LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 53
  • Tsholofetso ya ga Jefetha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsholofetso ya ga Jefetha
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Itumedisa Rraagwe le Jehofa
    Ruta Bana ba Gago
  • O ne A Ratiwa ke Modimo le ke Ditsala Tsa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Ikanyega go Dira Gore Modimo a re Amogele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Jefetha o Solofetsa Modimo Sengwe
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 53
Morwadia Jefetha o tla go kgatlhantsha rraagwe a ntse a letsa moropana

POLELO 53

Tsholofetso ya ga Jefetha

A O KILE wa dira tsholofetso nngwe e morago o neng wa fitlhela go le thata go e diragatsa? Monna yo o mo setshwantshong seno o diragaletswe ke sone seo, ke ka lebaka leo o bonang a hutsafetse thata jaana. Monna yono ke moatlhodi yo o pelokgale wa Iseraele yo o bidiwang Jefetha.

Jefetha o tshela mo nakong e ka yone Baiseraele ba sa tlholeng ba obamela Jehofa. Ba dira se se bosula gape. Ka jalo, Jehofa o letla batho ba Amona ba ba utlwisa botlhoko. Seno se dira gore Baiseraele ba lelele kwa go Jehofa ba re: ‘Re go leofetse. Tsweetswee, re boloke!’

Batho ba ikwatlhaela dilo tse di bosula tse ba di dirileng. Ba bontsha gore ba a ikwatlhaya ka go boa ba obamela Jehofa gape. Mme le mo lekgetlong leno Jehofa o a ba thusa.

Batho ba tlhopha Jefetha gore a ye go tlhabana le Baamona ba ba bosula. Jefetha o eletsa thata gore Jehofa a mo thuse mo ntweng. Ka jalo, o solofetsa Jehofa jaana: ‘Fa o ka dira gore ke fenye Baamona, motho wa ntlha yo o tla tswang mo ntlong ya me a tla go nkgatlhantsha fa ke boa ke sena go fenya, ke tla go mo naya.’

Jefetha o utlwile botlhoko fa a bona morwadie e le ene wa ntlha go tla go mo kgatlhantsha

Jehofa o reetsa tsholofetso ya ga Jefetha, mme o mo thusa go fenya. Fa Jefetha a boela gae, a o itse gore motho wa ntlha yo o tswang go tla go mo kgatlhantsha ke mang? Ke morwadie, ngwana wa gagwe yo o esi. Jefetha o a lela: ‘Ijoo, morwadiaka! Ruri o ntliseditse khutsafalo. Mme gone, ke diretse Jehofa tsholofetso e nka se kang ka e fetogela.’

Kwa tshimologong, morwadia Jefetha le ene o a hutsafala fa a utlwa ka tsholofetso eo. Ka gonne seno se raya gore o tla tshwanelwa ke go tlogela rraagwe le ditsala tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, o tla fetsa botshelo jotlhe jwa gagwe a direla kwa motlaaganeng wa ga Jehofa kwa Shilo. Ka jalo, o raya rraagwe a re: ‘Fa e le gore o diretse Jehofa tsholofetso, o tshwanetse go e diragatsa.’

Morwadia Jefetha o ya Shilo, mme o fetsa botshelo jotlhe jwa gagwe a direla kwa motlaaganeng wa ga Jehofa. Malatsi a le manè ngwaga le ngwaga basadi ba Baiseraele ba ya go mo etela, mme ba nna le nako e e itumedisang mmogo. Batho ba rata morwadia Jefetha ka gonne ke motlhanka yo o siameng thata wa ga Jehofa.

Baatlhodi 10:6-18; 11:1-40.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela