LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 3/1 ts. 30-31
  • “A Nna a Ngaparela Jehofa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A Nna a Ngaparela Jehofa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O re Neile Kgololesego ya go Itlhophela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Sekao se se Molemo—Hesekia
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Tumelo ya Kgosi e a Duelwa
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Modimo o Thusa Kgosi Hesekia
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 3/1 ts. 30-31

Ruta Bana ba Gago

“A Nna a Ngaparela Jehofa”

A O KILE wa bolelelwa gore o ngaparetse setshwantsho mo pampiring?—a Fa sekgomaretsi e le sa boleng jo bo kwa godimo, setshwantsho se tla nna se ngaparetse. Lefoko “ngaparela” le kaya go tshwarelela mo senngweng mme se sa tlogelwe. Re batla go bua ka motho yo Baebele e reng o ne “a nna a ngaparela Jehofa,” Modimo wa boammaaruri. Leina la motho yoo ke Hesekia. Mma re bone gore re ka ithuta eng mo sekaong sa gagwe.

Hesekia o ne a sa godisiwa ka tsela e e lorato. Rraagwe e bong Ahase, kgosi ya Juda, o ne a tlogela go direla Jehofa. Ahase o ne a di goga kwa pele mo kobamelong ya medimo ya maaka fa Hesekia a ne a le mosimanyana. Ahase o ne a bo a dira gore mongwe wa bomorwawe—morwarraagwe Hesekia—a bolawe le go ntshiwa setlhabelo a ntshediwa modimo yo Ahase a neng a mo obamela!

Tota le fa Ahase a ne a tswelela a dira dilo tse di bosula, Hesekia o ne a nna a ikobela Jehofa. A o akanya gore go ne go le thata go dira jalo?— Go tshwanetse ga bo go ne go le thata. Mme Hesekia ga a ka a itlhoboga! A re ithute gore o ne a kgona jang go ngaparela Jehofa le gore re ka kgona jang go dira se se tshwanang.

Hesekia o ne a ithuta ka batho ba bangwe ba ba neng ba ngaparela Jehofa. Dafide e ne e le mongwe wa bone. Tota le fa Hesekia a ne a tshela makgolokgolo a dingwaga morago ga ga Dafide, o ne a ka ithuta ka ene mo Dikwalong. Dafide o ne a re: “Fa rre le mmè ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.”

A o lemoga gore ke eng se se neng sa thusa Dafide go ikobela Jehofa?— E ne e le tumelo ya gagwe! Dafide o ne a tlhomamisegile gore fa a ne a le kutlo, Jehofa o ne a tla mo thusa. Dafide o ne a sa belaele seo! Go akanya ka Dafide go tshwanetse ga bo go ile ga thusa Hesekia go ngaparela Jehofa ka go mo ikobela. Le wena o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go thusa fa o tswelela o mo ngaparela ka go mo ikobela.

Mme go tweng fa e le gore rrago kgotsa mmago ga a obamele Jehofa?— Modimo o re bana ba tshwanetse go ikobela batsadi ba bone. Ka jalo o tshwanetse go ikobela batsadi ba gago. Le fa go ntse jalo, fa batsadi ba gago ba re o dire sengwe se Modimo a reng ga o a tshwanela go se dira, o ka ba tlhalosetsa gore ke ka ntlha yang fa o ka se ka wa se dira. Ga o a tshwanela go bua maaka, go utswa kgotsa go dira sepe fela se se bosula se Modimo a reng se phoso, go sa kgathalesege gore ke mang yo o reng o se dire. O dira sentle fa o ikobela Modimo!

Go na le dikao tse di molemo tse re ka di etsang. Dafide e ne e se ene fela sekao sa ga Hesekia mme se sengwe e ne e le sa ga rraagwemogolo e bong Jothame. Tota le fa Jothame a ne a swa pele Hesekia a tsholwa, Hesekia o ne a ka ithuta ka ene, fela jaaka le rona re ka ithuta ka ene mo Dibaebeleng tsa rona gompieno. A go na le dikao tse dingwe tse di molemo tse o akanyang ka tsone tse re ka di etsang?—

Ke boammaaruri gore, mo Baebeleng o ka ithuta ka diphoso dingwe tse Hesekia, Dafide, Jothame le ba bangwe ba ba sa itekanelang ba neng ba di dira. Le fa go ntse jalo, batho bao ba ne ba rata Jehofa, ba amogela diphoso tsa bone ba bo ba leka go dira se se siameng. Gakologelwa gore ke Morwa Modimo fela e bong Jesu yo o neng a itekanetse. A re ithute thata ka ene mme re leke go latela sekao sa gagwe.

Bala mo Baebeleng ya gago

  • 2 Dikgosi 18:6; 2 Ditiragalo 28:1-3

  • Pesalema 27:10; Baefeso 6:1; Bakolosa 3:20

  • 2 Ditiragalo 27:1, 2; 1 Petere 2:21

a Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela