LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 36 ts. 88-ts. 89 ser. 1
  • Jefetha o Solofetsa Modimo Sengwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jefetha o Solofetsa Modimo Sengwe
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsholofetso ya ga Jefetha
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • O ne A Itumedisa Rraagwe le Jehofa
    Ruta Bana ba Gago
  • O ne A Ratiwa ke Modimo le ke Ditsala Tsa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Ikanyega go Dira Gore Modimo a re Amogele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 36 ts. 88-ts. 89 ser. 1
Jefetha a gagola diaparo fa ngwana wa gagwe a tla go mo kgatlhantsha

THUTO 36

Jefetha o Solofetsa Modimo Sengwe

Baiseraele ba ne ba tlogela go direla Jehofa gape mme ba simolola go obamela medimo ya maaka. Fa Baamona ba tlhasela Baiseraele, medimo eo ya maaka ga e a ka ya ba thusa. Baiseraele ba ne ba sotlega lobaka lo loleele. Ba ne ba raya Jehofa ba re: ‘Re leofile. Tsweetswee re golole mo Baamoneng.’ Baiseraele ba ne ba senya medingwana ya bone mme ba simolola go direla Jehofa gape. Jehofa o ne a sa batle go ba bona ba tswelela ba utlwa botlhoko.

Lesole le le maatla e bong Jefetha o ne a tlhophiwa gore a etelele Baiseraele pele fa ba ya go lwa le Baamona. O ne a solofetsa Jehofa jaana: ‘Fa o ka nthusa go fenya ntwa eno, ke tla go naya motho wa ntlha yo o tswang mo ntlong ya me go tla go nkgatlhantsha.’ Jehofa o ne a reetsa thapelo ya ga Jefetha mme a mo thusa go fenya ntwa.

Fa Jefetha a boa go tswa kwa ntweng, motho wa ntlha go mo kgatlhantsha e ne e le ngwana wa gagwe wa mosetsana. Mosetsana yoo, o ne a bina e bile a letsa moropa. Jefetha o ne a dira eng? O ne a gopola se a neng a se solofeditse Jehofa a bo a re: ‘Ijoo morwadiake! O nkutlwisitse botlhoko. Ke solofeditse Jehofa sengwe. Mme ke tshwanetse go diragatsa tsholofetso eo ka go go romela gore o ye go direla Modimo kwa Shilo.’ Mme ngwana wa gagwe o ne a mo raya a re: ‘Rre, fa o solofeditse Jehofa sengwe, o tshwanetse go se dira. Ke kopa go fetsa dikgwedi di le pedi kwa thabeng ke na le ditsala tsa me. Go tswa foo, ke tla ya kwa Shilo.’ Morwadie Jefetha o ne a direla Modimo kwa Shilo botshelo jotlhe jwa gagwe. Ngwaga le ngwaga, ditsala tsa gagwe di ne di mo etela kwa Shilo.

Ditsala tsa ngwana wa ga Jefetha di mo etetse kwa Shilo

“Ope fela yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe thata go mpheta ga a tshwanelege go nna morutwa wa me.”​—Mathaio 10:37

Dipotso: Jefetha o ne a solofetsa Jehofa eng? Morwadie Jefetha o ne a reng fa a utlwa ka se rraagwe a se dirileng?

Baatlhodi 10:6–11:11; 11:29-40; 1 Samuele 12:10, 11

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela