Itumelele “Botshelo Jwa Mmatota”
JEHOFA MODIMO o neile batho go akanya ka bosakhutleng. (Moreri 3:11) Se se dira gore batho ba ikutlwe ba se na maatla fa ba lebane le loso, mme kafa letlhakoreng le lengwe, go dira gore ba nne le keletso e e nonofileng ya go batla go tshela.
Baebele e e Boitshepo, e leng Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le re neela tsholofelo e e nonofileng. (2 Timotheo 3:16) Jehofa, yo ka boene e leng lorato, o ne a ka se ka a dira gore motho a kgone go akanya ka ga bosakhutleng mme a bo a dira gore a tshele dingwaga di sekae fela. Ga go tshwanele botho jwa Modimo gore a re bopele fela gore re boge re bogisiwa ke boemo jo re leng mo go jone. Ga re a bopiwa jaaka “diphologolo tse di sa akanyeng tse ka tlholego di tsaletsweng go tshwarwa le go senngwa.”—2 Petere 2:12.
Fa Jehofa Modimo a bopa Adame le Efa ba na le kgono eo mo go bone ya go akanya ka bosakhutleng, o ne a dira sengwe se se “molemo thata”; o ne a ba dira ka tsela ya gore ba ka kgona go tshelela ruri. (Genesise 1:31) Mme ka maswabi, banyalani bano ba ntlha ba ne ba dirisa kgololesego ya bone ya go itlhophela ka tsela e e sa siamang, ka go sa utlwe taelo ya Mmopi ya thibelo e a neng a e tlhalositse sentle mme ba latlhegelwa ke boitekanelo jo ba neng ba na le jone pele. Ka ntlha ya seo, ba ne ba swa, ba setse ba fetisitse bosaitekanelang le loso mo ditlogolwaneng tsa bone.—Genesise 2:17; 3:1-24; Baroma 5:12.
Baebele ga e re tlogele re le mo lefifing malebana le boikaelelo jwa botshelo le se loso lo se kayang. E bolela gore fa motho a swa “ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale,” le gore baswi “ga ba itse sepe.” (Moreri 9:5, 10) Ka mafoko a mangwe, baswi ba sule. Thuto ya gore moya ga o swe ga e mo Baebeleng, ka jalo ga go na bosaitseweng jo bo kwa teng jo bo malebana le seemo sa baswi jo bo tshwanetseng go rarabololwa.—Genesise 3:19; Pesalema 146:4; Moreri 3:19, 20; Esekiele 18:4.a
Modimo o ne a na le boikaelelo; o ne a sa bopela lefatshe “lefela.” O ne a le bopela “go nniwa” ke batho ba ba itekanetseng mo maemong a paradaise, mme Modimo ga a ise a fetole maikaelelo a gagwe. (Isaia 45:18, NW; Malaki 3:6) Go diragatsa seno, o ne a romela Morwawe mo lefatsheng. Ka go nna a ikanyega go fitlhela a swa, Jesu Keresete o ne a dira paakanyetso ya go rekolola batho mo boleong le mo losong. Tota e bile Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.
Bogologolo, Modimo o ne a solofetsa gore o tla tlhola “magodimo a maša, le lefatshe le leša.” (Isaia 65:17; 2 Petere 3:13) Seo se ne se tla akaretsa gore a tlhophe setlhopha se sennye sa Bakeresete ba ba ikanyegang gore ba ye go tshela kwa legodimong. Bone mmogo le Jesu Keresete, ba bopa karolo e e botlhokwatlhokwa e e busang. Baebele e bua ka bone e re ke “bogosi jwa magodimo,” kana “bogosi jwa Modimo,” jo bo tla laolang “dilo tse di mo lefatsheng.” (Mathaio 4:17; 12:28; Baefeso 1:10; Tshenolo 5:9, 10; 14:1, 3) Fa Modimo a sena go fedisa boikepo jotlhe mo lefatsheng la rona le go le phepafatsa, o tla tlisa setšhaba se se siameng se sesha kana “lefatshe le lesha.” Sone se tla akaretsa batho ba Modimo a ba sireletsang fa a tloga a senya tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. (Mathaio 24:3, 7-14, 21; Tshenolo 7:9, 13, 14) Ba tla kopana le batho ba ba tla bong ba tshela gape ba tsositswe jaaka go solofeditswe.—Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.
Ka Nako eo e Tla Bo e Le “Botshelo Jwa Mmatota”
Go tlhomamisa kafa botshelo jwa isagwe jwa mo lefatsheng la Paradaise bo tla bong bo ntse ka teng, Modimo a re: “Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.” (Tshenolo 21:5) Tlhaloganyo ya motho ga e kgone go tlhaloganya ka botlalo ditiro tse di gakgamatsang tse Modimo a tla di direlang batho. Modimo o tla dira lefatshe lotlhe paradaise, le tshwana le Edene. (Luke 23:43) Jaaka kwa Edene go tla bo go na le mebala, medumo le ditatso tse dintsi tse dintle le tse di monate. Ga go kitla go tlhola go nna le lehuma le ditlhaelo tsa dijo, ka gonne Baebele e bolela jaana malebana le nako eo: “Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:4; Pesalema 72:16) Ga go kitla go tlhola go nna le ope yo o reng “Ke a bobola,” ka gonne bolwetse jotlhe bo tla bo bo tloseditswe ruri. (Isaia 33:24) Ee, dilo tsotlhe tse di bakang botlhoko di tla nyelela, go akaretsa le mmaba wa bogologolo wa batho e leng loso. (1 Bakorintha 15:26) Mo ponatshegelong e e gakgamatsang ya “lefatshe le lesha,” setšhaba se sesha se se tla bong se busiwa ke Keresete, moaposetoloi Johane o ne a utlwa lentswe le re: “[Modimo] o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” Ke eng se se tla gomotsang le go itumedisa go gaisa go bona tsholofetso eno ya Modimo e diragadiwa?
Fa Baebele e tlhalosa botshelo jwa nako e e tlang, e gatelela segolobogolo maemo a a tla kgotsofatsang dikeletso tsa batho tsa boitsholo le tsa semoya. Dilo tsotlhe tse di siameng tse batho ba ntseng ba di kgaratlhela go fitlha le jaanong di tla fitlhelelwa ka botlalo. (Mathaio 6:10) Nngwe ya tsone ke go eletsa tshiamiso, e e ntseng e seyo ka gonne gantsi batho ba ile ba utlwisiwa botlhoko ke bagateledi ba ba setlhogo ba ba laolang batho ba ba bokoa. (Moreri 8:9) Mopesalema o ne a kwala jaana ka tsela ya boporofeti fa a ne a bua ka maemo a a tla nnang teng mo pusong ya ga Keresete: “Mo metlheng ya gagwe tshiamo e tla tota, le kagiso e nne ntsi.”—Pesalema 72:7, The New Jerusalem Bible.
Go lekalekana ke selo se sengwe gape se se ileng sa dira gore batho ba le bantsi ba intshe setlhabelo ka ntlha ya gone. Mo “tlhōlongsesha,” Modimo o tla fedisa tlhaolele. (Mathaio 19:28) Batho botlhe ba tla nna le seriti se se tshwanang. E tla bo e se go lekalekana go go tlisiwang ke thulaganyo nngwe ya puso e e setlhogo. Go na le moo, dilo tse di bakang tlhaolele di tla bo di tlositswe, go akaretsa le bogagapa le boikgogomoso jo bo dirang gore batho ba batle go laola ba bangwe kana go kgobokanya dithoto tse dintsintsi. Isaia o ne a porofeta jaana: “Ba tlaa aga matlo, ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, ba ja maungo a one. Ga ba ketla ba aga, mme go nne o sele; ga ba ketla ba tlhoma, mme go je o sele.”—Isaia 65:21, 22.
A bo batho ba ile ba boga jang ne ka ntlha ya go tshololwa ga madi mo dintweng tsa batho le tsa ditšhaba! Seno ga se bolo go nna se diragala go tloga ka polao ya ga Abele go fitlha ka dintwa tse di leng teng gompieno. Batho ga ba bolo go solofela le go letela gore go tlisiwe kagiso mme go bonala e le ga lefela! Mo Paradaiseng e e tsosolositsweng, batho botlhe ba tla bo ba na le kagiso e bile ba le pelonomi; ba tla “inatefisa mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.
Isaia 11:9 e bolela jaana: “Lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” Ka ntlha ya bosaitekanelang jo re bo ruileng, mmogo le dilo tse dingwe, re ka se ka ra kgona go tlhaloganya ka botlalo se tota mafoko ano a se bolelang. Gore kitso e e itekanetseng ya Modimo e tla re letlanya le ene jang le gore seo se tla re naya boitumelo jo bo feletseng jang, re sa ntse re ka tlhoka go bona seo. Mme e re ka Dikwalo di re bolelela gore Jehofa ke Modimo yo o nang le maatla, botlhale, tshiamiso le lorato lo lo gakgamatsang, re ka tlhomamisega gore o tla utlwa dithapelo tsotlhe tsa baagi ba “lefatshe le lesha.”
“Botshelo Jwa Mmatota” ke Selo sa Mmatota—Bo Ngaparele!
Mo bathong ba le bantsi, botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le botoka ke toro fela kana selo se se se kitlang se tsamaya se direga. Le fa go ntse jalo, mo bathong ba ba dumelang tota mo tsholofetsong ya Baebele, tsholofelo eno ke selo sa mmatota. E ntse jaaka tshetledi mo botshelong jwa bone. (Bahebera 6:19) Fela jaaka fa tshetledi e tshwara sekepe gore se nne mo mannong a sone e bile se se thibela gore se se ka sa tshikinyega, tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng le yone e dira gore batho ba nne ba tlhomame e bile ba na le tshepo mme e ba thusa gore ba lebane le mathata a a masisi mo botshelong le e leng go a fenya.
Re ka tlhomamisega gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. O bile a tlhomamisa seno ka go ikana, ka go dira maitlamo a a sa fetogeng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Modimo, e rile o ikaelela go bontsha baruaboswa ba tsholofetso bosafetogeng jwa boikaelelo jwa one mo gogolo thata, wa tsena ka ikano, e le gore, ka dilo di le pedi tse di sa ka keng tsa fetoga tse go sa kgonegeng gore Modimo o ake mo go tsone, . . . re tshware tsholofelo e e tlhomilweng fa pele ga rona.” (Bahebera 6:17, 18) “Dilo di le pedi tse di sa ka keng tsa fetoga” tse Modimo le ka motlha a se kitlang a di senya ke tsholofetso ya gagwe le ikano ya gagwe, tse re theileng ditebelelo tsa rona mo go tsone.
Go dumela ditsholofetso tsa Modimo go a re gomotsa e bile go re nonotsha mo semoyeng. Joshua yo e neng e le moeteledipele wa batho ba Iseraele, o ne a na le tumelo e e ntseng jalo. Fa Joshua a ne a neela puo ya gagwe ya bofelo mo Baiseraeleng, o ne a tsofetse mme a itse gore o tla tloga a swa. Le fa go ntse jalo, o ne a supa nonofo le boikanyegi jo bo nonofileng, jo a neng a nna najo ka ntlha ya go ikanya ditsholofetso tsa Modimo. Fa Joshua a sena go bolela gore o ya “le tsela ya lefatshe lotlhe,” tsela e e isang batho botlhe kwa losong, o ne a bolela jaana: “Lo a itse mo pelong tsa lona lotlhe, le mo meweng ya lona lotlhe, fa go se na sepe se se tlhaetseng sa dilo tsotlhe tse di molemo, tse Jehofa Modimo wa lona o di buileng ka ga lona; di lo dirafaletse tsotlhe, ga go a tlhaela sepe sa tsone.” Ee, Joshua o ne a boeletsa ka makgetlo a le mararo gore Modimo ka metlha o boloka ditsholofetso tsa gagwe tsotlhe.—Jošua 23:14.
Le wena o ka nna le tshepo e e ntseng jalo mo tsholofetsong ya Modimo ya lefatshe le lesha le le tla tlogang le nna teng. Ka go ithuta Baebele ka tlhoafalo, o tla kgona go tlhaloganya gore Jehofa ke mang le gore ke eng fa o tshwanetse go mo ikanya ka pelo yotlhe. (Tshenolo 4:11) Aborahame, Sara, Isake, Jakobe le batho ba bangwe ba bogologolo ba ba ikanyegang ba ne ba na le tumelo e e nonofileng, e e neng e theilwe mo goreng ba nne le kitso e e tseneletseng ya Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa. Ba ne ba nna ba na le tsholofelo e e nonofileng, le mororo ba ne ba “se ka ba bona go diragadiwa ga ditsholofetso” fa ba ne ba sa ntse ba tshela. Le fa go ntse jalo, “ba ne ba di bona di le kgakala thata ba ba ba di amogela.”—Bahebera 11:13.
E re ka re tlhaloganya boporofeti jwa Baebele, gone jaanong re bona go atamela ga “letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,” le ka lone boikepo jotlhe bo tla tlosiwang mo lefatsheng. (Tshenolo 16:14, 16) Fela jaaka batho ba bogologolo ba ba ikanyegang, le rona re tshwanetse go nna re lebeletse ditiragalo tsa mo isagweng ka tshepo, re tlhotlhelediwa ke tumelo le ke go rata Modimo le “botshelo jwa mmatota.” Go atamela ga lefatshe le lesha ke tlhotlheletso e kgolo mo bathong ba ba dumelang mo go Jehofa le ba ba mo ratang. Go tshwanetse ga tlhagolelwa tumelo le lorato lo lo ntseng jalo gore re tle re amogelwe ke Modimo le gore a re sireletse mo letsatsing la gagwe le legolo, le le atamelang.—Sefania 2:3; 2 Bathesalonika 1:3; Bahebera 10:37-39.
Ka jalo he, a o rata botshelo? Mme a o eletsa “botshelo jwa mmatota” go feta le fa e le leng pele—botshelo o le motlhanka yo Modimo a mo amogelang, o lebeletse isagwe e e itumedisang, ee, o na le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng? Fa e le gore ke se o se batlang, tsaya tsia kgothatso ya ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a bolela gore re tshwanetse go ‘aega tsholofelo ya rona, e seng mo dikhumong tse di se nang tlhomamo, fa e se mo Modimong.’ Paulo o ne a tswelela jaana: “[Humang] ditiro tse di molemomogolo,” tse di tlotlomatsang Modimo, gore lo “tshware botshelo jwa mmatota ka thata.”—1 Timotheo 6:17-19.
Fa o dumela go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, o ka bona kitso e e “raya[ng] botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 17:3) Baebele e bega taletso e e lorato eno e e tswang kwa go rre e ya kwa go botlhe: “Morwaaka, o se ka wa lebala molao wa me; mme a pelo ya gago e tshegetse ditaolo tsa me, gonne di tlaa go okeletsa boleele jwa malatsi, le dinyaga tsa botshelo, le kagiso.”—Diane 3:1, 2.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshekatsheko e e oketsegileng ya kgang eno, bona boroutšhara jwa Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.