa itumelelwa ka botlalo. A mme go a utlwala go akanya gore dilo di tla fetoga? A bothata jwa gompieno jwa go se tshepane bo tla fenngwa? Fa e le gore go ntse jalo, bo tla fenngwa jang mme gone leng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela