A go Na le Bosupi jwa Thutamarope jwa Gore Jesu o Kile a nna Teng?
“BOSUPI Jwa ga Jesu jo bo Kwadilweng mo Lejeng.” Tsebe e e ka fa ntle ya makasine wa Biblical Archaeology Review (November/December 2002) e ne ya bolela jalo. Tsebe eo e ne e na le lebokoso la marapo le le dirilweng ka kalaka, polokelo ya marapo a ditopo, e e neng e fitlhetswe kwa Iseraele. Bajuda ba ne ba dirisa mabolokelo a marapo a ditopo thata mo nakong e khutshwane ya fa gare ga lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E. le 70 C.E. Se se neng sa dira gore leno le nne botlhokwa thata e ne e le mokwalo wa Searamaika mo letlhakoreng le lengwe la lone. Bakanoki ba dumela gore o ne o balega jaana: “Jakobe, morwa Josefa, morwarraagwe Jesu.”
Go ya ka Baebele, Jesu wa Nasaretha o ne a na le morwarraagwe yo o bidiwang Jakobe yo go neng go tsewa gore ke morwa Josefa, monna wa ga Marea. Fa Jesu Keresete a ne a ruta kwa motseng o a tsholetsweng kwa go one, bareetsi ba ba neng ba gakgametse ba ne ba botsa jaana: “A yono ga se morwa mmetli wa dikgong? A mmaagwe ga a bidiwe Marea, le bomorwarraagwe a ga se Jakobe le Josefa le Simone le Judase? Le bokgaitsadie, a botlhe ga ba na le rona?”—Mathaio 13:54-56; Luke 4:22; Johane 6:42.
Ee, mokwalo o o mo polokelong ya marapo a ditopo o tsamaisana le kafa Jesu wa Nasaretha a tlhalosiwang ka teng. André Lemaire, moitse mongwe wa mekwalo ya bogologolo le mokwadi wa setlhogo se se umakilweng fa godimo se se tlhagang mo makasineng wa Biblical Archaeology Review, o ne a bolela gore fa Jakobe yo o umakiwang mo mokwalong ono e ne e le morwarraagwe Jesu Keresete ka motsadi a le mongwe, go tla bo go raya gore ke “bosupi jo bo sa fitlhelweng mo Baebeleng jwa bogologolo thata jwa thutamarope ka ga Jesu.” Hershel Shanks, morulaganyi wa makasine ono, o bolela gore polokelo ya marapo a ditopo ke “sengwe se se ka tshwarwang le se se bonalang sa nako e motho yo o botlhokwa thata yo o kileng a tshela a neng a le mo lefatsheng ka yone.”
Le fa go ntse jalo, maina a mararo ao a a kgonang go balwa mo mokwalong o o mo polokelong ya marapo a ditopo a ne a tlwaelegile mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Ka jalo, go ka direga gore go ne go na le lelapa lengwe le maloko a lone a nang le batho ba ba jaaka Jakobe, Josefa le Jesu kwantle ga ba lelapa la ga Jesu Keresete. Lemaire o fopholetsa gore: “Kwa Jerusalema mo dikokomaneng tse pedi pele ga 70 C.E., go ne go na le . . . batho ba ba ka nnang 20 ba ba neng ba bidiwa ‘Jakobe morwa Josefa morwarraagwe Jesu.’” Le fa go ntse jalo, o akanya gore go na le kgonagalo ya diperesente di le 90 ya gore Jakobe yo o mo polokelong eo ya marapo a ditopo e ne e le morwarraagwe Jesu Keresete ka motsadi a le mongwe.
Go na le lebaka le lengwe gape le le dirang gore bangwe ba dumele gore Jakobe yo go buiwang ka ene mo mokwalong oo e ne e le morwarraagwe Jesu Keresete ka motsadi a le mongwe. Le fa gone go ne go tlwaelegile go umaka rraagwe moswi mo mokwalong, go ne go sa tlwaelega go umaka morwarraagwe. Ka jalo, bakanoki bangwe ba dumela gore Jesu yono e tshwanetse ya bo e ne e le mongwe yo o botlhokwa, mme seno se dira gore ba akanye gore e ne e le Jesu Keresete, mosimolodi wa Bokeresete.
A Polokelo Eno ya Marapo a Ditopo e ka Ikanngwa?
Polokelo ya marapo a ditopo ke eng? Ke lebokoso, kgotsa letlole le go neng go tsenngwa marapo a moswi fa mmele o sena go bola mo legageng le a fitlhetsweng mo go lone. Mabolokelo a mantsi a marapo a ditopo a ne a gapiwa mo mabitleng kwa Jerusalema. Lebokoso le le neng le na le mokwalo o o nang le leina la ga Jakobe mo go lone le ne le tswa kwa mmarakeng wa dilo tsa bogologolo, e seng mo lefelong le go ribololwang dilo kafa molaong mo go lone. Ga twe mong wa lebokoso leno o le rekile ka didolara di le makgolo a sekae ka bo1970. Ka jalo, ga go itsege gore polokelo eno ya marapo a ditopo e tswa kae. Porofesa Bruce Chilton wa Bard College, kwa New York a re: “Fa o sa kgone go tlhalosa gore selo se se betlilweng se bonwe kae le gore se ne se le kae dingwaga tse di ka nnang 2 000, o ka se ka wa kgona go golaganya selo seo le maina a a umakilweng mo go sone.”
Go fedisa lebaka la go bo go se na bosupi jwa gore lebokoso leno le ribolotswe, André Lemaire o ne a le romela kwa Patlisisong ya Jioloji ya kwa Iseraele. Babatlisisi ba ne ba tlhomamisa gore polokelo eno ya marapo a ditopo e ne e dirilwe ka kalaka ya lekgolo la ntlha kgotsa la bobedi la dingwaga C.E. Ba ne ba bega gore “ga go a fitlhelwa letshwao lepe la gore go dirisitswe sedirisiwa sa motlha wa segompieno mo go yone.” Le fa go ntse jalo, bakanoki ba Baebele ba ba neng ba botsolodiwa ke The New York Times ba ne ba tlhalosa gore “mabaka a a tshegetsang boammaaruri jwa gore Jesu o na le kamano le lebokoso leno a ka tswa a nonofile, mme le fa go ntse jalo, ke mabaka fela a a supelang seo.”
Makasine wa Time o ne wa tlhalosa gore “mo malatsing ano mo e ka nnang batho botlhe ba ba rutegileng ga ba belaele gore Jesu o kile a tshela.” Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba akanya gore go tshwanetse ga nna le bosupi jo bo oketsegileng kwantle ga jwa Baebele jwa gore Jesu o kile a tshela. A thutamarope e tshwanetse ya nna yone e dirang gore motho a dumele mo go Jesu Keresete? Re na le bosupi bofe jwa hisitori jwa “gore motho yo o botlhokwa go gaisa botlhe o kile a tshela mo lefatsheng”?
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]
Left, James Ossuary: AFP PHOTO/J.P. Moczulski; right, inscription: AFP PHOTO/HO