LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 8/1 ts. 3-4
  • Sebetso Sa go Sa Lekalekane

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sebetso Sa go Sa Lekalekane
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go sa Lekalekane—A e Ne e Le Boikaelelo Jwa Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • A Tlhaolele ya Semorafe e Tla Tsamaya e Fela?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Go Fokotsa Sebetso Sa go Sa Lekalekane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Go o Leba go Tswa Kwa Boalong Jwa Bo29
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 8/1 ts. 3-4

Sebetso Sa go Sa Lekalekane

“Re tsaya gore ntlha eno e a itshupa ka boyone, gore batho botlhe ba bopilwe ba lekana, gore Mmopi wa bone o ba file Ditshwanelo tse ba ka se kang ba di amogwa ke ope, tseo dingwe tsa tsone e leng Botshelo, Kgololesego le go batla Boitumelo.”—Maiphako a Boipuso, a a amogetsweng ke United States ka 1776.

“Batho botlhe ba tshotswe ba gololesegile e bile ba na le ditshwanelo tse di lekanang.”—Maiphako a Ditshwanelo Tsa Motho le Tsa Moagi, a a amogetsweng ke Kokoanotheomolao ya Setšhaba ya Fora ka 1789.

“Batho botlhe ba tshotswe ba gololesegile e bile ba na le seriti le ditshwanelo tse di lekanang.”—Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho, a a amogetsweng ke Kokoanotheomolao ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ka 1948.

GA GO na pelaelo ka seno. Batho mo lefatsheng lotlhe ba batla go lekalekana. Mme ka maswabi, lone lebaka la go bo kgang ya go lekalekana ga batho e ntse e boaboelediwa gantsi jaana le supa fela gore go fitlha le jaanong batho ga ba ise ba kgone go tshela ka go lekalekana.

A go na le mongwe yo o ka bolelang a tlhomamisegile gore gone jaanong, mo bofelong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, dilo di tokafetse? A baagi botlhe ba kwa United States le Fora, kana bape fela ba maloko a a 185 a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, eleruri ba na le ditshwanelo tse di lekanang tse go tweng ba tshotswe ka tsone?

Le mororo kgang ya go lekalekana ga batho botlhe e ka tswa e “itshupa ka boyone,” ditshwanelo tsa “Botshelo, Kgololesego le go batla Boitumelo” ga di lekane gotlhelele mo bathong botlhe. Ka sekai, re ka bua jang re re batho ba na le tshwanelo e e lekanang ya go tshela, fa ngwana a le mongwe mo Afrika a tshwanetse go tlhakanela ngaka e le nngwe le batho ba bangwe ba le 2 569, mme ngwana a le mongwe wa kwa Yuropa ene a tlhakanela ngaka le batho ba le 289 fela? Kana re ka bua jang ra re batho ba na le ditshwanelo tse di lekanang tsa kgololesego le go batla boitumelo fa go na le basimane ba ba ka nnang nngwe tharong le basetsana ba le pedi tharong ba kwa India ba ba tla golang ba sa rutega, fa kwa mafelong a a jaaka Japane, Jeremane, le Great Britain, go tlhomamisiwa gore mo e ka nnang ngwana mongwe le mongwe o tla rutega?

A batho ba ba kwa dinageng tsa Amerika Bogare ba ba amogelang madi a a kana ka R8 530 mongwe le mongwe ba na le “seriti le ditshwanelo” tse di lekanang le tsa ba ba kwa Fora koo mongwe le mongwe a amogelang madi a a kana ka R154 440 gone? Ngwana wa mosetsana wa kwa Afrika yo o sa tswang go tsholwa yo o nang le tebelelo ya go tshela dingwaga di le 56 o na le ditshwanelo dife tse di lekanang le tsa ba bangwe fa a bapisiwa le ngwana wa mosetsana wa kwa Amerika Bokone yo o nang le tebelelo ya go tshela dingwaga di le 79?

Go sa lekalekane go na le dikarolo tse dintsi, mme ga di kgatlhise tsotlhe fela. Go sa lekalekane mo maemong a botshelo le mo go boneng tlhokomelo ya kalafi le thuto ke dingwe tsa tsone. Ka dinako tse dingwe go sa dumalane mo go tsa bopolotiki, mo merafeng kana mo bodumeding go na le seabe se segolo mo go direng gore batho ba se ka ba nna le seriti le kgololesego tse ba tshwanetseng go nna le tsone. Le mororo go buiwa thata ka go lekalekana, re tshela mo lefatsheng le go nang le go sa lekalekaneng mo go lone. Jaaka sebetso—“botlhoko jo bo anameng kana jo bogolo,” jaaka lefoko leno le tlhalosiwa—go sa lekalekane go aname mo gare ga batho ba mefuta yotlhe. Botlhoko jo go bo bakang ka lehuma, bolwetse, botlhokakitso, go tlhoka tiro le go tlhaolwa bo botlhoko fela thata.

“Batho botlhe ba bopilwe ba lekana.” A bo e le kgopolo e ntle jang ne! A bo go utlwisa botlhoko jang go itse gore ga go a nna jalo tota!

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

UN PHOTO 152113/​SHELLEY ROTNER

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela