LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 6/1 ts. 7
  • Dibuka Tsa Yone Tsotlhe di a Dumalana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dibuka Tsa Yone Tsotlhe di a Dumalana
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Utlwana ga Bibela Yotlhe
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Setlhogo se Segolo sa Baebele
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Losika Lwa Noga—Lo Senolwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Yo Baporofeti Botlhe ba Neileng Bosupi ka Ene
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 6/1 ts. 7

Dibuka Tsa Yone Tsotlhe di a Dumalana

“Ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”—2 PETERE 1:21.

KAFA BAEBELE E FAROLOGANANG KA GONE: Tota le dipego tsa bogologolo tse di kwadilweng ka nako e le nngwe, gantsi di a ganetsana. Ke ka sewelo dibuka tse di kwadilweng ke batho ba ba farologaneng, mo mafelong a a farologaneng, ka dinako tse di farologaneng di dumalanang ka botlalo. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela gore mokwadi wa dibuka tsa yone tsotlhe tse 66 ke Mokwadi a le mongwe, ka jalo e na le molaetsa o le mongwe fela o o dumalanang.—2 Timotheo 3:16.

SEKAI: Moshe yo e neng e le modisa wa mo lekgolong la bo16 la dingwaga B.C.E., o ne a kwala mo bukeng ya ntlha ya Baebele gore go tla tla “losika” lo lo tla bolokang batho. Moragonyana buka eno e ne ya bolelela pele gore losika loo e tla nna setlogolwana sa ga Aborahame, Isake le Jakobe. (Genesise 3:15; 22:17, 18; 26:24; 28:14) Mo e ka nnang dingwaga di le 500 moragonyana, moporofeti Nathane o ne a senola gore losika loo lo tla tswa mo ntlong ya segosi ya ga Dafide. (2 Samuele 7:12) Dingwaga di le sekete morago ya foo, moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore losika loo e ne e tla nna Jesu le setlhopha sa balatedi ba gagwe ba ba tlhophilweng. (Baroma 1:1-4; Bagalatia 3:16, 29) Mme kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., buka ya bofelo ya Baebele e ile ya bolelela pele gore maloko a losika loo a tla neela bosupi ka ga Jesu mo lefatsheng a bo a tsosediwa kwa legodimong le go busa le ene ka dingwaga di le 1 000. Losika lono lo tla senya Diabolo lo bo lo boloka batho.—Tshenolo 12:17; 20:6-10.

SE BATLHALOSI BA BAEBELE BA SE BUANG: Fa Louis Gaussen a sena go sekaseka dibuka tse 66 tsa Baebele ka kelotlhoko, o ne a kwala gore o ne a jesiwa kgakge ke “go dumalana thata ka tsela e e kgatlhang ga buka eno e e kwadilweng ke bakwadi ba le bantsi dingwaga di le makgolo a le lesome le botlhano . . . ba ba neng ba leka ka natla go fitlhelela boikaelelo bo le bongwe fela le fa ba ne ba sa e tlhaloganye ka botlalo, e leng hisitori ya gore lefatshe le tla gololwa ka Morwa Modimo.”—Theopneusty—The Plenary Inspiration of the Holy Scriptures.

O AKANYANG? A o ka lebelela gore buka e e kwadilweng ke banna ba le 40 ba ba farologaneng mo lobakeng lwa dingwaga di feta 1 500 e dumalane ka botlalo? Kgotsa a Baebele e tlhomologile?

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“Fa mekwalo eno e kopanngwa, e dira buka e le nngwe . . . Mo dibukeng tsotlhe tse di kileng tsa kwalwa ga go na epe e e tshwanang le yone e bile ga e ka ke ya bapisiwa le epe.”—THE PROBLEM OF THE OLD TESTAMENT, KA JAMES ORR

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela