Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
Setlhogo sa thulaganyo ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya ngwaga wa tirelo wa 2009 sa re “Nna o Tlhokometse Bodiredi . . . , Gore o bo Diragatse,” mme se theilwe mo go Bakolosa 4:17. Rona Bakeresete, re tsaya kgakololo eo masisi. Boikaelelo jwa rona ke go diragatsa bodiredi jwa rona ka botlalo fela jaaka Jesu a ne a dira. (Joh. 17:4) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a re tlhomela sekao se se molemo malebana le seno. O ne a ikemiseditse go wetsa bodiredi jwa gagwe.—Dit. 20:24.
Dipuo tsa molebedi wa potologo di tla bontsha kafa baboledi ba ba farologaneng ba fenyang mathata ka teng mo bodireding jwa bone. Morago go foo puo e e reng “Godisa Se o Se Jadileng” e tla gatelela kafa tota re ka kgonang go thusa batho ba ba “[nang] le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.” (Dit. 13:48) Sebui se se etileng se tla tlotla ka 2 Bakorintha 6:1-10 ka go e sekaseka temana ka temana mo puong e e reng “Kafa re Itshupang re le Badiredi ka Teng.” Ka nako ya thapama, o tla bua le bareetsi ka setlhogo se se reng “Tlotlomatsa Bodiredi Jwa Gago Thata.” Ga go na pelaelo gore lo tla kgothadiwa ke puo e e reng “Basha le Bagolo Itumeleleng Bodiredi Jwa Lona” le e e reng “Basha Diragatsang Bodiredi Jwa Lona.” Ba ba batlang go bontsha boineelo jwa bone ka go kolobediwa mo metsing mo go nngwe ya dikopano tse di tlang ba tshwanetse go itsise molebedi yo o okamelang ka bonako jo bo kgonegang. Karolo e e botlhokwa ya dikopano tsa rona tse dinnye le tsa kgaolo ke go sekasekiwa ga Tora ya Tebelo. Tla ka khopi ya gago e e tla bong e ithutiwa ka beke ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe.
Fa re ntse re tlhokometse gore re diragatse bodiredi jwa rona, re leka go tlhomamisa gore ga go na dilo tse dingwe tse di tla re kgoreletsang mo go direng se Jehofa a re laetseng go se dira. Kgothatso ya Dikwalo e re tla e amogelang mo thulaganyong eno ya kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe e tshwanetse go re thusa rotlhe gore re tlhaloganye gore re tlhoka go dira eng gore re nne le kgopolo e e siameng ka se re se dirang le go sekaseka gore re dira eng gore re wetse bodiredi jwa rona ka botlalo.