Go Eletsa ga Rona Botshelo jo Boleelenyana
“Motho yo o tsetsweng ke mosadi o malatsi mannye, o bile o tletse khuduego. O tswa jaaka sethunya, mme a kgaolwe; le gone o tshaba jaaka moriti, mme a se ke a tlhola.”—Jobe 14:1, 2.
TOTA le gompieno batho ba le bantsi ba ka se ka ba ganetsa kgopolo eno e e bontshang tsela e botshelo bo leng bokhutshwane ka yone, le mororo e ile ya kwalwa dingwaga tse di ka nnang 3 500 tse di fetileng. Batho ga ba bolo go ikutlwa ba sa kgotsofalele go latswa botshelo jo bo monate ka nakwana fela ba bo ba tsofala le go swa. Ka jalo, go ile ga nna le mekgwa e mentsi ya go lelefatsa botshelo go ralala hisitori.
Mo motlheng wa ga Jobe Baegepeto ba ne ba ja dikgeleswa tsa peo tsa diphologolo ka maiteko a go boela mo bosheng jwa bone, mme ga se ka ga thusa sepe. Bongwe jwa maikaelelo a magolo a mokgwa wa metlha ya bogare wa go tswakanya dimetale dingwe go dira ditlhare e ne e le gore go dirwa molemo wa makgonatsotlhe o o tla dirang gore batho ba tshele botshelo jo boleelenyana. Bomankge ba le bantsi ba mokgwa ono wa go tswakanya dimetale go dira setlhare ba ne ba dumela gore gauta e e itiretsweng e ne e ka dira gore motho a se ka a swa le gore go ja mo dijaneng tsa gauta go ne go tla lelefatsa botshelo. Ba-Tao ba Ba-China ba bogologolo ba ne ba akanya gore ba ne ba ka kgona go fetola tsela e mmele o dirang ka yone ka go dirisa mekgwa e e jaaka go tlhatlhanya, go nna le mokgwa o o rileng wa go hema le mokgwa o o rileng wa go ja mme ka tsela eo ba tshelele ruri ba sa swe.
Motlhotlhomisi mongwe wa kwa Spain e bong Juan Ponce de León o itsege ka go kgaratlha ka thata go bona motswedi wa bosha. Ngaka nngwe ya lekgolo la bo18 la dingwaga mo bukeng ya gagwe ya Hermippus Redivivus o ne a akantsha gore go tsewe makgarebana a a sa leng masha a bo a tsenngwa mo kamoreng e nnye ka nako ya dikgakologo mme go bo go tsewa moya o ba o hemelang kwa ntle o tsenngwa mo dibotlolong o bo o dirisiwa go nna molemo o o lelefatsang botshelo. Le fa go ntse jalo, ga go na epe ya mekgwa eno e e ileng ya atlega.
Gompieno, dingwaga tse di ka nnang 3 500 morago ga gore Moshe a kwale mafoko a ga Jobe, batho ba ile ba tsamaya mo ngweding, ba dira dikoloi le dikhomputara ba bo ba sekaseka atomo le sele. Le fa go ntse jalo, le fa go nnile le kgatelopele e kana kana ya boranyane jwa saense, re sa ntse re na le ‘malatsi a mannye e bile re tletse ka khuduego.’ Gone ke boammaaruri gore kwa dinageng tse di tlhabologileng lobaka lo batho ba lo tshelang lo ile lwa oketsega thata mo lekgolong la dingwaga le le fetileng. Mme seno se diragetse segolobogolo ka ntlha ya maemo a a tokafetseng a boitekanelo, go nna le mekgwa e e botoka thata ya bophepa le ditsela tse di tokafetseng tsa go ja. Ka sekai, go tloga mo bogareng jwa lekgolo la bo19 la dingwaga go fitlha mo tshimologong ya dingwaga tsa bo1990, palogare ya dingwaga tse motho a di tshelang kwa Sweden e ile ya oketsega go tloga go dingwaga tse 40 go ya go 75 mo banneng le dingwaga tse 44 go ya go 80 mo basading. A mme seno se raya gore keletso ya motho ya go batla go tshela nako e teletsana e kgotsofaditswe?
Nnyaa, ka gonne le fa gone mo dinageng dingwe batho ba ba oketsegileng ba tshela go fitlha ba tsofala, mafoko a Moshe a ileng a a kwala dingwaga tse dintsi tse di fetileng a sa ntse a le boammaaruri: “Malatsi a dinyaga tsa rona ke dinyaga di le masome a supa, gongwe e ka nna dinyaga di le masome a a ferang mebedi ka ntlha ya thata . . . , gonne bo ile ka bofefo, mme re fofele koo.” (Pesalema 90:10) A re tla bona phetogo mo isagweng? A batho ba tla kgona go tshela nako e telele ka mo go lekaneng? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka dipotso tseo.