LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 12/1 ts. 9
  • Ba Bone Sengwe se se Botoka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Bone Sengwe se se Botoka
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batla Moya wa Keresemose
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Keresemose?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • “Ga Re Idiwe Monate Ope!”
    Tsogang!—1993
  • Keresemose e Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 12/1 ts. 9

Ba Bone Sengwe se se Botoka

BAKERESETE ba le bantsi ba tlhopha gore ba se ka ba keteka Keresemose. Ba ikutlwa jang ka tshwetso e ba e dirileng? A ba ikutlwa ba fetwa ke sengwe? A bana ba bone ba ikutlwa ba tingwa sengwe? Ela tlhoko se Basupi ba ga Jehofa go ralala lefatshe ba se buang ka kgang eno.

Go gopola Jesu Keresete: “Pele ga ke nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke ya kerekeng ka sewelo. Fa ke ya, ke ne ke ya fela ka Keresemose kgotsa ka Ista. Le fa go ntse jalo, tota le ka nako eo, ke ne ke sa akanye ka Jesu Keresete. Ga ke tlhole ke keteka Keresemose, go na le moo, ke ya kwa dipokanong tsa Bokeresete gabedi ka beke e bile ke ruta batho ba bangwe ka se Baebele e se bolelang ka Jesu!”—EVE, AUSTRALIA.

Boitumelo jwa go aba: “Ke itumela thata fa batho ba nnaya mpho e ke sa e lebelelang. Ke rata go fiwa dilo ke sa di solofela! Gape ke rata go direla batho ba bangwe dikarata le go ba takela ditshwantsho ka gonne go dira gore ba itumele e bile go dira gore le nna ke itumele.”—REUBEN, NORTHERN IRELAND.

Go thusa batho ba ba tlhokang: “Re itumelela go apeela batho ba ba lwalang. Ka dinako tse dingwe re ba tlisetsa malomo, dikuku kgotsa dimpho tse dinnye e le gore ba itumele. Re itumelela go dira seno ka gonne re kgona go ba etela nako nngwe le nngwe mo ngwageng.”—EMILY, AUSTRALIA.

Go fetsa nako mmogo lo le lelapa: “Fa lelapa la rona le kopana, bana ba rona ba kgona go itse bomalomeabone, bommamogolo, bommangwane, borakgadi, bommèmogolo le borremogolo mmogo le bontsalaabone ba iketlile. E re ka re sa tlhoke go dira seno ka malatsi a a rileng a boikhutso, ga re ikutlwe re le mo kgatelelong mme ba malapa a rona ba itse gore re ba etela ka go bo re ba rata.”—WENDY, CAYMAN ISLANDS.

Kagiso: “Ka nako ya Keresemose, go lebega go na le dilo tse dintsi tse batho ba tshwanetseng go di dira, mo e leng gore batho ba le bantsi ga ba akanye ka kagiso. Jaanong, ke ikutlwa ke wetse makgwafo ka gonne ke ithutile se Baebele e se solofetsang. Jaanong ke a itse gore bana ba me ba tla itumelela isagwe e e itumedisang.”—SANDRA, SPAIN.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela