Ke ne Ka Bona Sengwe se se Gaisang Gauta
JAAKA GO BOLETSE CHARLES MYLTON
Letsatsi lengwe Rre o ne a re: “A re romele Charlie kwa Amerika kwa madi a tlhogang mo ditlhareng teng. A ka nna a fitlha a iponela mangwe mme a re a romelela!”
TOTATOTA batho ba ne ba akanya gore mebila ya Amerika e dirilwe ka gauta. Mo malatsing ao, botshelo bo ne bo le bokete tota kwa Yuropa botlhaba. Batsadi ba me ba ne ba na le polasinyana e nnye ba ruile dikgomo di sekae le dikgogo. Re ne re se na motlakase le fa e le diphaephe tsa metsi tsa mo ntlong. Mme ka nako eo, go ne go se ope wa baagelani yo o nang le tsone.
Ke tsholetswe kwa Hoszowczyk ka January 1, 1893, mo e batlang e le dingwaga di le 106 tse di fetileng. Motsana wa rona o ne o le mo Galicia, e leng porofense e ka nako eo e neng e laolwa ke puso ya Austria le Hungary. Gone jaanong Hoszowczyk e kwa Poland botlhaba gaufi le Slovakia le Ukraine. Mariga a teng a ne a le bogale mme kapoko ya teng e ne e boitshega. Fa ke le dingwaga tse supa, ke ne ke tle ke tsamaye mo e ka nnang sekgala sa halofo ya kilometara go ya molapong ke tshotse selepe go fitlha ke phunya leroba mo aeseng gore ke ge metsi. Ke ne ke a rwalela gae mme Mmè a fitlhe a apaye ka one le go phepafatsa ka one. O ne a tlhatswa diaparo kwa molapong, a dirisa dikgapetla tse dikgolo tsa kapoko go sugela diaparo mo go tsone.
Kwa Hoszowczyk go ne go se na dikolo, mme gone ke ne ka ithuta go bua Se-Poland, Se-Russia, Se-Slovak le Se-Ukraine. Re godiseditswe mo kerekeng ya Greek Orthodox mme ke ne ke le mosimane yo o thusang mo aletareng. Mme gone, go tloga ke sa le mmotlana, ke ne ke kgopisiwa ke baruti ba ba neng ba re re se ka ra ja nama ka Labotlhano ntswa bone ba ne ba go dira.
Bangwe ba ditsala tsa rona ba ne ba sa tswa go bowa kwa ditirong tsa bone kwa United States ba tlile ka madi go tla go tlhabolola magae a bone le go reka didirisiwa tsa polasi. Seno ke sone se se neng sa dira gore Rre a akanye ka go nthomela kwa Amerika le baagelani bangwe ba ba neng ba boela teng. E ne e le ka 1907 fa ke le dingwaga tse 14.
Go Latlhega mo Amerika
Go ise go ye kae ke fa ke le mo sekepeng mme mo dibekeng tse pedi ke fa re setse re kgabagantse Atlantic. Ka nako eo o ne o tlhoka go nna le didolara tse 20, e seng jalo ba ne ba go busetsa gae. Ke ne ke na le papetlana ya didolara tse 20, ka jalo ke ne ka nna mongwe wa dimilionemilione tsa batho ba ba neng ba kgabaganya Setlhaketlhake sa Ellis, kwa New York, e leng kgoro ya go tsena ka Amerika. Boammaaruri ke gore, madi a ne a sa tlhoge mo ditlhareng e bile le mebila e ne e sa dirwa ka gauta. Tota e bile bontsi jwa yone e ne e sa tshelwa sepe!
Re ne ra fitlha ra palama terena e e yang kwa Johnstown, Pennsylvania. Banna ba ke neng ke na le bone ba ne ba setse ba kile ba nna teng mme ba ne ba itse ntlo nngwe ya bonno e ke neng nka ya go nna kwa go yone. Ke ne ke tshwanetse go senka kgaitsadiake yo mogolo yo o neng a nna kwa Jerome, Pennsylvania, mme moragonyana ke ne ka utlwa gore e dikilometara di le 25 fela go tswa foo. Mme ke ne ke tle ke re, Yarome mo boemong jwa gore Jerome ka gonne ka segaetsho “J” o bidiwa “Y.” Go ne go se motho ope yo o itseng Yarome ka jalo ke ne ka iphitlhela ke le mo nageng e ke sa e itseng ke sa kgone go bua Seesemane e bile ke se na madi a a lekaneng.
Ke ne ke fetsa moso mongwe le mongwe ke senka tiro. Kwa ofising ya badiri go ne go tle go thapiwe batho ba babedi fela kana ba bararo mo boidiiding jo bo neng bo letile kwa ntle. Ka jalo letsatsi le letsatsi ke ne ke boela kwa ntlong ya bonno ke fitlha ke ithuta Seesemane ke dirisa dibuka tsa go ithuta. Ka dinako tse dingwe ke ne ke tle ke bone tironyana ya nakwana, mme go ne ga feta dikgwedi di le dintsi ke sa bone epe le madi a me a ne a setse a fela.
Go Kopana le Bana ba Gaetsho
Letsatsi lengwe ke ne ka feta gaufi le hotele e e nang le bara e e gaufi le seteishene sa terena. Dijo tsa teng di ne di nkga monate tota! Fa motho a reka galase ya biri, e e neng e ja disente di le tlhano, o ne a ka newa le disamentšhisi le di-hot dog mahala. Morekisi wa bara o ne a ntlhomogela pelo mme a nthekisetsa biri le mororo ke ne ke sa letlelelwa go ya ka dingwaga tse me.
Fa ke ntse ke ja, banna bangwe ba ne ba tsena mme ba nthaya ba re: “Dira ka bonako, fetsa go nwa! Terena e e yang Jerome e etla.”
“A o raya e e yang Yarome?” ke ne ka botsa jalo.
Banna bano ba ne ba re: “Nnyaa, e e yang Jerome.” Ke ka nako eno ke neng ka itse kwa kgaitsadiake a nnang teng. Tota e bile, teng kwa bareng eno ke ne ka kopana le monna yo o neng a nna matlo a mararo fela go tswa fa a nnang teng! Ka jalo ke ne ka reka tekete ya terena mme kgabagare ka kopana le kgaitsadiake.
Kgaitsadiake le monna wa gagwe ba ne ba na le ntlo ya bonno e ba neng ba e hirisetsa badiri ba meepo ya magala, mme ke ne ka nna le bone. Ba ne ba mpatlela tiro ya go lebelela pompo e e neng e gopa metsi go tswa mo moepong. Nako le nako fa e ne e sa bereke, ke ne ke tshwanelwa ke go bitsa makheneke. Ke ne ke duelwa disente tse 15 ka letsatsi. Go tswa foo ke ne ka bereka mo seporong sa terena, kwa go dirwang ditena teng, le mo inshorenseng tota. Moragonyana ke ne ka fudugela kwa Pittsburgh, kwa nkgonne Steve a neng a nna teng. Teng koo re ne ra bereka mo madirelong a tshipi gaufi le boubelo jo bo neng bo le mogote thata. Ga ke ise nko ke bone tiro e e neng ya ntuela madi a a lekaneng go ka a romela gae.
Lelapa le Phitlho
Letsatsi lengwe fa ke ya tirong, ke ne ka bona lekgarebe lengwe le le neng le bereka mo dikitšhing le eme fa pele ga kgoro ya mo le neng le bereka teng. Ke ne ka bua jaana ka pelo, ‘Banna, o montle jang ne.’ Dibeke tse tharo morago ga moo, ka 1917, nna le Helen re ne ra nyalana. Mo dingwageng tse di lesome tse di neng tsa latela, re ne ra nna le bana ba le barataro mme mongwe wa bone o ne a tlhokafala a sa le lesea.
Ka 1918 ke ne ka bona tiro ya go kgweetsa kolotsana kwa Pittsburgh Railways. Gaufi le mo kolotsana e neng e nna teng go ne go na le khefi e motho a neng a ka reka kofi mo go yone. Beng ba yone ba babedi ba Bagerika ba ne ba bonala ba sa tshwenyege le fa o sa reke sepe fa fela ba ne ba ka go rerela ka Baebele. Ke ne ke tle ke re: “A lo raya gore lefatshe lotlhe le phoso mme ke lona fela loobabedi ba lo nepileng?”
Ba ne ba tle ba re: “Itlhatlhobele seo mo Baebeleng!” Le fa go ntse jalo, ka nako eo ba ne ba se ka ba kgona go ntlhatswa pelo.
Ka maswabi, ka 1928, mogatsake Helen o ne a lwala. Ke ne ka romela bana kwa go kgaitsadiake le monna wa gagwe kwa Jerome gore ba ba tlhokomele sentle. Ka nako eo ba ne ba rekile polasi. Ke ne ke etela bana gangwe le gape mme ke ba tlamela ka madi go duelela dijo tsa bone. Gape ke ne ke ba romelela diaparo. Ka maswabi, bolwetse jwa ga Helen bo ne jwa etegela, mme o ne a swa ka August 27, 1930.
Ke ne ka tlalelwa le go ikutlwa ke latlhegile. Fa ke ya kwa moruting go ya go dira dithulaganyo tsa phitlho, o ne a re: “Ga o tlhole o le leloko la kereke eno. O feditse lobaka lo lo fetang ngwaga o sa duele dikabelo.”
Ke ne ka mo tlhalosetsa gore mosadi wa me o feditse lobaka lo loleele a lwala le gore madinyana a ke neng ke na le one ke ne ka tshwanelwa ke go a romelela bana gore ba duele dikabelo kwa kerekeng ya kwa Jerome. Go ntse go le jalo, ke ne ka tshwanelwa ke go adima didolara di le 50 go duelela madi a a setseng kwa morago pele ga moruti a dumela go mo fitlha. Gape moruti o ne a batla didolara tse dingwe tse 15 pele ga a ka tshwara Mmisa kwa ntlong ya ga mogoloe Helen koo ditsala le ba losika di neng di kgobokanetse teng go tshwarela tirelo ya matshediso teng. Ke ne ke se na didolara tseo tse 15, mme moruti o ne a dumela go tla go tshwara Mmisa fa fela ke ne nka mo duela fa ke sena go amogela.
Fa letsatsi la go amogela le fitlha, ke ne ka tshwanelwa ke go rekela bana ditlhako le diaparo tsa sekolo. Dibeke di le pedi moragonyana, moruti o ne a palama kolotsana e ke neng ke e kgweetsa. O ne a re: “O sa ntse o nkolota didolara tsele tse 15.” Morago ga moo, fa a fologa o ne a ntshosa ka go re, “Ke ya kwa mookameding wa gago go mo laela gore a goge madi a me mo tuelong ya gago.”
Morago ga tiro ke ne ka ya kwa go mookamedi go mo tlhalosetsa se se diragetseng. Le mororo e ne e le Mokatoliki, o ne a re, “Fa morutinyana yoo a ka tla fa, o tla nkitse sentle!” Mafoko ao a ne a dira gore ke simolole go akanya, ‘Se baruti ba se batlang fela ke madi a rona, ga ba ke ba re ruta Baebele.’
Go Ithuta Boammaaruri
Lekgetlo le le latelang fa ke le kwa khefing ya Bagerika ba babedi bale, re ne ra tlotla ka se moruti a se ntirileng. Ka ntlha ya seo, ke ne ka simolola go ithuta le Baithuti ba Baebele, e leng leina le Basupi ba ga Jehofa ba neng ba itsege ka lone ka nako eo. Ke ne ka fetsa bosigo jotlhe ke bala Baebele le dikgatiso tsa Baebele. Ke ne ka ithuta gore Helen o ne a sa boge kwa pakatoring jaaka moruti a boletse, go na le moo, o ne a ithobaletse mo losong. (Jobe 14:13, 14; Johane 11:11-14) Ee ruri, ke ne ka bona sengwe se se gaisang gauta—boammaaruri!
Dibeke di sekae morago ga moo, kwa pokanong ya me ya ntlha le Baithuti ba Baebele kwa Garden Theatre kwa Pittsburgh, ke ne ka tsholetsa letsogo mme ka re, “Mo maitsiboeng ano ke ithutile dilo tse dintsi ka Baebele go feta tse ke di ithutileng mo dingwageng tsotlhe tse ke di feditseng ke tsena kereke.” Moragonyana, fa go ne go bodiwa gore ke mang yo o ka ratang go nna le seabe mo tirong ya go rera mo letsatsing le le latelang, ke ne ka tsholetsa letsogo gape.
Morago ga moo, ka October 4, 1931, ke ne ka bontsha gore ke ineetse mo go Jehofa phatlhalatsa ka go kolobediwa mo metsing. Ka nako eo, ke ne ka kgona go hira ntlo nngwe mme ka lere bana go tla go nna le nna, ka hira le motho yo o neng a tla nthusa go ba tlhokomela. Le mororo ke ne ke na le maikarabelo a lelapa, go tloga ka January 1932 go ya go June 1933, ke ne ka nna le seabe mo bodireding jo bo kgethegileng, jo bo bidiwang jo bo thusang, jo ka jone ke neng ke fetsa diura tse 50 go ya go tse 60 kgwedi nngwe le nngwe ke bua le batho ba bangwe ka Baebele.
Ka nako eo ke ne ka simolola go lemoga lekgarebe lengwe le lentle le le neng le bonala le palama kolotsana ya me ka metlha fa le ya tirong le fa le bowa. Re ne re tle re tlhomane matlho mo seiponeng sa koloi. Ke kafa ke neng ka kopana le Mary ka teng. Re ne ra ratana mme ra nyalana ka August 1936.
Ka 1949, ka gonne ke ne ke setse ka na le lobaka lo loleele mo tirong, ke ne ka letlwa go itlhophela go bereka nako e e neng ya ntetla go ka nna mmulatsela, e leng bodiredi wa nako e tletseng. Morwadiake yo mmotlana, e bong Jean, o ne a simolola go nna mmulatsela ka 1945, mme re ne ra bulatsela mmogo. Moragonyana Jean o ne a kopana le Sam Friend, yo o neng a direla kwa Bethele, kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York.a Ba ne ba nyalana ka 1952. Ke ne ka tswelela pele ke bula tsela kwa Pittsburgh mme ka nna le batho ba bantsi ba ke ithutang Baebele le bone, ka nako nngwe ke ne ke ithuta le malapa a le 14 beke nngwe le nngwe. Ka 1958, ke ne ka tsaya phenshene mo tirong ya me ya go kgweetsa kolotsana. Morago ga foo, tiro ya bobulatsela e ne ya nna motlhofo ka jaana ke ne ke sa tlhole ke bereka diura tse robedi ka letsatsi.
Ka 1983, Mary o ne a lwala. Ke ne ka leka go mo tlhokomela e re ka a ne a feditse dingwaga tse 50 a ntlhokometse sentle. Kgabagare ka September 14, 1986, o ne a tlhokafala.
Go Bona Kwa ke Tsaletsweng Teng
Ka 1989, Jean le Sam ba ne ba ya le nna kwa kopanong ya kwa Poland. Re ne ra etela le kwa lefelong le ke goletseng kwa go lone. Ka nako ya fa Ba-Russia ba gapa kgaolo eo, ba ne ba fetola maina a ditoropo tsa teng mme ba fudusetsa batho kwa dinageng tse dingwe. Mongwe wa bonkgonne o ne a fuduseditswe kwa Istanbul mme kgaitsadiake ene kwa Russia. Mme batho ba re neng ra ba botsa ba ne ba sa itse leina la motse wa gaetsho.
Ke ne ka simolola go gakologelwa dithaba dingwe tse di neng di le gaufi le foo. Fa re ntse re atamela, ke ne ka simolola go gakologelwa le dilo tse dingwe—thota, tsela e e maphata, kereke, noka e e fetang ka fa tlase ga borogo. Teng fela foo, re sa solofela, re ne ra bona letshwao le le reng, “Hoszowczyk”! Bakomonisi ba ne ba sa tswa go latlhegelwa ke taolo ya kgaolo eo, mme maina a pele a ne a busediwa.
Ntlo ya gaetsho e ne e sa tlhole e le gone, le fa go ntse jalo, onto e re neng re apeela kwa ntle ka yone e ne e sa ntse e le gone e khurumeditswe go sekae ke mmu. Go tswa foo ke ne ka supa setlhare sengwe se segolo mme ka re: “A lo bona setlhare sele. Ke ne ka se jala pele ga ke ya kwa Amerika. Bona fela gore se godile jang!” Go tswa foo re ne ra ya kwa mabitleng, go ya go senka maina a ba lelapa la gaetsho, mme ga re a ka ra bona ape.
Go Dira Gore Boammaaruri bo Tle Pele
Fa monna wa ga Jean a se na go swa ka 1993, o ne a mpotsa gore a ke batla gore a tlogele Bethele a tle go ntlhokomela. Ke ne ka mmolelela gore o ne a tla bo a dira phoso e kgolo go dira jalo, mme le jaanong ke sa ntse ke ikutlwa jalo. Ke ne ka nna ke le nosi go fitlha ke le dingwaga tse 102, mme morago ga moo go ne ga tlhokega gore ke fudugele mo legaeng la batsofe. Ke sa ntse ke le mogolwane mo Phuthegong ya Bellevue mo Pittsburgh, mme bakaulengwe ba tla go ntsaya go ya le nna kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi ka malatsi a Sontaga. Le mororo gone jaanong ke sa kgone go bereka thata mo tirong ya go rera, ke sa ntse ke le mo lenaaneng la babulatsela ba ba bokoa mo mmeleng.
Go ralala dingwaga ke ile ka itumelela go tsena dikolo tse di kgethegileng tsa Mokgatlho wa Watch Tower, tsa go thapisa balebedi. Ngogola ka December, ke ne ka nna gone kwa dikarolong dingwe tsa Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi sa bagolwane ba phuthego. Mme monongwaga ka April 11, Jean o ne a ya le nna kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete, e leng mokete o ke anaanelang thata go nna le seabe mo go one fa e sa le go tloga ka 1931.
Bangwe ba batho ba ke ileng ka ithuta Baebele le bone gone jaanong ke bagolwane, ba bangwe ke barongwa kwa Amerika Borwa mme ba bangwe ke borremogolo ba ba direlang Modimo le bana ba bone. Bana ba me ba bararo—Mary Jane, John le Jean—le bontsi jwa bana ba bone le ditlogolwana ba direla Jehofa Modimo ka boikanyegi. Ke rapela gore letsatsi lengwe morwadiake yo mongwe le ditlogolwana tsa me le ditlogotlogolwana tse dingwe le tsone di ka dira fela jalo.
Gone jaanong ke le dingwaga tse 105 jaana, ke sa ntse ke kgothaletsa mongwe le mongwe go ithuta Baebele le go buisana le batho ba bangwe ka se a ithutileng sone. Ee, ke tlhatswegile pelo gore fa o tsalana thata le Jehofa, ga o kitla o swaba ka gope. Ka go dira jalo, le wena o ka nna le sengwe se se gaisang gauta e e nyelelang—boammaaruri jo bo re nayang tshono ya go nna le botsala jo bo molemo thata le Moneibotshelo wa rona, Jehofa Modimo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Kgang ya botshelo jwa ga Sam Friend e tlhaga mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 1, 1986, ditsebe 22-6.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Fa ke ne ke kgweetsa kolotsana
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Mo legaeng la batsofe mo jaanong ke nnang gone
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Letshwao la tsela le re neng ra le bona ka 1989