LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w05 7/1 ts. 27
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefitiko e re Ruta Eng ka go Dirisana le ba Bangwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Buka ya Bibela ya bo 3—Lefitiko
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “Molao wa ga Jehofa o Itekanetse”
    Atamalana le Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
w05 7/1 ts. 27

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Duteronome 14:21 e balega jaana: “Lo se ka lwa ja setoto sepe se se setseng se sule.” A seo se ganetsana le Lefitiko 11:40, e e balegang jaana: “Yo o jang sepe sa setoto sa yone a tlhatswe diaparo tsa gagwe, mme a itshekologe go fitlha maitseboa”?

Ditemana tse pedi tseno ga di ganetsane. Mo temaneng ya ntlha go boelediwa molao o o thibelang go ja nama ya phologolo e e fitlhetsweng e sule, gongwe e bolailwe ke dibatana tsa naga. (Ekesodo 22:31; Lefitiko 22:8) Temana ya bobedi yone e tlhalosa se Moiseraele a neng a ka se dira fa a tlotse molao oo, gongwe e se ka boomo.

Lebaka la go bo Molao o ne o thibela sengwe le ne le sa reye gore go ne go se kitla go direga gore batho ba tlole molao oo ka nako nngwe. Ka sekai, go ne go na le melao e e neng e thibela go utswa, go bolaya, go neela bosupi jwa maaka, jalo le jalo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go ne go na le kotlhao e e neng e ntshiwa fa motho a tlodile melao eo ya Modimo. Dikotlhao tse di ntseng jalo di ne di bontsha kafa melao eo e neng e le masisi ka gone le gore e ne e sa tshwanela go tlolwa.

Motho o ne a tla itshekologa mo matlhong a ga Jehofa fa a ne a ka tlola molao o o neng o thibela go ja nama ya phologolo e e fitlhetsweng e sule, mme o ne a tshwanetse go latela thulaganyo e e tshwanetseng ya go iitshekisa. Fa a ne a palelwa ke go iitshekisa, o ne a tla tshwanelwa ke gore “a arabele tlolo ya gagwe.”—Lefitiko 17:15, 16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela