Mathata a go Tlhaola Batho ka Maemo
“GO LEKALEKANA E KA TSWA E LE TSHWANELO YA BATHO MME LE FA GO NTSE JALO, GA GO NA PUSO EPE MO LEFATSHENG E E KA DIRANG GORE GO NNE TENG.”
Go ne ga bolela jalo Honoré de Balzac, mokwadi wa Mofora wa dibuka tsa padi wa lekgolo la bo19 la dingwaga. A o dumalana le ene? Batho ba le bantsi ba akanya gore go tlhaola batho ka maemo ga go a siama. Le fa go ntse jalo, tota le mo lekgolong leno la bo21 la dingwaga, batho ba sa ntse ba kgaogantswe ka ditlhopha tse dintsi go ya ka maemo a bone mo setšhabeng.
CALVIN COOLIDGE yo e neng e le poresidente ya United States go tloga ka 1923 go fitlha ka 1929, o ne a batla go rarabolola bothata jwa go tlhaola batho go ya ka maemo a bone mo setšhabeng mme o ne a bua ka “go fedisa gotlhelele ditlhopha tsotlhe tsa maemo a a kwa godimo.” Le fa go ntse jalo, dingwaga di ka nna 40 morago ga go nna poresidente ga ga Coolidge, Khomishene ya Kerner, e e neng e tlhomilwe gore e sekaseke dikamano tsa ditso, e ne ya tlhalosa fa e boifa gore go bonala sentle gore United States e tlile go nna le ditšhaba tse pedi: “sa bantsho le sa basweu—ba kgaogane e bile ba sa lekane.” Bangwe ba bolela gore ponelopele eno e setse e diragetse le gore “go kgaogana ga batho ka maemo a ikonomi le setso go ntse go gola” kwa nageng eo.
Ke eng fa go le thata jaana go dira gore kgopolo ya gore batho ba lekane e diragale? Lebaka le legolo ke tsela e batho ba leng ka yone. William Randolph Hearst yo e kileng ya bo e le moemedi wa puso o kile a re: “Batho botlhe ba bopilwe ba lekana bobotlana ka tsela e le nngwe, mme tsela eo ke ya go eletsa go se lekane.” O ne a kaya eng? Gongwe mokwadi wa diterama wa Mofora wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Henry Becque o ne a tlhalosa seno botokanyana fa a re: “Selo se se dirang gore go lekalekana e nne kgang e e thata jaana ke ka go bo re batla fela go lekana le batho ba ba kwa godimo ga rona.” Ka mafoko a mangwe, batho ba batla go lekana le batho ba ba nang le maemo a a kwa godimo ga a bone mo setšhabeng; mme ga se batho ba bantsi ba ba ka ratang go fokotsa ditshiamelo le melemo e ba nang le yone gore ba lekane le batho ba ba ba tsayang ba le kwa tlase ga bone.Mo nakong e e fetileng, batho ba ne ba tsholwa e le batho ba e seng ba maemo, ba maemo a a kwa godimo, kana tota le e leng ba segosi. Go sa ntse go ntse jalo mo mafelong mangwe. Le fa go ntse jalo, mo dinageng di le dintsi gompieno, ke madi—kana go a tlhoka—go go dirang gore motho e nne wa maemo a a kwa tlase, a a fa gare, kana a a kwa godimo. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dingwe tse di tlhaolang maemo a motho, tse di jaaka setso, thutego le go itse go bala le go kwala. Mme mo mafelong a mangwe, bong ke kgang e kgolo e batho ba tlhaolwang ka yone, basadi ba tsewa e le ba maemo a a kwa tlase.
A go Na le Ditlhasenyana Tsa Tsholofelo?
Molao wa ditshwanelo tsa batho o thusitse go fedisa dilo dingwe tse di tlhaolang batho. Go ile ga tlhomiwa melao e e thibelang kgethololo kwa United States. Tlhaolele e ile ya fedisiwa mo Afrika Borwa. Bokgoba, le fa bo sa ntse bo le teng, ke selo se se sa letlelelwang semolao mo mafelong a le mantsi mo lefatsheng. Ditshwetso tse di dirilweng ke molao di ile tsa pateletsa gore go tsewe tsia ditshwanelo tsa go nna le mafatshe ga baagi bangwe, mme melao e e kgatlhanong le tlhaolele e ile ya imolola batho bangwe ba maemo a a kwa tlase.
A seno se supa gore go tlhaola batho ka maemo go fedile? Nnyaa. Le fa mekgwa mengwe ya go tlhaola batho ka maemo e ka tswa jaanong e fokotsega, go setse go tlhaga e mesha. Buka ya Class Warfare in the Information Age ya re: “Gompieno go bonala fa go kgaoganya batho ka ditlhopha tsa borakgwebo le babereki go sa siama, mme go bonala jalo fela ka go bo ditlhopha tseno tse dikgolo di ile tsa kgaoganngwa go nna ditlhophanyana tse dinnye tsa batho ba ba galefileng.”
A go tlhaola batho go ya ka maemo mo setšhabeng go tla kgaoganya batho go ya go ile? Ebu, jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha, go na le tsholofelo.