LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 11/8 ts. 15-17
  • A Maeto a Tlelase a Siame?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Maeto a Tlelase a Siame?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bala Ditshenyegelo
  • Go Itumedisa Modimo ka Botlalo
  • Maeto a go ya Jerusalema
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ba Lelapa la Gaabo Jesu ba ya Jerusalema
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Basha ba Bakeresete—Nnang lo Nonofile mo Tumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Sana ba Sekolo ba Basupi ba Akgotswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 11/8 ts. 15-17

Basha ba Botsa Jaana . . .

A Maeto a Tlelase a Siame?

“IKHUTSA go ya sekolong.” “O bona dilo tse disha tse di farologaneng le tsa ka gale.” “O kgona go itse ba o leng mo tlelaseng le bone botoka.” Ke kafa basha bangwe ba bararo ba Bajeremane ba neng ba tlhalosa lebaka la go bo ba itumelela maeto ano ka teng. Maeto a a ntseng jalo a ratiwa ke basha ba ba mo lefatsheng lotlhe.

Lefa go ntse jalo, ga se baithuti fela ba ba tseelang maeto ao a ditlelase kwa godimo. “Mosha o solegelwa molemo thata ke maeto ao a ditlelase fa a rulagantswe sentle, o kgona go itse dilo tse dintsi e bile go mo thusa go ikemela,” go bolela jalo morutisi mongwe. “Mo godimo ga moo, kgolagano ya morutisi le tlelase e a nonofa.” Gone ga go belaetse gore barutabana ba ba kelotlhoko le tlelase e e nang le maitseo ba ka tsaya loeto lo lo rutang le lo lo monate lwa tlelase.

Lefa go ntse jalo, go ka nna ga nna le dilo dingwe tse di amegang tse di ka nnang tsa tshwenya basha ba Bakeresete le batsadi ba bone. Ka sekai, kwa Jeremane le kwa dinageng dingwe tsa Yuropa, basha ba bong jo bo sa tshwaneng gantsi ba tsamaya mmogo mo maetong a ditlelase a a tsayang lobaka lo loleele. Gantsi ba robala koo. E bile gantsi go nna le mathata. Anna-Laura yo o nang le dingwaga tse 14 o gakologelwa jaana: “Dilo di ne tsa senyega morago ga malatsi a sekae fela a loeto. Tota le bosigo go ne go sena kagiso e bile go le modumo. Ba le bantsi mo tlelaseng ba ne ba supa bogagapa e bile ba sa akanyetse ba bangwe.”

Ka jalo he, ke eng se o ka se dirang fa o bona tshono ya go eta le tlelase?

Go Bala Ditshenyegelo

Jesu Keresete o ne a bolela jaana mo go Luke 14:28: “Ke ofe wa lona yo e ka reng fa a rata go aga kago e e godileng, mme a se ka a dula pele a bala madi a yone, gore a tle a itse fa a na le a a lekanyeng go e swetsa”? Pele wena le batsadi ba gago le swetsa gore a o ka tsaya loeto lwa tlelase, sekasekang dilo tsotlhe tse di amegang. Dipotso dingwe tse lo ka di akanyetsang ke tseno:

Loeto lono ke lwa go ya kae? Lefa e ka tswa e le loeto lwa letsatsi fela go iwa kwa musiamong o o fa gaufi kana e le lo loleele lo lo tla robalang koo, pharologano e kgolo thata. Mo godimo ga moo, fa e le gore batsadi ba gago ke bone ba duelang, ba tla batla go swetsa gore a ba ka kgona.

Go ile go dirwa eng? Fa letsatsi lengwe le lengwe le rulaganyeditswe ditiro tse di kgatlhang, seno se tla tshola tlelase e tshwaregile e bile go tla fokotsa ditiro tse di phoso. Ka jalo, sekaseka thulaganyo sentle pele o swetsa ka loeto lwa tlelase. Go ya kwa dimusiamong kana lo tsaya loeto lwa go ithuta ka dilo tsa tlholego go ka ruta tota. Mme go lekeletsa Yoga kana ditumelo tsa kwa Asia—jaaka go ne go rulaganyeditswe loeto longwe lwa tlelase—ga go a tshwanela Mokeresete le eseng.—1 Bakorintha 10:21.

A lo tlile go laolwa sentle ka dinako tsotlhe? Mosetsana mongwe wa Mokeresete wa dingwaga tse 15 yo o bidiwang Julia o gakologelwa jaana: “Ke ne ke le mo tlelaseng e e nang le maitseo tota, ka jalo Mama le Papa ba ne ba dumela ke tsaya loeto lono. Barutabana ba ne ba re tlhokometse thata.” Gone mme, tlhokomelo e e ntseng jalo, e a welwa gompieno. Jaaka morutabana mongwe wa Mojeremane a bolela, “ga go kake ga tlhomamisiwa le eseng” gore ba tla tlhokomelwa ka kelotlhoko le ka tsela e e ka ikanngwang. Go ntse jalo ruri, mosha mongwe o ne a ipelafatsa jaana morago ga loeto longwe lwa tlelase: “Fa re sena go tsietsa barutabana, re ne ra dira fela kafa re neng re batla ka teng.”

Baithuti ba bangwe ba baka mathata lefa barutabana ba ka leka ka natla go ba laola. Mongwe yo e kileng ya bo e le morutabana o gakologelwa jaana: “Basha ba ne ba senka ditsela tse di botlhale tsa go lere bojalwa ka bonokwane, ka jalo go phuruphutsha dikamore tsa bone go ne go sa thuse sepe. Ke ne ka lemoga gore ba ne ba ntse ba nwa bojalwa jo bontsi fa mosetsana mongwe a ne a simolola go tlhatsa.” Go phepafetse gore go ka nna bokete tota go tlhomamisa gore loeto lo tla laolwa sentle. Lefa go ntse jalo lo ka tila matshwenyego le go tlhabiwa ke ditlhong fa wena le batsadi ba gago lo ka sekaseka ka kelotlhoko dithulaganyo tse di dirilweng tsa taolo. Diane 22:3 ya re: “Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe, mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela, mme ba utlwe botlhoko ka gone.”

Ka tlwaelo fela, a bankane ba gago ba sekolo ba reetsa barutabana fa ba ba kaela? Seno se tla go bontsha sentle gore ba tla itshwara jang mo loetong lwa tlelase. Go ile ga begiwa gore sekolo sengwe sa sekontari sa kwa Jeremane se ne sa tshwanela go kgaola loeto lwa sone lwa malatsi a le mararo gonne baithuti bangwe ba ba sa kgoneng go laolwa ba ne ba itlhokomolosa “dikaelo tse di tlhamaletseng le tse ba neng ba di newa ka bopelotelele” ke barutabana.

Lekgarebe lengwe la Mojeremane le le bidiwang Stephanie le ne le kile la ya mo loetong lwa mofuta oo mme se se neng sa mo diragalela se mo dirile gore a akantshe gore o ipotse dipotso tse di latelang: ‘A ba ke tsenang le bone mo tlelaseng ba na le tlhaloganyo sentle gore ba ka reetsa barutabana? A sekolo sa rona se leka go boloka leina le lentle? A barutabana ba gagametse tota gore ba ka kgona go etelela pele sentle? A basha ba tsaya boitsholo jo bo siameng masisi? A ba nwa bojalwa le go dirisa diokobatsi?’ Ke boammaaruri gore Stephanie o dumela gore tota “go ikaegile thata ka wena, gore a o tla ineela motlhofo kana jang.” Mme o ka rapela Jehofa jang gore a ‘se ka a go tsenya mo thaelong’ o bo o ipaya mo boemong jo bo kotsi?—Mathaio 6:13.

Ka jalo Petra wa dingwaga tse 17 o ne a se ka a tsaya loeto lo lo ntseng jalo lwa tlelase. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke itse gore ba ke tsenang le bone tlelase ba ne ba tlile go dira eng. Ke ne ke kgona go bonela kwa pele gore maemo a a amang bojalwa le tlhakanelodikobo ruri a ne a tlile go leka segakolodi sa me. Se se neng sa diragala ke gore basimane bangwe ba batlhano ba ne ba apola mosetsana ba bo ba mo tsaya ditshwantsho, morago di ne tsa tsamaisiwa mo go ba bangwe mo sekolong.”

A dilo tse o di dumelang mo bodumeding jwa gago di tla tlotliwa? Ka sekai, Timon yo mmotlana o ne a akgela jaana: “Gantsi go nna le moletlo wa matsalo, o go leng thata go o tila.” Jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ga a keteke meletlo e e ntseng jalo.a A barutabana le ba o tsenang le bone mo tlelaseng ba tla go reetsa fa moletlo o o ntseng jalo o ka ketekiwa mo loetong lono lwa tlelase?

Ke bokopano jwa mofuta mang jo o tlileng go nna najo? Bakeresete ba a itse gore Modimo o kgala go goga motsoko, go dirisa diokobatsi, go sa nwe bojalwa sentle, kana go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. (1 Bakorintha 6:9, 10; 2 Bakorintha 7:1) Ke gone ka moo go kopana le basha ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo go tshwanetse ga tilwa ka botlhale. (1 Bakorintha 15:33) Diane 13:20 e tlhagisa jaana: “Monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.” Mo loetong lo lo ntseng jalo lwa tlelase o senya nako e ntsi go feta ya ka gale le basha ba ba ntseng jalo, mme e bile lo iketlile. Andreas yo mmotlana o ne a bolela jaana: “Fa o le mo loetong lwa tlelase, o mo moweng wa selefatshe ka dinako tsotlhe, koo go nang le mmino wa selefatshe le puo ya matlhapa.”

Kgang e nngwe ke gore go motlhofo gore o ikutlwe o jewa ke bodutu fa o se kwa gae. Basha ba bantsi ba ne ba simolola go ratana mo maetong a tlelase. A o ka nna mo kotsing ya go ratana le motho yo o sa dumeleng? Bakorintha wa Ntlha 10:12 e tlhagisa jaana: “Yo o gopolang gore o eme, a itise gore a se ka a wa.” Mme lefa o ne o nonofile gore o ka kgona go emelana le thaelo, a go nna teng ga gago mo loetong lo lo ntseng jalo go ka se ka ga kgopisa basha ba bangwe ba Bakeresete?—Bapisa 1 Bakorintha 8:7-13; 10:28, 29.

Yvonne wa dingwaga tse 14 o ne a se ka a tsamaya le tlelase ya gagwe mo loetong lwa go ya go relela mo aeseng. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke tla fetsa beke yotlhe le basha le barutabana ba selefatshe. Mo godimo ga moo, ke ne ke tlile go tlhoafalela botsalano jwa bakaulengwe, tiro ya go rera le dipokano. Lebaka le lengwe ke tsela e basha ba bantsi ba itshwarang ka yone fa go sena ope yo o ba tlhokometseng.”

Go Itumedisa Modimo ka Botlalo

E reka maeto a tlelase a sa ame bodumedi, dipolotiki kana ditiro dingwe tse Bakeresete ba thibelwang go di dira ka tlhamalalo, moithuti le batsadi ba gagwe ba tla tshwanela go swetsa gore a o ka tsaya loeto lo lo ntseng jalo. (Bapisa Isaia 2:4; Tshenolo 18:4.) Maemo a a farologana go ya ka mafelo le ka ditlelase; ka gone, Bakeresete ba lefelo le lengwe ba ka nna le bothata jo bo farologaneng le ba mafelo a mangwe.

“Mmè o ne a tlwaetse basha ba bantsi mo tlelaseng ya me e bile a itse gore morutabana wa me o na le boikarabelo. Ka jalo loeto lwa rona lwa tlelase lo ne lwa atlega,” go akgela jalo Stephan. “Mme fa ke ntse ke gola e bile loeto lwa bofelo lo setse lo le gaufi, kgang ya gore a nka ya e ne e farologane gotlhelele.” Ka ntlha yang? O tswelela jaana: “Mo dingwageng tse tharo fela tse di fetileng, ba ke tsenang le bone mo tlelaseng ba ne ba le botsalano e bile ba na le tlotlo. Mme ba ne ba simolola go dirisa diokobatsi le go dira boitsholo jo bo sa siamang letsatsi le letsatsi. Ka jalo ke ne ka se ka ka tsamaya. E bile tota, loeto lono lwa bofelo lo ne lwa tshwanela go kgaosediwa pele lo fela.”

Lefa go ntse jalo, wena le batsadi ba gago lo tshwanetse go tlhatlhoba dilo tsotlhe tse di amegang mme lwa itirela tshwetso. Tlhomamisang gore lefa lo ka dira tshwetso efe, mokgele wa lona ke go “tsamaya mo go tshwanetseng Morena, lo nntse lo kgatlha gotlhe.”—Bakolosa 1:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona ditlhogo tse di buang ka malatsi a boikhutso le lebaka la go bo bana bangwe ba sa a keteke mo tokololong ya rona ya December 8, 1993.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Ke bokopano jwa mofuta mang jo o neng o tla nna najo fa o ne o ka tsaya loeto le tlelase lo ya go lala koo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela