LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 7/15 ts. 29-31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • “Lo Se Ka Lwa Lapa mo go Diheñ Molemō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Boloka Phuthego E na Le Kagiso e Bile e le Phepa
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Buka ya Bibela ya bo 53—2 Bathesalonia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 7/15 ts. 29-31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go ‘tshwaya’ go go umakiwang mo go 2 Bathesalonika 3:14 ke thulaganyo e e dirwang ka tlhamalalo ke phuthego, kana a ke sengwe se Bakeresete ba ka se itirelang ka go tila batho ba ba sa laolesegeng?

Se moaposetoloi Paulo a neng a se kwalela Bathesalonika se supa gore bagolwane ba phuthego ke bone ba ba nang le seabe se se kgethegileng mo tirong e e ntseng jalo ya go ‘tshwaya.’ Le fa go ntse jalo, morago ga foo, Mokeresete mongwe le mongwe a ka dira jalo a akantse ka dilo tsa semoya. Re ka tlhaloganya seno botoka ka go sekaseka kgakololo ya ga Paulo fa a ne a e neela la ntlha.

Paulo o ne a thusa go tlhoma phuthego ya kwa Thesalonika, a thusa banna le basadi go nna badumedi. (Ditiro 17:1-4) Moragonyana o ne a ba kwalela a le kwa Korintha go ba akgola le go ba kgothatsa. Paulo o bile a ba neela kgakololo e ba neng ba e tlhoka. O ne a ba kgothatsa gore ba ‘tshele ka tidimalo le go tlhokomela dilo tsa bone le go dira ka diatla tsa bone.’ Bangwe ba ne ba sa dire jalo, ka jalo, Paulo o ne a oketsa jaana: “Re a lo rotloetsa, bakaulengwe, tsibosang ba ba sa direng dilo ka thulaganyo, buang ka tsela e e nametsang le meya e e sulafetseng megopolo, tshegetsang ba ba bokoa.” Kwantle ga pelaelo, go ne go na le “ba ba sa direng dilo ka thulaganyo”a mo gare ga bone ba ba neng ba tlhoka kgakololo.—1 Bathesalonika 1:2-10; 4:11; 5:14.

Dikgwedinyana morago ga moo, Paulo o ne a kwalela Bathesalonika lekwalo la gagwe la bobedi, a bua ka mo go oketsegileng ka go nna gone ga ga Jesu mo nakong e e tlang. Paulo o bile a neela kaelo e e oketsegileng malebana le go dirisana le batho ba ba sa direng dilo ka thulaganyo ba ba neng ‘ba sa dire mme ba itsenyatsenya mo dilong tse di sa ba ameng.’ Se ba neng ba se dira se ne se sa tsamaisane le sekao sa ga Paulo sa motho yo o dirang ka natla le taelo ya gagwe e e utlwalang sentle ya go itlamela. (2 Bathesalonika 3:7-12) Paulo o ile a laela gore go tsewe dikgato tse di rileng. Dikgato tseno di ile tsa tsewa morago ga se bagolwane ba neng ba setse ba se dirile go tlhagisa kana go gakolola batho ba ba sa direng dilo ka thulaganyo. Paulo o ile a kwala jaana:

“Jaanong re lo naya ditaelo, bakaulengwe, . . . gore lo ikgoge mo mokaulengweng mongwe le mongwe yo o tsamayang ka go sa dire dilo ka thulaganyo mme e se go ya ka ngwao e lo e amogetseng mo go rona. Fa e le ka lona, bakaulengwe, lo se ka lwa lesa go dira se se siameng. Mme fa mongwe a sa utlwe lefoko la rona le le tlang ka lekwalo leno, nnang lo mo tshwaile, lo tlogele go tlwaelana le ene, e le gore a tle a tlhabiwe ke ditlhong. Mme lefa go ntse jalo lo se ka lwa mo tsaya jaaka mmaba, mme lo tswelele lo mo tsibosa jaaka mokaulengwe.”—2 Bathesalonika 3:6, 13-15.

Ka jalo, dikgato tse dingwe di ne di akaretsa go ikgoga mo bathong ba ba sa direng dilo ka thulaganyo, ka go ba tshwaya, go tlogela go tlwaelana le bone, le fa go ntse jalo, ba tsibosiwa jaaka bakaulengwe. Ke mabaka afe a a neng a ka dira gore maloko a phuthego a tseye dikgato tse di ntseng jalo? Go re thusa go tlhaloganya seno, a re tlhaloseng maemo a mararo a Paulo a neng a sa bue ka one fano.

1. Re a itse gore Bakeresete ga ba a itekanela le gore ba na le ditlhaelo. Le fa go ntse jalo, lorato ke lotshwao lwa Bokeresete jwa boammaaruri, lo lo batlang gore re nne batho ba ba tlhaloganyang le ba ba itshwarelang ba bangwe diphoso tsa bone. Ka sekai, Mokeresete a ka nna a galefa ka tsela e e sa tlwaelegang jaaka go ne ga diragala gareng ga Barenabase le Paulo. (Ditiro 15:36-40) Kana ka ntlha ya letsapa, motho a ka nna a bua mafoko a a bogale le a a utlwisang botlhoko. Mo maemong a a ntseng jalo, ka go bontsha lorato le go dirisa kgakololo ya Baebele, re ka kgona go bipa phoso ya Mokeresetekarona, ra tswelela pele re tshela, re tsalana le go dira le ene. (Mathaio 5:23-25; 6:14; 7:1-5; 1 Petere 4:8) Kwantle ga pelaelo, ditlhaelo tse di ntseng jalo ga se tsone tse Paulo a neng a bua ka tsone mo go 2 Bathesalonika.

2. Paulo o ne a sa bue ka boemo jo mo go jone Mokeresete a itlhophelang go fokotsa tsela e a tlwaelaneng le yo mongwe ka yone yo ditsela kana mekgwa ya gagwe e sa siamang—ka sekai, mongwe yo o bonalang a rata boitlosobodutu kana dikhumo thata. Kana motsadi a ka nna a dira gore ngwana wa gagwe a se ke a tlwaelana le basha ba ba sa utlweng taolo ya batsadi, ba ba tshamekang makgwakgwa kana ka tsela e e kotsi, kana ba ba sa tseyeng Bokeresete masisi. Tseno ke ditshwetso fela tse motho a ka itirelang tsone tumalanong le se re se balang mo go Diane 13:20: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.”—Bapisa 1 Bakorintha 15:33.

3. Paulo o ile a kwalela Bakorintha ka boemo jo bo farologaneng gotlhelele malebana le motho yo o dirang boleo jo bo masisi mme a sa ikwatlhae. Baleofi ba ba ntseng jalo ba ba sa ikwatlhaeng ba ne ba tshwanetse go tlosiwa mo phuthegong. Motho yo o “boikepo” o ne a tshwanetse go neelwa Satane, jaaka go ka tualo. Morago ga foo, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba sa tshwanela go tlhakana le baikepi ba ba ntseng jalo; moaposetoloi Johane o ile a kgothaletsa Bakeresete gore ba se ka ba bo ba ba dumedisa. (1 Bakorintha 5:1-13; 2 Johane 9-11) Le fa go ntse jalo, seno le sone ga se tshwanele kgakololo e e mo go 2 Bathesalonika 3:14.

Boemo jo bo farologaneng le a mararo a a fa godimo ke jo bo amanang le batho ‘ba ba sa direng dilo ka thulaganyo’ jaaka go tlhalosiwa mo go 2 Bathesalonika. Paulo o ne a bolela gore bano e sa ntse e le ‘bakaulengwe,’ ba ba tshwanetseng go tsibosiwa le go tshwarwa ka tsela e e ntseng jalo. Ka jalo, bothata jwa bakaulengwe ‘ba ba sa direng dilo ka thulaganyo’ bo ne bo sa ikaega ka kgang ya botho fela fa gare ga Bakeresete e bile e se jo bo masisi thata mo bagolwane ba phuthego ba neng ba tshwanela gore ba tseye kgato ya go ba kgaola, jaaka Paulo a ne a dira malebana le boemo jwa boitsholo jo bo sa siamang jwa kwa Korintha. Batho ‘ba ba sa direng dilo ka thulaganyo’ ba ne ba se na molato wa boleo jo bo masisi, jaaka monna yo o neng a kgaolwa kwa Korintha.

Batho ‘ba ba sa direng dilo ka thulaganyo’ kwa Thesalonika ba ne ba na le molato wa go fapoga thata mo Bokereseteng. Ba ne ba sa batle go dira, e ka tswa e le ka go bo ba ne ba akanya gore go boa ga ga Keresete go gaufi kana ka go bo ba ne ba le ditshwakga. Mo godimo ga moo, ba ne ba baka pheretlhego e kgolo ka go ‘itsenyatsenya mo go se se neng se sa ba ame.’ Go ka direga gore bagolwane ba phuthego ba ile ba ba kgalemela gangwe le gape, go ya ka kgakololo ya ga Paulo mo lekwalong la gagwe la ntlha le ka kgakololo e nngwe ya Modimo. (Diane 6:6-11; 10:4, 5; 12:11, 24; 24:30-34) Go ntse go le jalo, ba ne ba tswelela ba dira dilo tse di neng di tlisa kgobo mo phuthegong le tse di neng di ka tshwaetsa Bakeresete ba bangwe. Ka jalo, mogolwane wa Mokeresete e bong Paulo, a sa umake maina a batho, o ne a ba tlhagisa phatlalatsa gore ga ba dire dilo ka thulaganyo, a senola diphoso tsa bone.

O bile a itsise phuthego gore go tla bo go tshwanela gore bone jaaka Bakeresete ba ‘tshwaye’ batho ba ba sa direng dilo ka thulaganyo. Seno se ne se raya gore batho ba ne ba tshwanetse go ela tlhoko bangwe ba ditiro tsa bone di neng di tshwana le tse phuthego e neng e tsibositswe phatlalatsa ka tsone. Paulo o ne a gakolola gore ba “ikgoge mo mokaulengweng mongwe le mongwe yo o tsamayang ka go sa dire dilo ka thulaganyo.” Kwantle ga pelaelo seo se ne se sa reye gore motho yo o ntseng jalo a tilwe gotlhelele, ka gonne ba ne ba tshwanetse gore ‘ba tswelele ba mo tsibosa jaaka mokaulengwe.’ Ba ne ba tla tswelela ba kopanela le ene ka tsela ya Bokeresete kwa dipokanong gongwe le kwa bodireding. Ba ne ba tla solofela gore mokaulengwe wa bone o tla utlwa tlhagiso a bo a tlogela ditsela tsa gagwe tse di sa itumediseng.

Ba ne ba tla ‘ikgoga’ ka tsela efe mo go ene? Go bonala fa seno e ne e le mo kgannyeng ya botsalano. (Bapisa Bagalatia 2:12.) Go tlogela ga bone go nna le dikamano tsa botsalano le go itlosa bodutu le ene go ka nna ga mmontsha gore batho ba ba ikanyegang ga ba rate ditsela tsa gagwe. Tota le fa a sa tlhabiwe ke ditlhong le go fetoga, bobotlana batho ba bangwe ba ka se ka ba ithuta ditsela tsa gagwe le go tshwana le ene. Ka mo go tshwanang, Bakeresete bano ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng. Paulo o ile a ba gakolola jaana: “Fa e le ka lona, bakaulengwe, lo se ka lwa lesa go dira se se siameng.”—2 Bathesalonika 3:13.

Ka mo go phepafetseng, kgakololo eno ya ga moaposetoloi ga se lebaka le le ka dirang gore re tseele bakaulengwe ba rona kwa tlase kana go ba atlhola ka go bo ba fapoga go sekae kana ba dira diphosonyana. Go na le moo, boikaelelo jwa yone ke go thusa motho yo o dirang sengwe se se kgopisang se se kgatlhanong thata le Bokeresete.

Paulo ga a ka a tlhoma melao e e tlhomameng e kete o leka go dira thulaganyo e e thata. Mme go phepafetse gore bagolwane ba tshwanetse gore ba gakolole pele motho yo o sa direng dilo ka thulaganyo le go leka go mo thusa. Fa ba sa atlege mme motho yoo a tswelela ka tsela ya gagwe e e kgopisang e bile e le selo se se ka anamang, ba ka nna ba swetsa gore phuthego e tshwanetse go tlhagisiwa. Ba ka nna ba rulaganya gore go nne le puo e e tlhalosang lebaka la go bo tsela eno ya go sa dire dilo ka thulaganyo e tshwanetse go tilwa. Ba ka se ka ba umaka maina mme puo ya bone e e tlhagisang e tla thusa go sireletsa phuthego ka gonne batho ba ba tla tsibogelang seno ba tla nna kelotlhoko thata gore ba lekanyetse botsalano jwa bone le ope fela yo o itshupang a sa dire dilo ka thulaganyo jalo.

Re solofela gore fa nako e ntse e ya, motho yo o sa direng dilo ka thulaganyo o tla tlhabisiwa ditlhong ke ditsela tsa gagwe mme o tla tlhotlheletsega go fetoga. Fa bagolwane le ba bangwe mo phuthegong ba bona diphetogo tse a di dirang, bone ka bobone ba ka nna ba swetsa gore ba gololesege go tsalana le ene.

Ka jalo, fa re sobokanya seno: Bagolwane ba phuthego ba etelela pele mo go thuseng le mo go gakololeng motho yo o tsamayang ka tsela ya go sa dire dilo ka thulaganyo. Fa a sa bone phoso ya tsela ya gagwe mme a tswelela pele go nna tlhotlheletso e e sa siamang, bagolwane ba tla tlhagisa phuthego ka go neela puo e e tlhalosang pono ya Baebele sentle—e ka tswa e le go intsha le batho ba ba sa dumeleng kana le fa e ka nna tsela epe fela e e sa tshwanelang. (1 Bakorintha 7:39; 2 Bakorintha 6:14) Bakeresete ba ba mo phuthegong ba ba tlhagisiwang jalo ba ka itirela tshwetso ka bobone gore ba fokotse botsalano bope fela le batho ba ba ntseng jalo ba ba itshupang gore ga ba dire dilo ka thulaganyo mme e sa ntse e le bakaulengwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Lefoko leno la Segerika le ne le dirisiwa fa go buiwa ka masole a a neng a sa tsamaye ka thulaganyo kana a a neng a gana go utlwa, le dirisiwa gape le mo baithuting ba ba tshabang sekolo ba ba neng ba sa nne teng ka metlha kwa sekolong.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Bagolwane ba Bakeresete ba tlhagisa batho ba ba sa direng dilo ka thulaganyo mme le fa go ntse jalo ba ba leba e le badumedimmogo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela