Thaba ya Athos—A ke “Thaba e e Boitshepo”?
MO MALOKONG a a fetang dimilione di le 220 a Kereke ya Orthodox, setlhoa se se kwa bokone jwa Greece, e leng Thaba ya Athos, “ke thaba e e boitshepotshepo mo Bakereseteng ba Orthodox.” Mo go ba le bantsi ba bone, go tsaya loeto lwa sedumedi go ya kwa “thabeng e e boitshepo” ya Athos ke selo se se eletsegang thata. “Thaba e e boitshepo” eno ke eng? Go tlile jang gore e nne botlhokwa jaana? A mme ke “thaba” e batho ba ba boifang Modimo ba tshwanetseng go batla kaelo ya semoya le ya kobamelo ya boammaaruri mo go yone?
Polelwana e e reng “thaba e e boitshepo” e teng mo Baebeleng. E amanngwa le kobamelo e e boitshepo, e e itshekileng le e e tlotlometseng ya Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Kwa Jerusalema wa bogologolo, Thaba ya Sione e ne ya nna “thaba e e boitshepo” fa Kgosi Dafide a ne a lere letlole la kgolagano koo. (Pesalema 15:1; 43:3; 2 Samuele 6:12, 17) Fa tempele ya ga Solomone e sena go agiwa kwa Thabeng ya Moria, “Sione” e ne ya akaretsa setsha sa tempele; ka jalo, Sione e ne ya nna e ntse e le “thaba e e boitshepo” ya Modimo. (Pesalema 2:6; Joele 3:17) E re ka tempele ya Modimo e ne e le kwa Jerusalema, ka dinako tse dingwe motse oo o ne o bidiwa “thaba e e boitshepo” ya Modimo.—Isaia 66:20; Daniele 9:16, 20.
Go tweng ka gompieno? A Thaba ya Athos—kana setlhoa le fa e le sefe se sele—ke “thaba e e boitshepo” e batho ba tshwanetseng go thologela kwa go yone go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang?
“Thaba e e Boitshepo” ya Ntlo ya Baitlami
Thaba ya Athos e kwa ntlheng ya botlhaba jwa Sekasetlhake sa Chalcidice fa godimo ga sebata se sesesane sa naga e e tsenelelang mo teng ga Lewatle la Aegean kafa ntlheng ya botlhaba jwa Thessaloníki ya segompieno. Ke setlhoa se sentle sa mmabole se se tlhatlogelang bogodimo jwa dimetara di le 2 032 go tswa mo lewatleng.
Athos ga e bolo go tsewa e le lefelo le le boitshepo. Mo ditlhamaneng tsa Segerika e ne e le mo medimo e neng e nna teng pele ga e ya go nna kwa Thabeng ya Olympus. Nako nngwe morago ga Constantine yo Mogolo (lekgolo la bonè la dingwaga C.E.), Athos e ne ya nna lefelo le le boitshepo la dikereke tsa Bokeresete. Go ya ka tlhamane nngwe, Marea wa “lekgarebane,” a patilwe ke Johane wa Moefangele go ya kwa Kupero go ya go etela Lasaro, o ile a iphitlhela a le mo Athos ka ntlha ya setsuatsue se se ileng sa tlhagoga se sa lebelelwa. Mme e re ka a ne a kgatlhilwe ke bontle jwa thaba eo, o ne a e kopa mo go Jesu. Ka jalo, Athos e ile ya itsege gape e le “Tshimo ya Lekgarebane le le Boitshepo.” Mo gare ga motlha wa Ba-Byzantine, setlhoa seo sotlhe se ne sa itsege e le Thaba e e Boitshepo. Leina leno le ne la amogelwa semolao le go tlhomamisiwa mo lekgolong la bo11 la dingwaga ka taolo e e neng ya ntshiwa ke Mmusimogolo Constantine IX Monomachos.
E re ka thaba eno ya Athos e le makgawekgawe e bile e le kwa thoko, ke mofuta wa lefelo le go leng motlhofo go tshela botshelo jwa boitlhaodi jwa sedumedi mo go lone. Go ralala makgolokgolo a dingwaga, le ile la ngoka banna ba bodumedi go tswa mo dikarolong tsotlhe tse go nang le tumelo ya Orthodox gone—Bagerika, Ba-Serbia, Ba-Romania, Ba-Bulgaria, Ba-Russia le ba bangwe—ba ba ileng ba aga matlo a mantsi a baitlami a na le dikereke tsa bone le ditšhaba tsa bone. A le 20 a one a sa ntse a le teng.
Thaba ya Athos Gompieno
Gompieno, Athos ke kgaolo e e ikemetseng, e e nang le lokwalo lwa tetlelelo lo lo ileng lwa amogelwa semolao ka 1926. Morago ga gore e fokotsege dingwaga tse dintsi, palo ya baitlami ba gone jaanong e tlhatlogile e bile e feta 2 000.
Ntlo nngwe le nngwe ya baitlami e na le dipolasi tsa yone, dikereke tsa yone le matlo a yone. Lefelo la konokono la baitlhaodi ba bodumedi le kwa motsaneng wa Karoúlia, kwa godimodimo mo mokgotlong o o tseisang sedidi kwa bofelong jwa Thaba ya Athos. Motho a ka kgona go fitlha mo matlwaneng a a fano fela ka go tsamaya mo ditselaneng tse di mafaratlhatlha, direpodi tsa maje le dikeetane. Mo Athos, baitlami ba sa ntse ba latela moetlo wa bone wa letsatsi le letsatsi wa sedumedi wa bogologolo, ba dirisa nako ya Byzantine (e mo go yone letsatsi le simologang fa letsatsi le phirima) le khalentara ya Julian (e e leng morago ka malatsi a le 13 mo khalendareng ya ga Gregory).
Le fa gone go twe lefelo leno la bodumedi le nnile “boitshepo” ka ntlha ya mosadi, mo e ka nnang dingwaga di le 1 000 baitlami le baitlhaodi ba lone ba bodumedi ba ile ba bolela fa go sa dumelelwa mofuta ope fela wa tshadi—e ka tswa e le batho kana diphologolo—mmogo le baopafadiwa kana monna ope fela yo o se nang ditedu. Bosheng jaana, molao o o malebana le batho ba ba se nang ditedu le diphologolo dingwe tse di namagadi o ile wa repisiwa, le fa go ntse jalo basadi ba sa ntse ba ileditswe go atamela losi lwa lewatle la Athos sekgala sa dimetara di le 500.
“Thaba e e Boitshepo” ya Batho Botlhe
A Athos ke yone “thaba e e boitshepo” e Bakeresete ba ba boifang Modimo ba tshwanetseng go tla go obamela mo go yone? Fa Jesu a ne a bua le mosadi wa Mosamaria yo o neng a dumela gore Modimo o tshwanetse go obamelwa mo Thabeng ya Gerisima, o ne a tlhalosa sentle gore ga go na thaba epe ya mmatota e e tla tlholang e tlhaolwa go nna lefelo le go obamelwang Modimo mo go lone. Jesu o ne a re: “Nako e etla ya fa lo se kitla lo obamela Rara mo [Gerisima] lefa e le kwa Jerusalema.” Ka ntlha yang? “Modimo ke Moya, mme ba ba o obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.”—Johane 4:21, 24.
Fa moporofeti Isaia a ne a bua ka motlha wa rona, o ne a bolelela pele gore “thaba ya ntlo ya ga Jehofa” ya tshwantshetso e tla “tlhongwa mo setlhoeng sa dithaba,” mme e tla “golediwa godimo ga makhujana,” mme batho ba ditšhaba tsotlhe ba tla fologela kwa go yone ka tsela ya tshwantshetso.—Isaia 2:2, 3.
Banna le basadi ba ba batlang go nna le kamano e ntle le Modimo ba lalediwa gore ba obamele Jehofa ka “moya le ka boammaaruri.” Go na le dimilione go ralala lefatshe tse di ileng tsa tla mo ‘thabeng ya ga Jehofa.’ Le bone ba ikutlwa jaaka mmueledi mongwe wa Mogerika yo o neng a bolela jaana ka Athos: “Ke belaela gore a motho a ka bona bomoya mo dikagong kana mo matlong a baitlami fela.”—Bapisa Ditiro 17:24.
[Lebokoso mo go tsebe 31]
Go Ribololwa ga Letlotlo Le le Sa Bolong go Fitlhega
Mo makgolokgolong a dingwaga a a ntseng a feta, baitlami ba kwa Athos ba ile ba kgobokanya letlotlo le le akaretsang mekwalo ya seatla e go fopholediwang gore e fitlha go 15 000, e go tweng mengwe ya yone ke ya go tloga ka lekgolo la bonè la dingwaga, e leng selo se se dirang gore e nne sengwe sa dilo tse di ribolotsweng tse di tlhwatlhwakgolo thata mo lefatsheng lotlhe. Go na le memeno, dibolumo tse di feletseng le matlhare a Diefangele, dipesalema le difela go sa balwe ditshwantsho tse di takilweng tsa bogologolo thata, mekgabiso ya ditshwantsho, dilo tse di betlilweng le dilo tse di dirilweng ka tshipi. Go fopholediwa gore Thaba ya Athos e na le nngwe nnèng ya mekwalo ya seatla ya Segerika ya lefatshe lotlhe, le mororo bontsi jwa yone e sa ntse e tlhoka go rulaganngwa sentle. Ka 1997, e le lekgetlo la ntlha, baitlami ba ile ba dumela gore mangwe a matlotlo a bone a bontshiwe kwa Thessaloníki.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Telis/Greek National Tourist Organization