LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w06 3/15 ts. 3
  • Loso—Selo se se Botlhoko Se se Re Amang Rotlhe!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Loso—Selo se se Botlhoko Se se Re Amang Rotlhe!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgomotso mo Mahutsaneng a Gago
    Tsogang!—1994
  • Ikele Tlhoko Gore O se Ka wa Rata Maemo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Boikgogomoso bo ne Jwa Dira Gore Abesalome a Tlhanoge
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
w06 3/15 ts. 3

Loso—Selo se se Botlhoko Se se Re Amang Rotlhe!

“RAHISITORI wa kwa Boritane, e bong Arnold Toynbee o ne a re: “Fela fa motho a fetsa go tsholwa, go nna go lebeletswe gore a ka swa nako nngwe le nngwe.” O ne a boa a re: “Tota ke boammaaruri gore kgabagare mongwe le mongwe o tla swa.” Re aparelwa ke bohutsana jo bo seng kana ka sepe fa mongwe yo re mo ratang mo lapeng kana motho mongwe yo e leng tsala ya rona yo re atamalaneng thata le ene a swa!

Loso ga e bolo go nna tiragalo e e boifisang batho thata ka dingwagangwaga. Re kgobega marapo fela thata fa mongwe yo re mo ratang a swa. Bohutsana joo bo tlela mongwe le mongwe. Ga go na ope yo bo sa mo ameng. “Bohutsana bo re busetsa kwa bongwaneng—bo re fetsa maatla. Bo dira gore le motho yo o botlhale a felelwe ke maano.” Mafoko ao a ne a kwalwa ke mokwadi wa ditlhamo wa lekgolo la bo19 la dingwaga. Re nna jaaka bana ba bannye—re felelwa ke maatla ka gonne re sa kgone go fetola boemo. Dikhumo le fa e le go nna le maatla ga di kgone go fetola se se diragetseng. Ba ba botlhale ga ba na dikarabo. Batho ba ba nonofileng le ba ba bokoa ba lela ka go tshwana.

Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a utlwa botlhoko jalo fa morwawe e bong Abesalome a sena go swa. Fa Dafide a sena go utlwa gore o sule, o ne a lela mme a re: “Abesalome morwaaka, morwaaka, Abesalome morwaaka! Oo, e kete nkabo ke sule, nna ka bonna, mo boemong jwa gago, Abesalome morwaaka, morwaaka!” (2 Samuele 18:33) Go ne go se na sepe se kgosi eno e e maatla e e neng e fentse baba ba ba maatla e neng e ka se dira fa e se fela gore a eletse e kete e ka bo e le ene a wetsweng ke “mmaba wa bofelo,” e leng loso, go na le gore go bo go sule morwawe.—1 Bakorintha 15:26.

A go na le sengwe se se ka fedisang loso? Fa e le gore go ntse jalo, re ka nna le tsholofelo efe ka baswi? A re tla tsamaya re bona baratiwa ba rona gape? Setlhogo se se latelang se tla re naya dikarabo tse di tswang mo Baebeleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela