LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yc karolo 4 ts. 10-11
  • O ne A Itumedisa Rraagwe le Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne A Itumedisa Rraagwe le Jehofa
  • Ruta Bana ba Gago
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Ratiwa ke Modimo le ke Ditsala Tsa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Ikanyega go Dira Gore Modimo a re Amogele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Tsholofetso ya ga Jefetha
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jefetha o Solofetsa Modimo Sengwe
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ruta Bana ba Gago
yc karolo 4 ts. 10-11
Jefetha o na le morwadie fa a ne a le sa le mosha

KAROLO 4

O ne A Itumedisa Rraagwe le Jehofa

Jefetha o rapela Jehofa fa masole a Baiseraele a ntse a lwa le baba ba bone

Jefetha o solofetsa Jehofa eng?

Jefetha o boela gae morago ga ntwa, o itumelela morwadie yo a tlileng go mo kgatlhantsha

Go ne go se motlhofo mme morwadia Jefetha o ne a dira se rraagwe a neng a se solofeditse

A o bona mosetsana yo o mo setshwantshong seno?— Ke morwadia monna mongwe yo o bidiwang Jefetha. Baebele ga e re bolelele leina la gagwe mme re itse gore o ne a itumedisa rraagwe le Jehofa. A re ithute ka ene le ka rraagwe, e bong Jefetha.

Jefetha e ne e le monna yo o siameng mme o ne a dirisa nako e ntsi a ruta morwadie ka ga Jehofa. Gape e ne e le monna yo o nonofileng e bile e le moeteledipele yo o siameng. Ka jalo, Baiseraele ba ne ba mo kopa gore a ba etelele pele go ya go lwantsha baba ba bone.

Jefetha o ne a rapela Modimo gore a mo thuse go fenya. Jefetha o ne a solofetsa gore fa a ka fenya, o tla naya Jehofa motho wa ntlha yo o tswang mo ntlong ya gagwe fa a boela gae. Motho yono o ne a tla nna kwa motlaaganeng wa Modimo le go bereka botshelo jwa gagwe jotlhe gone. Motlaagana e ne e le lefelo le batho ba neng ba ya kwa go lone go ya go obamela Modimo ka nako eo. Jefetha o ne a fenya ntwa! A o itse gore ke mang wa ntlha yo o neng a tswa kwa ntlong ya gagwe fa a boela gae?—

Ee, e ne e le morwadia Jefetha! E ne e le ene fela ngwana wa gagwe mme jaanong, Jefetha o ne a tla tshwanela ke gore a mo tsamaise. Seno se ne sa hutsafatsa Jefetha thata. Mme gakologelwa gore o ne a dirile tsholofetso. Ka yone nako eo, morwadie o ne a re: ‘Rre, o solofeditse Jehofa, ka jalo, o tshwanetse go diragatsa tsholofetso ya gago.’

Morwadie Jefetha o kgobokanya tse di dirisiwang kwa motlaaganeng; ditsala tsa gagwe di tlile go mo etela

Ngwaga le ngwaga, ditsala tsa ga morwadie Jefetha di ne di ya go mo etela

Morwadia Jefetha le ene o ne a hutsafetse. Kwa motlaaganeng, o ne a ka se ka a nyalwa le go nna le bana. Mme o ne a batla go diragatsa tsholofetso ya ga rraagwe le go itumedisa Jehofa. Go dira jalo go ne go le botlhokwa thata go na le gore a nyalwe le go nna le bana. Ka jalo, o ne a tloga kwa gae mme a ya go nna kwa motlaaganeng botshelo jwa gagwe jotlhe.

A o akanya gore o ne a itumedisa rraagwe le Jehofa?— Ee, o ne a ba itumedisa! Fa o le kutlo e bile o rata Jehofa, o ka tshwana le morwadia Jefetha. Le wena o tla itumedisa batsadi ba gago le Jehofa thata.

BALA MO BAEBELENG YA GAGO

  • Duteronome 6:4-6

  • Baatlhodi 11:30-40

  • 1 Bakorintha 7:37, 38

DIPOTSO:

  • Jefetha e ne e le mang? O ne a solofetsa eng?

  • Ke ka ntlha yang fa go ne go le thata mo go morwadia Jefetha go dira se rraagwe a neng a se solofeditse?

  • Ke eng se morwadia Jefetha a neng a batla go se dira go feta le fa e le eng?

  • O ka dira jang gore o tshwane le morwadia Jefetha?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela