Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
Setlhogo sa thulaganyo ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga wa tirelo wa 2008 ke “Re Letsopa—Jehofa ke Mmopi wa Rona wa Letsopa,” mme se theilwe mo go Isaia 64:8. Kgakololo ya Dikwalo e re tla e neelwang ka thulaganyo eno e tla oketsa tsela e re anaanelang botlhale jwa ga Jehofa ka yone, tshiamiso, maatla le lorato lwa gagwe jaaka Mmopi yo Mogolo wa Letsopa.
Puo ya molebedi wa potologo, “Go Nna Dijana Tse di Tlotlegang mo Bodireding,” e tla bontsha kafa batho ba bantsi ba itumelelang ka gone go amogela masego a mantsi a go itse boammaaruri le go bo bolelela ba bangwe. Puo e e reng “Go Tlhatlhanya go Tla go Sireletsa” e tla bontsha kafa go tlhatlhanya ka melaometheo e e siameng ya ga Jehofa go re sireletsang ka gone. Sebui se se etileng se tla bua le bareetsi ka setlhogo se se reng “Lo se Ka Lwa ‘Bopega Jaaka Tsamaiso Eno ya Dilo’” le “Bopiwa ke Mmopi yo Mogolo wa Letsopa.” Batsadi le basha ba tla kgothadiwa ke dipuo tse di reng “Basha ba ba Leng Mosola mo go Jehofa” le “Seabe se se Botlhokwa Thata sa Batsadi mo go Bopeng Bana ba Bone.” Ka dipontsho le dipotsolotso, re tla itumelela go utlwa le go bona se bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba se fitlhelelang mo bodireding jwa bone. Ba ba batlang go tshwantshetsa boineelo jwa bone mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing ba tshwanetse go itsise molebedi yo o okamelang ka bonako jo bo kgonegang. Tlhomamisa gore o tla le makasine wa Tora ya Tebelo e e tla bong e ithutiwa mo bekeng ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe.
Mmopi yo Mogolo wa Letsopa o kgona go dira sengwe le sengwe se a ikaelelang go se dira. Mme go ikaegile ka mongwe le mongwe wa rona go tlhopha gore re tla itshwara jang fa a re bopa. Batho ba ka botlhale ba ineelang go bopiwa le go ntlafadiwa ke Jehofa ba ka bopiwa mme morago ga moo ba baakanngwe le go dirwa dijana tse di molemo jaaka letsopa le le mo leotwaneng le mmopi wa letsopa a le dirisang. Fa re dirisana mmogo le Jehofa, re tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe e bile re amogela masego a le mantsi.