A Apokalipisi—E Tshwanetse go Boifiwa Kana go Solofelwa?
“Gompieno Apokalipisi ga se fela tshwantshetso mo Baebeleng mme e setse e le selo sa mmatota se se ka diragalang.”—Javier Pérez de Cuéllar, yo pele e neng e le mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.
TSELA eo e motho wa maemo a a kwa godimo a dirisang lefoko leno la “apokalipisi” ka yone e supa kafa bontsi jwa batho ba le tlhaloganyang ka teng e bile ba le bona le dirisiwa ka teng mo ditlhogong tsa difilimi le tsa dibuka, mo ditlhogong tsa dimakasine le mo dipegong tsa makwalodikgang. Le dira gore batho ba akanye ka diponatshegelo tsa masetlapelo a lefatshe lotlhe. Mme gone lefoko “apokalipisi” le raya eng tota? Mme se se botlhokwa le go feta, buka ya Baebele e e bidiwang Apokalipisi, kana Tshenolo, e tshwere molaetsa ofe?
Lefoko “apokalipisi” le tswa mo lefokong la Segerika le le rayang “go senola,” kana “go bipolola.” Ke eng se se ileng sa bipololwa kana sa senolwa mo Tshenolong ya Baebele? A e ne e le molaetsa wa katlholo fela, o o buang ka tshenyego e go se kitlang go nna le ope yo o falolang mo go yone? Fa mokwalahisitori Jean Delumeau yo e leng leloko la Institut de France a bodiwa gore o akanya eng ka Apokalipisi, o ne a re: “Ke buka e e gomotsang le e e neelang tsholofelo. Batho ba feteletsa se e se buang ka go tlhoma mogopolo mo masetlapelong a e buang ka one.”
Kereke ya Bogologolo le Apokalipisi
“Bakeresete” ba bogologolo ba ne ba leba jang Apokalipisi le tsholofelo e e buang ka yone ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete (Mileniamo) ya ga Keresete mo lefatsheng? Ene mokwalahisitori yoo o ne a re: “Mo go nna go bonala fa Bakeresete ba makgolo a sekae a ntlha a dingwaga ka kakaretso ba ne ba dumela mo mileniamong. . . . Bangwe ba Bakeresete ba makgolo a ntlha a dingwaga ba ba neng ba dumela mo Mileniamong e ne e le Papias, mobishopo wa kwa Hierapolis kwa Asia Minor, . . . Moitshepi Justin, yo o tsholetsweng kwa Palesetina, yo o neng a nna moswelatumelo kwa Roma mo e ka nnang ka 165, Moitshepi Irenæus, mobishopo wa kwa Lyons, yo o neng a swa ka 202, Tertullian, yo o neng a swa ka 222 le . . . mokwadi yo mogolo e bong Lactantius.”
The Catholic Encyclopedia e bolela jaana fa e bua ka Papias, yo go tweng o ile a nna moswelatumelo kwa Peregamo ka 161 kana ka 165 C.E.: “Mobishopo Papias wa kwa Hierapolis, morutwa wa ga Moitshepi John, o ne a itshupa e le mmueledi wa tumelo ya mileniamo. O ne a bolela gore o bone thuto ya gagwe mo bathong ba ba neng ba tshela ka nako ya Baaposetoloi mme Irenæus o tlhalosa gore ‘Bagolwane’ ba bangwe, ba ba neng ba bone ba bo ba utlwa morutwa Johane, ba ile ba rutiwa ke ene gore tumelo ya mileniamo ke karolo ya thuto ya Morena. Go ya ka Eusebius . . . Papias mo bukeng ya gagwe o ne a gatelela gore morago ga tsogo ya baswi go tla tla puso ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete, e e bonalang le e e galalelang mo lefatsheng.”
Seno se re bolelela eng malebana le kafa buka ya Apokalipisi kana Tshenolo e neng e ama badumedi ba bogologolo ka teng? A e ne e ba tshosa kana e ne e ba naya tsholofelo? Se se kgatlhang ke gore, bakwalahisitori ba bitsa Bakeresete ba bogologolo ba-chiliast, e leng lefoko le le tswang mo mafokong a Segerika a khiʹli·a eʹte (dingwaga tse di sekete). Ee, ba le bantsi ba ne ba itsege ka go dumela mo Pusong ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete, e e tla lereng maemo a paradaise mo lefatsheng. Lefelo le le lengwe fela mo Baebeleng le tsholofelo ya mileniamo e umakiwang ka tsela e e kgethegileng mo go lone ke mo go Apokalipisi kana Tshenolo. (20:1-7) Ka jalo, go na le gore e tshose badumedi, Apokalipisi e ile ya ba naya tsholofelo e ntle. Mo bukeng ya gagwe ya The Early Church and the World, porofesa ya Oxford ya hisitori ya kereke e bong Cecil Cadoux o kwala jaana: “Lemororo dipono tsa batho ba ba dumelang mo dingwageng tse di sekete di ile tsa ganwa kgabagare, di ne di dumelwa thata mo Kerekeng ka nako e telele, di rutwa ke bakwadi bangwe ba ba tlotlegang thata.”
Lebaka La go Bo Tsholofelo ya Apokalipisi E ne Ya Ganwa
E re ka e le ntlha e e sa ka keng ya ganediwa ya hisitori gore Bakeresete ba bogologolo ba le bantsi, fa e se bontsi jwa bone, ba ne ba solofetse Puso ya Mileniamo ya ga Keresete mo lefatsheng la paradaise, go tlile jang gore ‘dipono tseo tsa batho ba ba dumelang mo dingwageng tse di sekete’ di ‘ganwe kgabagare’? Go ile ga tshwaiwa diphoso ka tsela e e tshwanetseng ka gonne, jaaka mokanoki Robert Mounce a ile a tlhalosa, “ka maswabi, batho ba le bantsi ba ba dumelang mo dingwageng tse di sekete ba ile ba letla gore dilo tse ba di akanyang di ba tlhakanye tlhogo mme ba tlhalosa nako ya dingwaga tse di sekete ka ditsela tsotlhe tse di feteletseng tsa go rata dilo tse di bonalang le ka tsela e e supang gore ba tseega maikutlo.” Mme gone maikutlo ano a go feteletsa dilo a ka bo a ile a baakanngwa fela go sa ganwe tsholofelo ya boammaaruri ya Mileniamo.
Se se neng se gakgamatsa thata ke ditsela tse baganetsi ba neng ba di dirisa go fedisa tumelo ya mileniamo. Fa Dictionnaire de Théologie Catholique e bua ka moruti wa Moroma e bong Caius (kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga, tshimologo ya lekgolo la boraro la dingwaga) ya re “gore a tle a fenye tumelo ya mileniamo, o ne a ganetsa boammaaruri jwa Apokalipisi [Tshenolo] le Efangele ya ga St. John a sa iphitlhe.” Dictionnaire eno e tswelela pele ka go bolela gore Dionysius, mobishopo wa lekgolo la boraro la dingwaga wa Alexandria, o ne a kwala pego kgatlhanong le tumelo ya mileniamo gore “a tle a thibele batho ba ba neng ba dumela mo go yone gore ba se ka ba thaya tumelo ya bone mo Apokalipising ya ga Moitshepi Johane, e le pego e e neng e ganetsa boammaaruri jwa yone e sa okaoke.” Kganetso e e bosula eo malebana le tsholofelo ya masego a mileniamo e tla a tlisang mo lefatsheng e senola tlhotlheletso e e bofitlha e baithutabodumedi ba neng ba na le yone ka nako eo.
Porofesa Norman Cohn o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Pursuit of the Millennium: “Mo lekgolong la boraro la dingwaga go ile ga dirwa maiteko a ntlha a go fedisa tumelo ya mileniamo, fa Origen, yo gongwe e neng e le moithutabodumedi yo o nang le tlhotlheletso e kgolo go gaisa baithutabodumedi botlhe ba Kereke ya bogologolo, a simolola go tlhalosa gore Bogosi ga se selo sa mmatota mme fela ke selo se se tla diragalang mo meyeng ya badumedi.” Ka go ikanya filosofi ya Segerika go na le gore a ikanye Baebele, Origen o ne a koafatsa tsholofelo e ntle ya masego a a tla nnang teng mo lefatsheng kafa tlase ga Bogosi jwa ga Mesia ka go dira gore e nne selo se se sa tlhaloganyegeng, “selo se se tla diragalang . . . mo meyeng ya badumedi.” Mokwadi wa Mokatoliki e bong Léon Gry o ne a kwala jaana: “Tlhotlheletso e kgolo ya filosofi ya Segerika . . . ka bonya ka bonya e ne ya fedisa megopolo ya Ba-Chiliast.”
“Kereke e Latlhegetswe ke Molaetsa wa Yone wa Tsholofelo”
Ga go na pelaelo gore Augustine e ne e le Rara wa Kereke yo o neng a nna le seabe se segolo mo go tswakanyeng filosofi ya Segerika le se ka nako ya gagwe e neng e le setshwano fela sa Bokeresete. Le fa pele e ne e le mmueledi yo o tlhoafetseng wa tumelo ya mileniamo, kgabagare o ne a gana mogopolo wa Mileniamo ya ga Keresete e e tlang mo lefatsheng. O ile a naya Tshenolo kgaolo 20 tshwantshetso e e sokameng.
The Catholic Encyclopedia e bolela jaana: “Kgabagare Augustine o ne a ngaparela tumelo ya gore go ka se ka ga nna le mileniamo. . . . O re bolelela gore, tsogo ya ntlha e kgaolo eno e buang ka yone, e raya go tsholwa sesha ga semoya ka go kolobediwa; sabata ya dingwaga di le sekete morago ga dingwaga di le dikete tse thataro tsa hisitori, ke botshelo jo bo sa khutleng.” The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Tlhaloso ya ga Augustine ya tshwantshetso ya mileniamo e ne ya nna thuto ya semolao ya kereke . . . Balweladiphetogo ba Porotesetanta ba ditlwaelo tsa Balutere, Ba-Calvin le Ba-Anglican . . . ba ne ba nna ba ngaparetse thata megopolo ya ga Augustine.” Ka jalo, batho ba dikereke tsa Labokeresete ba ne ba tseelwa tsholofelo ya bone ya mileniamo.
Mo godimo ga moo, go ya ka moithutabodumedi wa kwa Switzerland e bong Frédéric de Rougemont, “ka go tlogela tumelo e a neng a na le yone la ntlha ya puso ya dingwaga tse di sekete, [Augustine] o ne a baka tshenyo e e seng kana ka sepe mo Kerekeng. Ka ntlha ya tlhotlheletso e kgolo e leina la gagwe le neng le na le yone, o ne a dumela phoso e e neng ya tseela [Kereke] tsholofelo ya yone ka lefatshe.” Moithutabodumedi wa Mojeremane e bong Adolf Harnack o ne a dumela gore go gana go dumela mo Mileniamong go tseetse batho “bodumedi jo ba neng ba bo tlhaloganya,” mme mo boemong jwa “tumelo ya bogologolo le ditsholofelo tsa bogologolo” ga ba naya “tumelo e ba neng ba sa kgone go e tlhaloganya.” Lebaka la go bo dikereke mo dinageng tse dintsi gompieno di se na batho mo go tsone, ke bosupi jo bo phepafetseng jwa gore batho ba tlhoka tumelo le tsholofelo e ba ka e tlhaloganyang.
Mo bukeng ya gagwe ya Highlights of the Book of Revelation, mokanoki wa Baebele e bong George Beasley-Murray o ne a kwala jaana: “Segolobogolo ka ntlha ya tlhotlheletso e kgolo ya ga Augustine mme kafa ntlheng e nngwe ka go bo makoko a ile a amogela tumelo ya mileniamo, Bakatoliki le Baporotesetanta ba ile ba utlwana gore ba e gane. Fa ba bodiwa gore ke tsholofelo efe e nngwe e ba nang nayo ka batho mo lefatsheng leno, karabo e e tlwaelegileng ke: Ga go na epe gotlhelele. Lefatshe le tla fedisiwa ka nako ya go goroga ga ga Keresete go go tla tlisang legodimo le le tla nnelang ruri le dihele tse hisitori e tla lebalwang mo go tsone. . . . Kereke e latlhegetswe ke molaetsa wa yone wa tsholofelo.”
Tsholofelo e e Itumedisang ya Apokalipisi e sa Ntse e le Teng!
Basupi ba ga Jehofa bone ba tlhatswegile pelo gore ditsholofetso tse di itumedisang tse di malebana le Mileniamo di tla diragadiwa. Fa mokwalahisitori wa Mofora e bong Jean Delumeau a ne a botsolodiwa mo thulaganyong ya thelebishene e e neng e na le setlhogo se se reng “Ngwaga wa 2000: Poifo ya Apokalipisi,” o ne a bolela jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba latela one mogopolo oo wa tumelo ya mileniamo, ka gonne ba re go ise go ye kae . . . re tla tsena mo nakong ya dingwaga di le 1 000 tsa boitumelo—mme gone re fetile masetlapelo pele.”
Se ke sone se moaposetoloi Johane a se boneng mo ponatshegelong a bo a se tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya Apokalipisi kana Tshenolo. O ne a re: “Ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha . . . Morago ga moo ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa setulong sa bogosi le re: ‘Bona! Tente ya Modimo e mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba one. Mme Modimo ka boone o tla nna le bone. Mme o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.’”—Tshenolo 21:1, 3, 4.
Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro ya go ruta Baebele mo lefatsheng lotlhe gore ba thuse batho ba bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng go amogela tsholofelo eno. Ba tla itumelela go go thusa go ithuta mo go oketsegileng ka yone.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Papias o ne a bolela gore o amogetse thuto ya Mileniamo ka tlhamalalo go tswa mo bathong ba ba neng ba tshela ka nako ya baaposetoloi
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Tertullian o ne a dumela mo Pusong ya Mileniamo ya ga Keresete
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Cliché Bibliothèque Nationale de France, Paris
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
“Ka go tlogela tumelo e a neng a na le yone la ntlha ya puso ya dingwaga tse di sekete, [Augustine] o ne a baka tshenyo e e seng kana ka sepe mo Kerekeng”
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Lefatshe la Paradaise le le solofediwang mo Apokalipising ke sengwe se se ka solofelwang ka tlhoafalo