LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 2/1 ts. 25-26
  • O ne A Ratiwa ke Modimo le ke Ditsala Tsa Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne A Ratiwa ke Modimo le ke Ditsala Tsa Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Itumedisa Rraagwe le Jehofa
    Ruta Bana ba Gago
  • Go Ikanyega go Dira Gore Modimo a re Amogele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Tsholofetso ya ga Jefetha
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jefetha o Diragatsa Maikano a Gagwe mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 2/1 ts. 25-26

Ruta Bana ba Gago

O ne A Ratiwa ke Modimo le ke Ditsala Tsa Gagwe

GOMPIENO ga go na ope yo o itseng leina la gagwe. O itsiwe fela ka leina la ga rraagwe e bong Jefetha. Mma re lebe Baebele mme re ithute ka batho bano ba babedi. Re tlile go bona kafa morwadia Jefetha a neng a ratiwa ka gone ke Modimo le ke ditsala tsa gagwe.

Re ka bala kaga Jefetha le morwadie mo Baebeleng mo go Baatlhodi kgaolo 11. E re ka Jefetha e ne e le motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo, ga go pelaelo gore ka metlha o ne a tlotla le morwadie ka Dikwalo.

Jefetha o ne a tshela pele ga batho ba Modimo, Baiseraele, ba kopa gore ba busiwe ke kgosi ya motho. Jefetha e ne e le monna yo o nonofileng yo o nang le bokgoni jwa go lwa mo ntweng. Ka jalo, Baiseraele ba ne ba mo kopa gore a ba etelele pele fa ba lwa le Baamona, setšhaba se se neng se bapile le bone se se neng se sa bolo go ba lwantsha.

Jefetha o ne a batla gore Modimo a mo thuse go fenya Baamona, ka jalo o ne a mo solofetsa sengwe. Jefetha o ne a re fa Jehofa a ne a ka mo thusa go fenya, o ne a tla mo naya ope fela yo o tla tswang pele mo ntlong ya gagwe a tla go mo kgatlhantsha fa a boa. Motho yoo o ne a tla direla botshelo jotlhe jwa gagwe kwa motlaaganeng wa Modimo—lefelo le batho ba mo metlheng eo ba neng ba obamela Modimo kwa go lone. A o itse gore ke mang yo o neng a tswa pele?—a

Ee, ke morwadia Jefetha! Jefetha o ne a hutsafala thata. O ne a na le ngwana a le mongwe fela. Le fa go ntse jalo, o ne a solofeditse Jehofa mme o ne a tshwanetse go dira se a se solofeditseng. Ka yone nako eo, morwadie o ne a re: “Rra, fa e le gore o buletse Jehofa molomo wa gago, ntirela go ya ka se se duleng mo molomong wa gago.” Ka jalo o ne a kopa gore a tsamaye dikgwedi di le pedi gore a ye go lelela kwa dithabeng. Ke ka ntlha yang fa a ne a hutsafetse? Ka gonne fa a ne a ka boloka maikano a ga rraagwe, seo se ne se tla bolela gore o ne a ka se nyalwe le fa e le go nna le bana. Le fa go ntse jalo, ga a ka a dira gore dikeletso tsa gagwe e nne tsone di tlang pele. O ne a batla go ikobela rraagwe le go ikanyega mo go Jehofa. A o akanya gore o ile a itumedisa Jehofa le rraagwe?—

Ka jalo, Jefetha o ne a letla morwadie gore a tsamaye dikgwedi di le pedi le balekane ba gagwe ba basetsana. Fa a boa, rraagwe o ne a diragatsa maikano a gagwe ka go mo romela kwa motlaaganeng wa Modimo o o kwa Shilo go ya go nna teng botshelo jotlhe jwa gagwe. Ngwaga le ngwaga makgarebe a kwa Iseraele a ne a tswa a ya Shilo go ya go kgothatsa morwadia Jefetha.

A o itse bana ba ba ikobelang batsadi ba bone e bile ba rata Jehofa?— Go ka nna molemo go itlwaelanya le bana bao le go nna tsala ya bone. Fa o etsa morwadia Jefetha, o le kutlo e bile o ikanyega, o tla nna le ditsala tse di molemo. O tla itumedisa batsadi ba gago mme Jehofa le ene o tla go rata.

Bala mo Baebeleng ya gago

  • Duteronome 6:4-6

  • Baatlhodi 11:30-40

  • 1 Bakorintha 7:37, 38

a Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela