LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 9/15 ts. 16-21
  • A Jehofa o re Batla Dilo Tse Dintsintsi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Jehofa o re Batla Dilo Tse Dintsintsi?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Jehofa a Neng a se Batla mo Nakong e e Fetileng
  • Molao wa ga Jehofa go Baiseraele
  • A Molao wa ga Jehofa O ne O Imetsa?
  • Se Tota Jehofa a se Batlang
  • Ga go Gontsintsi
  • Lesole le Mosetsana yo Monnye
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • O ne A le Tlhogoethata Mme Kgabagare a Reetsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • O ne A Batla go Thusa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Morweetsana yo o Neng a Bua ka Bopelokgale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 9/15 ts. 16-21

A Jehofa o re Batla Dilo Tse Dintsintsi?

“Jehofa o lopang mo go wena, fa e se gore o dire ka tshiamo, le go rata boutlwelobotlhoko, le go sepela ka boikokobetso le Modimo wa gago?”—MIKA 6:8.

1. Ke eng se se ka tswang se dira gore batho bangwe ba se ka ba direla Jehofa?

JEHOFA o batla sengwe mo bathong ba gagwe. Mme gone, morago ga go bala mafoko ano a a fa godimo a a nopotsweng mo boporofeting jwa ga Mika, o ka tswa o ile wa konela ka gore Modimo ga a re batle dilo tse dintsintsi. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba direle Mmopi wa rona yo Mogolo e bile bangwe ba ba kileng ba ne ba mo direla ga ba tlhole ba dira jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne ba akanya gore Modimo o re batla dilo tse dintsintsi. A mme go ntse jalo? Kgotsa a bothata e ka tswa e le boikutlo jo motho a nang le jone ka dilo tse Jehofa a di batlang? Pego ya hisitori e re naya lesedi mo kgannyeng eno.

2. Naamane e ne e le mang, mme moporofeti wa ga Jehofa o ile a mo kopa go dira eng?

2 Molaodi wa sesole sa Siria e bong Naamane o ne a tshwerwe ke lepero, mme o ne a longwa tsebe gore kwa Iseraele go na le moporofeti wa ga Jehofa yo o neng a ka mo fodisa. Ka jalo Naamane le ba a neng a na nabo ba ne ba wela tsela ba ya kwa Iseraele mme ba goroga kwa ntlong ya moporofeti wa Modimo e bong Elisha. Elisha o ile a romela motlhanka wa gagwe go ya go raya Naamane jaana, mo boemong jwa gore a tswe mo ntlong ya gagwe go ya go kgatlhantsha moeti yono yo o tlotlegang: “Ya o tlhape gasupa mo Joretane, mme nama ya gago e tlaa ba e boela mo go wena, o tlaa ntlafala.”—2 Dikgosi 5:10.

3. Ke eng fa kwa tshimologong Naamane a ile a gana go dira se Jehofa a neng a mo laela sone?

3 Fa Naamane a ne a ka dira go ya kafa moporofeti wa Modimo a mo laetseng ka teng, o ne a tla fola bolwetse jono jo bo maswe. Ka gone, a Jehofa o ne a mo kopa selo se se thata? Nnyaa. Le fa go ntse jalo, Naamane o ne a sa batle go dira se Jehofa a mo laelang sone. O ile a ngongorega jaana: “Abana le Farepare, dinoka tsa Damaseko, a ga di molemo bogolo go metsi otlhe a Iseraele? A ga ke kake ka tlhapa mo go tsone ka ntlafala?” Naamane a retologa, a tsamaya a le bogale.—2 Dikgosi 5:12.

4, 5. (a) Naamane o ile a bona tuelo efe ka ntlha ya go ikobela taelo, mme o ile a itshwara jang fa a sena go e bona? (b) Gone jaanong re tla sekaseka eng?

4 Tota bothata jwa ga Naamane e ne e le eng? E ne e se gore o kopiwa selo se se thata. Batlhanka ba ga Naamane ba ile ba mo kopa jaana ka botlhale: “Fa moperofeti a ka bo a go laotse gore o dire sengwe se segolo, a o ne o se ketla o se dira? Bogolo jang ka e le fa a go raya a re: ‘Tlhapa, mme o ntlafale?’” (2 Dikgosi 5:13) Bothata e ne e le boikutlo jo Naamane a neng a na najo. O ne a na le boikutlo jwa gore ga a neelwa tlotlo e e mo tshwanetseng le gore o ne a laelwa go dira selo se se sa thuseng sepe le se se mo nyenyefatsang. Le fa go ntse jalo, Naamane o ne a tsibogela kgakololo eo e e botlhale ya batlhanka ba gagwe mme a ikina gasupa mo Nokeng ya Joredane. Akanya fela kafa a ileng a itumela ka teng fa ‘nama ya gagwe e bowa, e tshwana le nama ya ngwananyana fela, a ntlafetse’! O ile a leboga tota. Mo godimo ga moo, Naamane o ile a bolela gore go tloga ka nako eo go ya pele, o ne a se kitla a tlhola a obamela modimo ope fa e se Jehofa fela.—2 Dikgosi 5:14-17.

5 Go ralala hisitori yotlhe ya batho, Jehofa o ile a batla gore batho ba ikobele ditaelo tse di farologaneng. Re go kopa gore o sekaseke dingwe tsa tsone. Fa o ntse o dira jalo, ipotse gore wena o ka bo o ile wa itshwara jang fa Jehofa a ka bo a ile a go laela go dira dilo tseo. Moragonyana re tla sekaseka se Jehofa a batlang re se dira gompieno.

Se Jehofa a Neng a se Batla mo Nakong e e Fetileng

6. Banyalani ba ntlha ba ne ba kopiwa go dira eng, mme wena o ka bo o ile wa tsibogela ditaelo tseo jang?

6 Jehofa o ne a laela banyalani ba ntlha e bong Adame le Efa gore ba tshole bana, ba fenye lefatshe le go laola diphologolo. Gape monna yono le mosadi wa gagwe ba ile ba segofadiwa ka legae le legolo la sekaparaka. (Genesise 1:27, 28; 2:9-15) Mme gone, ba ne ba beetswe thibelo. Ba ne ba sa tshwanela go ja maungo a setlhare sengwe mo go tse dintsi tse di neng di le gone mo tshimong ya Edene. (Genesise 2:16, 17) Ba ne ba sa batlwe dilo tse dintsintsi, a ga go jalo? A o ka bo o se kile wa itumelela go dira tiro eo, ka tsholofelo ya go tshelela ruri ka botsogo jo bo itekanetseng? Le fa go ile ga nna le moraedi mo tshimong, a o ne o se kitla o gana go reetsa kgang ya gagwe? E bile, a ga go boammaaruri gore Jehofa o ne a na le tshwanelo ya go tlhoma thibelonyana eo e e nosi?—Genesise 3:1-5.

7. (a) Noa o ile a newa tiro efe, mme o ile a rakana le dikganetso dife? (b) O ikutlwa jang ka se Jehofa a neng a se kopa Noa?

7 Moragonyana Jehofa o ile a kopa Noa go aga araka gore ba namolwe mo morwaleleng wa lefatshe lotlhe ka yone. E re ka araka e ne e le kgolo thata, tiro eo e ne e se motlhofo e bile gongwe o ne a e dira a tla a sotlwa le go ganediwa thata. Le fa go ntse jalo, a bo Noa a ile a nna le tshiamelo e kgolo jang ne ya go namola lelapa la gagwe, re sa re sepe ka bontsintsi jwa diphologolo! (Genesise 6:1-8, 14-16; Bahebera 11:7; 2 Petere 2:5) Fa o ka bo o neilwe tiro eo, a o ka bo o ile wa dira ka natla gore o e diragatse? Kana a o ka bo o ile wa nna le boikutlo jwa gore Jehofa o go batla selo se se thata?

8. Aborahame o ile a kopiwa go dira eng, mme go utlwa taelo ga gagwe go ne go tshwantshetsa eng?

8 Modimo o ne a kopa Aborahame go dira selo se se gwetlhang tota, ka go mo laela jaana: “Tsweetswee, tsaya morwao, morwao yo o esi yo o mo ratang thata, e leng Isake, mme o tseye loeto go ya kwa lefatsheng la Moria mme o mo ise tshupelo e e fisiwang gone.” (Genesise 22:2) E re ka Jehofa a ne a solofeditse gore Isake—yo ka nako eo a neng a sena bana—o tla nna le bana, tumelo ya ga Aborahame mo bokgoning jwa Modimo jwa go dira gore Isake a boe a tshele gape e ne ya lekwa. Fa Aborahame a ne a leka go dira Isake setlhabelo, Modimo o ne a namola lekawana leno. Tiragalo eno e ne e bontsha gore Modimo o ne a tla ntshetsa batho Morwawe setlhabelo mme moragonyana o ne a tla boa a mo tsosa.—Genesise 17:19; 22:9-18; Johane 3:16; Ditiro 2:23, 24, 29-32; Bahebera 11:17-19.

9. Ke eng fa Jehofa a ne a sa kope Aborahame selo se se thata?

9 Batho bangwe ba ka akanya gore Jehofa Modimo o ne a kopa Aborahame selo se se thata. A mme go ntse jalo? A ruri Mmopi wa rona yo o lorato yo o kgonang go tsosa baswi o setlhogo fa a re kopa gore re mo ikobele le e leng le fa seno se ka re tlhoka gore re robale ka nakwana mo losong? Jesu Keresete le balatedi ba gagwe ba bogologolo ba ne ba sa akanye jalo. Ba ne ba ikemiseditse go itshokela go sotlwa, le e leng go swa tota e le gore ba dire thato ya Modimo. (Johane 10:11, 17, 18; Ditiro 5:40-42; 21:13) Fa o ne o ka lebana le maemo a a ntseng jalo, a o ne o ka dira se se tshwanang? Akanya ka dingwe tsa dilo tse Jehofa a ileng a batla gore batho ba ba neng ba dumetse go nna batho ba gagwe ba di dire.

Molao wa ga Jehofa go Baiseraele

10. Ke bomang ba ba neng ba solofetsa gore ba tla dira sengwe le sengwe se Jehofa a ba kopang sone, mme o ne a ba naya eng?

10 Ditlogolwana tsa ga Aborahame ka morwawe Isake le setlogolwana sa gagwe e bong Jakobe kana Iseraele, di ne tsa nna setšhaba sa Iseraele. Jehofa o ne a golola Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto. (Genesise 32:28; 46:1-3; 2 Samuele 7:23, 24) Go ise go ye kae morago ga foo, ba ne ba solofetsa Modimo gore ba tla dira sengwe le sengwe se a ba kopang sone. Ba ne ba re: “Gotlhe mo Jehofa o go buileng re tlaa go dira.” (Ekesodo 19:8) Malebana le keletso eno ya Baiseraele ya go batla go busiwa ke Jehofa, o ne a naya setšhaba seno melao e e fetang 600, go akaretsa le Melao e e Lesome. Fa go ntse go ya, melao eno ya Modimo e a ba neileng yone ka Moshe, e ne ya bidiwa gore ke Molao.—Esera 7:6; Luke 10:25-27; Johane 1:17.

11. Boikaelelo bongwe jwa Molao e ne e le eng, mme dingwe tsa ditaelo tse di neng di diretswe go fitlhelela seno ke dife?

11 Boikaelelo jo bongwe jwa Molao e ne e le go sireletsa Baiseraele ka go ba neela ditaelo tse di molemo tse di malebana le dilo tse di jaaka boitsholo jo bo siameng jwa tlhakanelodikobo, tsa kgwebo le tlhokomelo ya bana. (Ekesodo 20:14; Lefitiko 18:6-18, 22-24; 19:35, 36; Duteronome 6:6-9) Go ne go na le melao e e malebana le tsela ya go tshwara ba bangwe le diruiwa. (Lefitiko 19:18; Duteronome 22:4, 10) Ditaelo tse di malebana le mekete ya ngwaga le ngwaga le go kopana mmogo go tla go obamela di ne di sireletsa batho semoyeng.—Lefitiko 23:1-43; Duteronome 31:10-13.

12. Boikaelelo jo bogolo jwa Molao e ne e le eng?

12 Moaposetoloi Paulo o ile a supa boikaelelo jo bogolo jwa Molao fa a ne a kwala jaana: “Go ne ga okediwa ka one go dira gore ditlolo di bonatshege, go fitlha peo [Keresete] e goroga yo tsholofetso e neng ya dirwa mo go ene.” (Bagalatia 3:19) Molao o ne o gopotsa Baiseraele gore ba ne ba sa itekanela. Ga go pelaelo he gore ba ne ba tlhoka setlhabelo se se itekanetseng se se neng se ka tlosa maleo a bone gotlhelele. (Bahebera 10:1-4) Ka jalo Molao o ne o diretswe go thusa batho go ipaakanyetsa go amogela Jesu, yo e neng e le Mesia, kana Keresete. Paulo o ile a kwala jaana: “Molao o fetogile mogogi wa rona yo o gogelang kwa go Keresete, gore re tle re bolelwe re le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo.”—Bagalatia 3:24.

A Molao wa ga Jehofa O ne O Imetsa?

13. (a) Batho ba ba sa itekanelang ba ne ba tsaya Molao jang, mme ka ntlha yang? (b) A tota Molao o ne o imetsa?

13 Le fa Molao o ne o le ‘boitshepo, o siame e bile o le molemo,’ batho ba le bantsi ba ne ba tsaya gore o a imetsa. (Baroma 7:12) Baiseraele ba ne ba sa kgone go fitlhelela maemo a a kwa godimo a Molao ka gonne o ne o itekanetse. (Pesalema 19:7) Ke gone ka moo moaposetoloi Petere a neng a o bitsa gore ke “jokwe e lefa e le borraaronamogologolwane kgotsa rona re neng re sa kgone go e sikara.” (Ditiro 15:10) Ke boammaaruri gore Molao ka boone o ne o sa imetse, batho ba ne ba solegelwa molemo fa ba o ikobela.

14. Ke dikai dife tse di mmalwa tse di bontshang gore Molao o ne o solegela Baiseraele molemo thata?

14 Ka sekai, go ya ka Molao, legodu le ne le sa tshwanela go tshwarwa go na le moo le ne le tshwanetse go bereka gore le duelele se le se utswileng go menagane gabedi kana go feta. Ka jalo motho yo o utsweditsweng o ne a sa latlhegelwe ke sepe, e bile batho ba ba dirang ka natla ba ne ba sa rwesiwe mokgweleo wa go etleetsa dikgolegelo ka madi. (Ekesodo 22:1, 3, 4, 7) Dijo tse di neng di ka nna kotsi di ne di ileditswe. Kolobe fa e sa apeiwa sentle e ka bakela motho bolwetse jwa trichinosis, mme mmutla o ne o ka bakela motho bolwetse jwa tularemia. (Lefitiko 11:4-12) Gape Molao o ne o sireletsa batho ka go ba iletsa go tshwara ditopo. Fa motho a ne a kgomile setopo, o ne a tshwanetse go tlhapa le go tlhatswa diaparo tsa gagwe. (Lefitiko 11:31-36; Dipalo 19:11-22) Mantle a ne a tshwanetse go katelwa go sireletsa batho gore ba se ka ba tsenwa ke megare, e borasaense e leng gone ba sa tswang go lemoga gore e gone mo makgolong a bosheng jaana a dingwaga.—Duteronome 23:13.

15. Baiseraele ba ne ba imetswa ka eng?

15 Molao o ne o sa batle batho dilo tse di thata. Mme go ne go sa nna jalo ka batho ba ba neng ba iphile maemo a go tlhalosa Molao. Fa A Dictionary of the Bible, e e kwadilweng ke James Hastings e bua ka melao e ba neng ba itlhometse yone, ya re: “Taelo nngwe le nngwe ya Baebele e ne e okeditswe ka melawana e mentsintsi. . . . Ka jalo ba ne ba leka go amanya kgang nngwe le nngwe fela le Molao, e bile ba leka go laola boitshwaro jotlhe jwa batho ka melao e e gagametseng e e sa bontsheng kutlwelobotlhoko. . . . Digakolodi tsa batho di ne di gatelelwa; maatla a lefoko la Modimo a ne a koafadiwa le go gatelelwa ka melao e e itiretsweng.”

16. Jesu o ile a reng ka melao le dingwao tse di imetsang tsa baeteledipele ba bodumedi?

16 Jesu Keresete o ile a kgala baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba itlhometse melao e mentsintsi, a re: “Ba bofa merwalo e e boima ba ba ba e pega mo magetleng a batho, mme bone ka bobone ga ba rate le go e sutisa ka monwana wa bone.” (Mathaio 23:2, 4) O ile a bolela gore melao le dingwao tsa teng tse di itlhometsweng ke batho, go akaretsa le tsa go iphepafatsa ka tsela e e feteletseng, di ne di “dira lefoko la Modimo lefela.” (Mareko 7:1-13; Mathaio 23:13, 24-26) Le fa go ntse jalo, le e leng pele ga Jesu a tla mo lefatsheng, baeteledipele ba bodumedi ba Iseraele ba ne ba sokamisa dilo tse Jehofa a neng a di laela.

Se Tota Jehofa a se Batlang

17. Ke eng fa Jehofa a ne a sa itumelele ditlhabelo tsa Baiseraele ba ba neng ba se na tumelo?

17 Jehofa o ile a bua jaana ka moporofeti Isaia: “Ke tlets[e] ke ditshupelo tse di fisiwang tsa diphelefu, le mafura a dikgomo tse di nontshitsweng, mme ga ke natefelwe ke madi a dipholo, le fa e le a dikwanyana, le fa e le a diphoko.” (Isaia 1:10, 11) Ke eng fa Modimo a ne a sa itumelele ditlhabelo tse ene ka boene a neng a laetse gore di dirwe mo Molaong? (Lefitiko 1:1–4:35) Ka gonne batho ba ne ba sa bontshe go mo tlotla. Ka gone, ba ile ba tlhagisiwa jaana: “Tlhapang lo intlafatse; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me; bakelang go dira bosula. Ithuteng go dira sentle; batlang katlholo, siamisetsang bapatikwi, atlholelang masiela, sekelang mosadi wa motlholagadi.” (Isaia 1:16, 17) A seno ga se re thuse go lemoga gore Jehofa o batla eng mo batlhankeng ba gagwe?

18. Tota Jehofa o ne a kopa eng mo Baiseraeleng?

18 Jesu o ile a bontsha gore tota Modimo o batla eng. O ile a dira jalo fa a ne a bodiwa gore, “Taolo e kgolo thata mo Molaong ke efe?” Jesu o ile a araba jaana: “‘O tshwanetse go rata Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taolo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Molao otlhe le Baporofeti, di ikaegile ka ditaolo tse pedi tseno.” (Mathaio 22:36-40; Lefitiko 19:18; Duteronome 6:4-6) Moporofeti Moshe le ene o ile a bua se se tshwanang fa a ne a botsa jaana: “Ana Jehofa Modimo wa gago o lopang mo go wena, fa e se gore o boife Jehofa Modimo wa gago, go sepela mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, le go mo rata, le go direla Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka mowa otlhe wa gago. Go tshegetsa ditaolo tsa ga Jehofa, le ditao tsa gagwe.”—Duteronome 10:12, 13; 15:7, 8.

19. Baiseraele ba ile ba leka go itira boitshepo jang, mme gone Jehofa o ile a ba raya a reng?

19 Le fa Baiseraele ba ne ba dira diphoso, ba ne ba batla go itira batho ba ba boitshepo. Ba ne ba simolola go itima dijo gantsintsi le mororo Molao o ne o laela gore go itingwe dijo fela ka nako ya moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Letsatsi la Tetlanyo. (Lefitiko 16:30, 31) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a ba kgalema, a re: “A go ikitsa go ja mo ke go lopileng a ga se gone mo? E bong go golola dikgolego tsa boikepo, le go hunolola dikgole tsa jokwe, le go leseletsa bapatikwi go tsamaya fela, le gore lo robe dijokwe tsotlhe? A ga se go abela ba ba bolailweng ke tlala dijo tsa gago, le go lere mo ntlong ya gago bahumanegi ba ba latlhegileng? O re o bona yo o sa aparang a ga se gore o mo apese? Le gore o se iphitlhele bone ba e leng nama ya gago?”—Isaia 58:3-7.

20. Jesu o ne a kgala baitimokanyi ba bodumedi ka eng?

20 Baiseraele bao ba ba neng ba itira basiami ba ne ba na le bothata jo bo tshwanang le jwa baitimokanyi ba bodumedi ba Jesu a ileng a bua jaana ka bone: “Lo ntsha nngwesomeng ya minte le dile le kumina, mme lo itlhokomolositse dilo tse di bokete segolo tsa Molao, e leng, tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyego. Dilo tseno go ne go tlama gore di dirwe, lefa go ntse jalo go sa tlhokomologiwe dilo tse dingwe.” (Mathaio 23:23; Lefitiko 27:30) A mafoko a ga Jesu ga a re thuse go lemoga se tota Jehofa a se batlang mo go rona?

21. Moporofeti Mika o ile a sobokanya jang se Jehofa a se batlang le se a sa se batleng?

21 Moporofeti wa Modimo Mika o ile a botsa jaana fa a ne a tlhalosa sentle se Jehofa a se batlang le se a sa se batleng: “Ke tlaa ya fa pele ga Jehofa ka eng, ke ikoba fa pele ga Modimo wa Bogodimo? A ke tlaa ya fa pele ga one ka ditshupelo tse di fisiwang, ka dinamane tse di ngwaga o le mongwe fela? A Jehofa o tlaa itumelela dikete tsa diphelefu, kgotsa dinoka tsa lookwane di le dikete di le some? A ke tlaa ntshetsa tlolo ya me ngwana wa me yo mogolo, loungo lwa mmele wa me ka ga boleo jwa mowa wa me? O go supeditse se se molemo motho ke wena; gape Jehofa o lopang mo go wena, fa e se gore o dire ka tshiamo, le go rata boutlwelobotlhoko, le go sepela ka boikokobetso le Modimo wa gago?”—Mika 6:6-8.

22. Totatota Jehofa o ne a batla eng mo bathong ba ba neng ba laolwa ke Molao?

22 Jalo he, totatota ke eng se Jehofa a neng a se batla mo bathong ba ba neng ba laolwa ke Molao? Ke boammaaruri gore ba ne ba tshwanetse go rata Jehofa Modimo. Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ile a re: “Gonne Molao otlhe o nna o diragaditswe ka lefoko le le lengwe, e leng: ‘O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.’” (Bagalatia 5:14) Paulo o ile a raya le Bakeresete ba Roma a re: “Yo o ratang mogagabo o diragaditse molao. . . . Lorato ke tiragatso ya molao.”—Baroma 13:8-10.

Ga go Gontsintsi

23, 24. (a) Ke eng fa le ka motlha re sa tshwanela go ikutlwa gore Jehofa o re batla dilo tse dintsintsi? (b) Ke eng se sengwe se re tlileng go se sekaseka?

23 A ga re kgatlhiwe ke go bo Jehofa e le Modimo yo o lorato, yo o akanyetsang le yo o kutlwelobotlhoko? Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi e bong Jesu Keresete, o ne a tla mo lefatsheng go tla go tlotlomatsa lorato lwa Modimo—go itsise batho kafa Jehofa a ba tsayang ba le botlhokwa ka teng. Fa Jesu a ne a bontsha kafa Modimo a leng lorato ka teng, o ile a bua jaana malebana le dithaga tse di sa reng sepe: “Ga go lefa e le nngwe ya tsone e e tla welang fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraalona.” Ka jalo o ile a konela ka gore: “Se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” (Mathaio 10:29-31) Eleruri, le ka motlha ga re a tshwanela go ikutlwa go le thata go dira le fa e le eng se Modimo yo o ntseng jalo yo o lorato a batlang re se dira!

24 Le fa go ntse jalo, Jehofa o batla eng mo go rona gompieno? Mme ke eng fa go bonala e kete batho bangwe ba ikutlwa gore Modimo o re batla dilo tse dintsintsi? Ka go sekaseka dipotso tseno, re tshwanetse ra kgona go bona gore ke eng fa go dira se Jehofa a se batlang e le tshiamelo e kgolo.

A o Ka Araba?

◻ Ke eng fa batho bangwe ba ka gana go direla Jehofa?

◻ Dilo tse Jehofa a ileng a di batla mo bathong di ile tsa nna tsa farologana jang go ralala dingwaga?

◻ Maikaelelo a Molao e ne e le eng?

◻ Ke eng fa dilo tse Jehofa a di batlang mo go rona di se dintsintsi?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Melao e e itlhometsweng ke batho, e e jaaka mekgwa e e feteletseng ya go iphepafatsa e ne e dirile gore kobamelo e imetse batho

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela