Mmopi yo Mogolo le Tiro ya Gagwe
“Nna sejana sa boikaelelo jo bo tlotlegang, . . . [o] ipaakanyeditse tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—2 TIMOTHEO 2:21.
1, 2. (a) Tiro ya Modimo ya go bopa monna le mosadi e ne e tlhomologile go le kana kang? (b) Mmopi yo Mogolo o ne a bopa Adame le Efa ka boikaelelo bofe?
JEHOFA ke Mmopi yo Mogolo. Tiro e kgolo ya popo ya gagwe e ne e le motsadi wa rona wa ntlha e bong Adame. Baebele e re bolelela jaana: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lwa mmu, a budulela mowa wa botshelo mo dinkong tsa gagwe; motho a direga mowa o o tshedileng,” ke gore, “sebopiwa se se hemang.” (Genesise 2:7, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Popo eo ya motho wa ntlha e ne e itekanetse, e dirilwe mo setshwanong sa Modimo, e le bosupi jwa botlhale jwa Gagwe le go rata ga gagwe tshiamo le tshiamiso ya boammaaruri.
2 Modimo gape o ile a dirisa legopo la ga Adame, go bopela monna yono motlatsi le mothusi—mosadi. Bontle jwa ga Efa jo bo neng bo se na selabe bo feta tota le jwa basadi ba bantle go gaisa gompieno. (Genesise 2:21-23) Mo godimo ga moo, banyalani ba ntlha ba ne ba filwe mebele le megopolo e e dirilweng ka tsela e e itekanetseng gore ba tle ba kgone go dira tiro ya bone e ba neng ba e filwe ya go dira lefatshe paradaise. Mme gape ba ne ba filwe maatla a go diragatsa taelo ya Modimo e e mo go Genesise 1:28: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye, lo laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le sengwe le sengwe se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.” Kgabagare, tshimo eno ya lefatshe lotlhe e ne e tla agiwa ke dimilione di le diketekete tsa batho ba ba itumetseng ba ba kopantsweng ke lorato lo e leng “sebofo se se itekanetseng sa boseoposengwe.”—Bakolosa 3:14.
3. Batsadi ba rona ba ntlha ba ile ba nna dijana tse di sa tlotlegeng jang mme matswela e nnile afe?
3 Ka maswabi, batsadi ba rona ba ntlha ba ile ba tlhopha ka boomo go tsuologela taolo ya Modiri Molaodimogolo wa bone, Mmopi yo Mogolo. Se ba se dirileng se ile sa tshwana le se se tlhalosiwang mo go Isaia 29:15, 16: “A bo go latlhega ba ba senkelang kwa teng, gore ba subele Jehofa kgakololo ya bone, le ba ditiro tsa bone di a bong di le mo lefifing, mme ba re: ‘E mang yo o re bonang? E mang yo o re itseng?’ . . . A mmopi o tlaa kaiwa, go re, ke ene letsopa; fa e tlaa bo ne ne selo se se dirilweng se ka raya ene yo o se dirileng, se re: ‘Ga a a ntira;’ kgotsa selo se se bopilweng se ka raya ene yo o se bopileng sa re: ‘Ga a na tlhaloganyo?’” Go fapoga ga bone go ile ga ba leretse masetlapelo—katlholo ya loso lwa bosakhutleng. Mo godimo ga moo, setho sotlhe se se tswang mo go bone se ne sa rua boleo le loso. (Baroma 5:12, 18) Bontle jwa popo ya Mmopi yo Mogolo bo ile jwa senngwa thata.
4. Re ka dira ka boikaelelo bofe jo bo tlotlegang?
4 Le fa go ntse jalo, tota le fa gompieno jaana re sa itekanela, rona ditlogolwana tsa ga Adame yo o leofileng re ka baka Jehofa ka mafoko ano a Pesalema 139:14: “Ke tlaa go ntshetsa malebogo; gonne ke dirilwe ka mo go boitshegang le ka mo go gakgamatsang; di a gakgamatsa, ditiro tsa gago; mme goo mo, mowa wa me o a go itse sentle.” Gone mme, go utlwisa botlhoko jang ne go bo tiro ya ntlha ya diatla tsa Mmopi yo Mogolo e ile ya senngwa thata jaana!
Mmopi o Oketsa Tiro ya Gagwe
5. Mmopi yo Mogolo o ne a tshwanetse go dirisa bokgoni jwa gagwe jang?
5 Selo se se itumedisang ke gore, bokgoni jwa Modiri wa rona jwa go nna Mmopi ga bo a felela fela ka popo ya gagwe ya ntlha ya batho. Moaposetoloi Paulo o re bolelela jaana: “Oo motho ke wena, tota o mang, he, go bo o fetola Modimo? A selo se se bopilweng se ka raya yo o se bopileng sa re, ‘Ke ka ntlha yang o ne o ntira ka tsela eno?’ Ga tweng? A mmopi wa letsopa ga a na taolo mo letsopeng ya go dira ka loribi lo le longwe fela sejana se le sengwe sa tiriso e e tlotlegang, se sengwe sa tiriso e e sa tlotlegeng?”—Baroma 9:20, 21.
6, 7. (a) Batho ba le bantsi gompieno ba tlhopha jang go bopelwa tiriso e e sa tlotlegeng? (b) Basiami ba bopelwa jang tiriso e e tlotlegang?
6 Ee, dingwe tsa ditiro tsa Mmopi yo Mogolo di tla bopelwa tiriso e e tlotlegang, mme tse dingwe di tla bopelwa tiriso e e sa tlotlegeng. Batho ba ba tlhophang go ya le lefatshe fa le ntse le tsenelela kwa tengteng ga thankga ya boikepo ba bopega ka tsela e e tla dirang gore ba tshwanelwe ke tshenyego. Fa Kgosi e e galalelang e bong Keresete Jesu e tla go atlhola, dijana tseo tse di sa tlotlegeng di tla akaretsa batho ba ba tlhogoethata ba sekadipodi ba go ya ka Mathaio 25:46 ba tla ‘yang kwa go kgaolweng ga bosakhutleng.’ Mme “basiami” ba sekadinku ba ba bopetsweng tiriso e e “tlotlegang” bone ba tla bona “botshelo jo bo sa khutleng.”
7 Batho bano ba ba siameng e tla bo e le ba ka boikokobetso ba ileng ba ineela go bopiwa ke Modimo. Ba tsene mo tseleng ya Modimo ya botshelo. Ba amogetse kgakololo eno e e mo go 1 Timotheo 6:17-19: “A[gang] tsholofelo ya [lona], e seng mo dikhumong tse di se nang tlhomamo, fa e se mo Modimong, o o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re ijese monate.” Ba ile ba dira ka natla gore “ba lwele go dira molemo, go huma ditiro tse di molemomogolo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana, ba ipolokela ka pabalesego motheo o o molemomogolo wa isagwe, e le gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.” Ba bopiwa ke boammaaruri jwa Modimo mme ba nna le tumelo e e sa reketleng mo dipaakanyetsong tsa ga Jehofa tse di tlang ka Keresete Jesu, yo o “intshitseng thekololo e e lekanang” gore a busetse dilo tsotlhe tse di ileng tsa latlhega ka ntlha ya boleo jwa ga Adame. (1 Timotheo 2:6) A bo re tshwanetse go ikemisetsa jang ne go amogela kgakololo ya ga Paulo ya go “ikapes[a] botho jo bosha, jo bo ntšhafadiwang [bo bopilwe] ka kitso e e leng yone go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo tlhōla”!—Bakolosa 3:10.
O Tla Nna Sejana sa Mofuta Ofe?
8. (a) Ke eng se se laolang gore motho o tla nna sejana sa mofuta ofe? (b) Ke dilo dife tse pedi tse di tlhotlheletsang tsela e motho a bopiwang ka yone?
8 Ke eng se se laolang gore motho o tla nna mofuta ofe wa sejana? Boikutlo le boitshwaro jwa gagwe. Sa ntlha, dilo tseno di bopiwa ke dikeletso tsa pelo ya motho le ditshekamelo tsa gagwe. Kgosi e e botlhale Solomone e ne ya re: “Pelo ya motho e tlhatlhanya tsela ya gagwe, mme Jehofa ke ene o mo kaelang tshepelo ya gagwe.” (Diane 16:9) Sa bobedi, di bopiwa ke dilo tse re di reetsang le tse re di lebelelang, batho ba re tsalanang le bone le dilo tse di re diragalelang. Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang he, go tsaya tsia kgakololo eno: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.” (Diane 13:20) Jaaka 2 Petere 1:16 e re tlhagisa, re tshwanetse go tila go latela “dipolelo tsa maaka tse di logetsweng maano ka boferefere,” kana go ya ka thanolo ya ga Knox ya Roma Katoliki “dikinane tse di itlhametsweng ke batho.” Dilo tseno di akaretsa dithuto tsa botlhanogi tsa Labokeresete le meletlo ya teng.
9. Re ka tsiboga jang ka tsela e e molemo fa Mmopi yo Mogolo a re bopa?
9 Ka jalo, Modimo a ka re bopa go ya ka tsela e re tsibogang ka yone. Re ka ya kwa go Jehofa ka boikokobetso mme ra rapela jaana jaaka Dafide: “Modimo, a ko o mphukutse, o bo o itse pelo ya me; nteka, mme o itse megopolo ya me; O bone fa go na le mokgwa mongwe wa boikepo mo go nna; mme o nkgoge mo tseleng e e sa khutleng.” (Pesalema 139:23, 24) Jehofa o dira gore molaetsa wa Bogosi o rerwe. Dipelo tsa rona di ile tsa tsibogela dikgang tse di molemo le dikaelo tsa gagwe tse dingwe ka kanaanelo. Ka phuthego ya gagwe o re neela ditshiamelo tse di farologaneng tse di amanang le go rerwa ga dikgang tse di molemo; e kete re ka di amogela le go di ngomaela.—Bafilipi 1:9-11.
10. Re ka dira jang ka natla go latela dithulaganyo tsa semoya?
10 Go botlhokwa thata gore re tseye Lefoko la Modimo tsia thata, re latela thulaganyo ya go bala Baebele letsatsi le letsatsi le go dira gore Dikwalo le tirelo ya ga Jehofa e nne motheo wa dilo tse re tlotlang ka tsone mo malapeng a rona le mo ditsaleng tsa rona. Gantsi mo thulaganyong ya kobamelo ya mo mosong e e tshwarwang ka nako ya sefitlholo mo lelapeng lengwe le lengwe la Bethele le mo magaeng a barongwa ba Basupi ba ga Jehofa e akaretsa mmalo o mokhutshwane wa Baebele mme mo bekeng e nngwe go balwa Yearbook ya bosheng. A lelapa la gago le lone le ka nna le thulaganyo eo? A bo le rona rotlhe re solegelwa molemo jang ne ka go kopana mmogo mo phuthegong ya Bokeresete, go kopanela mo dipokanong tsa rona mme segolobogolo ka go nna le seabe mo thutong ya rona ya Tora ya Tebelo ya beke le beke!
Go Bopiwa Gore re Emelane le Diteko
11, 12. (a) Re ka dirisa jang kgakololo ya ga Jakobe malebana le diteko tse re lebanang natso letsatsi le letsatsi mo botshelong? (b) Dilo tse di diragaletseng Jobe di re kgothatsa jang go boloka bothokgami?
11 Mo matshelong a rona, Modimo o letla maemo mangwe go nna teng, a mangwe a one a leng boima mo go rona. Re tshwanetse go a leba jang? Jaaka Jakobe 4:8 e gakolola, le ka motlha ga re a tshwanela go shakgala, go na le moo, a re atamele Modimo, re mo tshepe ka peloyotlhe, re tlhatswegile pelo gore fa re ‘mo atamela o tla re atamela.’ Gone ke boammaaruri, re tla tshwanela gore re itshokele mathata le diteko, mme gone, di letlelelwa gore di re bope mme matswela e nna a a itumedisang. Jakobe 1:2, 3 e re tlhomamisetsa jaana: “Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tsa methalethale, lo itse jaaka lo itse gore boleng jono jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona bo baka boitshoko.”
12 Gape Jakobe a re: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga o ka ke wa lekwa ka dilo tse di bosula le gone one ka boone ga o leke ope. Mme mongwe le mongwe o lekwa fa a gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe.” (Jakobe 1:13, 14) Diteko tsa rona di ka nna tsa bo di le dintsi e bile di farologane, mme jaaka go ne go ntse ka Jobe, tsotlhe di thusa go re bopa. A bo Dikwalo di re tlhomamisetsa thata jang ne mo go Jakobe 5:11: “Bonang! Re bolela ba ba itshokileng e le ba ba itumetseng. Lo utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe e bile lo bone phelelo e Jehofa a neng a e naya, gore Jehofa o tlekeetso tota mo katamalanong e e bothitho e bile o kutlwelobotlhoko.” Jaaka dijana mo diatleng tsa Mmopi yo Mogolo, e kete re ka nna re thokgame ka dinako tsotlhe, re na le tshepo e e tshwanang le ya ga Jobe!—Jobe 2:3, 9, 10; 27:5; 31:1-6; 42:12-15.
Go Bopa Basha ba Rona
13, 14. (a) Batsadi ba tshwanetse go simolola leng go bopa bana ba bone mme ba lebeletse matswela afe? (b) O ka umaka matswela afe a a itumedisang?
13 Batsadi ba ka nna le seabe mo go bopeng bana ba bone, go tloga fela ka nako ya fa bana ba sa le masea, mme a bo basha ba rona ba ka nna babolokabothokgami ba ba itumedisang jang ne! (2 Timotheo 3:14, 15) Seno se ile sa nna boammaaruri tota le mo ditekong tse di boima thata. Dingwaga di sekae tse di fetileng, fa pogiso e ne e ile magoletsa kwa nageng nngwe ya mo Afrika, lelapa lengwe le le ikanyegang le ne le tlhokometse go gatisiwa ga Tora ya Tebelo mo sephiring mo segotlong kafa morago ga jarata ya lone. Letsatsi lengwe masole a ne a fologa ka seterata, a phuruphutsa ntlo nngwe le nngwe a batla makawana a a ka kwadisediwang bosole. Go ne go sa ntse go na le nako ya gore basimane ba babedi ba lelapa leno ba iphitlhe, mme go phuruphutsa ga masole go ne go tla dira gore ba bone motšhini o o gatisang. Seno se ne se ka dira gore lelapa lotlhe le tlhokofadiwe kana gongwe le bolawe. Go ne go ka dirwang? Basimane bano ba babedi ba ne ba ipeta pelo, ba nopola Johane 15:13 ka bopelokgale: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” Ba ile ba dira tshwetso ya gore ba tla nna mo phaposing ya bonno. Masole a ne a tla ba fitlhela mme ga go na pelaelo gore ba ne ba tla ba tlhokofatsa ka tsela e e setlhogo kana tota le e leng go ba bolaya fa ba gana go kwadisiwa. Mme ba ne ba se kitla ba phuruphutsa go ya pele. Motšhini o o gatisang le maloko a mangwe a lelapa a ne a tla bolokwa. Le fa go ntse jalo, go ne ga diragala selo se se gakgamatsang. Masole a ile a tlola ntlo eno a fetela kwa go tse dingwe! Dijana tseo tse di neng di bopetswe tiriso e e tlotlegang di ile tsa falola, mmogo le motšhini o o gatisang, gore o tswelele o gatisa dijo tsa semoya tse di tlhokegang. Mongwe wa basimane ba babedi bao le kgaitsadie ba direla kwa Bethele gone jaanong; o sa ntse a dirisa motšhini oo wa bogologolo.
14 Basha ba ka rutiwa go rapela mme Modimo o araba dithapelo tsa bone. Sekai se segolo sa seno se ile sa direga ka nako ya kgailo ya kwa Rwanda. Fa marabele a ne a le gaufi le go bolaya ngwana wa dingwaga di le thataro le batsadi ba gagwe ka bomo e e kolopiwang, mosetsana yono o ne a rapelela kwa godimo le ka tlhoafalo gore ba bolokwe gore ba tle ba tsweletse tirelo ya ga Jehofa pele. Batho bano ba ba neng ba tlile go ba bolaya ba ne ba amega dipelo mme ba ba tlogela, ba bolela gore “Ga re kgone go lo bolaya ka ntlha ya mosetsanyana yono.”—1 Petere 3:12.
15. Paulo o ile a tlhagisa ka tlhotlheletso efe e e senyang?
15 Bontsi jwa basha ba rona ba ka nna ba se ka ba lebana le maemo a a thata jaaka a a tlhalositsweng fa godimo mme gone, go na le diteko tse dintsi tse ba lebanang le tsone kwa sekolong le mo setšhabeng sa gompieno se se senyegileng: puo e e leswe, dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, boitlosobodutu jo bo leswe, go gatelelwa ke balekane go dira dilo tse di sa siamang tse di tletsetletseng mo mafelong a mantsi. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhagisa kgatlhanong le ditlhotlheletso tseno gangwe le gape.—1 Bakorintha 5:6; 15:33, 34; Baefeso 5:3-7.
16. Motho a ka nna jang sejana se se tlotlegang?
16 Fa Paulo a sena go bua ka dijana tse di boloketsweng “boikaelelo jo bo tlotlegang mme tse dingwe [e le] tsa boikaelelo jo bo se nang go ka tlotlwa,” o bolela jaana: “Jalo, fa motho a nnela kgakala le tsa bobedi, o tla nna sejana sa boikaelelo jo bo tlotlegang, a itshepile, a na le mosola mo go mong wa gagwe, a ipaakanyeditse tiro nngwe le nngwe e e molemo.” Ka jalo a re kgothaletse basha ba rona gore ba ele tlhoko batho ba ba tsalanang nabo. A ba “[tshabe] dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone, mme ba latelela tshiamo, tumelo, lorato, kagiso, mmogo le ba ba bitsang Morena ka pelo e e phepa.” (2 Timotheo 2:20-22) Thulaganyo ya lelapa ya go ‘agana’ e ka nna mosola thata mo go bopeng basha ba rona. (1 Bathesalonika 5:11; Diane 22:6) Go bala Baebele letsatsi le letsatsi le go ithuta o dirisa dikgatiso tse di tshwanelang tsa Mokgatlho go ka thusa thata.
Go Bopiwa ga Batho Botlhe
17. Kotlhao e ka re bopa jang, mme ka matswela afe a a itumedisang?
17 Jehofa o re neela kgakololo ka Lefoko la gagwe le ka phuthego ya gagwe gore a re bope. Le ka motlha o se ka wa gana kgakololo e e ntseng jalo ya bomodimo! E tsibogele ka botlhale, mme e letle gore e go bope gore o dirisiwe ke Jehofa ka tsela e e tlotlegang. Diane 3:11, 12 e gakolola jaana: “Morwaaka, o se ka wa nyatsa kwatlhao ya ga Jehofa; le gone o se ka wa lapisiwa ke kgalemo ya gagwe; gonne yo Jehofa o mo ratang o tle a mo kgalemele; fela jaaka rra motho a tle a kgalemele morwawe yo o mo natefelang.” Go neelwa kgakololo e nngwe e e lorato mo go Bahebera 12:6-11: “Yo Jehofa a mo ratang o a mo suga . . . Ke boammaaruri, ga go tshugo epe e mo nakong eno e bonalang e ipedisa, mme e a hutsafatsa; lefa go ntse jalo morago ga moo ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwele leungo la kagiso, e leng tshiamo.” Tsela ya konokono ya kotlhao e e ntseng jalo e tshwanetse go nna Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng.—2 Timotheo 3:16, 17.
18. Re ithuta eng malebana le boikwatlhao mo go Luke kgaolo 15?
18 Jehofa gape o kutlwelobotlhoko. (Ekesodo 34:6) Fa motho a bontsha boikwatlhao jo bo tswang pelong tota le fa a dirile boleo jo bo masisi thata, o a mo itshwarela. Tota le ‘bomorwa sesenyi’ ba gompieno ba ka bopiwa gore e nne dijana tse di dirisetswang tiro e e tlotlegang. (Luke 15:22-24, 32) Maleo a rona a ka tswa a se masisi jaaka a sesenyi. Mme go tsibogela kgakololo ya Dikwalo ka tsela e e boikokobetso ka metlha go tla dira gore re bopege go nna dijana tse di tlotlegang.
19. Re ka tswelela jang re le dijana tse di tlotlegang mo diatleng tsa ga Jehofa?
19 Fa re ne re ithuta boammaaruri la ntlha, re ne ra supa gore re batla Jehofa a re bopa. Re ile ra tlogela ditsela tsa lefatshe, ra apara botho jo bosha, mme ra nna Bakeresete ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng. Re ne ra utlwa kgakololo e e mo go Baefeso 4:20-24, ya gore re ‘latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya rona ya pele ya boitshwaro le jo bo senngwang go ya ka dikeletso tsa jone tse di tsietsang, mme ra apara botho jo bosha jo bo neng jwa atlholwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyego jo bo nitameng.’ E kete rona ka namana re ka tswelela pele re obega mo diatleng tsa ga Jehofa, Mmopi yo Mogolo, ka metlha re le dijana tse di tlotlegang!
Poeletso
◻ Boikaelelo jwa Mmopi yo Mogolo ke eng ka lefatshe la rona?
◻ Re ka bopelwa tiriso e e tlotlegang jang?
◻ Bana ba rona ba ka bopiwa jang?
◻ Re tshwanetse go leba kotlhao jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
A o tla bopelwa tiriso e e tlotlegang kana o tla ganwa?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Basha ba ka bopiwa go tloga boseeng