LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 8/1 ts. 4-6
  • Go sa Lekalekane—A e Ne e Le Boikaelelo Jwa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go sa Lekalekane—A e Ne e Le Boikaelelo Jwa Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kwa go sa Lekalekaneng go Simologileng Gone
  • A Dilo di Tla Tsamaya di Fetoga?
  • Sebetso Sa go Sa Lekalekane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Go Fokotsa Sebetso Sa go Sa Lekalekane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Mathata a Ikonomi—Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • A Ruri Batho ba ka Tshela ba sa Tlhaolane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 8/1 ts. 4-6

Go sa Lekalekane—A e Ne e Le Boikaelelo Jwa Modimo?

Karabo ka lefoko le le lengwe fela ke nnyaa. Mma re bone gore ka ntlha yang.

MODIMO o ne o ikaeletse gore batho botlhe ba tshele ba bo ba itumele ka go tshwana. Re bala jaana malebana le popo ya batho: “Modimo wa re: ‘A re direng motho mo setshwanong sa rona, ee, ka fa setshwanong sa rona; le gone a a laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le dikgomo, le lefatshe lotlhe, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe.’” Fa popo ya dilo tsa mo lefatsheng e sena go wediwa, “Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata.”—Genesise 1:26, 31.

A Modimo a ka bolela gore boemo jo bo hutsafatsang jo bo leng teng gompieno jwa go sa lekalekane bo “molemo thata”? Legoka, ka gonne “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Fa go buiwa ka ene ga twe ga a “[tlhokomele] bomangmang jwa batho” le gore “tiro ya gagwe e itekanetse; gonne ditsela tsa gagwe tsotlhe ke tshiamiso; Modimo o o boikanngo, o o se nang tshiamololo, one o tekatekanyo, o tshiamo.” (Duteronome 10:17; 32:4; bapisa Jobe 34:19.) Mme moaposetoloi Petere o ne a konela jaana: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga o tlhaole, mme mo morafeng mongwe le mongwe motho yo o o boifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go one.”—Ditiro 10:34, 35.

E re ka Modimo a le lorato, a sa tlhaole, a siame, a thokgame, e bile a le tshiamo, go ka tla jang gore a bope batho ka tsela e e tla dirang gore ba se ka ba itumela ka go tshwana? Go letlelela tlhaolele mo gare ga batho le go ba baya mo tsamaisong e go se nang tekatekano mo go yone go tla bo go thulana gotlhelele le botho jwa gagwe. O ne a ikaeletse gore botlhe ba ‘tsholwe ba gololesegile e bile ba na le seriti le ditshwanelo tse di lekanang.’ Le fa go ntse jalo, gompieno go phepafetse gore dilo ga di a nna jalo. Ka ntlha yang?

Kwa go sa Lekalekaneng go Simologileng Gone

Lebaka la go bo Modimo a bopile batho ba lekana ga le reye gore o ne a ikaeletse gore botlhe ba lekane ka sengwe le sengwe. Ba ne ba ka nna le ditalenta tse di farologaneng, dikgatlhego le botho jo bo farologaneng. Gape ba ne ba ka nna le maemo a a sa tshwaneng kana taolo e e sa tshwaneng. Ka sekai, monna le mosadi ga ba lekane mo dilong tsotlhe, mme Modimo o bopile mosadi go nna “thuso” ya monna. (Genesise 2:18) Go phepafetse gore batsadi le bana ga ba na taolo e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, le mororo ba sa tshwane mo dilong tseno, botlhe—banna, basadi le bana—ba ne ba tshwanetse go nna le tshwanelo e e lekanang e ba e filweng ke Modimo ya go bona dilo tsa konokono tse di tlhokegang gore motho a itumele. Botlhe ba ne ba tshwanetse go nna le seriti se se lekanang le boemo jo bo lekanang fa pele ga Modimo.

Ka tsela e tshwanang, barwa ba Modimo ba moya, ba ba bopilweng pele ga batho, ba ile ba fiwa ditiro le maikarabelo a a farologaneng. (Genesise 3:24; 16:7-11; Isaia 6:6; Jude 9) Le fa go ntse jalo, go ya ka ditekanyetso tsa se ba se filweng, botlhe ba ne ba kgona go itumelela mpho ya Modimo ya botshelo le boitumelo ka go tshwana. Ka jalo ba supa bontle gore Modimo ga o tlhaole.

Ka maswabi, sebopiwa sengwe sa semoya se ne se sa kgotsofalele thulaganyo ya Modimo ya go sa tlhaole. Se ne sa batla se se fetang se Modimo a neng a se se file, se eletsa go nna le boemo jo bo kwa godingwana, jo bo tlotlometseng. Ka go nna se pepetletsa keletso eo e e sa siamang, se ne sa nna kgatlhanong le Jehofa, yo jaaka Mmopi a nang le tshwanelo ya go nna kwa godimo thata ga sengwe le sengwe. Moragonyana morwa yono wa semoya wa Modimo yo o tsuololang o ne a tlhotlheletsa batho gore ba batle se se oketsegileng mo Modimong go na le se A ba fileng sone. (Genesise 3:1-6; bapisa Isaia 14:12-14.) Ka jalo, thulaganyo ya ga Jehofa ya go naya batho botshelo le boitumelo e ne ya bonala e kete ga e a lekalekana gotlhelele. Motsuolodi yono wa semoya, yo o tlhalosiwang mo go Tshenolo 20:2 e le “Diabolo le Satane,” o ne a nna motlhotlheletsi yo o bosula wa go sa lekalekane ga batho.

A Dilo di Tla Tsamaya di Fetoga?

Karabo ka lefoko le le lengwe fela ke ee!

Mme ke mang yo o ka tlisang diphetogo tse di tlhokegang? Baeteledipele ba batho, bao bangwe ba bone go se nang pelaelo gore ba ne ba na le maitlhomo a a siameng, ba ile ba kgaratlha ka makgolokgolo a dingwaga go dira jalo. Ba ile ba retelelwa, mme seno sa dira gore batho ba le bantsi ba swetse ka gore ga go utlwale go solofela gore bothata jwa go sa lekane ga batho bo tla tsamaya bo rarabololwa. Le fa go ntse jalo, boikutlo jwa Modimo bo kwadilwe mo go Isaia 55:10, 11: “Jaaka pula e tle e ne, e tswa legodimong, le kapoko, mme di sa boele gone, mme di kolobise lefatshe, di le tlhogise, di le kukuntse, mme le neye mojadi peo, le moji dijo; lefoko la me le tlaa nna jalo, le le tswang mo molomong wa me; ga le ketla le boela fela mo go nna, mme le tlaa dirafatsa se ke se ratang, le tlaa segofala mo selong se ke le isitseng kwa go sone.”

A bo go gomotsa jang ne go itse gore Jehofa Modimo o ile a bolela gore o tla diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong jwa go dira gore batho botlhe ba tshele ba bo ba itumele ka go lekana! Jaaka Modimo wa boammaaruri, o ikanne gore o tla diragatsa se a se solofeditseng. Se se itumedisang ke gore, o a rata e bile o na le maatla a go dira jalo. O tla diragatsa seno jang?

Tharabololo ke Bogosi jo Jesu Keresete a ileng a ruta balatedi ba gagwe botlhe gore ba bo rapelele: “Rraarona yo o kwa magodimong, . . . A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Ee, Bogosi jwa Modimo ke sone selo se Jehofa a tla se dirisang go “thubaganya [le go] nyeletsa magosi ao otlhe [a a leng teng gone jaanong], mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44.

Mo pusong ya Bogosi jwa legodimo, go tla tlhaga mokgatlho o mosha wa batho. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana malebana le seno mo bukeng ya bofelo ya Baebele ya Tshenolo: “Ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha; gonne legodimo la pele le lefatshe la pele di ne di fetile.” (Tshenolo 21:1) Dikarolo tsotlhe tse di maswe tsa go sa lekalekane di tla bo di fedile—lehuma, bolwetse, botlhokakitso, tlhaolele le mahutsana a mangwe a batho.a

E setse e le nako e e fetang lekgolo la dingwaga Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba tlhokomedisa batho ka Bogosi joo. (Mathaio 24:14) Ba ntse ba dira ka natla go thusa batho, ba dirisa dikgatiso le ka go ba thusa ka namana gore ba nne le kitso ka maikaelelo a Modimo a a kwadilweng mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, tiro ya bone ya go ruta ya lefatshe lotlhe, ga e a felela fela ka go naya batho tsholofelo ya gore ba tla tshela ka go lekana ba bo ba itumele mo isagweng mme gape e ba solegela molemo gone jaanong ka go fokotsa sebetso sa go sa lekalekane. A re bone gore jang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa Bogosi jwa Modimo bo tla tlogang bo dira gore botlhe ba lekane ka gone, tsweetswee bona dikgaolo 10 le 11 tsa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Modimo o ne o ikaeletse gore batho botlhe ba tshele ba bo ba itumele ka go tshwana

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela