Letlotlo la Rona mo Dijaneng Tsa Letsopa
“Re na le letlotlo leno mo dijaneng tsa letsopa, e le gore maatla a a fetang a a tlwaelegileng e nne a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.”—2 BAKORINTHA 4:7.
1. Sekao sa ga Jesu se tshwanetse go re kgothatsa jang?
FA JEHOFA a ne a ntse a bopa Jesu mono mo lefatsheng, o ne a iponela ka boene kafa batho ba nang le makoa ka teng. A bo sekao sa gagwe sa bothokgami se tshwanetse go re kgothatsa jang ne! Moaposetoloi o re bolelela jaana: “Tota e bile, lo ne lwa bilediwa tseleng eno, ka gonne le eleng Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe sentlentle.” (1 Petere 2:21) Ka go ineela go bopiwa jalo, Jesu o ne a fenya lefatshe. O ne gape a kgothatsa baaposetoloi ba gagwe gore ba nne bafenyi. (Ditiro 4:13, 31; 9:27, 28; 14:3; 19:8) Mme a bo a ile a ba neela kgothatso e kgolo jang ne mo puisanong ya gagwe ya bofelo le bone! O ne a bolela jaana: “Ke buile dilo tseno le lona gore lo tle lo nne le kagiso ka nna. Mo lefatsheng lo na le pitlagano, mme nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.”—Johane 16:33.
2. Go farologana le bofofu jwa lefatshe, rona re na le lesedi la eng?
2 Ka mo go tshwanang, fa moaposetoloi Paulo a ne a bapisa bofofu jo bo bakiwang ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo” le “go bonesa ga dikgang tse di molemo tse di galalelang,” o ne a bolela jaana ka bodiredi jwa rona jo bo botlhokwatlhokwa: “Re na le letlotlo leno mo dijaneng tsa letsopa, e le gore maatla a a fetang a a tlwaelegileng a nne a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona. Re patikelelwa ka tsela nngwe le nngwe, mme ga re a pitlagana mo re ka se tshikhinyegeng; re akabetse, mme ga se mo re tlhokang kgoro ya botso gotlhelele; re a bogisiwa, mme ga re a phuaganngwa; re latlhelwa fa fatshe, mme ga re senyege.” (2 Bakorintha 4:4, 7-9) Le fa re le “dijana tsa letsopa” tse di bokoa, Modimo o re bopile thata jaana ka moya wa gagwe gore re fenye lefatshe la ga Satane ka botlalo.—Baroma 8:35-39; 1 Bakorintha 15:57.
Go Bopiwa Kwa Iseraeleng wa Bogologolo
3. Isaia o ne a tlhalosa jang go bopiwa ga setšhaba sa Bajuda?
3 Jehofa ga a bope fela batho ka bongwe ka bongwe mme o bopa le ditšhaba. Ka sekai, fa Baiseraele ba bogologolo ba ne ba ineela go bopiwa ke Jehofa, ba ne ba atlega. Mme kgabagare ba ne ba ithatafatsa dipelo ba latela tsela ya go tlhoka kutlo. Ka ntlha ya seo, Modiri wa Iseraele o ne a e leretse ‘tatlhego.’ (Isaia 45:9) Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., Isaia o ne a bua le Jehofa ka boleo jo bogolo jwa Iseraele, a bolela jaana: “Jehofa, o rraetsho; rona re le letsopa, mme wena o mmopi wa rona; rona rotlhe re tiro ya seatla sa gago. . . . Dilo tsotlhe tsa rona tse di eletsegang di kgakgabetse fela.” (Isaia 64:8-11) Iseraele e ne e bopilwe go nna sejana se se tshwanelwang fela ke tshenyego.
4. Jeremia o ne a diragatsa setshwantsho sefe?
4 Lekgolo la dingwaga moragonyana, fa letsatsi la katlholo le ne le ntse le atamela, Jehofa o ne a raya Jeremia a re a tseye kurwana ya letsopa mme a tsamaye le bangwe ba banna ba bagolo ba Jerusalema go ya kwa Mokgatsheng wa Hinoma, a bo a mo laela jaana: “O tlaa thuba kurwana mo ponong ya batho ba o tsamayang nabo. O ba reye o re: ‘Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: Fela jalo ke tlaa thuba tšhaba e, le motse o, jaaka motho a tle a thube sejana sa letsopa, se se sa kakeng sa tlhola se kopanngwa gape.’”—Jeremia 19:10, 11.
5. Katlholo ya ga Jehofa e ne e le kgolo go le kana kang mo Baiseraeleng?
5 Ka 607 B.C.E., Nebukadenesare o ne a senya Jerusalema le tempele ya yone mme a isa Bajuda ba ba neng ba setse botshwarwa kwa Babilone. Mme morago ga dingwaga tse 70 ba le kwa botshwarwa, Bajuda ba ba ikwatlhaileng ba ne ba kgona go boa go ya go aga Jerusalema le tempele sesha. (Jeremia 25:11) Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., ke fa gape setšhaba seo se tlogetse Mmopi yo Mogolo, mme kgabagare ba dira tlolomolao e kgolo go di feta tsotlhe ya go bolaya Morwa wa Modimo. Ka 70 C.E., Modimo o ile a dirisa Puso ya Lefatshe ya Roma gore e nne yone modiragatsakatlholo wa gagwe mo go nyeletseng tsamaiso ya dilo ya Sejuda, e ribegetsa Jerusalema le tempele ya yone. Seatla sa ga Jehofa se ne se se kitla se tlhola se bopa setšhaba sa Iseraele go nna selo se se “boitshepo le se sentle.”a
Go Bopa Setšhaba sa Semoya
6, 7. (a) Paulo o tlhalosa jang go bopiwa ga Iseraele wa semoya? (b) Palo e e feletseng ya “dijana tsa kutlwelobotlhoko,” ke bokae mme e bopilwe jang?
6 Bajuda ba ba neng ba dumela Jesu ba ne ba bopiwa go nna maloko a a bopang motheo wa setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo” wa semoya. (Bagalatia 6:16) Mafoko ano a ga Paulo a a tshwanela he: “Ga tweng? A mmopi wa letsopa ga a na taolo mo letsopeng ya go dira ka loribi lo le longwe fela sejana se le sengwe sa tiriso e e tlotlegang, se sengwe sa tiriso e e sa tlotlegeng? . . . Modimo, le mororo o na le thato ya go bontsha tšhakgalo ya one le go itsise maatla a one, o ne wa leseletsa dijana tsa tšhakgalo tse di dirilweng gore di tshwanele tshenyego ka go itshwara ka bopelotelele mo gogolo, e le gore o itsise dikhumo tsa kgalalelo ya one mo dijaneng tsa kutlwelobotlhoko, tse o neng wa di baakanya go sa le pele o di baakanyetsa kgalalelo.”—Baroma 9:21-23.
7 Moragonyana Jesu yo o tsositsweng o ne a bolela gore palo ya ‘dijana tseno tsa kutlwelobotlhoko’ e ne e tla nna 144 000. (Tshenolo 7:4; 14:1) E re ka Iseraele wa tlholego e ne e sa fitlhelele palo eo yotlhe, Jehofa o ne a utlwela baditšhaba botlhoko. (Baroma 11:25, 26) Phuthego e ntšha ya Bokeresete e ne ya gola ka bonako. Mo dingwageng tse 30 dikgang tse di molemo di ne di “rerwa mo tlhōlong yotlhe e e leng tlase ga legodimo.” (Bakolosa 1:23) Seno se ne sa dira gore diphuthego tse dintsi tse di anameng tsa gone di tlisiwe kafa tlase ga bolebedi jo bo tshwanelang.
8. Ke bomang ba ba neng ba bopa setlhopha sa ntlha se se laolang, mme setlhopha seno se ne sa nna gone jang?
8 Jesu o ne a thapisitse baaposetoloi ba ba 12 gore e nne bone setlhopha sa ntlha se se laolang, a thapisetsa bone le ba bangwe bodiredi. (Luke 8:1; 9:1, 2; 10:1, 2) Ka Pentekosete ya 33 C.E., phuthego ya Bokeresete e ne ya tlhomiwa, mme fa nako e ntse e ya, setlhopha sa yone se se laolang se ne sa okediwa gore se akaretse ‘baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Jerusalema.’ Go bonala fa Jakobe morwarraagwe Jesu ka mmaagwe a ile a fetsa nako e telele e le modulasetulo wa sone le mororo e ne e se moaposetoloi. (Ditiro 12:17; 15:2, 6, 13; 21:18) Go ya ka rahisitori e bong Eusebius, baaposetoloi ba ne ba tlhaselwa thata ka go bogisiwa mme ba anamela kwa mafelong a mangwe. Ba setlhopha se se laolang ba ne ba nna ba fetolwa ka tsela e e tshwanetseng.
9. Jesu o ne a bolelela pele tiragalo efe e e hutsafatsang e e neng e tla diragala?
9 Go ya kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, ‘mmaba, Diabolo,’ o ne a simolola go ‘jala mefero’ gareng ga baruaboswa ba sekakorong ba “Bogosi jwa magodimo.” Jesu o ne a boleletse pele gore tiragalo e e hutsafatsang eno e tla letlelelwa go fitlha ka nako ya thobo kwa ‘bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.’ Mme gape ‘basiami ba ne ba tla phatsima thata fela jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabone.’ (Mathaio 13:24, 25, 37-43) Nako eo e ne e tla nna leng?
Go Bopa Iseraele wa Modimo Gompieno
10, 11. (a) Go bopiwa ga segompieno ga Iseraele wa Modimo go ne ga dirwa jang? (b) Ke dithuto dife tse di farologaneng tse di neng di le teng mo go Labokeresete le mo Baithuting ba Baebele ba ba tlhoafetseng?
10 Ka 1870, Charles Taze Russell o ne a tlhoma setlhopha se se ithutang Baebele kwa Pittsburgh, Pennsylvania, kwa U.S.A. Ka 1879 o ne a simolola go gatisa makasine o o tswang ka kgwedi o gompieno o itsegeng e le Tora ya Tebelo. Go ise go ye kae Baithuti bano ba Baebele jaaka ba ne ba bidiwa, ba ne ba lemoga gore Labokeresete e amogetse dithuto tse e seng tsa dikwalo tsa boheitane, tse di jaaka ya gore moya ga o swe, molelo wa dihele, pakatori, modimo wa Tharonngwe le go kolobediwa ga masea.
11 Le fa go ntse jalo, selo se se botlhokwa le go feta ke gore batho bano ba ba ratang boammaaruri jwa Baebele ba ne ba busetsa dithuto tsa motheo tsa Baebele, tse di jaaka go gololwa ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu le go tsoga mo baswing go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise le le nang le kagiso mo Bogosing jwa Modimo. Go feta moo, go ne go gatelelwa kgang ya go tlotlomadiwa ga ga Jehofa Modimo e le Morena Molaodimogolo wa lobopo lotlhe go go tla tlogang go diragala. Baithuti ba Baebele ba ne ba dumela gore Thapelo ya Morena e tla tloga e arabelwa: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Ba ne ba bopiwa ke moya wa Modimo o o boitshepo gore e nne setšhaba sa lefatshe lotlhe sa Bakeresete ba ba ratang kagiso.
12. Baithuti ba Baebele ba ile ba lemoga jang letlha le le botlhokwa?
12 Thuto e e tseneletseng ya Daniele kgaolo 4 le dipolelelopele tse dingwe di ile tsa dira gore Baithuti ba Baebele ba dumele gore go nna gone ga ga Jesu e le Kgosi ya Bomesia go tshwanetse ga bo go atametse. Ba ne ba lemoga gore 1914 e ka tswa e le lone letlha le “dinako tse di tlhomilweng tsa merafe” di tla felang ka lone. (Luke 21:24; Esekiele 21:26, 27) Baithuti ba Baebele ba ile ba oketsa ditiro tsa bone ka bonako, ba tlhoma ditlelase tsa Baebele (tse moragonyana di neng tsa bidiwa diphuthego) go ralala United States. Fa lekgolo leo la dingwaga le fela, tiro ya bone ya go ruta Baebele e ne ya anamela kwa Yuropa le Australasia. Go ne ga tlhokega gore dilo di rulaganngwe sentle.
13. Baithuti ba Baebele ba ile ba nna le maemo afe a semolao, mme poresidente ya ntlha ya Mokgatlho e ne ya dira tiro efe e e tlhomologileng?
13 Gore Baithuti ba Baebele ba tsewe tsia semolao, Zion’s Watch Tower Tract Society e ne ya tlhomiwa ka 1884 kwa United States, ntlokgolo ya yone e le kwa Pittsburgh, kwa Pennsylvania. Batsamaisi ba teng e ne ya nna Setlhopha se se Laolang se se okametseng dilo tsotlhe se okametse tiro ya go rerwa ga Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe. Poresidente ya ntlha ya Mokgatlho e bong Charles T. Russell, o ne a kwala dibolumo di le thataro tsa Studies in the Scriptures mme a tsaya maeto a mantsi a go rera. O bile gape a ntsha lehumo le a neng a le kokoantse pele a simolola go ithuta Baebele go thusa mo tirong ya Bogosi ya lefatshe lotlhe. Ka 1916, fa Ntwa e Kgolo e ne e tlhagoga kwa Yuropa, Mokaulengwe Russell yo o neng a lapile o ne a tlhokafala a le mo loetong lwa gagwe lwa go rera. O ne a dira gotlhe mo a ka go kgonang go atolosa tiro ya go neela bosupi ka Bogosi jwa Modimo.
14. J. F. Rutherford o ne a ‘tlhabana jang tlhabano e e molemo’? (2 Timotheo 4:7)
14 Joseph F. Rutherford yoo e neng e kile ya bo e le moatlhodi ka nakwana kwa Missouri, o ne a nna poresidente e e latelang. E re ka a ne a buelela boammaaruri jwa Baebele ka bopelokgale, baruti ba Labokeresete ba ne ba ikopanya le boradipolotiki go ‘baakanya bosenyi ka molao.’ Ka June 21, 1918, Mokaulengwe Rutherford le Baithuti ba bangwe ba Baebele ba ba eteletseng pele ba le supa ba ne ba tswalelwa mo kgolegelong, mme ba neelwa dikatlholo tse dintsintsi ka nako e e tshwanang tsa dingwaga tse 10 kana tse 20. Baithuti ba Baebele le bone ba ne ba itwela. (Pesalema 94:20; Bafilipi 1:7) Fa ba sena go dira boikuelo, ba ne ba gololwa ka March 26, 1919, mme moragonyana molato wa bone wa ditatofatso tsa maaka tsa boepapuso o ne wa phimolwa gotlhelele.b Tiragalo eno e ne ya ba bopa go nna babueledi ba ba nonofileng ba boammaaruri. Ka thuso ya ga Jehofa, ba ne ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go fenya mo ntweng ya semoya ya go bolela dikgang tse di molemo go sa kgathalesege kganetso ya Babilona o Mogolo. Ntwa eo e sa ntse e tswelela pele go fitlha le mo ngwageng ono wa 1999.—Bapisa Mathaio, kgaolo 23; Johane 8:38-47.
15. Ke eng fa ngwaga wa 1931 e ne e le o o botlhokwa go ya ka hisitori?
15 Ka bo1920 le bo1930, Iseraele yo o tloditsweng wa Modimo o ne a nna a ntse a bopiwa kafa tlase ga kaelo ya Mmopi yo Mogolo. Lesedi la boporofeti go tswa mo Dikwalong le ne la phatsima, le tlotlomatsa Jehofa le go bua thata ka Bogosi jwa ga Jesu jwa Bomesia. Ka 1931 Baithuti ba Baebele ba ne ba itumelela go amogela leina le lesha la Basupi ba ga Jehofa.—Isaia 43:10-12; Mathaio 6:9, 10; 24:14.
16 le lebokoso le le mo tsebeng 19. Palo e e feletseng ya ba ba 144 000 e ile ya wediwa leng, mme go na le bosupi bofe jwa seno?
16 Ka bo1930 go ne ga bonala fa palo ya “ba ba biditsweng e bile ba kgethilwe mme ba le boikanngo,” ba ba 144 000, e feletse. (Tshenolo 17:14; bona lebokoso mo tsebeng 19.) Ga re itse gore go ne go phuthilwe ba le kae ba batlodiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga le mo gare ga “mefero” mo makgolong a dingwaga a a lefifi a botlhanogi jo bogolo jwa Labokeresete. Mme gone, ka 1935 go ne go na le palogotlhe ya baboledi ba le 56 153 mo lefatsheng lotlhe mo 52 465 go bone ba neng ba supa fa ba na le tsholofelo ya selegodimo ka go ja ga ditshwantshetso tsa Segopotso. Go ne go tla direga eng ka batho ba bantsi ba ba neng ba sa ntse ba tla phuthwa?
“Bona! Boidiidi jo Bogolo”
17. Go ne ga diragala tiragalo efe ka 1935?
17 Kwa kopanong e e neng e tshwerwe go tloga ka May 30 go ya go June 3, 1935, kwa Washington, D.C., U.S.A., Mokaulengwe Rutherford o ne a neela puo e e botlhokwa thata e e neng e na le setlhogo se se reng “Matshwititshwiti a Magolo.”c Setlhopha seno, se “go seng motho ope yo o neng a kgona go [se] bala,” se ne se tla tlhaga fa go kanwa ga ba ba 144 000 ba Iseraele wa semoya go fitlha kwa bokhutlong. Le bone ba ne ba tla nna le tumelo mo maatleng a a rekololang a “madi a ga Kwana,” e bong Jesu mme ba dira tirelo e e boitshepo mo thulaganyong ya ga Jehofa ya tempele ya kobamelo. Jaaka setlhopha, ba ne ba tla ‘tswa mo pitlaganong e kgolo’ ba tshela, gore ba bone botshelo mo Paradaiseng ya lefatshe e mo go yone ‘loso lo tla bong lo seyo.’ Dingwaga tse dintsi pele ga kopano eo, go ne go twe setlhopha seno ke Bajonadabe.—Tshenolo 7:9-17; 21:4; Jeremia 35:10.
18. Ngwaga wa 1938 o ne o le botlhokwa ka ditsela dife?
18 Ngwaga wa 1938 o ne o le botlhokwa thata ka gonne ka one ditlhopha tse pedi tseno di ile tsa tlhalosiwa sentle. Ka March 15 le April 1, 1938, dimakasine tsa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) di ne di na le setlhogo sa dikarolo tse pedi sa “Letsomane la Gagwe” mme tsa tlhalosa sentle maemo a masalela a a tloditsweng le ditsala tsa bone, e leng boidiidi jo bogolo. Go tswa foo dimakasine tsa June 1 le June 15 di ne tsa nna le ditlhogo tse di ithutiwang tsa “Phuthego,” tse di theilweng mo go Isaia 60:17. Diphuthego tsotlhe di ne tsa kopiwa gore di kope Setlhopha se se Laolang go tlhoma batlhanka mo go tsone, mme ka go dira jalo go simololwa thulaganyo e e botoka e e tlhomilweng ke Modimo ya puso ya Modimo. Diphuthego di ile tsa dira fela jalo.
19 le ntlhanyana e e kwa tlase. Ke dintlha dife tse di tlhomamisang gore go bidiwa ga “dinku tse dingwe” go na le dingwaga di le 60 go ntse go tswelela pele?
19 Pego ya 1939 Year Book of Jehovah’s Witnesses ya e ne ya bolela jaana: “Palo ya balatedi ba ga Keresete Jesu ba ba tloditsweng ba ba leng mo lefatsheng gone jaanong e potlana, mme palo ya bone e ka se ka ya tlhola e oketsega. Ba tlhalosiwa mo Dikwalong e le ‘masalela’ a losika lwa Sione, phuthego ya Modimo. (Tshen. 12:17) Gone jaanong Morena o phutha ‘dinku tsa gagwe tse dingwe,’ tse di tla bopang ‘matshwitshwiti a magolo.’ (Joh. 10:16) Ba ba phuthiwang gone jaanong ke ditsala tsa masalela, tse di dirang mmogo le masalela. Go tloga jaanong go ya kwa pele, palo ya ba ba bopang ‘dinku tse dingwe’ e tla oketsega go fitlha ‘matshwititshwiti a magolo’ a phuthiwa.” Masalela a a tloditsweng a bopilwe go tlhokomela tiro ya go phuthiwa ga boidiidi jo bogolo. Bano le bone ba tshwanetse go bopiwa jaanong.d
20. Ke diphetogo dife mo phuthegong tse di nnileng teng fa e sa le go tloga ka 1942?
20 Ka January 1942, fa Ntwa ya Lefatshe II e ile magoletsa, Joseph Rutherford o ne a tlhokafala mme Nathan Knorr a mo tlhatlhama go nna poresidente. Poresidente ya boraro ya Mokgatlho o gopolwa ka tiro ya go tlhoma dikolo tsa tsamaiso ya puso ya Modimo mo diphuthegong le Sekolo sa Gileate se se diretsweng go thapisa barongwa. Kwa kokoanong ya ngwaga le ngwaga ya Mokgatlho ka 1944, o ne a itsise gore molaomotheo wa Mokgatlho o fetotswe gore maloko a teng a se ka a tlhola a tlhongwa go ya ka meneelo e ba e ntshang ya dilo tse di bonalang mme e nne go ya ka bomoya jwa motho. Mo dingwageng tse 30 tse di neng tsa latela, palo ya badiri mo tshimong e ne ya oketsega go tloga go 156 299 go ya go 2 179 256 mo lefatsheng lotlhe. Ka bo1971-75 go ne ga tlhokega diphetogo tse dingwe mo phuthegong. Go ne go se kitla go tlhola go nna le motho a le mongwe fela yo e leng poresidente yo o okamelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe. Setlhopha se se Laolang se bodulasetulo jwa sone bo refosanwang, se ne sa okediwa gore se nne le maloko a le 18 a a tloditsweng, se gone jaanong halofo ya sone e setseng e weditse tiro ya sone ya mo lefatsheng.
21. Ke eng se se ileng sa dira gore maloko a letsomanyane a tshwanelegele Bogosi?
21 Maloko a a setseng a letsomanyane a ile a bopiwa ke diteko tse ba nnileng natso ka masome a dingwaga. Ba nonofile, ka gonne ga go na pelaelo gore ba amogetse ‘moya o o ba supelang.’ Jesu o ne a ba bolelela jaana: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi, gore lo tle lo je lo bo lo nwe fa tafoleng ya me mo bogosing jwa me, lo bo lo nne mo ditulong tsa bogosi go atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.”—Baroma 8:16, 17; Luke 12:32; 22:28-30.
22, 23. Ba letsomanyane le ba dinku tse dingwe ba bopiwa jang?
22 E re ka palo ya masalela a a tloditsweng ka moya mo lefatsheng e fokotsegile, bakaulengwe ba ba godileng mo semoyeng ba boidiidi jo bogolo ba ile ba neelwa boikarabelo jwa semoya jwa go tlhokomela mo e ka nnang diphuthego tsotlhe mo lefatsheng lotlhe. Mme jaaka fa ba bofelo ba Basupi ba ba tloditsweng ba ba setseng ba godile ba wetsa tiro ya bone ya mo lefatsheng, sa·rimʹ, e leng dikgosana tsa dinku tse dingwe di tla bo di setse di thapisitswe sentle go ka dira ditiro tsa go okamela dilo e le setlhopha sa dikgosana mo lefatsheng.—Esekiele 44:3; Isaia 32:1.
23 Ba letsomanyane le ba dinku tse dingwe ka bobedi ba tswelela ba bopiwa go nna dijana tsa tiriso e e tlotlegang. (Johane 10:14-16) E ka ne re na le tsholofelo ya “magodimo a masha” kana ya “lefatshe le lesha,” e kete re ka tsibogela taletso eno ya ga Jehofa ka pelo yotlhe: “Lona lo ipele, lo itumele ka bosakhutleng mo go se ke se tlholang; gonne ke tlhola Jerusalema go nna boipelo, le batho ba gagwe go nna boitumelo.” (Isaia 65:17, 18) E kete rona batho ba ba bokoa re ka tswelela re direla ka boikokobetso, re bopiwa ka “maatla a a fetang a a tlwaelegileng”—maatla a Modimo a moya o o boitshepo!—2 Bakorintha 4:7; Johane 16:13.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a E kete Labokeresete wa motlhanogi, yo o tshwantshediwang ke Iseraele wa bogologolo a ka tsaya seno e le tlhagiso ya gore o tla bona katlholo e e tshwanang go tswa go Jehofa.—1 Petere 4:17, 18.
b Moatlhodi Manton, yo e neng e le Moroma Katoliki yo o neng a gana go golola Baithuti ba Baebele ka beile, moragonyana ene ka boene o ne a tsenngwa mo kgolegelong, a bonwe molato ka ntlha ya go amogela pipamolomo.
c Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika (ka Seesemane), e e golotsweng ka 1950, e dirisa polelwana “boidiidi jo bogolo” e le thanolo e e botoka ya lefoko le le tlhotlheleditsweng la Segerika.
d Ka 1938 ba ba neng ba le teng mo Segopotsong mo lefatsheng lotlhe e ne e le batho ba le 73 420, go na le ba le 39 225 mo go bone—diperesente di le 53—ba ba neng ba ja ga ditshwantshetso. Ka 1998 palo ya ba ba neng ba le teng e ne e oketsegile go nna ba le 13 896 312, go na le ba le 8 756 fela ba ba jang, e leng palogare ya ba ba kwa tlase ga motho a le 1 yo o jang mo diphuthegong dingwe le dingwe di le 10.
A o A Gakologelwa?
◻ Jesu o ne a nna Motlhomasekao wa rona jang ka go ineela go bopiwa ke Rraagwe?
◻ Iseraele wa bogologolo o ne a bopiwa jang?
◻ Go fitlha jaanong, “Iseraele wa Modimo” o ntse a bopiwa jang?
◻ “Dinku tse dingwe” di ile tsa bopelwa eng?
[Lebokoso mo go tsebe 18]
Go Bopiwa go Gongwe mo go Labokeresete
Associated Press ya kwa Athena kwa Greece, e ile ya bega jaana malebana le moetapele yo o sa tswang go tlhomiwa wa Kereke ya Greek Orthodox: “O tshwanetse a ka bo a le morongwa wa kagiso. Mme moeteledipele yono wa Kereke ya Greek Orthodox o utlwala thata e kete ke mojenerale yo o ipaakanyetsang ntwa.
“Mobishopomogolo Christodoulos o ne a bolela jaana bosheng jaana ka letsatsi le le boitshepo la go Tlhatloga ga Kgarebana le gape le ketekiwang e le letsatsi la masole a Greece: ‘Fa go tlhokega, re ikemiseditse go tsholola madi le go intsha ditlhabelo. Rona mo kerekeng, re rapelela kagiso . . . Mme re segofatsa dibetsa tse di boitshepo fa go tlhokega gore re dire jalo.’”
[Lebokoso mo go tsebe 19]
“Ga ba Tlhole ba Okediwa!”
Kwa kalogong ya Gileate ka 1970, Frederick Franz, yoo ka nako eo e neng e le motlatsaporesidente wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a bolelela baithuti ba botlhe e neng e le ba dinku tse dingwe ba na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, gore go ka nna ga direga gore bone ba kolobetse mongwe yo a ka bolelang gore ke lesalela le le tloditsweng. A seno se ka direga? Ee, o ne a tlhalosa gore Johane Mokolobetsi e ne e le mongwe wa dinku tse dingwe mme o ne a kolobetsa Jesu le bangwe ba baaposetoloi. Mme morago ga foo o ne a botsa gore a go sa ntse go tlhokega gore go phuthiwe masalela a a oketsegileng. O ne a re: “Nnyaa, ga ba tlhole ba okediwa! Seo se ne sa fela morago kwa ka 1931 go ya go 1935! Ga ba tlhole ba okediwa. Mme gone, batho ba ba sa tswang go kopanela ba ba jang ga ditshwantsho tsa Segopotso ke bomang? Fa e le gore ke masalela, ke ba ba emisetsang ba bangwe! Ga se ba ba oketsang setlhopha sa batlodiwa, go na le moo, ke ba ba emisetsang ba bangwe ba ba ka tswang ba ile ba fapoga.”
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
A bo re anaanela letlotlo la rona la tirelo jang ne!
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Iseraele wa bogologolo e ne ya nna sejana se se tshwanetsweng ke tshenyego