LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 8/1 ts. 6-8
  • Go Fokotsa Sebetso Sa go Sa Lekalekane

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fokotsa Sebetso Sa go Sa Lekalekane
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirisa se o Nang Naso ka Botlalo!
  • Go Lekalekana mo Bakaulengweng
  • Go sa Lekalekane—A e Ne e Le Boikaelelo Jwa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Sebetso Sa go Sa Lekalekane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A Tlhaolele ya Semorafe e Tla Tsamaya e Fela?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Mathata a Ikonomi—Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 8/1 ts. 6-8

Go Fokotsa Sebetso Sa go Sa Lekalekane

Mmopi o tla tloga a dira gore go nne le go lekalekana go batho ba eletsang gore go nne gone. Go fitlha nako eo e tla, re ka kgona go tsaya dikgato tsa gore bobotlana re fokotse sebetso seno sa go sa lekalekane se se amang rona le malapa a rona. Jaaka Nelson Mandela, yo e neng e le poresidente ya Afrika Borwa, a ile a bolela, “se se re farologanyang le ba bangwe ke se re se dirang ka se re nang naso, e seng se re se filweng.”

HISITORI e supa gore mafoko a gagwe a boammaaruri. Go na le banna le basadi ba le bantsi ba ba ileng ba se ka ba nna le go le gontsi fa ba tsholwa, mme ka go dirisa se ba nang naso, ba ile ba atlega mme seo sa ba farologanya le balekane ba bone ba ba ka tswang ba ne ba le lesego go ba gaisa. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba bangwe ba ba ileng ba nna lesego thata go tloga boseeng jwa bone ba ile ba senya dilo tse ba neng ba na le tsone mme ba palelwa ke go dirisa bokgoni jwa bone ka botlalo.

Dirisa se o Nang Naso ka Botlalo!

Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhegela thata go thusa batho gore ba itse ka maikaelelo a Modimo ka go ba ruta Baebele. Le fa go ntse jalo, ba lemoga gore, gore tshedimosetso e e tswang mo Baebeleng e solegele batho molemo ka botlalo, ba tshwanetse go kgona go bala le go kwala. Ka lebaka leo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ruta batho ba le masome a a dikete go bala le go kwala, go akaretsa le batho ba le 23 000 (go tloga mo bogareng jwa bo1990) kwa nageng nngwe ya Afrika Bophirima fela. Fa San Francisco Examiner e bua ka tiro e e tlhomologileng ya tirelosetšhaba e Basupi ba ga Jehofa ba e neelang e ne ya bolela jaana: “O ka nna wa ba tsaya e le baagi ba ba tlhomang sekao. Ba duela makgetho ka tlhoafalo, ba oka balwetse, ba lwantsha bothata jwa go sa itse go bala le go kwala.”

Mo godimo ga moo, ka thuto e e tswelelang pele ya go bua phalatlatsa, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thapisa batho ba le makgolo a a dikete go nna dibui tse di tshwanelegang, tse di kgonang go bua phatlalatsa ka thelelo. Bangwe ba diketekete tseno ke batho ba ba kileng ba bo ba na le mathata a a masisi a go bua. Akanya ka monna mongwe go tswa mo Afrika Borwa yo o kwalang jaana: “Go kwakwaetsa ga me go ile ga nna maswe thata mo e leng gore ke ne ke simolotse go itshoga, gantsi ke ikaegile ka ba bangwe gore ba mpuelele. . . . Fa ke ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mme ke tshwanelwa ke go dira mmalo wa Baebele mo pele ga setlhopha se sennye sa bareetsi . . . , ke ne ka kwakwaetsa thata jaana mo e leng gore ke ne ka palelwa ke go fetsa puo ya me ka nako e e beilweng. Morago ga pokano [mogakolodi] o ne a nnaya kgakololo e e molemo ka tsela e e lorato. O ne a akantsha gore ke itlwaetse go ipalela kwa godimo. Ke ne ka dira jalo, letsatsi le letsatsi ke ne ke balela Baebele ya me le makasine wa Tora ya Tebelo kwa godimo.” Monna yono o ne a gatela pele sentle jaana mo e leng gore gone jaanong o neela dipuo tsa phatlalatsa mo bareetsing ba ba fitlhang go makgolo, tota le e leng go diketekete.

Go Lekalekana mo Bakaulengweng

Maemo a Basupi ba ga Jehofa a farologana thata fa go tla mo dilong tse di jaaka thutego, tlhokomelo ya tsa kalafi, maemo a itsholelo le a loago. Go se tshwane gono go supa fela maemo a lefatshe a a sa itekanelang a ba tshelang mo go one. Mme go farologana le ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi, go tlhaolana ka ntlha ya bomorafe, maemo a loago le a itshololelo go batla go fedisitswe gotlhelele mo gare ga bone.

Ba ile ba kgona go dira seno ka go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go dirisa se ba se ithutileng mo Baebeleng. Ba ile ba amogela melaometheo ya Baebele e e jaaka eno ka pelo yotlhe: “Jehofa ga a bone jaaka motho a bona; gonne motho o leba bokafantle, mme Jehofa o leba pelo.” (1 Samuele 16:7) “Modimo ga o tlhaole, mme mo morafeng mongwe le mongwe motho yo o o boifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go one.” (Ditiro 10:34, 35) “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. Akanyetsang go naya dilo tse di molemomogolo mo ponong ya batho botlhe. Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”—Baroma 12:17, 18; bona gape 1 Timotheo 6:17-19; Jakobe 2:5, 9.

E re ka Basupi ba ga Jehofa ba latela melaometheo eno ya Baebele e e rotloetsang kutlwano, mo gare ga bone ga ba batle go tlhaolana ka ntlha ya morafe, maemo a loago kana a itsholelo. Ka sekai, fa go dirwa tshwetso ya gore ke bomang ba ba tshwanetseng go fiwa ditshiamelo tsa tirelo mo phuthegong ya Bokeresete, ga go akanyetswe mabaka ano le eseng. Maemo a boikarabelo, a a jaaka go ruta le bolebedi, a fiwa go theilwe fela mo ditshwanelegong tsa semoya.—1 Timotheo 3:1-13; Tito 1:5-9.

A bo batho ba ba ileng ba boga ka ntlha ya go sa tsewe ka tsela e e lekanang mo lefatsheng le le tlhaolang batho, ba itumela jang ne go bona batho ba bangwe ba ba tshwara jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba ba nang le maemo a a lekanang mo pele ga Mmopi wa bone! Martina a ka kgona go supa boammaaruri jwa seno. Fa rraagwe a sena go tlogela lelapa la gaabo, o ne a godisiwa mo lelapeng le le humanegileng la motsadi a le mongwe. Gantsi o ne a tshwarwa jaaka motho yo o sa tshwanelang mo setšhabeng, a sa itshepe, mme go le thata mo go ene go utlwana le batho ba bangwe. O ne a simolola go nna le boikutlo jwa go sa kgathale. Le fa go ntse jalo, dilo di ile tsa fetoga fa a sena go simolola go ithuta Baebele mme a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O bolela jaana: “Ke sa ntse ke tshwanelwa ke go lwantsha boikutlo jo bo sa siamang, mme le fa go ntse jalo gone jaanong ke kgona go lebana botoka le bothata jwa me. Gone jaanong ke kgona go itlotla, mme ke bua ka kgololesego e kgolwane. Boammaaruri bo dirile gore ke nne le boikarabelo. Jaanong, ke a itse gore Jehofa o a nthata le gore botshelo bo na le mosola.”

Jaaka setlhopha sa ditšhabatšhaba sa Bakeresete, Basupi ba ga Jehofa ba ba mo dinageng tse di fetang 230 ba na le selekanyo se se rileng sa go lekana go go tlhomologileng mo lefatsheng la gompieno. A go na le mokgatlho o mongwe wa bodumedi o o ka buang jaana o bo o tshegetsa seo ka mabaka?

Gone mme, Basupi ba ga Jehofa ga ba iphoufaletse boammaaruri. Ba dumela ba sa belaele gore e re ka e le batho ba ba tshelang mo tikologong e e sa itekanelang, ga ba kgone go fedisa go sa lekalekane ga batho fela jaaka batho ba bangwe ba ba kileng ba leka mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng—mme ba palelwa. Le fa go ntse jalo, ba itumelela gore mo gare ga bone, ba dirile go le gontsi go fokotsa botlhoko jwa gone jo bo bolayang. Mme e re ka ba na le tumelo e e nonofileng mo tsholofetsong ya Modimo, ba lebeletse go bona lefatshe le lesha la tshiamo le mo go lone go sa lekalekane e tla bong e le selo se se fetetseng ruri.

Ee, go ise go ye kae batho botlhe ba ba kutlo ba tla boa ba nna le “seriti le ditshwanelo” tse di lekanang tse Mmopi wa bone a neng a ikaeletse gore ba nne le tsone mo tshimologong. A bo e le kgopolo e e itumedisang jang ne! Mme mo lekgetlong leno go tla diragala!

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Basupi ba ga Jehofa ba lwantsha go sa itse go bala le go kwala ka go ruta masome a a dikete a batho go bala le go kwala

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Boammaaruri jwa Baebele bo thusa go fedisa go tlhaolana ka ntlha ya bomorafe, maemo a loago le a itsholelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela