A Dithapelo Tsa Gago di ‘Baakantswe e le Maswalo’?
“E kete thapelo ya me e ka baakanngwa e le maswalo fa pele ga gago.”—PESALEMA 141:2, NW.
1, 2. Go fisiwa ga maswalo go ne go tshwantshetsa eng?
JEHOFA MODIMO o ne a laela Moshe moporofeti wa gagwe go dira maswalo a a boitshepo go a dirisa mo kobamelong mo motlaaganeng wa Baiseraele. Modimo o ne a mo laela gore a a dire ka motswako wa monko wa dilo tse nnè. (Ekesodo 30:34-38) A ne a nna le monko o o monate tota.
2 Kgolagano ya Molao e Baiseraele ba neng ba le mo go yone e ne e letla gore go fisiwe maswalo letsatsi le letsatsi. (Ekesodo 30:7, 8) A go dirisiwa ga maswalo ao go ne go na le bokao jo bo kgethegileng? Ee, ka gonne mopesalema o ile a opela jaana: “E kete thapelo ya me e ka baakanngwa e le maswalo fa pele ga gago [Jehofa Modimo], go tsholediwa ga diatla tsa me e le tshupelo ya maitseboa ya dijo tsa ditlhaka.” (Pesalema 141:2, NW) Mo bukeng ya Tshenolo, moaposetoloi Johane o tlhalosa batho ba ba fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo sa kwa legodimong ba na le megopo ya gouta e tletse maswalo. Pego eno e e tlhotlheleditsweng ya re: “Mme maswalo a kaya dithapelo tsa baitshepi.” (Tshenolo 5:8) Ka jalo, go fisiwa ga maswalo a a nkgang monate go tshwantshetsa dithapelo tse Jehofa a di amogelang tse batlhanka ba gagwe ba di rapelang bosigo le motshegare.—1 Bathesalonika 3:10; Bahebera 5:7.
3. Ke eng se se tshwanetseng go re thusa go ‘baakanya dithapelo tsa rona jaaka maswalo mo Modimong’?
3 Fa re batla gore Modimo a amogele dithapelo tsa rona, re tshwanetse go mo rapela ka leina la ga Jesu Keresete. (Johane 16:23, 24) Mme gone, re ka tokafatsa boleng jwa dithapelo tsa rona jang? Fa re ka akanya ka dikai dingwe tsa Dikwalo go tla re thusa go dira gore dithapelo tsa rona di nne jaaka maswalo mo go Jehofa.—Diane 15:8.
Rapela ka Tumelo
4. Tumelo e amana jang le thapelo e e amogelegang?
4 Gore dithapelo tsa rona di tlhatlogele kwa Modimong jaaka maswalo a a nkgang monate, re tshwanetse go rapela re na le tumelo. (Bahebera 11:6) Fa bagolwane ba Bakeresete ba fitlhela gore motho yo o lwalang semoyeng o amogela thuso ya bone ya Dikwalo, “thapelo [ya bone] ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa.” (Jakobe 5:15) Rraarona wa selegodimo o itumelela dithapelo tse di rapelwang ka tumelo, mme gape o a itumela fa re rapela ka nako ya fa re ithuta Lefoko la Modimo. Mopesalema o ile a bontsha go nna le maikutlo a a siameng fa a ne a opela jaana: “Le tsone diatla tsa me, ke tlaa di tsholeletsa kwa ditaolong tsa gago, tse ke di ratileng; mme ke tlaa tlhatlhanya ditao tsa gago. Nthuta temogo e e molemo, le kitso; gonne ke dumetse ditaolo tsa gago.” (Pesalema 119:48, 66) A re ‘tsholetseng diatla tsa rona’ re rapele ka boikokobetso re bo re bontshe tumelo ka go tshela go ya ka ditaelo tsa Modimo.
5. Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re tlhaela botlhale?
5 A re re gongwe re tlhaela botlhale jo bo tlhokegang go ka lebana le teko nngwe. Gongwe ga re tlhomamisege gore boporofeti bongwe jwa Baebele bo diragadiwa gone jaanong. Go na le go letla gore seo se re reketlise semoyeng, a re rapeleleng botlhale. (Bagalatia 5:7, 8; Jakobe 1:5-8) Ke boammaaruri gore re ka se lebelele gore Modimo a re arabe ka tsela nngwe ya kgakgamatso. Re tshwanetse go bontsha gore re rapela re tlhoafetse ka go dira dilo tse a lebeletseng gore batho botlhe ba gagwe ba di dire. Go botlhokwa gore re nonotshe tumelo ya rona ka go ithuta Dikwalo ka thuso ya dikgatiso tsa “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” (Mathaio 24:45-47; Jošua 1:7, 8) Gape re tshwanetse go nonotsha kitso ya rona ka go nna le seabe ka metlha mo dipokanong tsa batho ba Modimo.—Bahebera 10:24, 25.
6. (a) Rotlhe re tshwanetse go lemoga eng malebana le motlha wa rona le go diragadiwa ga dipolelopele tsa Baebele? (b) Mo godimo ga go rapelela gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe, ke eng gape se re tshwanetseng go se dira?
6 Gompieno Bakeresete bangwe ba gwalalela menate le mekgele ya bone ka namana jaaka e kete ga ba tlhole ba lemoga gore gone jaanong re setse re tseneletse thata mo “motlheng wa bokhutlo.” (Daniele 12:4) Badumedikarona ba ka rapelela ba ba ntseng jalo gore ba tsosolose kana ba nonotshe tumelo ya bone mo bosuping jwa Dikwalo jwa gore go nna gone ga ga Keresete go simologile ka 1914 fa Jehofa a ne a mo tlhoma go nna Kgosi ya selegodimo le gore o busa mo gare ga baba ba gagwe. (Pesalema 110:1, 2; Mathaio 24:3) Rotlhe re tshwanetse go lemoga gore ditiragalo tse di boleletsweng pele tse di jaaka go senngwa ga bodumedi jwa maaka—“Babelona o Mogolo”—go tlhasela batho ba ga Jehofa ga bosatane ga ga Goga wa Magoga le go namolwa ga bone ke Modimo Mothatayotlhe ka nako ya ntwa ya Aramagedona, di ka nna tsa direga ka tshoganyetso e kgolo e bile di ka nna tsa direga tsotlhe fela mo lobakeng lo lo khutshwane. (Tshenolo 16:14, 16; 18:1-5; Esekiele 38:18-23) Ka jalo, a re rapeleng Modimo gore a re thuse re nne re tsogile semoyeng. E kete rotlhe re ka rapela ka tlhoafalo gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe, Bogosi jwa gagwe bo tle le gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng jaaka e dirwa kwa legodimong. Ee, a re tsweleleng pele re bontsha tumelo le go supa gore re rapela dithapelo tsa rona ka tlhoafalo. (Mathaio 6:9, 10) Ee, e kete botlhe ba ba ratang Jehofa ba ka batla pele Bogosi jwa gagwe le tshiamo le go nna le seabe ka botlalo kafa go ka kgonegang ka teng mo go rereng dikgang tse di molemo pele bokhutlo bo tla.—Mathaio 6:33; 24:14.
Baka Jehofa O bo O mo Leboge
7. Ke eng se se go kgatlhang ka thapelo ya ga Dafide e bontlhabongwe jwa yone bo kwadilweng mo go 1 Ditirafalo 29:10-13?
7 Tsela e e botlhokwa thata ya go ‘baakanya dithapelo tsa rona jaaka maswalo’ ke ka go baka Modimo le go mo leboga go tswa pelong. Kgosi Dafide o ne a rapela thapelo e e ntseng jalo fa ene le Baiseraele ba ne ba ntsha meneelo ya go aga tempele ya ga Jehofa. Dafide o ile a rapela jaana: “A go bakwe wena Jehofa Modimo wa Iseraele, rraetsho, ka bosakhutleng le ka bosaengkae. Bogolo ke jwa gago, Jehofa, le thata, le kgalalelo, le phenyo le borena; gonne tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng ke tsa gago; bogosi ke jwa gago, Jehofa, mme o goleditswe o le tlhogo mo godimo ga tsotlhe. Khumo le yone tlotlo di tswa mo go wena, o busa gotlhe fela; mo seatleng sa gago go na le nonofo le bonatla; le go godisa go mo seatleng sa gago, le go abela botlhe thata. Ke gone jaana, Modimo wa rona, re a go leboga, re baka leina la gago le le galalelang.”—1 Ditirafalo 29:10-13.
8. (a) Ke mafoko afe a pako a a mo go Dipesalema 148 go ya go 150 a a go amang pelo thata? (b) Ke eng se re tla se dirang fa e le gore re dumalana le mafoko a a mo go Pesalema 27:4?
8 A mafoko a a molemo jang ne a pako le malebogo! Dithapelo tsa rona di ka nna tsa bo di se manontlhotlho jalo, mme gone le tsone e ka nna tse di tswang pelong. Buka ya Dipesalema e tletse ka dithapelo tsa tebogo le tsa pako. Dipesalema 148 go ya go 150 di na le mafoko a a molemo a pako. Dipesalema di le dintsi di na le mafoko a go leboga Modimo. Dafide o ile a opela jaana: “Ke lopile selo sengwe mo go Jehofa, ke sone se ke tlaa se senkang; ke gore ke tle ke age mo ntlong ya ga Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa me, go leba bontle jwa ga Jehofa le go botsa mo tempeleng ya gagwe.” (Pesalema 27:4) A re direng tumalanong le dithapelo tseo ka go nna le seabe ka botlalo mo ditirong tsotlhe tse di dirwang mo diphuthegong tsa ga Jehofa. (Pesalema 26:12) Go dira jalo le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi go tla re naya mabaka a mantsi a go atamela Jehofa go mmaka le go mo leboga.
Senka Thuso ya ga Jehofa ka Boikokobetso
9. Kgosi Asa o ile a rapela jang, mme go ne ga nna le matswela afe?
9 Fa rona Basupi re direla Jehofa ka pelo yotlhe, o tla re utlwa fa re mo kopa thuso. (Isaia 43:10-12) Akanya ka Kgosi Asa wa Juda. Mo dingwageng tse 10 tsa puso ya gagwe ya dingwaga tse 41 (977-937 B.C.E.), go ne go rena kagiso. Morago ga foo Juda e ne ya tlhaselwa ke lesomo la banna ba le milione ba ba eteletsweng pele ke Sera wa Moethiopia. Le mororo Asa le banna ba gagwe ba ne ba le palo e potlana, ba ile ba tswa ba ya go ba kgatlhantsha. Le fa go ntse jalo, pele ga ntwa, Asa o ile a rapela ka tlhoafalo e kgolo. O ile a bontsha gore o dumela gore Jehofa o na le maatla a go ba golola. Kgosi e ne ya rapela jaana e kopa thuso: “Re ikaegile mo go wena, re bololetse bontsi jo ka leina la gago. Jehofa, ke wena Modimo wa rona, a motho a se go fenye.” Jehofa o ne a namola Juda ka go dira gore e bone phenyo e kgolo ka ntlha ya leina la gagwe. (2 Ditirafalo 14:1-15) E ka ne Modimo o re golola mo tekong kana o re nonotsha gore re e itshokele, ga go na pelaelo gore o a reetsa fa re mo kopa thuso.
10. Fa re sa itse gore re lebane jang le bothata bongwe, thapelo ya ga Kgosi Jehoshafate e ka re thusa jang?
10 Fa re sa itse gore re ka lebana jang le bothata bongwe, re ka tshepa Jehofa gore o tla reetsa fa re mo lopa gore a re thuse. Seno se ne sa bonala mo motlheng wa ga Kgosi Jehoshafate wa Juda, yo puso ya gagwe ya dingwaga tse 25 e ileng ya simologa ka 936 B.C.E. E ne ya re fa Juda e tlhaselwa ke masole a Moabe le a Amone le kgaolo e e dithaba ya Seire, Jehoshafate o ne a ikuela jaana: “Modimo wa rona a ga o ketla o ba sekisa? Gonne rona ga re na thata ya go tlhabana le lesomo le legolo le le re bololetseng; le gone ga re itse se re ka se dirang; mme matlho a rona a koo go wena.” Jehofa o ne a araba thapelo eo ya boikokobetso a tlhabanela Juda ka go tsosa tlhakatlhakano mo masoleng a baba gore ba bolaane. Seno se ne sa dira gore ditšhaba tse di ba dikologileng di tsenwe ke poifo mme ga nna kagiso mo Juda. (2 Ditirafalo 20:1-30) Fa re tlhaela botlhale jwa go lebana le bothata bongwe, le rona re ka rapela jaana jaaka Jehoshafate: ‘Ga re itse se re ka se dirang; mme matlho a rona a koo go wena, Jehofa.’ Moya o o boitshepo o ka nna wa re thusa go gopola dintlha tsa Dikwalo tse re di tlhokang go ka rarabolola bothata joo, kana Modimo a ka re thusa ka tsela e e fetang e motho a neng a ka e akanya.—Baroma 8:26, 27.
11. Re ithuta eng malebana le thapelo go tswa mo ditirong tse Nehemia a ileng a di dira malebana le lorako lwa Jerusalema?
11 Go ka nna ga tlhokega gore re rapele ka bopelotelele gore re bone thuso ya Modimo. Nehemia o ile a hutsafala, a lela, a itima dijo a ba a fetsa malatsi a mantsi a rapelela dithako tse di sentsweng tsa Jerusalema le mathata a magolo a baagi ba Juda ba neng ba le mo go one. (Nehemia 1:1-11) Go bonala fa thapelo ya gagwe e ile ya tlhatlogela kwa Modimong jaaka maswalo a a nkgang monate. Letsatsi lengwe Kgosi Aretaserese wa Peresia o ne a botsa Nehemia yo o neng a hutsafetse jaana: “Ke eng se o se lopang?” Nehemia a re: “Jalo ka rapela Modimo wa legodimo.” Thapelo eo e khutshwane le e e rapetsweng mo pelong e ne ya arabiwa ka gonne Nehemia o ne a letlwa go diragatsa keletso ya pelo ya gagwe ya go ya kwa Jerusalema go ya go aga lorako lwa teng lo lo sentsweng.—Nehemia 2:1-8.
Mma Jesu a go Rute go Rapela
12. O ne o ka sobokanya jang dintlha tsa konokono tsa thapelo ya sekao ya ga Jesu ka mafoko a gago?
12 Mo dithapelong tsotlhe tse di kwadilweng mo Dikwalong, e e re rutang go gaisa tsotlhe ke thapelo ya sekao e e neng ya baakanngwa go nna jaaka maswalo a a nkgang monate ke Jesu Keresete. Efangele ya ga Luke ya re: “Mongwe wa barutwa ba [ga Jesu] a mo raya a re: ‘Morena, re rute kafa re ka rapelang ka gone, fela jaaka Johane le ene a ne a ruta barutwa ba gagwe.’ Foo a ba raya a re: ‘Lefa e le leng fela fa lo rapela, lo re, “Rara, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. Re neye senkgwe sa rona sa letsatsi go ya ka patlafalo ya letsatsi. Mme re itshwarele maleo a rona, gonne le rona ka borona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona; mme o se ka wa re tsenya mo thaelong.”’” (Luke 11:1-4; Mathaio 6:9-13) Mma re sekaseke thapelo eno e boikaelelo jwa yone e leng gore e nne sekao e seng gore e fetolwe leboko.
13. O ka tlhalosa jang botlhokwa jwa mafoko a a reng, “Rara a leina la gago le itshepisiwe”?
13 “Rara, a leina la gago le itshepisiwe.” Ke tshiamelo e kgolo go bo batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba mmitsa Rara. Jaaka bana ba ba buang le rraabone ka kgololesego ka sengwe le sengwe se se ba tshwentseng, re tshwanetse go ipha nako ya go rapela Modimo ka metlha ka tlotlo le ka poifo. (Pesalema 103:13, 14) Dithapelo tsa rona di tshwanetse go bontsha gore re batla gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe ka gonne re tlhologeletswe go bona le ntlafadiwa maswe otlhe a le a pegiwang. Ee, re batla gore leina la ga Jehofa le tlhaolwe le go tsewa le le boitshepo kana le itshekile.—Pesalema 5:11; 63:3, 4; 148:12, 13; Esekiele 38:23.
14. Go rapela o re, “A bogosi jwa gago bo tle,” go kaya eng?
14 “A bogosi jwa gago bo tle.” Bogosi ke bolaodi jwa ga Jehofa ka puso ya selegodimo ya Bomesia e e tla bong e eteletswe pele ke Morwaawe le ditsala tsa ga Jesu tsa “baitshepi.” (Daniele 7:13, 14, 18, 27; Tshenolo 20:6) Bo tla “tla” bo tlhabantsha batho botlhe ba ba mo lefatsheng ba ba kgatlhanong le bolaodi jwa Modimo bo ba fedisa. (Daniele 2:44) Go tswa foo thato ya ga Jehofa e tla dirwa mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. (Mathaio 6:10) A bo seo se tla dira gore ditshedi tsotlhe tse di ikanyegang tse di direlang Molaodimogolo wa Lobopo di nne le boipelo jo bogolo jang ne!
15. Go kopa Jehofa “senkgwe sa rona sa letsatsi” go supa eng?
15 “Re neye senkgwe sa rona sa letsatsi go ya ka patlafalo ya letsatsi.” Go kopa Jehofa sejo “sa letsatsi” go supa gore ga re batle dilo tse dintsintsi go na le moo re batla fela dilo tse re di tlhokang thata tsa letsatsi le letsatsi. Le fa re ikanya Modimo gore o tla re tlamela, gape re dirisa mekgwa yotlhe e e siameng go dira gore re nne le dijo le dilo tse dingwe tse di tlhokegang. (2 Bathesalonika 3:7-10) Mme gone re tshwanetse go leboga Motlamedi wa rona wa selegodimo ka gonne lorato lwa gagwe, botlhale le maatla, di na le seabe mo dilong tseno tse re tlamelwang ka tsone.—Ditiro 14:15-17.
16. Modimo a ka re itshwarela jang?
16 “Re itshwarele maleo a rona, gonne le rona ka borona re itshwarela mongwe le mongwe yo o molato le rona.” E re ka re sa itekanela e bile re na le boleo, re ka se kgone go latela melao ya ga Jehofa e e itekanetseng ka botlalo. Ke gone ka moo re tshwanetseng go rapelela gore a re itshwarele mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Mme fa re batla gore “Yo o utlwang thapelo” a dirise boleng jwa setlhabelo seo go re itshwarela maleo a rona, re tshwanetse go ikwatlhaya le go ikemisetsa go amogela kotlhao epe fela e a re neelang yone. (Pesalema 65:2; Baroma 5:8; 6:23; Bahebera 12:4-11) Mo godimo ga moo, re ka lebelela gore Modimo a re itshwarele fa fela re “itshwarela ba ba molato le rona,” batho ba ba re leofelang.—Mathaio 6:12, 14, 15.
17. Mafoko a a reng, “O se ka wa re tsenya mo thaelong,” a kaya eng?
17 “O se ka wa re tsenya mo thaelong.” Ka dinako tse dingwe Baebele ya re Jehofa o dira dilo dingwe fa tota e le fela gore o a di letlelela. (Ruthe 1:20, 21) Modimo ga a re raele. (Jakobe 1:13) Diabolo, nama ya rona e e boleo le lefatshe leno ke tsone tse di re raelang go dira bosula. Satane ke ene Moraedi yo o lekang go re dira gore re leofele Modimo. (Mathaio 4:3; 1 Bathesalonika 3:5) Fa re rapela re re, “O se ka wa re tsenya mo thaelong,” re a bo re kopa Modimo gore a se ka a letla gore re fekeetsege fa re raelesega go tlola ditaelo tsa gagwe. A ka re kaela gore re se ka ra ineela le gore re se ka ra raraediwa ke Satane, “yo o boikepo.”—Mathaio 6:13; 1 Bakorintha 10:13.
Dira Tumalanong le Dithapelo Tsa Gago
18. Re ka dira tumalanong le dithapelo tsa rona jang fa re rapelela gore re nne le lenyalo le botshelo jwa lelapa jo bo itumedisang?
18 Thapelo ya ga Jesu ya sekao e akaretsa dintlha tsa konokono, le fa go ntse jalo re ka rapelela sengwe le sengwe fela. Ka sekai, re ka rapelela gore re nne le lenyalo le le itumetseng. Re ka rapelela gore re nne le boikgapo e le gore re nne re le phepa go fitlha re nyala. Mme gone, re tshwanetse go dira tumalanong le dithapelo tsa rona ka go tila dibuka le boitlosobodutu jwa dilo tsa boitsholo jo bo maswe. Gape a re ikemisetseng go ‘nyala fela mo Moreneng.’ (1 Bakorintha 7:39; Duteronome 7:3, 4) Fa re setse re nyetse, re tla tshwanelwa ke go dira tumalanong le dithapelo tsa rona ka go dira dilo go ya ka kgakololo ya Modimo gore re bone boitumelo. Mme fa re na le bana, ga go a lekana go rapelela fela gore ba nne batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Re tshwanetse go leka ka bojotlhe go nwetsa boammaaruri jwa Modimo mo ditlhaloganyong tsa bone ka go nna le thuto ya Baebele le go nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete le bone.—Duteronome 6:5-9; 31:12; Diane 22:6.
19. Re tshwanetse go dira eng fa re rapela malebana le bodiredi jwa rona?
19 A re rapelela go nna le masego mo bodireding? He a re direng tumalanong le dithapelo tseo ka go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera ka Bogosi. Fa re rapelela go nna le ditshono tsa go thusa batho ba bangwe go tsena mo tseleng e e yang botshelong jo bo sa khutleng, re tshwanetse go nna le dipego tse di siameng tsa batho ba ba kgatlhegang le go iketleeletsa go akaretsa thulaganyo ya dithuto tsa legae tsa Baebele mo thulaganyong ya rona. Go tweng fa re batla go tsenela tiro ya go rera ka nako e tletseng ka go nna mmulatsela? He, a re tseyeng dikgato tse di dumalanang le dithapelo tsa rona ka go oketsa seabe sa rona mo tirong ya go rera le go pata babulatsela mo bodireding. Go tsaya dikgato tse di ntseng jalo go tla bontsha gore re dira dilo tumalanong le dithapelo tsa rona.
20. Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka eng?
20 Fa re direla Jehofa ka boikanyegi, re ka dumela re sa belaele gore o tla araba dithapelo tsa rona tse di dumalanang le thato ya gagwe. (1 Johane 5:14, 15) Ruri re itseetse dintlha tse di molemo thata ka go sekaseka dingwe tsa dithapelo tse di kwadilweng mo Baebeleng. Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlotla ka dikaelo tse dingwe tsa Dikwalo tse di ka thusang ba ba batlang go ‘baakanya dithapelo tsa bone go nna jaaka maswalo mo go Jehofa.’
O ka Araba Jang?
◻ Ke eng fa re tshwanetse go rapela re na le tumelo?
◻ Dipako le ditebogo di tshwanetse go nna le seabe sefe mo dithapelong tsa rona?
◻ Ke eng fa re ka senka thuso ya ga Jehofa ka thapelo re sa belaele sepe?
◻ Dintlha dingwe tsa konokono tsa thapelo ya sekao ke dife?
◻ Re ka dira dilo jang tumalanong le dithapelo tsa rona?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Jaaka Kgosi Jehoshafate, ka dinako tse dingwe re ka nna ra tlhoka go rapela jaana: ‘Ga re itse se re ka se dirang; mme matlho a rona a koo go wena, Jehofa’
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
A o rapela ka tsela e e dumalanang le thapelo ya ga Jesu ya sekao?