Go Letelwa ke Tiro e Kgolo
“GO NE go se na moya wa go gaisana. Mongwe le mongwe o ne a batla gore botlhe ba atlege,” go ne ga rialo Richard le Lusia, fa ba tlhalosa baithutikabone ba setlhopha sa bo105 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Moithutikabone e bong Lowell o ne a dumalana jaana: “Re farologane thata, le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe o tsaya moithuti yo mongwe a le botlhokwa thata.” O ne a oketsa jaana: “Go farologana ga rona go dirile gore re ratane thata.”
Setlhopha seno se se neng sa aloga ka September 12, 1998, ruri se ne se na le baithuti ba ba farologaneng thata. Baithuti bangwe ba sone ba ne ba ntse ba bula tsela mo mafelong a go neng go tlhokega baboledi ba bantsi thata ba Bogosi kwa go one; ba bangwe ba ne ba ntse ba bula tsela ka boikanyegi mo mafelong a a gaufi le magae a bone. Ba sekae ba bone ba ba jaaka Mats le Rose-Marie, ba ne ba tshwanelwa ke go dira ka natla thata go tokafatsa Seesemane sa bone pele ga ba tla sekolong seno. Bontsi jwa baithuti bano ba simolotse go akanyetsa tirelo ya borongwa go tloga mo bongwaneng. Banyalani bangwe ba ile ba dira kopo ka makgetlo a le 12; a bo ba ile ba itumela jang ne fa ba amogela taletso ya go tla mo setlhopheng seno sa bo105!
Dibeke tse 20 tsa thapiso eno e e tseneletseng di ile tsa feta ka bofefo. Baithuti bano ba ne ba ipona fela ba setse ba isitse tlhatlhobo ya bone ya bofelo e bile ba setse ba neetse le pego ya bone e e sa kwalweng le letsatsi la kalogo le setse le gorogile.
Modulasetulo wa thulaganyo e bong Albert Schroeder, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a gakolola baithuti gore ba “[letetswe] ke tiro e kgolo ya go ruta Baebele,” ba pata ba bangwe ba ba fetang 7000 ba ba ileng ba tla Gileade pele ga bone. O ile a bolela gore mo selemong seo baithuti ba ile ba nna le tshono e e molemo ya go kopana le barongwa ba bangwe ba ba nang le nako e telele mo tirong eno ka nako ya fa ba ne ba etetse kwa ntlokgolo malebana le dikopano tsa ditšhabatšhaba.
Go tswa foo Mokaulengwe Schroeder o ne a bitsa Max Larson, wa Komiti ya Ditsamaiso Tsa Bethele. O ne a neela puo ya setlhogo se se reng “Thuto e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.” Mokaulengwe Larson o ne a nopola Diane 1:5, e e reng: “Motho yo o botlhale [o tle] a utlwe, a totafale mo go ithuteng; le gore motho wa tlhaloganyo [o tle] a ye go tshwara dikgakololo tse di itekanetseng.” Gore morongwa a nne le matswela o tshwanetse go nna le botswerere. Batho ba ba ditswerere ba ema fa pele ga dikgosi. (Diane 22:29) Baithuti bano ba ne ba eme sentle go ka emela Dikgosi tse dikgolo go feta tsotlhe, Jehofa Modimo le Keresete Jesu, morago ga gore ba fetse dikgwedi tse tlhano ba tlhatlhelelwa.
David Olson wa Lephata la Tirelo, o ne a latela ka setlhogo se se reng “Thusa mo go Direng Gore Pelo ya ga Jehofa e Itumele.” O ne a botsa jaana: “Ke eng se batho ba ba sa itekanelang ba ka se dirang gore pelo ya Modimo e itumele?” Karabo? Ka go mo direla ka boikanyegi, ka thokgamo le ka boipelo. Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba itumelele go mo direla. Fa re dira thato ya Modimo ka boipelo, re dira gore pelo ya gagwe e itumele. (Diane 27:11) Mokaulengwe Olson o ne a bala lekwalo go tswa kwa banyalaning bangwe ba barongwa ba ba ileng ba aloga mo setlhopheng sa Gileade sa bo104. A ba itumelela kabelo ya bone e ntšha? Ba ne ba kwala jaana malebana le phuthego ya bone, “Re na le baboledi ba ka nna 140, mme mo dipokanong go tla palogare ya batho ba ka nna 250 go ya go 300. Tirelo ya tshimo ke yone e e itumedisang thata. Mongwe le mongwe wa rona o ithuta le batho ba le banè, mme bangwe ba bone ba setse ba nna gone mo dipokanong.”
Lyman Swingle, wa Setlhopha se se Laolang, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Iphe Nako ya go Akanya ka Masego a o Nnileng le One.” Thapiso ya Gileade e ba lereditse masego a mantsi. E thusitse baithuti go oketsa kitso ya bone, e nonotshitse kanaanelo ya bone ka phuthego ya ga Jehofa le go leka go nna le dinonofo tse di botlhokwa tse di jaaka boikokobetso. Mokaulengwe Swingle o ne a re: “Go tla fano o tla go fetsa nako e ntsi o reeditse tao ke selo se se kokobetsang motho thata,” a bo a oketsa a re: “O tswa fano o etleetsegile sentle go ka tlotlomatsa Jehofa.”
Setlhogo sa puo e e neng ya neelwa ke Daniel Sydlik, yo le ene e leng wa Setlhopha se se Laolang, se ne se re, “O na Le Boipelo jo Bogolo Ruri—Ka Jalo, o Tlhobaelelang?” O ne a kgothatsa ka gore, fa mathata a tsoga, senka kaelo ya Dikwalo. Mokaulengwe Sydlik o ne a bontsha kafa seno se ka dirwang ka teng a dirisa ditemana dingwe tse a di tlhophileng mo go Mathaio kgaolo ya bo6. Go tlhaela tumelo go ka re dira gore re tlhobaele ka dilo tse di sa reng sepe tse di jaaka dijo le diaparo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o itse se re se tlhokang. (Mathaio 6:25, 30) Go tlhobaela go tla gakatsa mathata a re kopanang le one letsatsi le letsatsi. (Mathaio 6:34) Kafa letlhakoreng le lengwe, go tlhokega gore motho a nne le thulaganyo e e rileng. (Bapisa Luke 14:28.) Mokaulengwe Sydlik o ile a tlhalosa jaana: “Se Jesu a neng a re se phoso ke go tlhobaela ka isagwe go sa tlhokege e seng go akanyetsa isagwe ka kelotlhoko. Go tsaya kgato ke tsela e e molemo ya go fenya go tlhobaela. Fa re ikutlwa re tlhobaela, go molemo gore re tseye kgato ya go bua le ba bangwe ka boammaaruri.”
Kgakololo ya Bofelo go Tswa go Batlhatlheledi
Go ne ga latela dipuo tse tharo tsa maloko a sekolo sa Gileade Karl Adams e ne ya nna ene yo o di bolotsang ka setlhogo se se reng “O Tla Duela Jehofa ka Eng?” Puo ya gagwe e ne e remeletse mo go Pesalema ya bo116, e leng e Jesu a ka tswang a ile a e opela mo bosigong jwa pele ga loso lwa gagwe. (Mathaio 26:30, mokwalo o o kwa tlase mo go NW) Jesu o ne a akantse eng fa a tla tloga a opela mafoko a a reng: “Ke tla duela Jehofa ka eng ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna”? (Pesalema 116:12, NW) A ka tswa a ne a akantse ka mmele o o itekanetseng o Jehofa a neng a mmaakanyeditse one. (Bahebera 10:5) Mo letsatsing le le latelang o ne a tlile go ntsha mmele oo go nna setlhabelo, a supa bogolo jwa lorato lwa gagwe. Baithuti ba setlhopha sa bo105 ba ne ba iponetse ka matlho kafa Jehofa a ileng a nna molemo ka teng mo go bone mo dikgweding tse tlhano tse di fetileng. Jaanong ba ne ba tla bontsha kafa ba ratang Modimo ka teng ka go dira ka natla mo dikabelong tsa bone tsa borongwa.
Mark Noumair, motlhatlheledi wa bobedi wa Gileade yo o neng a neela puo e e latelang, o ne a neela baithuti kgakololo e e reng “Nna o Dire se se Siameng.” Morago ga gore Josefa a rekisiwe go nna lekgoba kwa Egepeto, o ne a itshokela go tshwarwa makgwakgwa ka dingwaga di le 13. A o ne a letla gore dilo tse di sa siamang tse di neng di dirwa ke batho ba bangwe di mo phutlhamise? Nnyaa, o ne a nna a dira se se siameng. Go tswa foo, ka nako e Modimo a e tlhomileng, Josefa o ne a namolwa mo ditekong tsa gagwe. O ne a ipona fela a setse a dule mo kgolegelong mme a nna mo ntlong ya segosi. (Genesise, dikgaolo 37-50) Motlhatlheledi o ne a botsa baithuti jaana: “Fa dilo di ka direga ka tsela e lo sa e lebelelang mo kabelong ya lona ya borongwa, a lo tla e tlogela? A lo tla ineela ka ntlha ya go tlalelwa? Kana a lo tla itshoka jaaka Josefa?”
Kwa bofelong, mookamedi wa Sekolo sa Gileade e bong Wallace Liverance, o ne a etelela pele motlotlo o o monate le maloko a setlhopha seo wa setlhogo se se reng “Itsiseng Kgosi le Bogosi.” Baithuti bangwe ba ne ba anela dilo tse di neng tsa direga fa ba ne ba rera ka ntlo le ntlo, mo mabenkeleng le mo mebileng. Ba bangwe ba ile ba bolela kafa ba ileng ba neela bosupi ka teng mo bathong ba ba buang puo e sele. Ba bangwe bone ba ne ba bontsha kafa go ka rerelwang batho ba madumedi a sele ka teng. Baalogi botlhe ba ne ba tlhagafaletse go ya go nna le seabe ka botlalo mo bodireding kwa tshimong ya borongwa.
Barongwa ba Kgale ba ba Itumetseng
Puo e e latelang e ne e na le setlhogo se se reng “Matswela a a Itumedisang a Tirelo ya Borongwa,” ka Robert Wallen mme mo go yone go ne ga botsolodiwa bakaulengwe ba banè ba ba dirang kwa ntlokgolo ba bosheng jaana ba ileng ba utlwa maitemogelo a a kgothatsang go tswa mo barongweng ba ba nang le maitemogelo. Barongwa bao ba ile ba dumela gore ga go motlhofo go ithuta puo e ntšha, go tlwaela ngwao e sele kana tlelaemete e sele. Gape go na le bohutsana jwa go tlhoafalela gae go motho a tshwanetseng go go itshokela. Ka dinako tse dingwe motho o a lwala. Mme gone, barongwa bano ba ile ba kgona go itshokela dilo tseo ka go nna le maikutlo a a molemo, mme boitshoko jwa bone bo ile jwa duelwa. Bangwe ba bone ba thusitse batho ba bantsi go itse Jehofa. Ba bangwe ba ile ba nna le seabe ka ditsela tse di farologaneng mo koketsegong ya tiro ya Bogosi mo dinageng tsa bone.
Yo o neng a garela e ne e le Carey Barber, leloko la Setlhopha se se Laolang. O ne a boeletsa dintlhakgolo tsa thulaganyo ya kopano ya “Tsela ya Modimo ya Botshelo.” O ne a botsa bareetsi jaana: “Thulaganyo ya kopano eno e ile ya ama kamano ya gago le Jehofa jang?” Sebui se ile sa supa pharologano e kgolo e e leng gone mo go lateleng tsela ya Modimo le masetlapelo a a nnang gone ka ntlha ya go latela tsela ya lefatshe. O ile a tlhagisa jaana fa a bua ka boleo jwa ga Moshe kwa Meriba: “Tota le fa motho a ile a fetsa dingwaga tse dintsi a ikanyega, Jehofa ga a ne a mpampetsa dilo le fa motho yoo a ka tlola melao ya Gagwe e e siameng go sekae fela.” (Dipalo 20:2-13) E kete batlhanka ba Modimo gongwe le gongwe kwa ba teng ba ka ngangatlela tshiamelo ya bone e kgolo ya tirelo!
Nako e ne e gorogile ya gore baithuti ba amogele didipoloma tsa bone. Morago ga foo, moemedi wa setlhopha o ne a bala lekwalo le le tlhalosang kafa baithuti ba anaanelang ka teng thapiso e ba e neetsweng. Morago ga pina e e konelang le thapelo e e tswang pelong, thulaganyo ya kalogo e ne e fedile. Mme mo setlhopheng seno sa bo105, seo e ne e le tshimologo fela, ka gonne ba ne ba “[letetswe] ke tiro e kgolo” kwa dikabelong tsa bone tse disha tsa borongwa.
[Lebokoso mo go tsebe 23]
Dipalopalo Tsa Setlhopha
Palo ya dinaga tse di emetsweng: 9
Palo ya dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone: 17
Palo ya baithuti: 48
Palo ya banyalani: 24
Palogare ya dingwaga tsa bone: 33
Palogare ya dingwaga tsa bone mo boammaaruring: 16
Palogare ya dingwaga tsa bone mo bodireding jwa nako e tletseng: 12
[Lebokoso mo go tsebe 24]
Ba Tlhophile Tirelo ya Nako e Tletseng
Ben, yo o alogileng mo setlhopheng seno sa bo105 a re: “Fa ke sa le monnye ke ne ke sa ikaelela go nna mmulatsela. Ke ne ke akanya gore batho ba ba ka kgonang go nna babulatsela ke fela ba ba nang le bokgoni jo bo kgethegileng le ba maemo a bone a ba letlang. Mme gone, ke ne ka ithuta go rata tirelo ya tshimo. Letsatsi lengwe ke ne ka lemoga gore go nna mmulatsela go bolela fela go nna le seabe se segolwane mo bodireding. Ke ka nako eno ke neng ka lemoga gore nka kgona go nna mmulatsela.”
Lusia a re: “Badiredi ba nako e tletseng ba ne ba tseelwa kwa godimo mo legaeng la rona.” O gopola kafa go neng go tlala boitumelo ka teng mo phuthegong nako le nako fa barongwa ba etile. A re: “Fa ke ntse ke gola, go ne go itsege gore ke akanyetsa go na modiredi wa nako e tletseng.”
Mmaagwe Theodis o ne a tlhokafala a le dingwaga tse 15. A re: “Ka nako eo, phuthego e ile ya nkema nokeng tota, ka jalo ke ile ka ipotsa, ‘Nka dirang go supa kanaanelo ya me?’” Seno se ne sa dira gore a tsenele tirelo ya nako e tletseng mme jaanong o tsenetse tiro ya borongwa.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Dialogane Tsa Setlhopha sa bo105 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade
Mo lenaaneng le le fa tlase fano, dinomore tsa mela eno di kwadilwe di balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago mme maina a thathamisitswe go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe
(1) Sampson, M.; Brown, I.; Heggli, G.; Abuyen, E.; Desbois, M.; Pourthié, P. (2) Kassam, G.; Lindberg, R.; Dapuzzo, A.; Taylor, C.; LeFevre, K.; Walker, S. (3) Baker, L.; Pellas, M.; Woggon, E.; Böhne, C.; Asplund, J.; Haile, J. (4) Pourthié, T.; Whittaker, J.; Palmer, L.; Norton, S.; Gering, M.; Haile, W. (5) Walker, J.; Böhne, A.; Groenveld, C.; Washington, M.; Whittaker, D.; Abuyen, J. (6) Gering, W.; Washington, K.; Pellas, M.; Desbois, R.; Heggli, T.; Asplund, Å. (7) Woggon, B.; LeFevre, R.; Taylor, L.; Brown, T.; Groenveld, R.; Palmer, R. (8) Norton, P.; Sampson, T.; Baker, C.; Lindberg, M.; Kassam, M.; Dapuzzo, M.