LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 12/1 ts. 3-5
  • Ke ka Ntlha Yang Apokalipisi e Boifiwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang Apokalipisi e Boifiwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Hisitori ya Poifo ya Apokalipisi
  • A Poifo ya Apokalipisi e a Tshwanela?
  • A Apokalipisi—E Tshwanetse go Boifiwa Kana go Solofelwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • “Dikgang Tse di Molemo” Tsa Apokalipisi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tshenolo—Go Konela ga Yone mo go Itumedisang!
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Lebaka La go Bo Bontsi bo Dumela Gore Lefatshe le Tla Khutla
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 12/1 ts. 3-5

Ke ka Ntlha Yang Apokalipisi e Boifiwa?

MO MAKASINENG wa Time mokwadi wa bodumedi e bong Damian Thompson o bolela jaana: “Ka masomesome a dingwaga, bangangatlelatumelo ba Bakeresete ba ntse ba bolelela pele gore go na le tshenyego [nngwe] ya setšhaba mo lefatsheng lotlhe e e gaufi thata. Gone jaanong, ba gakgamadiwa ke go bona ditiragalo tse ba buileng ka tsone di tsewa masisi mme gape di anamisiwa ke bone batho ba ba neng ba tlhola ba ba sotla: barulaganyi ba thulaganyo ya dikhomputara, baeteledipele ba dikgwebo le boradipolotiki.” O bolela gore poifo ya go phutlhama ga khomputara mo lefatsheng lotlhe mo ngwageng wa 2000 “e dirile gore batho fela e nne badumelamileniamo ba ba neng ba sa lebelelwa” ba ba boifang gore go tla masetlapelo a a jaaka “letshogo le le tla welang matshutitshuti, go senyega ga puso, dikhuduego tse di malebana le dijo, difofane tse di thulang dikago tse di kwa godimo.”

Selo se se oketsang tlhobaelo e e leng teng ka kakaretso ke dilo tse di sa itumediseng tse di dirwang ke ditlhophana tse di farologaneng tsa bodumedi, tse gantsi go tweng ke “tsa apokalipisi.” Ka January 1999, mo setlhogong se se neng se re “Jerusalema le Ditlhabamokgosi Tsa Apokalipisi,” lokwalodikgang lwa Sefora lo lo tswang letsatsi le letsatsi lwa Le Figaro lo ne lwa bolela jaana: “Ba tirelo ya pabalesego [kwa Israele] ba fopholetsa gore go na le ‘badumelamileniamo’ ba ba fetang lekgolo ba ba leng mo Thabeng ya Motlhware kana gaufi le yone ba ba letileng parousia kana apokalipisi.”

Go na le pego e e kgethegileng ka “Makoko a Letsatsi la Tatlhego,” mo go 1998 Britannica Book of the Year.” Mangwe a makoko a e a umakang ke a a tlhotlheletsang go ipolaya a a jaaka Heaven’s Gate, People’s Temple le Order of the Solar Temple le Aum Shinrikyo (Boammaaruri Jwa Konokono), leo le ileng la rulaganya go tlhaselwa ga terena e e tsamayang kafa tlase ga lefatshe ya kwa Tokyo ka gase e e bolayang ka 1995 mme ga swa batho ba le 12 ga ba ga gobala diketekete. Fa Martin E. Marty, yo e leng porofesa ya bodumedi kwa Yunibesithing ya Chicago a ne a sobokanya pego eno, o ne a kwala jaana: “Go phetlha khalendara mo tsebeng ya 2000 ke tlhotlheletso e kgolo—mme e bile go tla tlhotlheletsa mefuta yotlhe ya dipolelelopele le mekgatlho. Dingwe tsa tsone di ka nna kotsi. E tla bo e le nako e e sa tshwanelang go itlhokomolosiwa.”

Hisitori ya Poifo ya Apokalipisi

Apokalipisi, kana Tshenolo, ke leina la buka ya bofelo ya Baebele, e e kwadilweng go ya kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. E re ka buka eno e le ya boporofeti e bile e dirisa thata puo ya tshwantshetso, letlhaodi “ya apokalipisi” le ne la dirisiwa go tlhalosa mekwalo e e ileng ya kwalwa lobaka lo loleele pele ga buka ya Baebele ya Tshenolo e kwalwa. Ditshwantsho tsa ditlhamane tse di kwadilweng mo mekwalong eno di simologile kwa Peresia ya bogologolo le pele ga nako eo. Ka jalo, The Jewish Encyclopedia e bua kafa “bontsi jwa ditlhamane tse di tsentsweng mo mekwalong eno ya [apokalipisi ya Sejuda] di nang le Sebabelona thata ka teng.”

Mekwalo ya apokalipisi ya Sejuda e ne ya atlega go tloga ka tshimologo ya lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. go fitlha kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a kwala jaana fa a tlhalosa lebaka la go bo mekwalo eno e ne ya kwalwa: “Bajuda ba ne ba kgaogantse nako yotlhe ka metlha e mebedi. Go ne go na le motlha ono wa gone jaanong, o go se nang molemo ope mo go one . . . Ka jalo, Bajuda ba ne ba letile bofelo jwa dilo fela jaaka di ntse. Go ne go na le motlha o o tlang o o neng o siame otlhe fela, motlha wa boipelo wa Modimo o go neng go tla nna le kagiso, katlego le tshiamo mo go one . . . Motlha o o leng gone jaanong, o ne o tla nna jang motlha o o tlang? Bajuda ba ne ba dumela gore phetogo eo e ne e ka se ka ya dirwa ke moemedi ope wa batho, ka gone, ba ne ba lebeletse gore Modimo a tseye kgato ka tlhamalalo . . . Letsatsi la go tla ga Modimo le ne le bidiwa Letsatsi la Morena mme e ne e tla nna nako e e boitshegang ya poifo le tshenyego le katlholo eo e neng e tla nna tshimologo ya motlha o mosha. Mekwalo yotlhe ya apokalipisi e bua ka ditiragalo tseno.”

A Poifo ya Apokalipisi e a Tshwanela?

Buka ya Baebele ya Tshenolo e bua ka “[ntwa] ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,” kana Aramagedone, leo baikepi ba tla fedisiwang ka lone, go bo go latela nako ya dingwaga tse di sekete (eo ka dinako tse dingwe e bidiwang Mileniamo) eo ka yone Satane a tla bong a tsentswe mo moleteng mme Keresete a atlhola batho. (Tshenolo 16:14, 16; 20:1-4) Mo Metlheng ya Bogare, bangwe ba ne ba sa tlhaloganye boporofeti jono ka gonne “Moitshepi” wa Katoliki e bong Augustine (354-430 C.E.) o ne a ile a bolela gore Mileniamo e simologile fa Keresete a tsholwa mme e tla latelwa ke Katlholo ya Bofelo. Go bonala fa Augustine a ile a se ka a akanya thata ka boleele jwa nako, mme fa ngwaga wa 1000 o atamela, poifo e ne ya oketsega. Bakwalahisitori ga ba dumalane malebana le go anama ga poifo eno ya apokalipisi mo metlheng ya bogare. Le fa e ka tswa e ne e aname go le kana kang, ga go na pelaelo gore e ile ya itshupa e sa tshwanela.

Ka mo go tshwanang gompieno, go na le poifo ya bodumedi le ya lefatshe ya gore ngwaga wa 2000 kana 2001 o tla tla ka apokalipisi e e tshosang. A mme poifo eno e a tshwanela? A gone molaetsa o o mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo kana Apokalipisi ke sengwe se se tshwanetseng go boifiwa kana go na le moo ke sengwe se re tshwanetseng go se solofela? Tsweetswee tswelela ka go bala.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Poifo ya metlha ya bogare ya Apokalipisi e ile ya itshupa e sa tshwanela

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Cliché Bibliothèque Nationale de France, Paris

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Maya/​Sipa Press

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela